Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Setswerere sa go Dira Barutwa

Etsa Setswerere sa go Dira Barutwa

 Etsa Setswerere sa go Dira Barutwa

“Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone.”—LUKE 8:18.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ela tlhoko tsela e Jesu a neng a dirisana le batho ka yone mo bodireding jwa gagwe?

JESU KERESETE o ne a diragatsa seabe sa gagwe sa go nna Morutisi yo Mogolo le Setswerere sa go Dira Barutwa fa a ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone.” (Luke 8:16-18) Molaomotheo oo o ama bodiredi jwa gago jaaka Mokeresete. Fa o ela tlhoko thuto ya bomodimo, o tla e dirisa mme o nne le matswela mo tirong ya go rera ka Bogosi. Gone ke boammaaruri, o ka se ka wa utlwa lentswe la ga Jesu gompieno, mme o ka bala ka ga se a neng a se bua le se a neng a se dira, jaaka se kwadilwe mo Dikwalong. Di senola eng ka ga tsela e Jesu a neng a dirisana le batho ka yone mo bodireding jwa gagwe?

2 Jesu e ne e le moreri yo o setswerere wa dikgang tse di molemo e bile e le morutisi yo o tlhomologileng wa boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Dikwalong. (Luke 8:1; Johane 8:28) Tiro ya go dira barutwa e akaretsa go rera le go ruta, mme Bakeresete bangwe ba ba nang le bokgoni jwa go rera ba fitlhela go le thata go nna le matswela fa ba ruta batho. Go rerela batho ke go ba bolelela fela molaetsa, mme go ruta batho ka ga Jehofa le maikaelelo a gagwe gantsi go tlhoka gore morutisi a tlwaelane le batho ba a ba dirang barutwa. (Mathaio 28:19, 20) Seno se ka dirwa ka go etsa Jesu Keresete, yo e neng e le Morutisi yo Mogolo le Setswerere sa go Dira Barutwa.—Johane 13:13.

3. Go etsa Jesu go ka ama jang matsapa a o a tsayang go dira barutwa?

3 Fa o etsa mekgwa ya ga Jesu ya go ruta, o tla bo o dumalana le kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Tswelelang lo tsamaya ka botlhale mo bathong ba ba kwa ntle, lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng. A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:5, 6) Fa o batla go etsa Jesu mo tirong ya go dira barutwa, o tshwanetse go e tseela matsapa,  mme go dira jalo go tla dira gore tiro ya gago ya go ruta e nne le matswela ka gonne go tla go thusa go “naya mongwe le mongwe karabo” go ya ka se ene a se tlhokang.

Jesu O ne A Kgothaletsa Batho go Bua

4. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Jesu e ne e le moreetsi yo o molemo?

4 Go tloga fela fa Jesu a sa le ngwana, o ne a tlwaetse go reetsa batho le go ba kgothaletsa go ntsha maikutlo a bone. Ka sekai, fa a ne a na le dingwaga di le 12, batsadi ba gagwe ba ne ba mo fitlhela a le mo gare ga barutisi kwa tempeleng, “a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.” (Luke 2:46) Jesu o ne a sa ela kwa tempeleng go ya go ipelafatsa mo barutising ka kitso ya gagwe. O ne a etse go ya go reetsa, le fa gape a ne a botsa dipotso. Lebaka la go bo a ne a le moreetsi yo o molemo e ka tswa e le nngwe ya dinonofo tse di neng tsa dira gore a ratiwe ke Modimo le ke batho.—Luke 2:52.

5, 6. Re itse jang gore Jesu o ne a reetsa batho ba a neng a ba ruta fa ba ntsha maikutlo a bone?

