Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ela Tlhoko ‘Botswerere Jwa Gago Jwa go Ruta’

Ela Tlhoko ‘Botswerere Jwa Gago Jwa go Ruta’

 Ela Tlhoko ‘Botswerere Jwa Gago Jwa go Ruta’

“Rera lefoko, . . . o kgalemele, o kgaleme o tiisitse, o rotloetse ka bopelotelele jotlhe le botswerere jwa go ruta.”—2 TIM. 4:2.

1. Jesu o neile barutwa ba gagwe taelo efe, mme o ba tlhometse sekao sefe?

LE FA Jesu a ne a dira ditiro tse di gakgamatsang tsa go fodisa fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a sa itsege thata e le motho yo o fodisang kana modiri wa dikgakgamatso, mme o ne a itsege e le moruti. (Mar. 12:19; 13:1) Selo sa botlhokwa thata mo go Jesu e ne e le go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, mme go ntse jalo le mo balateding ba gagwe gompieno. Bakeresete ba neilwe taelo ya go tsweledisa tiro ya go dira barutwa ka go ruta batho go boloka dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng.—Math. 28:19, 20.

2. Re tshwanetse go dira eng gore re diragatse taelo e re e neilweng ya go rera?

2 Gore re tle re kgone go diragatsa taelo e re e neilweng ya go dira barutwa, ka metlha re nna re batla ditsela tsa go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ruta. Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa go nna le bokgoni jono fa a ne a kwalela Timotheo, yo o neng a mo pata mo tirong  ya go rera. O ne a re: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Tim. 4:16) Mofuta wa go ruta o Paulo a neng a bua ka one ga se fela go naya ba bangwe kitso. Barutisi ba ba atlegang ba Bakeresete ba fitlhelela dipelo tsa batho ka boammaaruri jwa Baebele e bile ba ba rotloetsa go dira diphetogo mo matshelong a bone. Seo ke bokgoni. Ka jalo re ka nna jang le “botswerere jwa go ruta” fa re bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo?—2 Tim. 4:2.

Go Nna le “Botswerere Jwa go Ruta”

3, 4. (a) Re ka nna jang le “botswerere jwa go ruta”? (b) Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se re thusa jang go nna barutisi ba ba atlegang?

3 Dikishinare nngwe e tlhalosa “botswerere” e re ke “bokgoni jo motho a nnang le jone ka go ithuta, go ikatisa, le go ela tlhoko.” Re tshwanetse go dirisa dintlha tseno ka boraro jwa tsone gore re nne barutisi ba ba atlegang ba dikgang tse di molemo. Re ka kgona go tlhaloganya kgang fela fa re e ithuta mme gape re rapela. (Bala Pesalema 119:27, 34.) Go ela tlhoko badiredi ba ba atlegang fa ba ruta go re thusa go ithuta mekgwa e ba e dirisang le go ba etsa. Mme fa ka metlha re leka go dirisa se re se ithutang, seno se tla re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona.—Luke 6:40; 1 Tim. 4:13-15.

4 Jehofa ke Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo. O dirisa karolo e e bonalang ya phuthego ya gagwe go naya batlhanka ba gagwe mo lefatsheng kaelo ya kafa ba ka rerang ka teng. (Isa. 30:20, 21) Go thusa mo ntlheng eno, phuthego nngwe le nngwe e tshwara Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo beke le beke, mme sekolo seno se diretswe go thusa batho botlhe ba ba ikwadisitseng mo go sone go nna baboledi ba ba atlegang ba Bogosi jwa Modimo. Go dirisiwa Baebele thata mo sekolong seno. Lefoko la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng le re bolelela gore re rute eng. Gape le re bontsha gore ke mekgwa efe ya go ruta e e nang le matswela le e e tshwanetseng. Mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ka metlha re gakololwa gore re tla nna barutisi ba ba nang le bokgoni fa re dirisa Lefoko la Modimo fa re ruta, fa re dirisa dipotso ka tsela e e nang le matswela, fa re ruta ka tsela e e motlhofo e bile re kgatlhegela ba bangwe ka tsela ya mmatota. A re sekasekeng dintlha tseno ka bongwe ka bongwe. Go tswa foo re tla tlotla kafa re ka fitlhelelang pelo ya moithuti ka teng.

