Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motho le Monnawe ba ba Nang le Matshwenyego ba ‘Agile Ntlo ya Iseraele’

Motho le Monnawe ba ba Nang le Matshwenyego ba ‘Agile Ntlo ya Iseraele’

 Motho le Monnawe ba ba Nang le Matshwenyego ba ‘Agile Ntlo ya Iseraele’

FA BOSA bo ntse bo atamela, Lea o ne a itse gore go ise go ye kae, boammaaruri bo ne bo tla senoga. Jakobe, yo Lea a neng a robetse mo matsogong a gagwe o ne a le gaufi le go itse gore tota yono e ne e se Ragele monnawe Lea. Go lebega bosigo jwa pele ga foo Lea a ne a reetsa rraagwe mme a apara lesire gore Jakobe a se ka a mo lemoga a bo a robala le Jakobe mo bolaong jo bo neng bo baakanyeditswe Jakobe le Ragele.

Akanya fela gore Jakobe o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa jang fa mo mosong a lemoga gore o tsieditswe! O ne a gakala tota mme a omana le Labane, rraagwe Lea. Mo go yone nako eo, Lea ene o tshwanetse a bo a ne a ntse a akanya thata ka seabe se a nnileng le sone mo tsietsong eno le gore matswela a teng a a tla nnelang ruri e ne e tla nna eng. Kgang ya ga Lea le Ragele ke karolo e e botlhokwa ya hisitori ya Baebele. Gape e re lemotsha kafa go leng botlhale ka gone go nyalana le motho a le mongwe fela le go ikanyega mo lenyalong.

Moeng o Eme mo Sedibeng

Dingwaga di le supa pele ga tiragalo eo, Ragele o ne a ile a tabogela kwa go rraagwe go ya go mo itsise gore o kopane le motho yo a sa mo itseng kwa sedibeng yo o reng ke wa losika lwa bone. Motho yoo e ne e le ntsalae e bong Jakobe, morwa wa rakgadiagwe yo e neng e le moobamedi wa ga Jehofa. Kgwedi morago ga foo, Jakobe o ne a re a ka direla Labane dingwaga di le supa gore a mo neye Ragele go nna mosadi wa gagwe. Labane o ne a dumela kopo eo e re ka a ne a bona kafa setlogolo sa gagwe e neng e le senatla ka gone e bile a itse gore e ne e le tlwaelo mo bathong ba gabone gore ba nyalane le ba masika a bone.—Genesise 29:1-19.

Lorato lo Jakobe a neng a rata Ragele ka lone e ne e se lwa go tseega maikutlo fela. Peelelo ya bone ya dingwaga di le supa e ne ya “nna jaaka malatsi a le mmalwa fela ka ntlha ya lorato lwa gagwe mo go ene.” (Genesise 29:20) Lebaka la go bo Jakobe a ile a rata Ragele go isa losong, le bontsha gore Ragele o tshwanetse a bo a ne a na le dinonofo di le dintsi tse di rategang.

A Lea le ene o ne a solofetse go nyalana le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa? Baebele ga e re bolelele sepe ka seo. Pego eno e bua thata ka se Labane a neng a se akanya ka lenyalo leno. Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le supa tse Ragele a neng a beeleditswe ka tsone, Labane o ne a dira moletlo. Pego ya Baebele ya re mo maitseboeng Labane o ne a isa Lea kwa go Jakobe “gore a tle a robale le ene.”—Genesise 29:23.

