Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Lapolosa ba Bangwe?

A o Lapolosa ba Bangwe?

 A o Lapolosa ba Bangwe?

MO LETLHAKORENG le le kafa borwa la dithaba tsa Anti-Lebanon go na le Thaba ya Heremone, e e nang le setlhoa se se kwa godimo sa dimetara di le 2 814 go feta bogodimo jwa lewatle. Mme mo e ka nnang ngwaga otlhe, setlhoa sa Heremone se apesitswe ke kapoko mme seno se dira gore mouwane o o bothitho o o fetang fa go yone bosigo, o fetoge metsi o bo o ntsha monyo. Monyo ono o fologela mo ditlhareng tsa phaene le tsa maungo tse di mo mekgokoloseng le mo masimong a mofine kwa tlase. Kwa Iseraele wa bogologolo, monyo oo o o lapolosang e ne e le one o o dirang gore dijalo di nne di le bongola mo pakeng e telele e go sa neng pula mo go yone.

Mo pineng e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, kutlwano e e lapolosang e baobamedi ba ga Jehofa ba nang le yone e tshwantshiwa le “monyo wa Heremone o o fologelang mo dithabeng tsa Siona.” (Pesalema 133:1, 3) Fela jaaka Thaba ya Heremone e naya dijalo monyo o o lapolosang, le rona re ka lapolosa batho ba re kopanang le bone. Re ka dira seo jang?

Sekao sa ga Jesu se se Lapolosang

Jesu Keresete o ne a ama ba bangwe fela thata. Tota le go kopana le ene ka nako e khutshwane fela go ne go lapolosa tota. Ka sekai, mokwadi wa Efangele e bong Mareko o ne a re: “[Jesu] a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” (Mareko 10:16) Ruri seo se tshwanetse sa bo se ne sa lapolosa bana bao fela thata!

Mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng e le motho, Jesu o ne a tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe. Tsela e a neng a le boikokobetso ka yone e tshwanetse ya bo e ne ya ama dipelo tsa bone fela thata. Go tswa foo, Jesu o ne a ba raya a re: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Johane 13:1-17) Ee, le bone ba ne ba tshwanetse go nna boikokobetso. Le fa gone baaposetoloi ba sa ka ba tlhaloganya mafoko ao ka yone nako eo, mme moragonyana mo go one maitseboa ao ba ne ba simolola go ganetsana ka gore yo mogolo mo go bone ke mang, Jesu ga a ka a tenega. Go na le moo, o ne a ba bontsha mabaka a le pelotelele. (Luke 22:24-27) Le fa Jesu a ne ‘a gobololwa, ga a ka a gobolola le ene.’ Tota le fa ‘a boga, ga a ka a tshosetsa, mme o ne a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.’ Ruri re tshwanetse go etsa sekao sa ga Jesu se se lapolosang.—1 Petere 2:21, 23.

Jesu o ne a re: “Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Mathaio 11:29) Akanya fela o rutwa ke Jesu ka boene. Batho ba motse o a goletseng mo go one ba ne ba jele kgakge fa ba sena go mo utlwa a ruta mo sinagogeng, mme ba re: “Monna yono o tsere kae botlhale jono le ditiro tseno tsa maatla?” (Mathaio 13:54) Go bala ka botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe go ka re ruta go le gontsi ka tsela e re ka lapolosang ba bangwe ka yone. Mma re sekasekeng kafa Jesu a neng a tlhoma sekao se se tlhomologileng ka gone ka go bua ka tsela e e agang le ka go rata go thusa ba bangwe.

Go Bua ka Tsela e e Kgothatsang

Go motlhofo go senya kago go na le go aga e ntšha. One molaomotheo oo wa go senya le go aga sesha o a dira le mo tseleng e re buang ka yone. Rotlhe re na le makoa le diphoso gonne ga re a itekanela. Kgosi Solomone o ne a re: “Ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.” (Moreri 7:20) Go motlhofo go bona diphoso tsa motho yo  mongwe re bo re mo tlhasela ka mafoko a a tlhabang. (Pesalema 64:2-4) Mme go bua ka tsela e e kgothatsang gone go tlhoka gore re go akanye ka kelotlhoko.

Jesu o ne a dirisa loleme lwa gagwe go kgothatsa batho. O ne a ba lapolosa semoyeng ka go ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Luke 8:1) Gape Jesu o ne a lapolosa ba ba neng ba nna barutwa ba gagwe ka go ba itsise Rraagwe yo o kwa legodimong. (Mathaio 11:25-27) Ga go gane batho ba ne ba rata Jesu jaana!

Bakwadi le Bafarasai bone, ba ne ba sa kgathalele batho. Jesu o ne a re: “Ba rata mafelo a a tlhomologileng thata mo dijong tsa maitseboa le ditulo tse di kwa pele mo disinagogeng.” (Mathaio 23:6) Totatota, ba ne ba nyatsa batho fela ba ba tlwaelegileng ba re: “Boidiidi jono jo bo sa itseng Molao ke batho ba ba hutsegileng.” (Johane 7:49) Eleruri tsela e ba neng ba itshwara ka yone e ne e sa lapolose le eseng!

Gantsi tsela e re buang ka yone e bontsha se re leng sone mo teng le kafa re lebang ba bangwe ka gone. Jesu o ne a re: “Motho yo o molemo o ntsha molemo mo letlotlong le le molemo la pelo ya gagwe, mme motho yo o boikepo o ntsha se se boikepo mo letlotlong la gagwe la boikepo; gonne molomo wa gagwe o bua se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Jaanong he, re ka dira eng go tlhomamisa gore tsela e re buang ka yone e lapolosa ba bangwe?

