Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikapetla Tsa Dinkgo Tsa Bogologolo Di Tlhomamisa Se Baebele E Se Buang

Dikapetla Tsa Dinkgo Tsa Bogologolo Di Tlhomamisa Se Baebele E Se Buang

 Dikapetla Tsa Dinkgo Tsa Bogologolo Di Tlhomamisa Se Baebele E Se Buang

BAEBELE ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo. (2 Timotheo 3:16) Se e se buang ka batho, mafelo, seemo sa bodumedi le sa bopolotiki mo metlheng ya bogologolo se boammaaruri. Gore Dikwalo di boammaaruri ga go a ikaega gotlhelele ka dilo tse di bonweng ke baithutamarope, le fa gone dilo tseo di tlhomamisa kana di oketsa tsela e re tlhaloganyang Baebele ka yone.

Dilo tse di bonweng ka bontsi ke baithutamarope fa ba ribolola mo mafelong a bogologolo ke mabeana, kana dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng. Dikapetla tseno tsa dinkgo gape di bidiwa ostraca, e leng lefoko le le tswang mo go la Segerika le le rayang “kapetla, lobeana.” Dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng di ne di dirisiwa e le dilo tsa go kwalela tse di sa tureng mo mafelong a mantsi a Botlhabagare, go akaretsa kwa Egepeto le Mesopotamia. Dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng di ne di dirisediwa go kwala ditumalano, dikoloto, dilo tse di rekisitsweng le dilo tse dingwe, fela jaaka dipampiri tse di dirisiwang go kwalela gompieno. Mekwalo e e kwalwang mo dikapetleng tsa letsopa (ostraca), e gantsi e neng e kwalwa ka enke, e ne e kgona go nna lefoko le le lengwe fela go ya go mafoko a le mantsi kana dikholomo tsa mafoko.

Fa baithutamarope ba ne ba ribolola kwa Iseraele ba ile ba fitlhela dikapetla tse dintsi tsa dinkgo tse di thubegileng tsa mo metlheng ya Baebele. Ba ne ba fitlhela ditlhopha di le tharo tsa dikapetla tsa mo lekgolong la bosupa le la borobedi B.C.E. tse di ileng tsa ba kgatlha segolobogolo ka gonne di tlhomamisa dintlha dingwe tse di farologaneng tsa tshedimosetso ya bogologolo e e fitlhelwang mo Baebeleng. Dikapetla tseo ke tsa kwa Samarea, tsa kwa Arada, le tsa kwa Lakishe. A re tlhatlhobeng sengwe le sengwe sa ditlhopha tseno tsa dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng.

Dikapetla Tsa Kwa Samarea

Samarea e ne e le motsemogolo wa bogosi jwa Iseraele jwa kwa bokone jwa ditso tse di lesome go fitlha ka nako e motse oo o neng o thankgolwa ke Baasiria ka 740 B.C.E. 1 Dikgosi 16:23, 24 e bua jaana malebana le tshimologo ya Samarea: “Mo ngwageng wa bomasome a mararo le bongwe wa ga Asa kgosi ya Juda [947 B.C.E.], Omeri a nna kgosi ya Iseraele . . . Mme a reka thaba ya Samarea mo go Shemere ka ditalenta di le pedi tsa selefera, a simolola go aga mo thabeng le go bitsa leina la motse o a neng a o agile . . . Samarea.” Motse ono o ne o ntse o le teng ka metlha ya Baroma, fa o ne o fetolwa leina o bidiwa Sebaste. O ne wa nyelela mo lekgolong la borataro la dingwaga C.E.