A Lea o ne a loga leano la go tsietsa Jakobe? Kana a o ne a patelesega go ikobela rraagwe? Ragele ene o ne a le kae? A o ne a itse gore go ne go diregang? Fa go le jalo, o ne a ikutlwa jang ka gone? A rraagwe o ne a le bogale mo a neng a sa kgone go itlhokomolosa taelo ya gagwe? Baebele ga e re neye dikarabo tsa dipotso tseno. Mme gone go sa kgathalesege gore Ragele le Lea ba ne ba akanya eng ka leano leno, le ne la galefisa Jakobe fela thata. Mme Jakobe o ne a omana le Labane e seng le barwadi ba gagwe. O ne a re: “A ga ke a ka ka go direla ke direla Ragele? Ka jalo ke  ka ntlha yang fa o ntsieditse?” Labane o ne a araba ka go reng? “Ga go a tlwaelega . . . go ntsha mosadi yo mmotlana pele ga leitibolo. Keteka beke ya mosadi yono ka botlalo. Morago ga moo o tla newa le mosadi yono yo mongwe ka ntlha ya tirelo e o ka e dirang le nna dingwaga tse dingwe gape di le supa.” (Genesise 29:25-27) Ka jalo, Jakobe o ne a tsiediwa gore a nyale lefufa mme lenyalo leo le ne la baka lefufa le legolo.

Lelapa Le le Sa Itumelang

Jakobe o ne a rata Ragele. Fa Modimo a bona gore Lea o ne a “tlhoilwe” fa a bapisiwa le Ragele, o ne a bula sebopelo sa gagwe fa Ragele ene a ne a nna a le moopa. Mme Lea o ne a sa batle ngwana fela; o ne a batla gore Jakobe a mo rate. Fa a bona gore go ne go ratwa Ragele fela, o ne a hutsafala. Mme gone Lea o ne a sa ntse a solofetse gore Jakobe o tla mo rata gonne a mo tsholetse morwa wa leitibolo Rubene, mo go rayang “Bona, Morwa!” Lea o ne a na le mabaka a go bo a teile ngwana wa gagwe leina leo: “Ke ka gonne Jehofa o lebile patikego ya me, mo e leng gore jaanong monna wa me o tla simolola go nthata.” Mme Jakobe ga a ka a mo rata; tota le fa a sena go tshola morwa yo mongwe gape. Lea o ne a raya morwa yoo leina a re Simeone, mo go rayang “Go Utlwa.” O ne a re: “Ke ka gonne Jehofa o reeditse, ka gore ke ne ke tlhoilwe mme o ne a nnaya le yono.”—Genesise 29:30-33.

Lebaka la go bo go twe Modimo o ne a reetsa le bontsha gore Lea o ne a rapetse thata ka boemo jwa gagwe. Go bonala e ne e le mosadi yo o ikanyegang. Le fa go ntse jalo, kutlobotlhoko ya gagwe e ne ya tswelela le fa a sena go tshola morwa wa boraro e bong Lefi. Leina la morwa yono le le rayang go “Kgomarela,” kana go “Kopanya” le tlhalosiwa ke mafoko ano a ga Lea: “Jaanong mo nakong eno monna wa me o tla ikgolaganya le nna, ka gonne ke mo tsholetse bana ba le bararo ba basimane.” Mme go lebega le seo se sa dira gore Jakobe a mo rate. Gongwe Lea o ne a amogela seo gonne leina la morwa wa gagwe wa bonè ga le umake sepe se se bontshang gore o ne a na le tsholofelo ya go ratwa ke Jakobe. Go na le moo leina le a neng a mo raya lone e bong Juda le supa gore o leboga Modimo. Leina “Juda” le raya go “Galaletsa,” kana “Yo o Tshwanelwang ke go Galalediwa.” Lea o ne a re fela: “Mo nakong eno ke tla baka Jehofa.”—Genesise 29:34, 35.

Ke boammaaruri gore Lea o ne a hutsafetse, mme Ragele le ene o ne a tshwenyegile thata. O ne a kopa Jakobe jaana: “Nnaya bana go seng jalo ke tla nna mosadi yo o suleng.” (Genesise 30:1) Ragele o ne a itse gore Jakobe o a mo rata  mme o ne a batla ngwana. Lea ene o ne a sa ratwe mme o ne a na le bana. Mongwe le mongwe wa bone o ne a eletsa se yo mongwe a nang le sone, mme ba ne ba sa itumela ka bobedi. Botlhe ba ne ba rata Jakobe mme ba eletsa go mo tsholela bana. Ba ne ba fufegelana. Ruri boemo jo bo neng bo le mo lelapeng leo bo ne bo hutsafatsa!

