Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Rata Dilo Tsa Bomodimo ka Tsela e e Tshwanetseng?

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Rata Dilo Tsa Bomodimo ka Tsela e e Tshwanetseng?

 Ke Eng Se se Ka go Thusang go Rata Dilo Tsa Bomodimo ka Tsela e e Tshwanetseng?

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a kwala jaana: “Go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso, mme go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.” (Baroma 8:6) Ka mafoko ao moaposetoloi o ne a bontsha gore go rata dilo tsa bomodimo ga se kgang fela ya gore motho o rata eng kana gore o ikutlwa jang. Totatota ke kgang ya botshelo le loso. Mme gone ke ka tsela efe motho yo o ratang dilo tsa bomodimo a nnang le “botshelo le kagiso”? Go ya ka Baebele, motho yoo o nna le kagiso gone jaanong—le ene ka boene mmogo le Modimo—mme o tla segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. (Baroma 6:23; Bafilipi 4:7) Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a akgela jaana: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng”!—Mathaio 5:3.

Kgang fela ya gore o bala makasine ono, e bontsha gore o rata dilo tsa bomodimo—mme eo ke tsela e e molemo go e latela. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba leba kgang eno ka ditsela tse di farologaneng, ka jalo o ka nna wa ipotsa gore: ‘Go rata dilo tsa bomodimo go bolela eng? Mme motho a ka dira eng gore a di rate?’

“Mogopolo wa ga Keresete”

Kwantle fela ga go bua ka botlhokwa le melemo ya go rata dilo tsa bomodimo, moaposetoloi Paulo o ne a bua go le gontsi ka se tota go rata dilo tsa bomodimo go se kayang. Fa Paulo a ne a bua le Bakeresete ba motse wa Korintha wa bogologolo, o ne a ba tlhalosetsa pharologano e e leng gone magareng ga motho wa senama, e leng motho yo o latelang dikeletso tsa gagwe tsa nama, mmogo le motho wa semoya, e leng motho yo o ratang dilo tsa bomodimo. Paulo o ne a kwala jaana: “Motho wa senama ga a amogele dilo tsa moya wa Modimo, gonne ke boeleele mo go ene.” Kafa letlhakoreng le lengwe, Paulo o ne a tlhalosa gore motho wa semoya ene o bonala ka go nna le “mogopolo wa ga Keresete.”—1 Bakorintha 2:14-16.

Totatota go nna le “mogopolo wa ga Keresete” go kaya go nna le “boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.” (Baroma 15:5; Bafilipi 2:5) Seno se raya gore monna wa semoya ke yo o akanyang ka tsela e Jesu a akanyang ka yone mme a tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete. (1 Petere 2:21; 4:1) Fa motho a ntse a kgaratlhela gore mogopolo wa gagwe o tshwane le wa ga Keresete, lorato lwa gagwe lwa dilo tsa bomodimo lo a nonofa mme o nna gaufi le go nna le “botshelo le kagiso.”—Baroma 13:14.

Kafa o ka Itseng “Mogopolo wa ga Keresete” ka Gone

Le fa go ntse jalo, gore motho a nne le mogopolo wa ga Keresete, o tshwanetse go itse pele kafa Keresete a akanyang ka gone. Ka jalo, selo sa ntlha se motho a ka se dirang gore a rate dilo tsa bomodimo ke gore a itse tsela e Jesu a akanyang ka yone. Mme gone o ka itse jang mogopolo wa motho yo o tshetseng mo lefatsheng dingwaga di le 2 000 tse di fetileng? Ka sekai, kana go tlile jang gore o itse ka batho ba hisitori ba naga ya gaeno? Go ka direga gore o kgonne go ba itse ka go bala ka bone. Ka tsela e e tshwanang, go bala ka hisitori e e kwadilweng ya ga Jesu ke tsela e e botlhokwa e e ka go thusang go itse mogopolo wa ga Keresete.—Johane 17:3.

Mo kgannyeng ya ga Jesu, go na le dipego di le nnè tsa hisitori tse di tlhalositsweng sentle—Diefangele tse di kwadilweng ke Mathaio, Mareko, Luke le Johane. Go bala dipego tseno ka kelotlhoko go tla go thusa go tlhaloganya sentle kafa Jesu a neng a akanya ka gone, maikutlo a gagwe a a kwa teng, mmogo le se se neng se mo tlhotlheletsa gore a dire dilo ka tsela e a neng a di dira ka yone. Fa o ipha nako ya go tlhatlhanya ka se o se balang ka Jesu, o tla simolola go bona ka leitlho la mogopolo mofuta wa motho o Jesu a neng a le one. Le fa gone o setse o itsaya o le molatedi wa ga Keresete, go bala le go tlhatlhanya ka ene go tla go thusa gore o ‘tswelele o gole mo bopelonoming  jo bo sa re tshwanelang le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.’—2 Petere 3:18.

Re ntse re akantse ka seo, a re sekasekeng mangwe a mafoko a a leng mo Diefangeleng go bona gore ke eng se se neng se dira gore Jesu e nne motho yo o ratang dilo tsa bomodimo jaana. Mme go tswa foo o ipotse gore o ka etsa jang sekao se a se tlhomileng.—Johane 13:15.

