Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mathaio

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mathaio

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mathaio

MOTHO wa ntlha go kwala pego e e kgatlhang ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu ke Mathaio—yo o neng a tsamaya le Jesu e bile e kile ya bo e le mokgethisi. Efangele ya Mathaio, e pele e neng e kwadilwe ka Sehebera mme morago ya ranolelwa mo Segerikeng, e weditswe mo e ka nnang ka 41 C.E. mme e golaganya Dikwalo Tsa Sehebera le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

Efangele eno e e amang maikutlo le e e nang le bokao, e go bonalang e ne e kwaletswe Bajuda segolobogolo, e tlhalosa Jesu e le Mesia yo o solofeditsweng, Morwa Modimo. Go tlhwaela molaetsa wa yone tsebe go tla nonotsha tumelo ya rona mo Modimong wa boammaaruri, mo go Morwawe le mo ditsholofetsong tsa Gagwe.—Baheb. 4:12.

“BOGOSI JWA MAGODIMO BO ATAMETSE”

(Math. 1:1–20:34)

Mathaio o gatelela kgangkgolo ya Bogosi le dithuto tsa ga Jesu, le mororo a sa di kwale go ya ka tatelano ya tsone. Ka sekai, Thero ya kwa Thabeng e umakwa mo dikgaolong tse di simololang tsa buka eno, le fa Jesu a ne a e neela nako nngwe moragonyana mo bodireding jwa gagwe.

Mo bodireding jwa ga Jesu kwa Galalea, o dira dikgakgamatso, o neela baaposetoloi ba ba 12 ditaelo tsa gore ba dire bodiredi jwa bone jang, o kgala Bafarasai, e bile o bolela ditshwantsho tse di malebana le Bogosi. Go tswa foo o tswa mo Galalea mme o tla mo “dikgaolong tse e leng molelwane wa Judea ka kwa ga Joredane.” (Math. 19:1) Jesu o bolelela barutwa ba gagwe jaana fa ba le mo tseleng: ‘Re tlhatlogela kwa Jerusalema, mme Morwa motho o tla atlholelwa loso, mme ka letsatsi la boraro o tla tsosiwa.’—Math. 20:18, 19.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

3:16—‘Magodimo a ne a bulega’ jang fa Jesu a ne a kolobediwa? Seno se ka tswa se raya gore Jesu o ne a gakologelwa botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong pele a nna motho.

5:21, 22—A go phatloga ka bogale go masisi go feta go nna o shakgetse? Jesu o ne a tlhagisa gore motho yo o nnang a shakgaletse morwarraagwe o dira boleo jo bo masisi. Le fa go ntse jalo, go bua mafoko a a nyatsang ka bogale go masisi le go feta, go dira gore motho a ikarabelele mo kgotlatshekelong e kgolo, e seng fela mo go ya tshiamiso.

5:48—A tota go ka kgonega gore re ‘itekanele, jaaka Rraarona wa selegodimo a itekanetse’? Ee, ka selekanyo se se rileng. Fano Jesu o ne a bua ka lorato mme o ne a bolelela bareetsi ba gagwe gore ba etse Modimo mme lorato lwa bone e nne lo lo itekanetseng kgotsa lo lo feletseng. (Math. 5:43-47) Jang? Ka go lo atolosa gore ba rate le baba ba bone.

7:16—Ke “maungo” afe a a tlhaolang bodumedi jwa boammaaruri? Maungo ano ga se fela boitshwaro jwa rona. A akaretsa le ditumelo tsa rona—dithuto tse re di dumelang.

10:34-38—A molaetsa wa Dikwalo ke one o bakang dikgaogano mo malapeng? Nnyaa le e seng. Go na le moo, dikgaogano tseno di bakwa ke boikutlo jo maloko a lelapa a a sa dumeleng a nnang le jone. Ba ka tlhopha go ganetsa kana go nna kgatlhanong le Bokeresete, ka jalo ba dira gore go nne le dikgaogano mo lelapeng.—Luke 12:51-53.