A Ragele o Tla Tshola Bana?

Mo metlheng eo, go sa kgone go tshola bana go ne go tsewa e le pogisego. Modimo o ne a solofeditse Aborahame, Isake le Jakobe gore malapa a bone a ne a tla tlhagisa “losika” lo malapa otlhe a tla itshegofatsang ka lone. (Genesise 26:4; 28:14) Le fa go ntse jalo, Ragele o ne a se na ngwana. Jakobe o ne a re ke Modimo fela yo o neng a ka naya Ragele barwa, gore le ene a nne le seabe mo tshegofatsong eo. Mme gone Ragele o ne a setse a fela pelo. O ne a raya Jakobe a re: “Bileha lelata la me ke yo. Robala le ene, gore a tle a belegele mo mangoleng a me le gore nna, e leng nna, ke tle ke bone bana ka ene.”—Genesise 30:2, 3.

Re ka nna ra thatafalelwa ke go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Ragele a ne a dira jalo. Le fa go ntse jalo, ditumalano tsa bogologolo tsa manyalo tse di neng tsa fitlhelwa go ralala dinaga tsa Botlhaba di bontsha gore e ne e le tlwaelo e e neng e amogelwa gore mosadi wa moopa a neye monna wa gagwe mosetsana wa lelata gore a tle a nne le mojaboswa. * (Genesise 16:1-3) Mo maemong a mangwe, bana ba mosetsana yono wa lelata ba ne ba tla tsewa e le bana ba mosadi yono yo o sa tsholeng bana.

Fa Bileha a tshola mosimane, Ragele yo o neng a itumetse o ne a re: “Modimo o ile a nna moatlhodi wa me gape o reeditse lentswe la me, mo a nneileng ngwana wa mosimane.” Ka jalo o ne a mmitsa Dana, mo go rayang, “Moatlhodi.” Ragele le ene o ne a rapetse Jehofa ka pitlagano ya gagwe. Fa Bileha a tshola mosimane wa bobedi e bong Nafetali, mo go rayang, “Tshokatshokano e ke Nnileng le Yone,” o ne a re: “Ke sokasokane le morwadiarre ka tshokatshokano e e batlang maatla a magolo. Mme ke fentse!” Maina ano a supa kgotlhang e e neng e le fa gare ga basadi bano ba ba sa utlwaneng.—Genesise 30:5-8.

Gongwe Ragele o ne a akanya gore o ne a dira go dumalana le dithapelo tsa gagwe fa a ne a naya Jakobe Bileha, mme eno e ne e se tsela e Modimo a neng a mo naya bana ka yone. Re  ka ithuta sengwe mo kgannyeng eno. Ga re a tshwanela go fela pelo fa re rapela Jehofa. O kgona go araba dithapelo ka ditsela tse re sa di lebelelang le ka nako e re sa lebelelang ka yone.

E re ka Lea le ene a ne a sa batle go gaisiwa, o ne a naya Jakobe mosetsana wa gagwe wa lelata e bong Silepa. O ne a tshola pele Gada mme morago ga moo Ashere.—Genesise 30:9-13.

Tiragalo e nngwe e e supang kgotlhang e e neng e le fa gare ga ga Ragele le Lea e amana le dimandereiki tsa morwa wa ga Lea e bong Rubene. Go ne go akanngwa gore leungo leno le thusa motho gore a ime. Fa Ragele a di kopa, Lea o ne a mo araba jaana a galefile: “A seno ke selo se sennye, go bo o tsere monna wa me, mme jaanong o tsaya le ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwaake?” Bangwe ba tsaya gore mafoko ano a raya gore Jakobe o ne a fetsa nako e ntsi a na le Ragele go feta e a neng a e fetsa le Lea. Gongwe Ragele o ne a bona selelo sa ga Lea se utlwala gonne o ne a araba ka gore: “Ka lebaka leo o tlile go lala le wena mo bosigong jono e le kananyo ya ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwao.” Ka jalo fa Jakobe a goroga mo lapeng mo maitseboeng ao, Lea o ne a mo itsise gore: “O tlile go robala le nna, gonne ke go thapile ka ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwaake.”—Genesise 30:15, 16.