Dirisa Lefoko la Modimo fa o Ruta

5. Re tshwanetse go dirisa eng fa re ruta, mme ka ntlha yang?

5 Jesu, yo e leng morutisi yo mogolo go gaisa barutisi botlhe ba batho, o ne a dirisa Dikwalo fa a ruta. (Math. 21:13; Joh. 6:45; 8:17) O ne a sa bue se se tswang mo go ene mme o ne a bua se se tswang kwa go yo o mo romileng. (Joh. 7:16-18) Ke sone sekao se re se latelang. Ka jalo, se re se buang mo bodireding jwa ntlo le ntlo kana fa re tshwere dithuto tsa Baebele se tshwanetse go tswa mo Lefokong la Modimo. (2 Tim. 3:16, 17) Ga go na sepe se re ka se buang ka botlhale jwa rona se se ka nnang le matswela le go nna maatla jaaka Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Re tshwanetse go dirisa Baebele e le yone ya konokono. Le fa ntlha e ka tswa e le efe e re batlang gore moithuti a e tlhaloganye, tsela e e molemolemo e re ka e dirisang ke go dira gore a bale se Baebele e se buang ka kgang eo.—Bala Bahebera 4:12.

6. Morutisi a ka tlhomamisa jang gore tota moithuti o tlhaloganya se se ithutiwang?

 6 Mme le fa go ntse jalo, ga se gore morutisi wa Mokeresete ga a tshwanela go baakanyetsa thuto ya Baebele. Go na le moo, go tshwanetse ga sekasekwa ka kelotlhoko gore ke ditemana dife tse di umakilweng tse morutisi kana moithuti a tla di balang go tswa mo Baebeleng ka nako ya thuto. Gantsi go molemo go bala ditemana tse di tlhalosang se re se dumelang. Gape go botlhokwa go thusa moithuti gore a tlhaloganye temana nngwe le nngwe e a e balang.—1 Bakor. 14:8, 9

Dirisa Dipotso Tse di Nang le Matswela

7. Ke ka ntlha yang fa go dirisa dipotso e le mokgwa wa go ruta o o nang le matswela?

7 Go dirisa dipotso ka tsela e e nang le matswela go dira gore moithuti a akanye mme go thusa morutisi gore a mo fitlhelele pelo. Ka jalo, go na le gore o tlhalosetse moithuti ditemana, mo kope gore ene a di go tlhalosetse. Ka dinako tse dingwe o ka botsa potso e nngwe kana wa botsa dipotso tse di latelanang gore o thuse moithuti go tlhaloganya kgang sentle. Fa o ruta moithuti ka go botsa dipotso jaana, tota o a bo o mo thusa gore a tlhaloganye mabaka a karabo nngwe le nngwe mme gape o mo thusa gore ene ka boene a tlhatswege pelo ka kgang e lo ithutang ka yone.—Math. 17:24-26; Luke 10:36, 37.

8. Re ka lemoga jang se moithuti a se akanyang?

8 Mokgwa wa go ruta o o dirisiwang mo dikgatisong tsa rona ke wa dipotso le dikarabo. Bontsi jwa batho ba o ithutang Baebele le bone ba tla kgona gore ka bonako ba bone dikarabo tsa dipotso tse di gatisitsweng, ba dirisa tshedimosetso e e mo dirapeng tse go bodiwang ka tsone. Le fa go ntse jalo, morutisi yo o nang le temogo a ka se kgotsofadiwe fela ke dikarabo tse di nepileng. Ka sekai, moithuti a ka nna a kgona go tlhalosa sentle se Baebele e se buang ka kgokafalo. (1 Bakor. 6:18) Le fa go ntse jalo, go botsa dipotso tse di tla dirang gore moithuti a ntshe maikutlo a gagwe go ka senola se tota a se akanyang ka se a se ithutang. Morutisi a ka nna a botsa jaana: “Ke eng fa Baebele e kgala go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang? O akanya eng ka molao ono wa Modimo? A o akanya gore go tshela go ya ka melao ya Modimo ya boitsholo go mosola?” Tsela e moithuti a arabang dipotso tseo ka yone e tla senola se tota a se akanyang.—Bala Mathaio 16:13-17.

Dira Gore Tshedimosetso e Nne Motlhofo

9. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gakologetswe fa re tlhalosa tshedimosetso e e mo Dikwalong?

9 Dithuto tse dintsi tse di mo Lefokong la Modimo di motlhofo. Mme le fa go ntse jalo, batho ba re ithutang Baebele le bone ba ka tswa ba tlhakantswe tlhogo ke dithuto tsa bodumedi jwa maaka. Boikarabelo jwa rona jaaka re le barutisi ke go dira gore ba tlhofofalelwe ke go ithuta Baebele. Barutisi ba ba atlegang ba tlhalosa tshedimosetso ka tsela e e motlhofo, e e utlwalang sentle le e e boammaaruri. Fa re dira seno re ka se dire gore boammaaruri bo raraane go sa tlhokege. Tlogela go tsenya tshedimosetso e e seng botlhokwa. Ga go tlhokege go akgela ka karolo nngwe le nngwe ya temana e re e balang. Tlhoma mogopolo mo dintlheng tse di ka thusang moithuti go tlhaloganya se lo se ithutang. Fa nako e ntse e ya, moithuti o tla tlhaloganya dithuto  tse di boteng tsa Dikwalo fa a ntse a tlhaloganya dilo botoka.—Baheb. 5:13, 14.

