Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele

BUKANTSWE ya Holman Illustrated Bible Dictionary ya re: “Buka ya Daniele ke nngwe ya dibuka tse di kgatlhang thata mo Baebeleng. E tletse ka dintlha tsa boammaaruri tse di sa felelweng ke nako.” Pego ya ga Daniele e simolola ka 618 B.C.E. fa Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a tla Jerusalema a dikanyetsa motse a bo a tsaya “bangwe ba bomorwa Iseraele” a ba isa botshwarwa kwa Babelona. (Daniele 1:1-3) Mongwe wa bone ke Daniele yo mmotlana, yo o ka tswang a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome. Buka eno e konela Daniele a sa ntse a le kwa Babelona. Mo nakong eno Daniele o tloga a tshwara dingwaga tse 100 mme Modimo o mo solofetsa jaana: “O tla ikhutsa, mme o tla emela kabelo ya gago ka dinao kwa bokhutlong jwa metlha.”—Daniele 12:13.

Karolo ya ntlha ya buka ya Daniele e kwadilwe go ya ka tatelano ya ditiragalo, jaaka e kete go anela mongwe yo o seng mo ditiragalong tseo, mme mo karolong ya bofelo Daniele ke ene a anelang ditiragalo. Buka eno e kwadilwe ke Daniele mme e na le dipolelelopele tse di buang ka go tsoga le go wa ga mebuso e megolo ya lefatshe, nako ya go tla ga ga Mesia le ditiragalo tsa motlha wa rona. * Gape moporofeti yono yo o godileng o leba kwa morago mo botshelong jwa gagwe jo boleele a bo a tlhalosa ditiragalo tse di re kgothatsang gore re nne banna le basadi ba ba ikanyegang mo Modimong. Molaetsa wa ga Daniele o a tshela e bile o naya maatla.—Bahebera 4:12.

PEGO E E TLHALOSANG DITIRAGALO KA TATELANO YA TSONE E RE RUTA ENG?

(Daniele 1:1–6:28)

Ngwaga ke wa 617 B.C.E. Daniele le basha ba bararo ba ditsala tsa gagwe e bong Shaderake, Meshake, le Abedenego, ba mo lelapeng la segosi la kwa Babelona. Mo lobakeng lwa dingwaga tse tharo lwa fa basha bano ba ntse ba thapisediwa botshelo jwa segosi, ba tswelela ba ikanyega mo Modimong. Dingwaga di ka nna robedi morago ga moo, Kgosi Nebukadenesare o nna le toro e e akabatsang. Daniele o senola toro eno a bo a e tlhalosa. Kgosi e bolela gore Jehofa ke “Modimo wa medimo le Morena wa dikgosi le Mosenodi wa diphiri.” (Daniele 2:47) Mme go ise go ye kae, e kete Nebukadenesare o lebala thuto eno e a e ithutileng. Fa ditsala tsa ga Daniele tse tharo di gana go obamela setshwantsho se segolo, kgosi e dira gore ba latlhelwe mo leubelong le le tukang la molelo. Modimo wa boammaaruri o namola basha bano ba bararo, mme Nebukadenesare o patelesega go lemoga gore ‘ga go na modimo o mongwe o o kgonang go golola jaaka ono.’—Daniele 3:29.

Nebukadenesare o nna le toro e nngwe ya botlhokwa. O bona setlhare se segolo thata, se se remiwang se bo se bofiwa gore se se ka sa gola. Daniele o bolela tlhaloso ya toro eo. Karolo ya toro eno e diragadiwa fa Nebukadenesare a simolola go tsenwa mme moragonyana a bo a fola. Masome a dingwaga morago ga  moo, Kgosi Beleshasare o direla bagolwane ba gagwe mokete o mogolo mme ka go tlhoka tlotlo o dirisa dijana tse di neng di tserwe kwa tempeleng ya ga Jehofa. Mo go jone bosigo joo, Beleshasare o a bolawa mme Dario wa Momeda o amogela bogosi. (Daniele 5:30, 31) Mo metlheng ya fa go busa Dario, Daniele a na le dingwaga tse di fetang 90, batlhankedi ba ba lefufa ba logela moporofeti yono yo o godileng leano la gore a bolawe. Mme Jehofa o mo namola “mo leroong la ditau.”—Daniele 6:27.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:11-15—A go ja merogo fela ke gone go dirileng gore basha ba banè ba Bajudea ba lebege botoka go na le ba bangwe? Nnyaa, ga go a nna jalo. Ga go na dijo tse di ka tlisang diphetogo tse di kalo mo malatsing a le lesome fela. Tebego ya basha ba Bahebera e ne ya fetoga ka ntlha ya ga Jehofa, yo o neng a ba segofatsa ka gonne ba mo ikanya.—Diane 10:22.