11:2-6—Fa e le gore Johane o ne a itse gore Jesu ke Mesia ka ntlha ya go utlwa lentswe la Modimo le mo amogela, ke eng fa a ne a botsa gore a Jesu ke ene “Yo O Tlang”? Johane a ka tswa a boditse potso eno e le gore Jesu ka boene a mo tlhomamisetse ka seno. Gape  Johane o ne a batla go itse gore a go na le “o sele” yo o tla tlang ka maatla a Bogosi a bo a diragatsa dilo tsotlhe tse Bajuda ba di solofetseng. Karabo ya ga Jesu e ne ya bontsha gore go ne go se kitla go nna le yo mongwe gape.

19:28—“Ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” tse di tla atlholwang di emela eng? Ga di emele ditso tse 12 tsa Iseraele wa semoya. (Bagal. 6:16; Tshen. 7:4-8) Baaposetoloi ba Jesu a neng a bua le bone ba ne ba tlile go nna karolo ya Iseraele wa semoya, e seng baatlhodi ba maloko a yone. Jesu o ne a dira ‘kgolagano ya bogosi le bone’ mme ba ne ba tla nna “bogosi le baperesiti ba Modimo.” (Luke 22:28-30; Tshen. 5:10) Ba e leng ba Iseraele wa semoya ba tla “atlhola lefatshe.” (1 Bakor. 6:2) Ka jalo, ba “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele,” ba ba tla atlholwang ke ba ba mo ditulong tsa Bogosi tsa kwa legodimong, go bonala ba emela batho ba e seng ba setlhopha sa segosi, sa baperesiti, jaaka ba tshwantshediwa ke ditso tse 12 tse e seng tsa baperesiti mo Letsatsing la Tetlanyo.—Lef., kgao. 16.

Se re Ithutang Sone:

4:1-10. Pego eno e re ruta gore Satane ke motho wa mmatota, ga se bosula fela. O re raela ka go dirisa “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” Le fa go ntse jalo, go dirisa melaometheo ya Dikwalo go tla re thusa gore re nne re ikanyega mo Modimong.—1 Joh. 2:16.

5:1–7:29. Tshwenyega ka se o se tlhokang semoyeng. Nna kagiso. Tila dikakanyo tsa boitsholo jo bo sa siamang. Diragatsa mafoko a gago. Fa o rapela, umaka dilo tse di amanang le go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo pele ga dilo tsa nama tse o di tlhokang. Huma malebana le Modimo. Batla pele Bogosi le tshiamo ya Modimo. O se ka wa atlhola ba bangwe. Dira thato ya Modimo. Ruri Thero ya kwa Thabeng e na le dithuto tse di mosola tota!

9:37, 38. Re tshwanetse go dira go dumalana le kopo ya rona e re e dirang mo go Mong ya gore a “romele badiri mo thobong ya gagwe,” re tlhagafale mo tirong ya go dira barutwa.—Math. 28:19, 20.

10:32, 33. Ga re a tshwanela le ka motlha ra tshaba go bua ka tumelo ya rona.

13:51, 52. Go tlhaloganya ga rona dithuto tsa Bogosi go re naya maikarabelo a gore re rute ba bangwe le go ba thusa go tlhaloganya dithuto tseno tsa botlhokwa.

14:12, 13, 23. Nako ya go nna re le esi e ka nna mosola gore re kgone go tlhatlhanya.—Mar. 6:46; Luke 6:12.

17:20. Re tlhoka tumelo gore re kgone go fenya dikgoreletsi tse di tshwanang le dithaba tse di ka kgoreletsang kamano ya rona le Modimo le gore re kgone go itshokela mathata. Re se itlhokomolose go aga tumelo ya rona le go e nonotsha mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe.—Mar. 11:23; Luke 17:6.

18:1-4; 20:20-28. Bosaitekanelang le madumedi a barutwa ba ga Jesu ba neng ba le mo go one pele a a neng a gatelela go nna le maemo, a ne a dira gore ba tshwenyege thata ka maemo. Re tshwanetse go tlhagolela boikokobetso fa re ntse re itisitse kgatlhanong le ditshekamelo tsa boleo mme re nne le pono e e siameng ka ditshiamelo le maikarabelo mo phuthegong.