Lea o ne a tshola morwa wa botlhano le wa borataro, Isakare le Sebulone. Morago ga moo o ne a re: “Kgabagare monna wa me o tla intshokela, ka gonne ke mo tsholetse bana ba le barataro ba basimane.” *Genesise 30:17-20.

Dimandereiki ga di a ka tsa thusa. Fa Ragele a ne a ima morago ga dingwaga di le thataro a ntse a nyetswe mme a tshola Josefa, e ne e le ka gonne Jehofa o ne a mo ‘gakologelwa’ mme a araba thapelo ya gagwe. Jaanong ke gone Ragele a neng a ka re: “Modimo o tlositse kgobo ya me!”—Genesise 30:22-24.

Loso le Boswa

Ragele o ne a swa fa a tshola morwa wa gagwe wa bobedi e bong Benjamine. Jakobe o ne a rata Ragele fela thata, ka jalo barwa bano ba babedi ba ne ba le botlhokwa thata mo go ene. Dingwagangwaga morago ga foo, fa le ene a ne a atamela go swa, o ne a gopola kafa Ragele yo a neng a mo rata thata a neng a mo latlhegela ka teng a sa lebelela. (Genesise 30:1; 35:16-19; 48:7) Ga re itse sepe ka loso lwa ga Lea fa e se fela gore Jakobe o ne a ya go mo fitlha mo logageng lo le ene a neng a batla go fitlhelwa mo go lone.—Genesise 49:29-32.

Fa Jakobe a setse a tsofetse o ne a dumela gore botshelo jwa gagwe—go akaretsa le maemo a lelapa la gagwe—bo ne bo tletse matshwenyego. (Genesise 47:9) Ga go pelaelo gore botshelo jwa ga Lea le Ragele le jone bo ne bo tletse matshwenyego. Dilo tse di ba diragaletseng di bontsha matswela a a hutsafatsang a go nyala lefufa le lebaka la go bo Jehofa a gatelela gore monna a nne le mosadi a le mongwe fela. (Mathaio 19:4-8; 1 Timotheo 3:2, 12) Fa monna kana mosadi a sa ratane kana a sa tlhakanele dikobo le motho a le mongwe fela—yo a nyalaneng le ene—go nna le lefufa. Leno ke lebaka le lengwe le le dirang gore Modimo a gane kgokafalo le boaka.—1 Bakorintha 6:18; Bahebera 13:4.

Mme gone, Modimo o ne a tswelela—e bile o sa ntse a tsweletse—go diragatsa boikaelelo jwa gagwe a dirisa banna le basadi ba ba sa itekanelang mme ba ikanyega. Bana bano ba motho ba ne ba na le makoa fela jaaka rona. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa basadi bano go diragatsa se a se solofeditseng Aborahame. Ka jalo go a utlwala go bo go ka twe Ragele le Lea ‘ba agile ntlo ya Iseraele.’—Ruthe 4:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 Nngwe ya ditumalano tse di tshwanang le eo e e fitlhetsweng kwa Nuzi, Iraq, e balega jaana: “Kelim-ninu o nyalane le Shennima. . . . Fa Kelim-ninu a sa tshole [bana], o tla bonela Shennima mosadi [mosetsana wa lelata] yo o tswang mo nageng ya Lullu.”

^ ser. 20 Dina, yo e neng e le mongwe wa bana ba ga Lea, ke ene fela morwadi wa ga Jakobe yo re itseng leina la gagwe.—Genesise 30:21; 46:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Lea le Ragele ba ne ba eletsa se yo mongwe a neng a na le sone mme ba ne ba sa itumela ka bobedi

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Setšhaba sa Iseraele se tswa mo barweng ba ba 12 ba ga Jakobe