Fa go ne go ribololwa kwa Samarea wa bogologolo ka 1910, setlhopha sa baithutamarope se ne sa fitlhela dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng, tse ba neng ba fitlhela e le tsa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E. Mekwalo e e neng e le mo dikapetleng tseo e ne e amana le go romelwa ga mafura le beine tse di neng tsa goroga kwa Samarea di tswa kwa mafelong a a farologaneng mo lefelong leo. Buka ya Ancient Inscriptions—Voices From the Biblical World [Mekwalo ya Bogologolo—E Naya Tshedimosetso ka Dinaga Tsa Baebele] e bua jaana ka dikapetla tseo: “Dikapetla tse 63 tsa dinkgo tse di thubegileng tse di bonweng ka 1910 . . . di tsewa e le mekwalo ya botlhokwa e e setseng kwa Iseraele wa bogologolo. Dikapetla tsa Samarea ga di tsewe di le botlhokwa ka ntlha ya se se kwadilweng mo go tsone . . . mme di botlhokwa ka gonne di na le lenaane le leleele la maina a Baiseraele, maina a masika le a mafelo.” Maina ano a tlhomamisa jang dintlha tse di mo pegong ya Baebele?

Fa Baiseraele ba ne ba gapa Lefatshe le le Solofeditsweng ba bo ba le kgaoganya mo merafeng ya bone, lefelo le Samarea e neng e le mo go lone le ne le le mo kgaolong e e laolwang ke morafe ya ga Manase. Go ya ka Joshua 17:1-6, ditso tse di lesome tsa ga Manase, tse di neng di eteletswe pele ke setlogolo sa gagwe, e bong Gileade, di ne tsa abelwa lefatshe mo lefelong leno. E ne e le Abiesere, Heleke, Aseriele, Shekema le Shemida. Monna  wa borataro, e bong Hefere o ne a se na ditlogolo tsa basimane mme o ne a na le di le tlhano tsa basetsana—Mahela, Noa, Hogola, Mileka le Tiresa—mme mongwe le mongwe wa bone o ne a newa lefatshe.—Dipalo 27:1-7.

Dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng tsa Samarea di kwadilwe ditso tse supa mo go tseno—maina otlhe a matlhano a bomorwa Gileade le ditlogolwana tse pedi tsa basetsana tsa ga Hefere, e bong Hogola le Noa. Buka ya tshedimosetso ka thutamarope ya setlhogo se se reng NIV Archaeological Study Bible, ya re: “Maina a ditso tse di kwadilweng mo Dikapetleng tsa letsopa tsa kwa Samarea a re naya tshedimosetso e nngwe mo godimo ga e re e newang ke Baebele ya kafa ditso tsa ga Manase di amanang ka teng le lefelo le Baebele e reng di ne tsa thibelela mo go lone.” Ka jalo, karolo eno ya hisitori ya ditso tsa Iseraele e e tlhalosiwang mo Baebeleng, e tlhomamisiwa ke dikapetla tseno tsa dinkgo tse di thubegileng.

Gape go lebega dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng tsa kwa Samarea di tlhomamisa seemo sa bodumedi sa Baiseraele fela jaaka se tlhalosiwa mo Baebeleng. Ka nako e go neng go kwalwa mo dikapetleng tsa letsopa tsa kwa Samarea, Baiseraele ba ne ba amanya go obamela Jehofa le go obamela Modimo wa Bakanana, e bong Baale. Boporofeti jwa ga Hosea, jo le jone bo kwadilweng mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., bo ne jwa bolelela pele nako e Baiseraele ba neng ba tla ikwatlhaya mme ba bitse Jehofa ba re “monna wa Me” go na le gore ba re “baale wa Me,” kana “Mong wa me.” (Hosea 2:16, 17; mokwalo o o kwa tlase mo go NW) Maina mangwe a batho a a fitlhetsweng a kwadilwe mo dikapetleng tsa letsopa tsa kwa Samarea a ne a raya gore “Baale ke rre,” “Baale o a opela,” “Baale o nonofile,” “Baale o a gakologelwa,” le a mangwe a a tshwanang le ao. Kobamelo ya ga Baale e ne e aname thata mo e leng gore maina a Baiseraele ba bantsi a ne a na le leina “Baale.”