Selo sa ntlha, re se ka ra itlhaganelela go bua mme re akanye pele ga re bua. Diane 15:28 ya re: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.” Go tlhatlhanya moo ga go tlhoke go tsaya lobaka lo loleele. Gantsi fa re akanyetsa dilo kwa pele, re ka kgona go lemoga gore se re tla se buang se tla tshwara ba bangwe jang. Re ka nna ra ipotsa gore: ‘A se ke tlileng go se bua se bontsha lorato? A se boammaaruri kana ke magatwe? A ke “lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng”? A se tla lapolosa le go kgothatsa batho ba ke buang le bone?’ (Diane 15:23) Fa re lemoga gore se re batlang go se bua ga se age e bile ga se nako e e siameng ya go se bua, re tshwanetse go leka ka natla gore re se ka ra se bua. Go na le go bua dilo tse di sa ageng, re ka akanyetsa go bua sengwe se se agang e bile se tshwanela. Mafoko a motho a a buang a sa akanye a tshwana le “ditlhabo tsa tšhaka” fa mafoko a a agang one e le “phodiso.”—Diane 12:18.

Sengwe gape se se ka re thusang ke go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa badumedimmogo le rona tse di ba dirang batho ba botlhokwa mo matlhong a Modimo. Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Jehofa o bona dinonofo tse di molemo mo motlhankeng mongwe le mongwe wa gagwe yo o ikanyegang—tota le ba rona re akanyang gore botho jwa bone bo dira gore go nne thata go dirisana le bone. Fa re leka ka natla go bona dinonofo tsa bone tse di molemo, re tla kgona go bua sentle ka bone.

Thusa ba Bangwe

Jesu o ne a tlhaloganya ka botlalo pitlagano e batho ba ba gateletsweng ba neng ba le mo go yone. Aitsane, “fa a bona boidiidi a utlwa a ba  tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Mme gone Jesu ga a ka a ba tlhomogela pelo fela a phuthile diatla; o ne a dira sengwe ka gone. O ne a ba laletsa a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.” Gape o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28, 30.

Gompieno re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Batho ba le bantsi ba ikutlwa ba imetswe ke “tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 13:22) Ba bangwe ba imetswe ke mathata a a ba ngomolang pelo. (1 Bathesalonika 5:14) Re ka lapolosa jang batho bao ba ba imetsweng? Fela jaaka Keresete, re ka fokotsa morwalo wa bone.

Batho ba bangwe ba batla go ikimolola morwalo ka go bua ka mathata a bone. Fa batho ba ba ngomogileng pelo ba tla kwa go rona gore re ba thuse, a re ipha nako ya go ba reetsa ka kelotlhoko? Go nna moreetsi yo o kutlwelobotlhoko go tlhoka gore motho a ikgaleme. Go akaretsa go nna re tlhomile mogopolo mo go se motho yo mongwe a se buang go na le go akanya ka gore re tlile go araba re reng kana gore re tla rarabolola bothata jwa gagwe jang. Re bontsha gore re amega ka motho fa re mo reetsa ka kelotlhoko, re mo lebile mo matlhong mme re ntse re nyenya fa go tshwanela.

Mo phuthegong ya Bokeresete go na le ditsela di le dintsi tse re ka kgothatsang badumedimmogo le rona ka tsone. Ka sekai, fa re le kwa dipokanong mo Holong ya Bogosi, re ka batla ba ba nang le mathata a botsogo. Ka dinako dingwe re tlhoka fela metsotso e se kae pele ga dipokano kana morago ga tsone go ba bolelela sengwe se se tla ba kgothatsang. Gape re ka nna re akantse ka ba ba sa nneng teng mo setlhopheng sa rona sa Thuto ya Buka ya Phuthego. Gongwe re ka ba founela mme re ba botse matsogo le go ba thusa fa go tlhokega.—Bafilipi 2:4.

Bagolwane ba Bakeresete ba na le maikarabelo a mantsi mo phuthegong. Re ka dira go le gontsi go ba fokoletsa morwalo ka go dirisana le bone le go dira ka boikokobetso dikabelo tse ba re nayang tsone. Lefoko la Modimo le re kgothatsa jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.” (Bahebera 13:17) Fa re dira dilo ka moya o o ratang, re ka lapolosa “ba ba okamelang ka tsela e e molemo.”—1 Timotheo 5:17.

Itlwaetse go Bua se se Molemo le go Thusa ba Bangwe

Monyo o o lapolosang o tswa mo marothoding a mantsintsi a metsi a a ntseng a fologa ka iketlo go sa bonale kwa a tswang teng. Ka tsela e e tshwanang, go lapolosa ba bangwe ga se sengwe se se ka diregang re sena go dira tiro e le nngwe fela e e molemo, re ka dira jalo fa ka metlha re nna re bontsha dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Keresete.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) A re diriseng kgakololo eno ya ga Paulo. A re lekeng ka natla go lapolosa ba bangwe ka tsela e re buang ka yone le e re dirang dilo ka yone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Monyo wa Thaba ya Heremone—motswedi o o lapolosang wa bongola jo bo tlhokwang ke dijalo

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Moreetsi yo o kutlwelobotlhoko o lapolosa ba bangwe