5 Fa Jesu a sena go kolobediwa a bo a tlodiwa go nna Mesia, o ne a tswelela pele a bontsha gore o rata go reetsa batho. O ne a sa tlhome mogopolo fela mo go se a neng a se ruta a bo a lebala ka batho ba ba neng ba tlile go mo reetsa. Gantsi o ne a ema go se kae, a ba botsa gore ba akanya jang, a bo a reetsa fa ba araba. (Mathaio 16:13-15) Ka sekai, fa kgaitsadie Maratha e bong Lasaro a sena go swa, Jesu o ne a mo raya a re: “Mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope.” Go tswa foo o ne a mmotsa a re: “A o dumela seno?” Mme kwantle ga pelaelo Jesu o ne a reetsa fa Maratha a araba a re: “Ee, Morena; ke dumetse gore o Keresete Morwa Modimo.” (Johane 11:26, 27) A bo go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa jang go utlwa Maratha a bontsha tumelo ya gagwe ka tsela eo!

6 Fa barutwa ba le bantsi ba ne ba tlhanogela Jesu, o ne a rata go utlwa gore baaposetoloi ba gagwe ba ikutlwa jang. Ka jalo o ne a botsa a re: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” Simone Petere o ne a araba a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.” (Johane 6:66-69) A bo mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a itumedisa Jesu jang ne! Ruri le wena o tla itumelela go utlwa moithuti wa Baebele a bontsha tumelo ka tsela e e tshwanang le eo.

Jesu O ne A Reetsa ka Tlotlo

7. Ke ka ntlha yang fa Basamarea ba bantsi ba ile ba dumela mo go Jesu?

7 Lebaka le lengwe la go bo Jesu a ne a na le matswela mo tirong ya go dira barutwa ke gore o ne a amega ka batho e bile a ba reetsa ka tlotlo. Ka sekai, nako nngwe Jesu o ne a rerela mosadi mongwe wa Mosamarea gaufi le motswedi wa ga Jakobe kwa Sikara. Mo motlotlong oo, Jesu o ne a sa bue fela a le esi; o ne a reetsa fa mosadi yono a bua. Fa Jesu a ntse a mo reeditse, o ne a lemoga gore o kgatlhegela kobamelo mme o ne a bolelela mosadi yono gore Modimo o batla batho ba ba tla mo obamelang ka moya le ka boammaaruri. Jesu o ne a bontsha gore o tlotla mosadi yono e bile o amega ka ene, mme morago ga moo mosadi yono o ne a bolelela ba bangwe ka ga Jesu mme “bontsi jwa Basamarea ba ba tswang mo motseng oo ba dumela mo go ene ka ntlha ya lefoko la mosadi.”—Johane 4:5-29, 39-42.

8. E re ka batho ba rata go ntsha maikutlo a bone, seo se ka go thusa jang go simolola metlotlo mo bodireding?

8 Gantsi batho ba itumelela go ntsha maikutlo a bone. Ka sekai, banni ba kwa Athena wa bogologolo ba ne ba itumelela go ntsha maikutlo a bone le go reetsa sengwe se ba neng ba ntse ba sa se itse. Seno se ne sa felela ka gore moaposetoloi Paulo a neye puo e e nang le matswela kwa Areopago mo motseng oo. (Ditiro 17:18-34) Fa o simolola go tlotla le mong wa ntlo mo bodireding jwa gago, o ka nna wa re, “Ke go etetse ka gonne ke rata go itse gore o ikutlwa jang ka [bolela kgang nngwe].” Reetsa kakgelo ya motho yoo, o bo o akgela kgotsa o botsa potso ka se a se buileng. Go tswa foo, mmontshe ka bopelontle gore Baebele ya reng ka kgang eo.