Dikapetla Tsa Kwa Arada

Arada e ne e le motse wa bogologolo o o neng o le mo lefelong le go sa neng pula thata kwa go lone la Negebe, le le neng le le kwa borwa jwa Jerusalema. Fa go ne go ribololwa kwa Arada go ne ga fitlhelwa dikago tsa phemelo tse thataro tse di latelanang tsa Baiseraele, go simolola ka nako ya fa go ne go busa Solomone (1037-998 B.C.E.) go ya go fitlha ka nako e Babelona e neng e senya Jerusalema ka 607 B.C.E. Batho ba ba neng ba ribolola kwa Arada ba ne ba fitlhela dikapetla tse dintsi thata tsa dinkgo tse di thubegileng tse di neng di dirisiwa ka metlha ya go kwalwa ga Baebele. Tseno di akaretsa dilwana di feta 200 tse di kwadilweng ka Sehebera, Searamaika le ka dipuo tse dingwe.

Dikapetla dingwe tsa dinkgo tse di thubegileng tsa kwa Arada di tlhomamisa gore tshedimosetso e e mo Baebeleng ka malapa a baperesiti e boammaaruri. Ka sekai, kapetla nngwe e umaka “bomorwa Kora,” ba go buiwang ka bone mo go Ekesodo 6:24 le Dipalo 26:11. Mafoko a a tlhagang fa godimo ga dikgaolo tsa Dipesalema 42, 44-49, 84, 85, 87, le 88, a bua ka tlhamalalo gore dipesalema tseno ke tsa “bomorwa Kora.” Malapa a mangwe a baperesiti a a umakiwang mo dikapetleng tsa dinkgo tse di thubegileng ke a ga Pashure le Meremothe.—1 Ditiragalo 9:12; Esera 8:33.

A re tseye sekai se sengwe. Mo maropeng a kago ya phemelo, a motlha wa pele ga Babelona e senya Jerusalema, batho ba ba neng ba ribolola ba ne ba fitlhela kapetla ya nkgo e e thubegileng e e neng e kwaletswe molaodi wa kago ya phemelo. Go ya ka buka e e tlhalosang Baebele ya The Context of Scripture, mangwe a mafoko ao ke ano: “Go morena wa me Elyashib. E kete Yahweh  [Jehofa] a ka go tlhokomela. . . . Malebana le kgang e o nneileng ditaelo ka yone: sengwe le sengwe se siame jaanong: o nna kwa tempeleng ya ga Yahweh.” Bakanoki ba bantsi ba dumela gore tempele e a buang ka yone ke tempele e e kwa Jerusalema, e e simolotseng go agiwa mo motlheng wa ga Solomone.

Dikapetla Tsa Kwa Lakishe

Motse wa bogologolo wa phemelo wa Lakishe o ne o le dikilometara di le 43 kwa borwa bophirima jwa Jerusalema. Fa go ne go ribololwa ka 1930, go ne ga fitlhelwa dikapetla di le dintsinyana tsa dinkgo tse di thubegileng, mme di ka nna 12 ke makwalo a a tlhalosiwang a le “botlhokwa thata . . . ka gonne a tlhalosa boemo jwa dipolotiki le dipheretlhego tse di neng tsa nna teng fa Juda e ne e baakanyetsa tlhaselo e e neng e tla ya [Kgosi ya Babelona] e bong Nebukadenesare.”

Makwalo a botlhokwa thata ke a modiredi wa maemo a a kwa tlase a neng a a kwalelana le Yaosh, yo e ka tswang e ne e le molaodi wa masole kwa Lakishe. Puo e makwalo ao a neng a kwadilwe ka yone e tshwana le e e neng e dirisiwa mo mekwalong ya ga moporofeti Jeremia yo o neng a tshela ka nako eo. Ela tlhoko kafa makwalo a mabedi mo go ao a emang nokeng ka teng tlhaloso ya Baebele ya motlha oo wa botlhokwa thata.

