Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditshwetso Tse di Lereng Boitumelo

Ditshwetso Tse di Lereng Boitumelo

 Ditshwetso Tse di Lereng Boitumelo

“KE ELETSA e kete nkabo ke dirile dilo ka tsela e sele!” O setse o kile wa ithaya seo ga kae? Rotlhe re batla go dira ditshwetso tse re se nang go di ikwatlhaela, segolobogolo fa di ama botshelo jwa rona. Ka jalo, re ka dira jang ditshwetso tse di lereng boitumelo?

Sa ntlha, re tshwanetse go nna le melao e re e latelang e re ka e ikanyang. A melao e e ntseng jalo e teng? Batho ba bantsi ga ba dumele jalo. Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng kwa United States, diperesente di le 75 tsa bana ba kholetšhe ba dumela gore ga go na molao wa se se siameng le se se sa siamang le gore kgang ya gore se se molemo le se se bosula ke sefe e farologana go ya ka “melao e motho a ipeelang yone le ditso tse di farologaneng tse batho ba tswang mo go tsone.”

A ruri go a utlwala go akanya gore melao ya boitsholo ke kgang fela ya gore motho o ikutlwa jang kana gore ke eng se se dirwang ke batho ba bantsi? Nnyaa, ga go a nna jalo. Fa batho ba ne ba gololesegile go dira sengwe le sengwe fela se ba se batlang, seno se ne se tla felela ka tlhakatlhakano. A go na le mongwe yo o neng a ka batla go nna mo lefelong le le se nang melao, le le se nang dikgotlatshekelo le le le se nang mapodise? Gape, ga se ka metlha maikutlo a motho a mo kaelang ka tsela e e siameng. Re ka nna ra dira sengwe se re dumelang gore se siame, mme morago re bo re lemoga gore re ne re le phoso. Tota e bile, sotlhe se se diragetseng mo hisitoring ya batho se bontsha gore mafoko ano a Baebele a boammaaruri: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ka jalo, re ka bona kae kaelo fa re dira ditshwetso ka dikgang tsa botlhokwa mo botshelong?

Mmusi yo mmotlana yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng o ne a dira ka botlhale ka go kopa kgakololo mo go Jesu. Jaaka re bone,  Jesu o ne a dirisa Molao wa Modimo fa a ne a araba potso ya lekawana leo. Jesu o ne a itse gore Jehofa ke ene Motswedi o mogolo wa kitso le botlhale e bile ke Ene a itseng se se siametseng dibopiwa tsa Gagwe. Ke sone se Jesu a ileng a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Ruri Lefoko la Modimo ke motswedi o o ka ikanngwang wa kaelo o o tla re thusang go dira ditshwetso tse di siameng mo botshelong. A re sekaseke melaometheo e le mmalwa e e mo Lefokong la Modimo, e e tla oketsang boitumelo jwa rona fa re e dirisa.

Molao wa Sekagouta

Jesu mo Therong ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng o ne a ruta molaomotheo o o ka re thusang go dira ditshwetso tse di botlhale fa re dirisana le ba bangwe. O ne a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Gantsi molaomotheo ono wa boitshwaro o bidiwa Molao wa Sekagouta.

Bangwe ba dirisitse polelwana eno ka tsela e sele: “Lo se ka lwa dira batho ba bangwe dilo tse lo sa batleng ba di dira mo go lona.” Go bona pharologano fa gare ga Molao wa Sekagouta le seo, akanya ka setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo. Mojuda o ne a iteilwe e bile a tlogetswe fa thoko ga tsela a le gaufi le go swa. Moperesiti le Molefi ba ne ba mmona mme ba iphetela fela. Ka gonne ga ba a dira sepe go sotla monna yono, go ka nna gatwe ga ba a mo dira sepe se ba sa batleng se dirwa mo go bone. Mosamarea yo o neng a feta o ne a ema gore a thuse monna yoo. O ne a hapa dintho tsa gagwe mme a mo isa kwa ntlong ya baeti. O ne a direla monna yoo se a neng a ka batla go se direlwa. O ne a dirisa Molao wa Sekagouta—mme a dira tshwetso e e siameng.—Luke 10:30-37.