2:1—Ke leng fa Nebukadenesare a ne a nna le toro ya setshwantsho se segolo thata? Pego ya re e ne e le “mo ngwageng wa bobedi wa bogosi jwa ga Nebukadenesare.” O nnile kgosi ka 624 B.C.E. Ka jalo ngwaga wa bobedi wa puso ya gagwe o tla bo o simolotse ka 623 B.C.E.—dingwaga tse dintsi pele a tlhasela Juda. Ka nako eo, Daniele o ne a ka se ke a bo a le kwa Babelona a tlhalosa toro. Go lebega ‘ngwaga wa bobedi’ o balwa go tloga ka 607 B.C.E., fa kgosi ya Babelona e ne e senya Jerusalema e bo e busa lefatshe.

2:32, 39—Bogosi jwa selefera bo ne bo gaisiwa jang ke tlhogo ya gouta mme bogosi jwa kgotlho bo ne bo gaisiwa jang ke jwa selefera? Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia, o o neng o emelwa ke karolo ya selefera ya setshwantsho seno, o ne o fetwa ke Babelona, tlhogo ya gouta, ka gonne one o ne o sa diga Juda. Mmuso o o latelang e ne e le wa Gerika o o neng o emelwa ke kgotlho. Gerika e ne e le ya maemo a a kwa tlase le go feta, fela jaaka kgotlho e le maemo a a kwa tlase ga selefera. Le fa Mmusomogolo wa Gerika o ne o busa naga e kgolwane, o ne o sa nna le tshiamelo ya go golola batho ba Modimo kwa botshwarwa jaaka mmuso wa Bameda le Baperesia.

4:8, 9—A Daniele ka boene o ne a nna moperesiti yo o dirang maselamose? Nnyaa. Polelwana e e reng “tlhogo ya baperesiti ba ba dirang maselamose” e lebisitse fela go maemo a ga Daniele jaaka e ne e le “motlhankedimogolo wa banna botlhe ba ba botlhale ba Babelona.”—Daniele 2:48.

4:10, 11, 20-22—Setlhare se segolo thata sa toro ya ga Nebukadenesare se ne se emela kgotsa se tshwantshetsa eng? Kwa tshimologong setlhare seno se ne se emela Nebukadenesare jaaka mmusi wa mmusomogolo wa lefatshe. Mme e re ka bobusi jono bo ne bo fitlha “kwa bofelelong jwa lefatshe,” setlhare seno se tshwanetse sa bo se tshwantshetsa sengwe se segolo le go feta. Daniele 4:17 e amanya toro eno le puso ya “Mogodimodimo” a busa batho. Ka jalo, setlhare seo se ne se tshwantshetsa le bolaodi jwa ga Jehofa jwa lefatshe lotlhe, bogolo jang malebana le lefatshe. Ka gone, toro eno e diragadiwa gabedi—ka puso ya ga Nebukadenesare le ka bolaodi jwa ga Jehofa.

4:16, 23, 25, 32, 33—“Metlha e supa” e ne e le boleele jo bo kae? Diphetogo tsotlhe tse di diragetseng mo tebegong ya ga Kgosi Nebukadenesare di ne di tlhoka gore “metlha e supa” e bo e le lobaka lo lo fetang malatsi a le supa a a tlwaelegileng. Mo kgannyeng ya gagwe, metlha e supa e ne e kaya dingwaga di le supa tsa malatsi a le 360  nngwe le nngwe, kgotsa malatsi a le 2 520. Mo tiragatsong e kgolwane, “metlha e supa” ke dingwaga di le 2 520. (Esekiele 4:6, 7) Di simologile fa go senngwa Jerusalema ka 607 B.C.E. mme tsa fela fa Jesu a tlhomiwa go nna Kgosi kwa legodimong ka 1914 C.E.—Luke 21:24.

6:6-10—E re ka go sa tlhokege gore motho a nne ka tsela epe e e rileng fa a rapela, a go ne go ka se nne botlhale fela ka Daniele gore a rapele mo sephiring ka lobaka lwa malatsi a le 30? Kgang ya gore Daniele o ne a rapela gararo ka letsatsi e ne e itsege gotlhe. Ke sone se balogamaano ba ileng ba tla ka leano la gore go nne le molao o o iletsang go rapela. Fa Daniele a ne a ka fetola thulaganyo ya gagwe ya thapelo ka tsela epe fela seo se ne se ka tsewa ke ba bangwe e le go latlha melaometheo e a tshelang ka yone mme go ka bo go ile ga supa gore o paletswe ke go naya Jehofa boineelo jo bo feletseng.