“MORWA MOTHO O TLA NEELWA”

(Math. 21:1–28:20)

Jesu o tla mo Jerusalema ka Nisane 9, 33 C.E., ‘a palame esele.’ (Math. 21:5) Letsatsi le le latelang o tla mo tempeleng a bo a e phepafatsa. Ka Nisane 11, o ruta mo tempeleng, o kgala bakwadi le Bafarasai, go tswa foo a bo a neela barutwa ba gagwe ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.’ (Math. 24:3) Mo letsatsing le le latelang o ba raya a re: “Lo a itse gore malatsi a le mabedi go tloga jaanong ke tlolaganyo, mme Morwa motho o tla neelwa gore a bapolwe.”—Math. 26:1, 2.

Ke Nisane 14. Fa Jesu a sena go tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe lo lo gaufi, o a okiwa, o a tshwarwa, a bo a sekisiwa le go bapolwa. O tsosiwa mo baswing ka letsatsi la boraro. Pele ga Jesu yo o tsositsweng a tlhatlogela legodimong, o laela balatedi ba gagwe jaana: “Tsamayang  mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.”—Math. 28:19.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

22:3, 4, 9—Ditaletso tse tharo tsa moletlo wa lenyalo di tswa leng? Taletso ya ntlha ya go phutha setlhopha sa monyadiwa e ne ya ntshiwa fa Jesu le balatedi ba gagwe ba simolola go rera ka 29 C.E. mme ya tswelela go fitlha ka 33 C.E. Taletso ya bobedi e ne ya tswa go simolola fa barutwa ba amogela moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. go fitlha ka 36 C.E. Ditaletso tseno ka bobedi di ne di lebisitswe fela mo Bajudeng, mo bathong ba ba sokologetseng Sejudeng le mo Basamareeng. Le fa go ntse jalo, taletso ya boraro e ne ya newa batho ba ba kwa ditseleng tse di kwa ntle ga motse, e leng Baditšhaba ba ba sa rupisiwang, go tloga ka 36 C.E. fa molaodi wa sesole sa Roma e bong Korenelio a ne a sokologa mme e ntse e tswelela go fitlha mo motlheng wa rona.

23:15—Ke ka ntlha yang fa motho yo o neng a sokologa go nna Mofarasai a ne a ‘lebanwe ke Gehena go menagane gabedi’ go feta Bafarasai ka bobone? Bangwe ba ba neng ba sokologa go nna Bafarasai ba ka tswa e ne e le baleofi ba ba feteletseng. Le fa go ntse jalo, ka go sokologela mo bodumeding jwa Bafarasai jo bo feteletsang dilo, ba ne ba nna maswe gongwe le eleng go feta barutisi ba bone ba ba kgadilweng. Ka gone, ba ne ba ‘lebanwe ke Gehena,’ tota le go feta Bafarasai ba Bajuda.

27:3-5—Judase o ne a hutsafadiwa ke eng? Ga go na sepe se se bontshang gore Judase o ne a hutsafala ka gonne a ne a ikwatlhaya tota. Go na le go kopa maitshwarelo mo Modimong, o ne a ipolela molato mo baperesiting ba bagolo le mo banneng ba bagolwane. E re ka Judase a ne a dirile “boleo jo bo bakang loso,” go ne go tshwanela gore a ikutlwe a imetswe ke go ipona molato le go tlalelwa. (1 Joh. 5:16) Go hutsafala ga gagwe go ne go bakwa ke maemo a a neng a le mo go one a go tlhoka tsholofelo.

Se re Ithutang Sone:

21:28-31. Se tota Jehofa a se tsayang se le botlhokwa ke gore re dire thato ya gagwe. Ka sekai, re tshwanetse go tlhagafala mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa.—Math. 24:14; 28:19, 20.

22:37-39. Ditaelo tse pedi tse dikgolo go feta tsotlhe di sobokanya sentle se Modimo a batlang gore batho ba ba mo obamelang ba se dire.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

A o tlhagafetse mo tirong ya go roba?

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 2003 BiblePlaces.com

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Mathaio o gatelela kgangkgolo ya Bogosi