Go na le ditsela tse dintsi tse re ka dirisang molao ono ka tsone mme ra nna le matswela a a molemo. A re re lelapa lengwe le fudugela gaufi le mo o nnang teng. O ka tsaya kgato pele ya gore o ye go ba ikitsise le go ba amogela. O ka nna wa ba thusa go itse lefelo mmogo le go araba dipotso tse ba nang le tsone le go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. Ka go tsaya kgato pele go nna moagelani yo o molemo, o tla nna le kamano e e molemo le baagelani ba gago ba basha. Gape o tla kgotsofadiwa ke go itse gore se o se dirileng se itumedisa Modimo. A eo ga se tshwetso e e botlhale?

Ditshwetso Tse re di Dirang ka Gonne re Rata ba Bangwe

Mo godimo ga Molao wa Sekagouta, Jesu o ne a umaka kaelo e nngwe e e tla go thusang go dira ditshwetso tse di botlhale. Fa Jesu a ne a bodiwa gore taelo e kgolo thata mo Molaong wa ga Moshe ke efe, o ne a re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Molao otlhe le Baporofeti, di ikaegile ka ditaelo tse pedi tseno.”—Mathaio 22:36-40.

Mo bosigong jwa pele ga loso lwa ga Jesu, o ne a naya barutwa ba gagwe “taelo e ntšha” ya gore ba ratane. (Johane 13:34) Ke ka ntlha yang fa a ne a re e ntšha? O ne a setse a tlhalositse gore go rata moagelani ke nngwe ya ditaelo tse pedi tse Molao otlhe o ikaegileng ka tsone. Mo molaong wa ga Moshe, Baiseraele ba ne ba laetswe jaana: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.” (Lefitiko 19:18) Le fa go ntse jalo, Jesu jaanong o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba dire go feta foo. Mo go jone bosigo joo, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore o ne a tloga a ba swela. Go tswa foo a bo a ba raya a re: “Eno ke taelo ya me, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile. Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:12, 13) Taelo eno e ne e le ntšha ka gore e ne e ba laela gore ba beye dilo tse di tlhokwang ke batho ba bangwe kwa pele ga tse bone ba di tlhokang.

Go na le ditsela tse dintsi tse re ka bontshang ka tsone lorato lo e seng lwa boithati, ka go se kgatlhegele dilo tse di amang rona fela. A re re o ne o nna mo foleteng mme o batla go reetsa mmino o o lelelang kwa godimo ka tsela e wena o e ratang mme o tlhodia moagelani wa gago. A o ne o ka itima monate oo fela gore o se ka wa tlhodia moagelani wa gago? Ke gore, a o ne o tla  baya moagelani wa gago kwa pele go na le gore o dire se wena o se batlang?

A re sekaseke boemo jo bongwe. Letsatsi lengwe go le mariga, go le serame e bile go ole kapoko kwa Canada, monnamogolo mongwe o ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ba le babedi. Fa ba ntse ba tlotla, monna yono o ne a umaka gore o na le bolwetse jwa pelo jo bo dirang gore a palelwe ke go tlosa kapoko e e kgobokaneng fa pele ga legae la gagwe. Morago ga nako e e ka tshwarang ura, o ne a utlwa modumo wa digarawe di tlosa kapoko kwa ntle. Basupi ba babedi bao ba ne ba boile mme ba tlile go tlosa kapoko mo tseleng le mo ditepising tse di yang kwa kgorong ya gagwe e e kwa pele. O ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Canada lekwalo a re: “Gompieno ruri ke bone lorato lwa mmatota lwa Bokeresete. Ruri seno se nkgothaditse tota ka gonne gantsi mogopolo wa me o ganelela mo dilong tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng la gompieno. Mme gape seno se dirile gore ke tlotle tiro ya lona e lo e dirang mo lefatsheng lotlhe le go feta.” Fa re dira tshwetso ya go thusa, le fa re ka tswa re thusa go le gonnye jang, seno se ka ama ba bangwe ka tsela e e molemo. Go dira ditshwetso tse di ntseng jalo tsa go direla ba bangwe dilo go itumedisa eletota!

Ditshwetso Tse re di Dirang ka Gonne re Rata Modimo

Sengwe gape se re tshwanetseng go se sekaseka fa re dira ditshwetso ke se Jesu a se tlhalositseng a re ke taelo e kgolo thata—go rata Modimo. Fa Jesu a ne a bua jalo o ne a bua le Bajuda ba jaaka setšhaba ba neng ba setse ba ineetse mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe yo e leng Moiseraele o ne a tshwanetse go tlhopha gore a o tla direla Modimo wa gagwe ka pelo yotlhe le go mo rata ka pelo yotlhe.—Duteronome 30:15, 16.