Mo go Jeremia 34:7, moporofeti o tlhalosa nako ya “fa mephato ya sesole ya kgosi ya Babelona e ne e tlhabana le Jerusalema le metse yotlhe ya Juda e e neng e setse, kgatlhanong le Lakishe le Aseka; gonne yone, metse e e sireletsegileng, ke yone e e neng ya sala mo metseng ya Juda.” Go lebega mokwadi wa lengwe la Makwalo a Lakishe le ene a tlhalosa ditiragalo tsone tseo. A re: “Re lebeletse go bona ditshupo tsa [molelo] tsa Lakishe . . . , ka gonne ga re kgone go bona Aseka.” Bakanoki ba bantsi ba dumela gore seno se bontsha gore Aseka e ne e gapilwe ke Bababelona mme Lakishe e ne e tlile go latela. Sengwe se se kgatlhang mo mokwalong ono ke go re o umaka “ditshupo tsa molelo.” Jeremia 6:1 le yone e umaka mokgwa oo o o neng o dirisiwa go fetisa melaetsa.

Go dumelwa gore Lekwalo le lengwe la Lakishe le ema nokeng se baporofeti Jeremia le Esekiele ba se buang ka maiteko a kgosi ya Juda e a dirileng go bona thuso kwa Egepeto fa a ne a tsogologela Babelona. (Jeremia 37:5-8; 46:25, 26; Esekiele 17:15-17) Lekwalo leo la kwa Lakishe la re: “Jaanong motlhanka wa gago o amogetse tshedimosetso eno: Mojerenale Konyahu morwa Elnatan o tsamaetse kwa borwa gore a tsene mo Egepeto.” Ka kakaretso bakanoki ba re seno e ne e le maiteko a go batla thuso ya sesole kwa Egepeto.

Dikapetla tsa kwa Lakishe gape di umaka maina a a fitlhelwang mo bukeng ya ga Jeremia. Ano ke Neria, Jaasania, Gemaria, Elenathane le Hoshaia. (Jeremia 32:12; 35:3; 36:10, 12; 42:1) Re ka se tlhomamisege ka kgang ya gore a maina ano a emela batho ba ba tshwanang. Le fa go ntse jalo, e re ka Jeremia a tshedile ka nako eo, re bona go tshwana ga one.

Sengwe se di Tshwanang ka Sone

Dikapetla tsa kwa Samarea, Arada le Lakishe di tlhomamisa dintlha di le mmalwa tse di kwadilweng mo Baebeleng. Tseno di akaretsa maina a malapa le a mafelo, mme di umaka dintlha tse di amanang le boemo jwa bodumedi le jwa dipolotiki jwa nako eo. Mme le fa go ntse jalo, go na le selo sengwe sa botlhokwa se dikapetla tseno tsotlhe di tshwanang ka sone.

Makwalo a a fitlhetsweng mo dikapetleng tsa kwa Arada le Lakishe a na le mafoko ano, “E kete Jehofa a ka dira gore o nne le kagiso.” Mo melaetseng e supa ya kwa Lakishe, leina la Modimo le umakiwa makgetlho a le 11. Gape maina a mantsi a batho a Sehebera a a fitlhetsweng mo dikapetleng tsotlhe tseo a ne a na le leina la ga Jehofa le le khutshwafaditsweng. Dikapetla tseno di bontsha fela gore Baiseraele ba motlha oo ba ne ba dirisa leina la Modimo ka metlha.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Kapetla ya nkgo e e thubegileng e e tswang mo maropeng a kwa Arada e e neng e kwaletswe monna yo o bidiwang Elyashib

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph © Israel Museum, Jerusalem; courtesy of Israel Antiquities Authority

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Lekwalo la kwa Lakishe le le bontshang leina la Modimo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph taken by courtesy of the British Museum