 Jesu O ne A Itse go Simolola Motlotlo

9. Jesu o ne a dirang pele a “bulela” Keleopase le tsala ya gagwe “Dikwalo ka botlalo”?

9 Jesu o ne a se ke a tlhoka se a ka se buang. Kwantle ga gore e ne e le moreetsi yo o molemo, gantsi o ne a itse gore batho ba akantse eng, mme o ne a itse mafoko a a maleba a a ka a buang. (Mathaio 9:4; 12:22-30; Luke 9:46, 47) Ka sekai: Nakwana fela Jesu a sena go tsosiwa, barutwa ba gagwe ba le babedi ba ne ba tsamaya ba tswa Jerusalema ba ya kwa Emao. Pego ya Efangele ya re: “Fa ba ne ba tlotla e bile ba tshwere kgang, Jesu ka boene a atamela mme a simolola go tsamaya le bone; mme matlho a bone a ne a sirilwe gore a se ka a mo lemoga. A ba raya a re: ‘Ke dikgang dife tse lo ngangisanang ka tsone fa lo ntse lo tsamaya mmogo?’ Mme ba ema ba tlhontse difatlhego. Fa yo o bidiwang Keleopase a araba a mo raya a re: ‘A o nna o le moeng o le nosi mo Jerusalema mme jalo ga o itse dilo tse di diragetseng mo go yone mo malatsing ano?’ Mme a ba raya a re: ‘Dilo dife?’” Morutisi yo Mogolo o ne a reetsa fa ba ntse ba tlhalosa gore Jesu wa Monasaretha o ne a rutile batho, a dirile dikgakgamatso, a bo a bolawa. Jaanong bangwe ba ne ba re o ne a tsositswe mo baswing. Jesu o ne a letla Keleopase le tsala ya gagwe ba ntsha maikutlo a bone. Go tswa foo o ne a ba tlhalosetsa se ba neng ba tlhoka go se itse, a ba “bulela Dikwalo ka botlalo.”—Luke 24:13-27, 32.

10. O ka dira jang gore o itse se motho yo o kopanang le ene mo bodireding a se dumelang?

10 O ka tswa o sa itse gore mong wa ntlo o ikutlwa jang ka dikgang tsa bodumedi. Fa o batla go itse seo, o ka nna wa mmolelela gore o itumelela go utlwa se batho ba se akanyang ka ga thapelo. Go tswa foo o ka nna wa botsa wa re, “A o akanya gore go na le ope yo tota a reetsang dithapelo?” Tsela e motho yono a arabang ka yone e ka senola go le gontsi malebana le tsela e a lebang dilo ka yone le bodumedi jwa gagwe. Fa e le gore ke motho yo o ratang bodumedi, o ka nna wa kgona go mo fata maikutlo ka go mmotsa o re, “A o akanya gore Modimo o reetsa dithapelo tsotlhe, kgotsa go ka tswa go na le dithapelo tse a sa di amogeleng?” Dipotso tse di ntseng jalo di ka felela ka gore lo nne le motlotlo o o monate. Fa seemo se letla gore o ka mmolelela ntlha nngwe go tswa mo Dikwalong, o ka rata go dira jalo ka botlhale, o sa tshwayatshwaye diphoso se a se dumelang. Fa e le gore o itumelela go go reetsa, a ka nna a rata gore o boe. A re re mong wa ntlo o botsa potso e o sa kgoneng go e araba. O ka nna wa dira dipatlisiso mme wa boa o iketleeleditse go mo naya ‘lebaka la tsholofelo e e mo go wena, mme o dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.’—1 Petere 3:15.

Jesu O ne A Ruta Batho ba ba Tshwanelegang

11. Ke eng se se tla go thusang gore o bone batho ba ba tshwanelegang go rutiwa?

11 Monna yo o itekanetseng e bong Jesu o ne a na le temogo e e neng e dira gore a kgone go bona batho ba ba neng ba tshwanelega go rutiwa. Rona re ka nna ra fitlhela go se motlhofo jalo go bona batho ‘ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.’ (Ditiro 13:48) Go ne go le thata fela jalo le mo baaposetoloing ba Jesu a neng a ba raya a re: “Mo motseng le fa e le ofe o lo tsenang mo go one kgotsa motsana, batlisisang gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng.”  (Mathaio 10:11) Fela jaaka baaposetoloi ba ga Jesu, o tshwanetse go batla batho ba ba iketleeditseng go reetsa le go rutiwa boammaaruri jwa Dikwalo. O ka bona batho ba ba tshwanelegang ka go reetsa mongwe le mongwe ka kelotlhoko, o ela tlhoko boikutlo jwa mongwe le mongwe wa bone.