10. Ke eng se se tla laolang gore re ithuta tshedimosetso e e kana kang mo thutong ya Baebele?

10 Re tshwanetse go ithuta tshedimosetso e e kana kang nako le nako fa re ithuta? Fano go tlhokega temogo. Bokgoni le maemo a moithuti le morutisi a tla farologana, mme ka metlha re tshwanetse go nna re gakologetswe gore maikaelelo a rona jaaka re le barutisi ke go thusa moithuti go nna le tumelo e e nonofileng. Ka jalo re tla mo naya nako e e lekaneng gore a bale, a tlhaloganye a bo a amogele dithuto tse a di ithutang mo Lefokong la Modimo. Ga re na go ithuta tshedimosetso e ntsi e a se nang go e tlhaloganya yotlhe. Mme gape, ga re goge dinao. Fa moithuti a tlhaloganya ntlha, re fetela kwa go e nngwe.—Bakol. 2:6, 7.

11. Ke thuto efe e re ka e ithutang mo go moaposetoloi Paulo malebana le go ruta?

11 Moaposetoloi Paulo o ne a rera dikgang tse di molemo ka tsela e e motlhofo fa a bua le batho ba basha. Le fa a ne a rutegile thata, o ne a sa dirise mafoko a a thata a barutegi. (Bala 1 Bakorintha 2:1, 2.) Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba gogelwa ke boammaaruri jo bo motlhofo jwa Dikwalo mme bo a ba kgotsofatsa. Ga go tlhokege gore motho a bo a rutegile thata gore a kgone go bo tlhaloganya.—Math. 11:25; Dit. 4:13; 1 Bakor. 1:26, 27.

Thusa Baithuti go Anaanela Se ba Se Ithutang

12, 13. Ke eng se se ka rotloetsang moithuti go dirisa se a se ithutang? Tshwantsha.

12 E le gore tsela e re rutang ka yone e nne le matswela, e tshwanetse go ama pelo ya moithuti. Moithuti o tshwanetse go tlhaloganya kafa tshedimosetso eo e mo amang ka teng, kafa e ka mo solegelang molemo ka teng le kafa botshelo jwa gagwe bo ka tokafalang ka teng fa a latela kaelo ya Dikwalo.—Isa. 48:17, 18.

13 Ka sekai, re ka tswa re bala Bahebera 10:24, 25, e e kgothaletsang Bakeresete gore ba phuthege le badumedi mmogo le bone gore ba bone kgothatso e e tswang mo Baebeleng mmogo le botsalano jo bo lorato. Fa moithuti a ise a simolole go nna teng mo dipokanong tsa phuthego, re ka tlhalosa ka bokhutshwane kafa di tshwarwang ka teng le se se tla buiwang kwa go tsone. Re ka nna ra umaka gore dipokano tsa phuthego ke karolo ya kobamelo ya rona mme re tlhalose gore di re solegela molemo motho ka bongwe. Go tswa foo re ka laletsa moithuti go nna teng. Fa a amogela ditaelo tse di tswang mo Baebeleng, e tshwanetse ya bo e le ka gonne a batla go ikobela Jehofa, e se ka gonne a batla go itumedisa motho yo a ithutang le ene.—Bagal. 6:4, 5.

14, 15. (a) Ke eng se moithuti wa Baebele a ka se ithutang ka Jehofa? (b) Go itse botho jwa ga Jehofa go ka solegela moithuti wa Baebele molemo jang?

14 Selo sa konokono se se solegelang batho molemo fa ba ithuta Baebele le go dirisa melaometheo ya yone ke gore ba kgona go itse le go rata Jehofa jaaka motho. (Isa. 42:8) Ga se Rre yo o lorato le Mmopi le Mong wa lobopo fela, mme gape o senolela batho ba ba mo ratang le ba ba mo direlang botho le bokgoni jwa gagwe. (Bala Ekesodo 34:6, 7.) Fa Moshe a ne a le gaufi le go etelela setšhaba sa Iseraele pele a se ntsha mo botshwarong kwa Egepeto, Jehofa o ne a itlhalosa jaana: “Ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekes. 3:13-15) Seno se ne se kaya gore Jehofa o ne a tla nna le fa e le eng fela se go tlhokegang gore a nne sone gore a diragatse se a se ikaeletseng ka batho ba gagwe ba a ba tlhophileng. Ka jalo, Baiseraele ba ne ba itse Jehofa e le Mmoloki, Motlhabani, Motlamedi le Modiragatsi wa ditsholofetso, e bile a ba thusitse ka ditsela tse dingwe.—Ekes. 15:2, 3; 16:2-5; Josh. 23:14.