Se re Ithutang Sone:

1:3-8. Tsela e Daniele le ditsala tsa gagwe ba neng ba ikemiseditse ka yone gore ba nne ba ikanyega mo go Jehofa e gatelela mosola wa thapiso e batsadi ba bone ba ka tswang ba ba e neile. Fa batsadi ba ba boifang Modimo ba dira gore dilo tse di direlwang Modimo di tle pele mo matshelong a bone e bile ba ruta bana ba bone go dira fela jalo, go ka nna motlhofo gore bana ba gane thaelo epe le kgatelelo e ba ka kopanang le yone kwa sekolong kgotsa kae fela.

1:10-12. E re ka Daniele a ne a tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa “modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi” a ne a boifa kgosi, o ile a tlogela go nna a mo kopa. Le fa go ntse jalo, moragonyana Daniele o ne a buisana le “motlhokomedi,” yo o ka tswang a ne a ka kgona go amogela kopo ya gagwe. Fa re lebane le maemo a a thata, le rona re tshwanetse go nna le temogo, go tlhaloganya le botlhale.

2:29, 30. Fela jaaka Daniele, re tshwanetse go baka Jehofa ka botlalo ka ntlha ya kitso epe, dinonofo le bokgoni jo re ka tswang re nnile le jone ka go ithuta Baebele.

3:16-18. Ga go lebege go ne go ka kgonega gore Bahebera bano ba bararo ba arabe ba tlhomamisegile jalo fa ba ka bo ba ne ba ineetse malebana le kgang ya dijo. Le rona re tshwanetse go leka go “ikanyega mo dilong tsotlhe.”—1 Timotheo 3:11.

4:24-27. Go bolela molaetsa wa Bogosi, o o akaretsang dikatlholo tse di bogale tsa Modimo, go tlhoka mofuta wa tumelo le bopelokgale o Daniele a neng a o bontsha fa a ne a bolela se se neng se tla diragalela Nebukadenesare le se kgosi e neng e tshwanetse go se dira ‘gore katlego ya gagwe e lelefale.’

5:30, 31. ‘Polelo ya seane e e neng e ntsheditswe kgosi ya Babelona’ e ne ya diragala. (Isaia 14:3, 4, 12-15) Satane Diabolo, yo boikgogomoso jwa gagwe bo tshwanang le jwa losika lwa babusi ba Babelona, le ene o tla swa loso lwa matlhabisaditlhong.—Daniele 4:30; 5:2-4, 23.

DIPONATSHEGELO TSA GA DANIELE DI SENOLA ENG?

(Daniele 7:1–12:13)

Fa Daniele a bontshiwa ponatshegelo ya gagwe ya ntlha mo torong ka 553 B.C.E., o setse a fetile dingwaga tse 70. Daniele o bona dibatana tse nnè tse dikgolo tse di emelang tatelano ya mebuso e megolo ya lefatshe go tloga mo motlheng wa gagwe go fitlha mo go wa rona. Mo ponatshegelong ya tiragalo nngwe kwa legodimong, o bona “mongwe yo o tshwanang le morwa motho” a newa “bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng.” (Daniele 7:13, 14) Dingwaga di le pedi moragonyana, Daniele o bona ponatshegelo e e akaretsang puso ya Bameda le Baperesia, Gerika, le sengwe se se fetogang “kgosi e e bogale jo bo tshabegang.”—Daniele 8:23.

Jaanong ngwaga ke wa 539 B.C.E. Babelona o ole, mme Dario wa Momeda o setse a busa bogosi jwa Bakaladia. Daniele o rapela Jehofa gore nagagae ya gagwe e tsosolosiwe. Fa a ntse a rapela, Jehofa o romela moengele Gabariele gore a dire gore Daniele a “nne le temogo le go tlhaloganya” kaga go tla ga Mesia. (Daniele 9:20-25) Dingwaga di a feta mme jaanong re mo ngwageng wa 536/535 B.C.E. Go na le masalela a a boetseng Jerusalema. Mme tiro ya go aga tempele e a ganediwa. Seno se dira gore Daniele a tshwenyege. O rapela ka kgang eno, mme Jehofa o romelela Daniele moengele wa maemo a a kwa godimo. Fa a  sena go nonotsha le go kgothatsa Daniele, moengele yono o anela boporofeti jo bo bontshang kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di lwela go busa. Kgotlhang ya dikgosi tseno tse pedi e simolola ka nako ya fa bogosi jwa ga Alexander yo Mogolo bo ne bo kgaogantswe bojenerale ba gagwe ba banè go fitlha ka nako ya fa Kgosana e Kgolo Mikaele ‘a tla bo a ema.’—Daniele 12:1.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

8:9—‘Mokgabiso’ o tshwantshetsa eng? Fano ‘Mokgabiso’ o tshwantshetsa seemo sa mo lefatsheng sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba leng teng ka nako ya Mmuso wa Lefatshe wa Baesemane le Baamerika.