12. O ka dira jang gore o tswelele pele o thusa motho yo o kgatlhegelang molaetsa?

12 Fa o sena go kgaogana le mongwe yo o ileng a bontsha gore o kgatlhegela molaetsa wa Bogosi ka selekanyo se se rileng, go ka nna molemo gore o tswelele pele o akanya ka se a sa ntseng a tlhoka go se ithuta mo Baebeleng. Fa o ka kwala gore o lemogile eng fa o sena go tlotla le mongwe ka dikgang tse di molemo, seno se tla go thusa gore o tswelele o mo thusa semoyeng. Fa o dira maeto a go boela, o tshwanetse wa reetsa ka kelotlhoko e le gore o ithute mo go oketsegileng ka se motho yono a se dumelang, maikutlo a gagwe kgotsa maemo a gagwe.

13. Ke eng se se ka go thusang go lemoga gore motho o ikutlwa jang ka Baebele?

13 O ka kgothatsa batho jang gore ba go bolelele gore ba ikutlwa jang ka Lefoko la Modimo? Mo mafelong mangwe, go ka nna mosola go botsa jaana, “A o fitlhela go le thata go tlhaloganya Baebele?” Gantsi karabo ya potso eo e senola tsela e motho a ikutlwang ka yone ka dikgang tsa bomodimo. Tsela e nngwe ke go bala temana o bo o botsa gore, “O e utlwa jang?” Fela jaaka Jesu, o ka fitlhelela go le gontsi mo bodireding jwa gago ka go dirisa dipotso tse di tshwanelang. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko.

Jesu O ne A Dirisa Dipotso ka Tsela e e Nang le Matswela

14. O ka bontsha jang gore o kgatlhegela go itse maikutlo a batho mme o sa ba thamathamise ka dipotso?

14 Bontsha gore o kgatlhegela maikutlo a batho ba bangwe, mme o se ka wa ba tlhabisa ditlhong. Latela mokgwa wa ga Jesu. O ne a sa thamathamise batho ka dipotso fela a sa akanyetse maikutlo a bone, mme o ne a dirisa dipotso tse di dirang gore motho a akanye. Gape Jesu e ne e le moreetsi yo o pelonomi yo o neng a lapolosa batho ba ba peloephepa e bile a dira gore ba phuthologe. (Mathaio 11:28) Batho ba mefuta yotlhe ba ne ba ikutlwa ba gololesegile go bua le ene ka dilo tse di ba tshwenyang. (Mareko 1:40; 5:35, 36; 10:13, 17, 46, 47) Gore batho ba ikutlwe ba phuthologile mo ba ka go bolelelang se ba se akanyang ka Baebele le se e se rutang, o tshwanetse wa tila go ba thamathamisa ka dipotso.

15, 16. O ka dira jang gore batho ba tlotle le wena ka dikgang tsa bodumedi?

15 O ka dirisa dipotso tse di maleba, o bo o ba kgothaletsa go tlotla ka gore o bue sengwe se se kgatlhang o bo o reetsa fa ba araba. Ka sekai, Jesu o ne a bolelela Nikodemo a re: “Fa motho a sa tsalwe gape, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” (Johane 3:3) Mafoko ao a ne a kgatlha mo e leng gore Nikodemo ga a ka a kgona go itshwara, mme o ne a akgela a bo a reetsa Jesu. (Johane 3:4-20) O ka nna wa kgona go tsenya batho mo motlotlong ka tsela e e tshwanang.

16 Gompieno batho ba rata go bua ka ga go runya ga madumedi a mantsi a masha mo mafelong a a jaaka Afrika, Yuropa Botlhaba le Latin America. Mo mafelong a a ntseng jalo, gantsi o ka simolola motlotlo ka go re: “Ke tshwenngwa ke gore gompieno go na le madumedi a mantsintsi. Mme ke solofela gore go ise go ye kae batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla bo ba le mo kobamelong e le nngwe ya boammaaruri. A o ka itumelela go bona seo se direga?” Fa o bua sengwe se se gakgamatsang ka tsholofelo ya gago, o ka nna wa kgona go dira gore batho ba ntshe maikutlo a bone. Mme go motlhofo go araba potso fa go na le dikarabo tse pedi tse motho a ka tlhophang mo go tsone. (Mathaio 17:25) Fa mong wa ntlo a sena go akgela ka potso ya gago, e arabe wena, o dirisa temana e le nngwe kgotsa tse pedi. (Isaia 11:9; Sefania 3:9) Fa o reetsa ka kelotlhoko e bile o tsaya tsia tsela e motho yono a arabang ka yone, o ka nna wa kgona go bona gore ke eng se o ka tlotlang ka sone nako e e tlang fa o boa.