Go Rata Dilo Tsa Bomodimo le “Maungo a Moya”

Mokwadi wa Efangele e bong Luke o ne a re moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa tshololelwa mo go Jesu fa a ne a kolobediwa mme Jesu ‘a tlala moya o o boitshepo.’ (Luke 3:21, 22; 4:1) Morago ga moo Jesu o ne a bontsha balatedi ba gagwe botlhokwa jwa go kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo kana “maatla a a dirang.” (Genesise 1:2; Luke 11:9-13) Ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa jaana? Gonne moya wa Modimo o na le maatla a go fetola mogopolo wa motho gore o simolole go tshwana le wa ga Keresete. (Baroma 12:1, 2) Moya o o boitshepo o dira gore motho a nne le dinonofo tse di jaaka “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” Dinonofo tseno—tse Baebele e di bitsang “maungo a moya”—ke tsone tse di bontshang gore ruri motho o rata dilo tsa bomodimo. (Bagalatia 5:22, 23) Ka bokhutshwane fela, re ka re motho yo o ratang dilo tsa bomodimo ke yo o kaelwang ke moya wa Modimo.

Jesu o ne a supa maungo a moya mo bodireding jwa gagwe jotlhe. Dinonofo tse di jaaka lorato, bopelonomi le molemo di ne di bonala thata mo tseleng e a neng a tshwara ka yone batho ba ba neng ba tseelwa kwa tlase mo setšhabeng. (Mathaio 9:36) Ka sekai, ela tlhoko tiragalo eno e e tlhalosiwang ke moaposetoloi Johane. Re bala jaana: “Ya re [Jesu] a feta a bona monna mongwe yo o neng a foufetse fa e sa le a tsholwa.” Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba bona monna yono mme ba ne ba mo tsaya e le moleofi. Ba ne ba botsa jaana: “Ke mang yo o leofileng, monna yono kgotsa batsadi ba gagwe?” Baagelani ba monna yono ba ne ba bona monna yono mme bone ba ne ba iponela mokopi fela. Ba ne ba re: “Yono ke monna yo o neng a tle a nne mme a kope, a ga go jalo?” Le fa go ntse jalo, Jesu ene o ne a bona monna wa sefofu yo o neng a itlhokela thuso. O ne a bua le monna yono wa sefofu mme a mo fodisa.—Johane 9:1-8.

Tiragalo eno e go bolelela eng ka mogopolo wa ga Keresete? Sa ntlha, Jesu o ne a sa tlhokomologe batho ba maemo a a kwa tlase, mme go na le moo, o ne a ba bontsha kutlwelobotlhoko. Sa bobedi, o ne a tsaya kgato ya ntlha go thusa ba bangwe. A o ipona o kgona go latela sekao seno se se tlhomilweng ke Jesu? A o leba batho ka tsela e Jesu a neng a ba leba ka yone, ka go ba naya thuso e ba e tlhokang go tokafatsa matshelo a bone le go dira gore ba nne le tsholofelo ka isagwe? Kana a o na le mokgwa wa go rata batho ba ba tlhageletseng mme ba maemo a a kwa tlase bone o ba tlodise matlho? Fa e le gore o leba batho jaaka Jesu a ne a ba leba, ruri o dira sentle mo go lateleng sekai sa ga Jesu.—Pesalema 72:12-14.

Go Rata Dilo Tsa Bomodimo le Thapelo

Dipego tsa Diefangele di bontsha gore gantsi Jesu o ne a buisana le  Modimo ka thapelo. (Mareko 1:35; Luke 5:16; 22:41) Ka nako ya fa Jesu a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, ka metlha o ne a ipha nako ya go rapela. Morutwa Mathaio o ne a kwala jaana: “Ya re [Jesu] a sena go naya boidiidi tsela, a tlhatlogela kwa thabeng a le nosi go ya go rapela.” (Mathaio 14:23) Jesu o ne a nonotshiwa ke dinako tseo tse a neng a di dirisa a buisana le Rraagwe yo o kwa legodimong. (Mathaio 26:36-44) Gompieno, batho ba tota ba ratang dilo tsa bomodimo le bone ba ipha nako ya go buisana le Modimo, ba itse gore seo se tla nonotsha kamano ya bone le Mmopi mme gape se tla ba thusa gore ba nne le mogopolo wa ga Keresete.

Gantsi Jesu o ne a dirisa nako e ntsi a rapela. (Johane 17:1-26) Ka sekai, pele a tlhopha banna ba le 12 ba ba neng ba tla nna baaposetoloi ba gagwe, Jesu o ne “a tswela kwa thabeng go ya go rapela, mme a tswelela bosigo jotlhe a rapela Modimo.” (Luke 6:12) Batho ba tota ba ratang dilo tsa bomodimo ba latela sekao sa ga Keresete, le fa gone ba sa rapele bosigo jotlhe. Pele ba dira ditshwetso tse dikgolo mo matshelong a bone, ba ipha nako e e lekaneng ya go rapela Modimo ba batla kaelo ya moya o o boitshepo fa ba tlhopha dilo tse di tla tokafatsang tsela e ba ratang dilo tsa bomodimo ka yone.