8:25—“Kgosana ya dikgosana” ke mang? Lefoko la Sehebera sar, le le ranotsweng go twe “kgosana,” tota le kaya “mookamedi,” kgotsa “yo e leng tlhogo.” Sereto sa “Kgosana ya dikgosana” se dirisiwa mo go Jehofa Modimo fela—Mookamedi wa dikgosana tsotlhe tsa baengele—go akaretsa “Mikaele, mongwe wa dikgosana tse di kwa pelepele.”—Daniele 10:13.

9:21—Ke ka ntlha yang fa Daniele a bitsa moengele Gabariele a re “monna”? Ke ka gonne Gabariele o tlile mo go ene a le mo sebopegong sa motho, fela jaaka a ile a bonala mo go Daniele mo ponatshegelong nngwe pele ga foo.—Daniele 8:15-17.

9:27—Ke kgolagano efe e e neng ya ‘bolokwa e le maatla mo go ba le bantsi’ go fitlha kwa bokhutlong jwa beke ya bo70 ya dingwaga, kgotsa 36 C.E.? Kgolagano ya Molao e ne ya tlosiwa ka 33 C.E. fa Jesu a ne a bapolwa. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a dira gore kgolagano ya ga Aborahame e tswelele e dira mo go Iseraele wa senama go fitlha ka 36 C.E., o ne a oketsa nako ya go amogela Bajuda ka lebaka le le kgethegileng la go bo e le ditlogolwana tsa ga Aborahame. Kgolagano ya ga Aborahame e sa ntse e dira malebana le “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 3:7-9, 14-18, 29; 6:16.

Se re Ithutang Sone:

9:1-23; 10:11. Daniele e ne e le “monna yo o rategang thata,” ka ntlha ya boikokobetso jwa gagwe, boineelo jwa gagwe jwa bomodimo, tlhoafalo ya gagwe, le go tshwarelela mo thapelong ga gagwe. Tsone dinonofo tseno gape di ne tsa mo thusa gore a nne a ikanyega mo Modimong go fitlha a swa. A re ititeyeng sehuba gore re latele sekao sa ga Daniele.

9:17-19. Tota le fa re rapelela gore lefatshe la Modimo le lesha le tle, le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone,’ a ga re a tshwanela go tshwenyega thata ka go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe go feta go tshwenyega ka gore go fedisiwe matshwenyego le mathata a rona?—2 Petere 3:13.

10:9-11, 18, 19. Re tshwanetse go etsa moengele yo o neng a tla kwa go Daniele ka gore re kgothatsane re bo re nonotshane ka go thusana le go bua mafoko a a nametsang.

12:3. Mo metlheng ya bofelo, “ba ba nang le temogo”—Bakeresete ba ba tloditsweng—ba ntse ba ‘phatsima jaaka masedi,’ mme ba ‘tlisa bontsi kwa tshiamong,’ go akaretsa “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe.” (Bafilipi 2:15; Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Batlodiwa ba tla ‘phatsima jaaka dinaledi’ ka botlalo ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete, fa ba tla bo ba thusana le ene go diragatsa melemo yotlhe ya thekololo mo bathong ba ba kutlo mo lefatsheng. Ba “dinku tse dingwe” ba tshwanetse go ngaparela batlodiwa ka boikanyegi, ba ba ema nokeng ka pelo yotlhe mo go sengwe le sengwe.

Jehofa o ‘Segofatsa ba ba Mmoifang’

Buka ya Daniele e re ruta eng ka Modimo o re o obamelang? Akanya ka dipolelelopele tse di kwadilweng mo go yone—tse di setseng di diragaditswe le tse di sa ntseng di tla diragadiwa. A bo di tlhalosa sentle jang ne gore Jehofa o diragatsa lefoko la gagwe!—Isaia 55:11.

Pego ya buka ya Daniele e bontsha eng ka Modimo wa rona? Basha ba banè ba Bahebera ba ba neng ba gana go sokololelwa mo botshelong jwa lelapa la segosi la Babelona ba ne ba amogela ‘kitso, temogo le botlhale.’ (Daniele 1:17) Modimo wa boammaaruri o ne a romela moengele wa gagwe gore a namole Shaderake, Meshake le Abedenego mo leubelong la molelo. Daniele o ne a gololwa mo mongobong wa ditau. Jehofa o ‘thusa le go sireletsa ba ba mo ikanyang,’ e bile o ‘segofatsa ba ba mmoifang.’—Pesalema 115:9, 13.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Fa o batla go bona tlhaloso ya temana ka temana ya buka ya Daniele, bona buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke ka ntlha yang fa Daniele e ne e le “monna yo o rategang thata”?