Ka tsela e e tshwanang, ditshwetso tse o di dirang di bontsha kafa o ikutlwang ka teng ka Modimo. Ka sekai, fa o ntse o nna le kitso e e oketsegileng ka tsela e Baebele e leng mosola ka yone, le wena o tshwanelwa ke go dira tshwetso. A o ka rata go nna le thulaganyo ya go ithuta Baebele, ka maikaelelo a go nna molatedi wa ga Jesu? Fa o ka dira tshwetso ya go dira jalo o tla itumela, ka gonne Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

Ga re itse gore a mmusi yo mmotlana o ne a ikotlhaela tshwetso e a e tsereng. Le fa go ntse jalo, re itse gore moaposetoloi Petere o ne a ikutlwa jang fa a sena go latela Jesu Keresete ka dingwaga tse dintsi. Mo e ka nnang ka 64 C.E., fa Petere a ne a le gaufi le go swa, o ne a kgothatsa badumedi mmogo le ene a re: “Dirang bojotlhe jwa lona gore kwa bofelong [Modimo] a lo fitlhele lo se na selabe lo se na molato e bile lo le mo kagisong.” (2 Petere 1:14; 3:14) Petere o ne a sa ikotlhaele tshwetso e a e dirileng dingwaga di feta 30 pele ga foo mme o ne a kgothaletsa ba bangwe go tshelela ditshwetso tse ba di dirileng.

Go latela kgakololo ya ga Petere go raya go dira tshwetso ya go amogela maikarabelo a go nna molatedi wa ga Jesu le go boloka ditaelo tsa Modimo. (Luke 9:23; 1 Johane 5:3) Seno se ka nna sa lebega se le thata, mme re na le tsholofetso ya ga Jesu e e re kgothatsang: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang,  mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28-30.

Akanya ka se se diragaletseng Arthur. Fa a ne a na le dingwaga di le lesome o ne a simolola go ithuta go letsa seletswa sa violin, gore a tle a dire e le moletsi wa yone mo isagweng. Fa a ne a na le dingwaga di le 14, go ne go setse go itsege gore o letsa violin kwa dikhonsateng. Le fa go ntse jalo, o ne a sa itumela. Rraagwe ka metlha o ne a ipotsa gore boikaelelo jwa botshelo ke eng mme o ne a laletsa baruti gore ba tle kwa legaeng la gagwe; le fa go ntse jalo, dikarabo tsa bone ga di ise di ko di mo kgotsofatse. Botlhe mo lelapeng la gabone ba ne ba ipotsa gore a tota Modimo o teng le gore ke ka ntlha yang fa a letlelela bosula. Rraagwe Arthur o ne a simolola go tshwara metlotlo le Basupi ba ga Jehofa. O ne a itumelela metlotlo eo, mme seno se ne sa felela ka gore lelapa lotlhe le tshwarelwe thuto ya Baebele.

Fa nako e ntse e ya, Arthur o ne a simolola go tlhaloganya go tswa mo Baebeleng gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo mme o ne a tlhaloganya sentle gore boikaelelo jwa botshelo ke eng. Arthur, mmogo le maloko a le mararo a lelapa la gabone, ba ne ba dira tshwetso e ba iseng ba tsamaye ba e ikotlhaele. O ne a ineela mo go Jehofa. A re: “Ke itumelela go bo Jehofa a ntshegofaditse ka kitso ya boammaaruri le go bo a nthusitse gore ke se ka ka rata kgaisano jaaka e le tlwaelo mo diopeding. Batho ba ka dira le fa e le eng fela sa boferefere gore ba atlege.”

Arthur o sa ntse a itumelela go letsa violin go tlosa ditsala tsa gagwe bodutu, mme botshelo jwa gagwe ga bo a remelela mo go e letseng. Botshelo jwa gagwe bo remeletse mo tirelong e a e direlang Modimo. O ntse a direla kwa lekaleng lengwe la Basupi ba ga Jehofa. Jaaka Arthur le ba bangwe ba bantsintsi, le wena o ka dira tshwetso e e tla go leretseng boitumelo jo bogolo—tshwetso ya go amogela taletso ya go nna molatedi wa ga Jesu. Mme ka go dira jalo o tla farologana le mmusi yo mmotlana wa mohumi.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Tshwetso e o e dirang e ka ama matshelo a batho ba bangwe ka tsela e e molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A o tla ithuta Baebele mme o nne molatedi wa ga Jesu?