Gape Jesu o ne a supa tlhoafalo fa a rapela, e leng sengwe se le rona re tshwanetseng go se etsa fa re rapela. Ela tlhoko se Luke a neng a se bega malebana le tsela e Jesu a neng a rapela ka yone bosigo jwa pele ga a tla bolawa. “Ya re a tsena mo botlhokong jo bo ngomolang pelo a tswelela go rapela ka tlhoafalo thata; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.” (Luke 22:44) Jesu o ne a tlhola a rapela ka tlhoafalo, mme mo lekgetlong leno, o ne a lebane le teko e e masisi go feta tsotlhe mo botshelong jwa gagwe jwa mo lefatsheng, mme o ne a rapela ka “tlhoafalo thata”—mme thapelo ya gagwe e ne ya arabiwa. (Bahebera 5:7) Batho ba tota ba ratang dilo tsa bomodimo ba latela sekao sa ga Jesu. Fa ba lebane le diteko tse di masisi, ba rapela Modimo ka “tlhoafalo thata” gore a ba neye moya o o boitshepo, kaelo le gore a ba nonotshe.

E re ka Jesu a ne a rapela thata, ga go gakgamatse go bo barutwa ba gagwe ba ne ba batla go mo etsa mo kgannyeng eno. Ka gone ba ne ba mmotsa jaana: “Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone.” (Luke 11:1) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, batho ba ba ratang dilo tsa bomodimo mme ba batla go kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo ba latela sekai sa ga Jesu mo tseleng e ba rapelang Modimo ka yone. Go rata dilo tsa bomodimo ka tsela e e tshwanetseng go tsamaisana le go rapela.

Go Rata Dilo Tsa Bomodimo le go Rera Dikgang Tse di Molemo

Mo Efangeleng ya ga Mareko, re fitlhela pego e mo go yone Jesu a fodisang batho ba le bantsi ba ba lwalang, a dira jalo go fitlha bosigogare. Ka makuku a letsatsi le le latelang, fa a ntse a le nosi a rapela, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tla kwa go ene mme ba mmolelela gore batho ba le bantsi ba a mmatla, gongwe ba batla go fodisiwa. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “A re yeng golo gongwe go sele, mo metsanasetoropong e e fa gautshwane, gore ke tle ke rere le koo.” Mme Jesu o ne a ba tlhalosetsa lebaka la seo: “Gonne ke tletse jone boikaelelo jono.” (Mareko 1:32-38; Luke 4:43) Le fa go fodisa batho go ne go le botlhokwa mo go Jesu, thomo ya gagwe ya konokono e ne e le go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Mareko 1:14, 15.

Gompieno, go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo e sa ntse e le lengwe la matshwao a batho bao ba nang le mogopolo wa ga Keresete ba bonwang ka one. Jesu o ne a laela batho botlhe ba ba batlang go nna balatedi ba  gagwe jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Gape Jesu o ne a bolelelapele a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) E re ka Lefoko la Modimo le bontsha gore tiro ya go rera e fitlhelelwa ka maatla a moya o o boitshepo, go nna le seabe ka botlalo mo tirong eo ke lengwe la matshwao a gore tota motho o rata dilo tsa bomodimo.—Ditiro 1:8.

Go rerela batho lefatshe ka bophara ka Bogosi ke tiro e e tlhokang go pataganelwa ke batho ba le dimilionemilione. (Johane 17:20, 21) Ba ba nang le seabe mo tirong eno ga ba a tshwanela fela go rata dilo tsa bomodimo mme gape ba tshwanetse ba bo ba ithulagantse sentle lefatshe ka bophara. A o itse batho ba ba latelang dikgato tsa ga Keresete mme ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi go dikologa lefatshe?

A Wena o Dira Dilo Tseno?

Ke boammaaruri gore go na le dilo dingwe tse motho yo tota a ratang dilo tsa bomodimo a bonalang ka tsone, mme a wena o dira tse re setseng re tlotlile ka tsone? Gore o tle o itse, ipotse jaana: ‘A ke bala Lefoko la Modimo Baebele ka metlha le go tlhatlhanya ka se ke se balang? A ke supa maungo a moya mo botshelong jwa me? A ke monna kana mosadi yo o tlhoafaletseng thapelo? A ke batla go ikamanya le batho ba ba dirang tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe?’

Go itshekatsheka jalo ka boikanyegi go tla go thusa gore o bone gore o rata dilo tsa bomodimo go le kae. Re go rotloetsa gore o tseye dikgato tseno tse di tlhokegang gone jaanong gore o tle o nne le “botshelo le kagiso.”—Baroma 8:6; Mathaio 7:13, 14; 2 Petere 1:5-11.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

MATSHWAO A A SUPANG GO RATA DILO TSA BOMODIMO

◆ Go rata Lefoko la Modimo

◆ Go nna le maungo a moya

◆ Go rapela Modimo go tswa pelong ka metlha

◆ Go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Baebele e go thusa gore o itse “mogopolo wa ga Keresete”