15 Batho ba re ithutang le bone ba ka nna ba se ka ba bona kaelo ya ga Jehofa ka kgakgamatso mo matshelong a bone jaaka go ne ga direga ka Moshe. Le fa go ntse jalo, fa tumelo ya batho ba re ithutang le bone e ntse e gola e bile ba anaanela se ba se ithutang mme ba simolola go se dirisa mo matshelong a bone, ba tla lemoga gore go botlhokwa gore ba ikaege ka Jehofa gore a ba neye bopelokgale, botlhale le gore a ba kaele. Fa ba dira jalo, le bone ba tla kgona go itse Jehofa e le Mogakolodi yo o botlhale yo ba ka mo ikanyang, e le Mosireletsi le Motlamedi yo o pelotshweu yo o ba nayang dilo tsotlhe tse ba di tlhokang.—Pes. 55:22; 63:7; Dia. 3:5, 6.

 Mo Kgatlhegele ka Lorato

16. Ke eng fa bokgoni jwa tlholego jwa go ruta e se jone jwa botlhokwa thata gore o nne morutisi yo o atlegang?

16 Fa o tsaya gore ga o na bokgoni jwa go ruta jo o eletsang o ka bo o na le jone, o se ka wa nyema mooko. Jehofa le Jesu ba okametse thulaganyo ya go ruta e e dirwang mo lefatsheng lotlhe gompieno. (Dit. 1:7, 8; Tshen. 14:6) Ba ka segofatsa maiteko a re a dirang gore mafoko a rona a kgone go fitlhelela dipelo tsa batho ba ba siameng. (Joh. 6:44) Fa morutisi a rata motho yo a ithutang le ene, seo se ka thusa thata le fa ka tlholego a se na bokgoni jwa go ruta. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore o tlhaloganya gore go botlhokwa gore re rate batho ba re ba rutang.—Bala 1 Bathesalonika 2:7, 8.

17. Re ka bontsha jang gore tota re kgatlhegela moithuti mongwe le mongwe wa Baebele?

17 Gape re ka bontsha gore tota re kgatlhegela moithuti mongwe le mongwe wa Baebele ka go ipha nako ya go mo itse sentle. Fa re ntse re tlotla le ene ka melaometheo ya Baebele, re tla kgona go itse maemo a gagwe. Re ka nna ra lemoga gore o setse a tshela go dumalana le dithuto dingwe tse a di ithutileng mo Baebeleng. Mo dilong tse dingwe, o ka nna a bo a sa ntse a tlhoka go dira diphetogo. Fa re thusa moithuti go bona kafa tshedimosetso e e ithutiwang ka nako ya thuto ya Baebele e mo amang ka teng ene ka boene, re ka mo thusa ka lorato gore a nne morutwa wa mmatota wa ga Keresete.

18. Ke eng fa go le botlhokwa go rapela le moithuti le go mo rapelela?

18 Sa botlhokwa le go feta, re ka rapela le moithuti e bile re ka mo rapelela. O tshwanetse go lemoga gore maikaelelo a rona ke go mo thusa gore a itse Mmopi wa gagwe thata, a atamalane le Ene, mme a solegelwe molemo ke kaelo ya Gagwe. (Bala Pesalema 25:4, 5.) Fa re rapelela gore Jehofa a segofatse maiteko a moithuti a a dirang go dirisa se a se ithutang, o tla bona gore go botlhokwa go nna ‘modiri wa lefoko.’ (Jak. 1:22) Mme fa moithuti a ntse a reetsa dithapelo tsa rona tse di tswang pelong, le ene o tla ithuta go rapela. Ke selo se se itumedisang tota go thusa baithuti ba Baebele gore bone ka bobone ba nne le kamano le Jehofa!

19. Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Go a kgothatsa go itse gore Basupi ba feta dimilione di le thataro le sephatlo mo lefatsheng lotlhe ba a ikatisa gore ba nne le “botswerere jwa go ruta” ka maikaelelo a go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go boloka dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng. Tiro ya rona ya go rera e na le matswela afe? Go tla tlotlwa ka karabo ya potso eno mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go nna le “botswerere jwa go ruta”?

• Ke mekgwa efe e e ka dirang gore re rute ka tsela e e nang le matswela?

• Ke eng se se ka thusang thata le fa re se na bokgoni jwa tlholego jwa go ruta?

[Dipotso tsa thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A o ikwadisitse mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke eng fa go le botlhokwa go kopa motho yo o ithutang le ene gore a bale ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Rapela le motho yo o ithutang le ene mme gape o mo rapelele