Jesu O ne A Reetsa Bana

17. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a kgatlhegela bana?

17 Jesu o ne a sa kgatlhegele bagolo fela mme  o ne a kgatlhegela le bana. O ne a itse ka metshameko e bana ba neng ba e tshameka le dilo tse ba neng ba di bua. O ne a tle a laletse bana gore ba tle kwa go ene. (Luke 7:31, 32; 18:15-17) Go ne go na le bana ba le bantsi mo boidiiding jo bo neng bo reeditse Jesu. Fa basimanyana ba ne ba goa ba baka Mesia, Jesu o ne a ba ela tlhoko mme a bontsha gore Dikwalo di ne di boleletse pele ka seo. (Mathaio 14:21; 15:38; 21:15, 16) Gompieno bana ba le bantsi ba nna barutwa ba ga Jesu. Mme o ka ba thusa jang?

18, 19. O ka thusa ngwana wa gago jang mo dilong tsa semoya?

18 Fa o batla go thusa ngwana wa gago semoyeng, o tshwanetse go mo reetsa. O tshwanetse wa tlhaloganya gore ke megopolo efe e a nang le yone e e sa dumalaneng le tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Go sa kgathalesege gore ngwana wa gago a reng, go molemo gore sa ntlha o arabele ka mafoko a a siameng. Go tswa foo o ka dirisa ditemana tse di tshwanelang go thusa ngwana wa gago go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone.

19 Dipotso di ka go thusa gore o itse maikutlo a ngwana. Mme bana ga ba itumelele go botsolodiwa, fela jaaka bagolo ba sa go itumelele. Mo boemong jwa go rwesa ngwana wa gago morwalo wa go araba dipotso dingwe tse di thata, ke eng fa o sa bue mafoko a makhutshwane ka ga gago? Go ikaegile ka gore lo tlotla ka eng, o ka nna wa bolela gore o kile wa bo o ikutlwa ka tsela nngwe mme wa tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa o ne o ikutlwa jalo. Go tswa foo o ka nna wa botsa jaana, “A le wena o ikutlwa jalo?” Tsela e ngwana wa gago a arabelang ka yone e ka felela ka gore lo nne le motlotlo o o mosola le o o kgothatsang wa Dikwalo.

Tswelela Pele o Etsa Setswerere sa go Dira Barutwa

20, 21. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go nna moreetsi yo o molemo mo tirong ya gago ya go dira barutwa?

20 Le fa o ka tswa o tlotla kgang nngwe le ngwana wa gago kgotsa motho ope fela, go botlhokwa go nna moreetsi yo o molemo. Ee ruri, go dira jalo go bontsha lorato. Fa o reetsa, o a bo o bontsha boikokobetso, e bile o bontsha gore o tlotla motho yo o buang e bile o a mo akanyetsa. Gone ke boammaaruri, go reetsa go tlhoka gore o tseye mafoko a motho yoo tsia.

21 Fa o ntse o le mo bodireding jwa Bokeresete, nna o reetse beng ba matlo ka kelotlhoko. Fa o reetsa ka kelotlhoko se ba se buang, go ka nna motlhofo gore o lemoge gore ba tla kgatlhegela dintlha dife tsa boammaaruri jwa Baebele. Go tswa foo ba thuse go dirisa mekgwa e e farologaneng ya ga Jesu ya go ruta. Fa o ntse o dira jalo, o tla duelwa ka go bona boitumelo le kgotsofalo ka gonne o etsa Setswerere sa go Dira Barutwa.

O ka Araba Jang?

• Jesu o ne a kgothaletsa ba bangwe jang gore ba ntshe maikutlo a bone?

• Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a reetsa batho ba a neng a ba ruta?

• O ka dirisa dipotso jang mo bodireding jwa gago?

• O ka dirang gore o thuse bana semoyeng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Fa o rera, tlhomamisa gore o a reetsa

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Re etsa Jesu fa re thusa bana semoyeng