Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla ‘Nna o Tsamaya ka Moya’?

A o Tla ‘Nna o Tsamaya ka Moya’?

 A o Tla ‘Nna o Tsamaya ka Moya’?

“Nnang lo tsamaye ka moya mme ga lo na go diragatsa keletso epe ya senama ka gope.”—BAGALATIA 5:16.

1. Tlhobaelo ya gore motho a ka tswa a leofetse moya e ka fedisiwa jang?

GO NA le tsela ya go fedisa tlhobaelo ya gore o ka tswa o leofetse moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Ke ka go dira se moaposetoloi Paulo a neng a se bolela a re: “Nnang lo tsamaye ka moya mme ga lo na go diragatsa keletso epe ya senama ka gope.” (Bagalatia 5:16) Fa re letla moya wa Modimo o re kaela, ga re kitla re fekeediwa ke dikeletso tse di sa siamang tsa senama.—Baroma 8:2-10.

2, 3. Fa re nna re tsamaya ka moya, seo se tla re ama jang?

2 Fa re ‘ntse re tsamaya ka moya,’ maatla a a dirang a Modimo a tla re rotloetsa gore re ikobele Jehofa. Re tla etsa dinonofo tsa Modimo fa re le mo bodireding jwa rona, mo phuthegong, mo gae le mo mafelong a mangwe. Leungo la moya le tla bonala fa re dirisana le molekane wa rona wa lenyalo, bana ba rona, badumedi ka rona le ba bangwe.

3 Go ‘tshela malebana le moya go ya ka pono ya Modimo’ go re thusa go bakela boleo. (1 Petere 4:1-6) Fa re tlhotlhelediwa ke moya, ruri re ka se dire boleo jo bo sa itshwarelweng. Mme gone re tla amega ka ditsela dife tse dingwe tse di mosola fa re nna re tsamaya ka moya?

Nna o Atamalane le Modimo le Keresete

4, 5. Go tsamaya ka moya go ama jang tsela e re lebang Jesu ka yone?

4 E re ka re tsamaya ka moya o o boitshepo, re kgona go nna re na le kamano e e gaufi le Modimo le Morwawe. Paulo o ne a bolelela badumedi ka ene ba kwa Korintha jaana fa a ne a kwala ka ga dimpho tsa moya: “Ke ne ke tla dira gore [lona ba lo kileng lwa bo lo obamela medingwana] lo itse gore ga go na ope yo fa a bua ka moya wa Modimo a reng: ‘Jesu o hutsitswe!’ e bile ga go na ope yo o ka reng: ‘Jesu ke Morena!’ fa e se ka moya o o boitshepo.” (1 Bakorintha 12:1-3) Moya ope o o tlhotlheletsang batho gore ba hutse Jesu o tshwanetse wa bo o tswa kwa go Satane Diabolo. Mme rona Bakeresete ba ba tsamayang ka moya o o boitshepo, re tlhomamisa gore Jehofa o tsositse Jesu mo baswing mme a mo dira mogolo go feta popo yotlhe e nngwe. (Bafilipi 2:5-11) Re na le tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete sa thekololo mme re amogela Jesu gore ke Morena yo o tlhomilweng ke Modimo go re okamela.

5 Batho bangwe ba ba neng ba ipitsa Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba ganetsa gore Jesu o kile a tla e le motho wa nama. (2 Johane 7-11) Go amogela pono eo ya maaka go ne ga dira gore bangwe ba ganetse dithuto tsa boammaaruri kaga Jesu, Mesia. (Mareko 1:9-11; Johane 1:1, 14) Go tsamaya ka moya o o boitshepo go re thibela gore re se ka ra wela mo botlhanoging jo bo ntseng jalo. Mme fa re nna re thantse semoyeng, ke gone fela re ka tswelelang pele re ipelela bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang mme ra ‘tswelela re tsamaya mo boammaaruring.’ (3 Johane 3, 4) Ka jalo a re ititeyeng sehuba gore re gane botlhanogi jotlhe gore re kgone go nna re na le kamano e e gaufiufi le Rraarona yo o kwa legodimong.

6. Moya wa Modimo o dira gore batho ba ba tsamayang ka one ba nne le dinonofo dife?

6 Paulo o ne a umaka botlhanogi jwa go boela mo kobamelong ya medingwana le makoko fa a ne a bua ka “ditiro tsa nama” tse di jaaka kgokafalo le boitshwaro jo bo repileng. Mme o ne a tlhalosa a re: “Ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama mmogo le dikgotelo tsa yone le dikeletso. Fa e le gore re tshela ka moya, a re tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo ka moya.” (Bagalatia 5:19-21, 24, 25) Maatla a Modimo a a dirang a dira  gore batho ba ba tshelang ka moya e bile ba tsamaya ka one ba nne le dinonofo dife? Paulo o ne a kwala a re: “Maungo a moya ke lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagalatia 5:22, 23) A re sekasekeng dikarolo tseno tsa leungo la moya.

“Re Ratane”

7. Lorato ke eng, mme mangwe a matshwao a lone ke afe?

7 Lorato—karolo nngwe ya leungo la moya—gantsi lo akaretsa go amega thata ka bopelotshweu ka ba bangwe le go nna le kamano e e gaufi le bone. Dikwalo di a re, “Modimo ke lorato” ka gonne ke ene sekao se segolo mo go bontsheng nonofo eno. Lorato lo logolo lwa Modimo le Morwawe ka batho lo bontshiwa ke setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (1 Johane 4:8; Johane 3:16; 15:13; Baroma 5:8) Rona balatedi ba ga Jesu, re bonala ka lorato lo re ratanang ka lone. (Johane 13:34, 35) E bile tota, re laelwa gore “re ratane.” (1 Johane 3:23) Mme Paulo a re lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela. Lorato ga lo gakatsege e bile ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Lo ipela le boammaaruri, e seng tshiamololo. Lorato lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, e bile lo itshokela dilo tsotlhe. Mo godimo ga tsotlhe, ga lo ke lo fela.—1 Bakorintha 13:4-8.

8. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bontsha lorato mo go bao re obamelang Jehofa mmogo le bone?

8 Fa re letla moya wa Modimo o dira gore re nne le lorato, nonofo eo e tla nna e le teng mo ditirisanong tsa rona le Modimo mmogo le baagelani ba rona. (Mathaio 22:37-39) Moaposetoloi Johane o ne a kwala a re: “Yo o sa rateng o ntse mo losong. Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolai, mme lo a itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.” (1 Johane 3:14, 15) Mmolai o ne a ka sirelediwa mo motseng wa Iseraele wa botshabelo fela fa a sa tlhoa motho yo a mmolaileng. (Duteronome 19:4, 11-13) Fa re etelelwa pele ke moya o o boitshepo, re tla bontsha gore re rata Modimo, badumedi ka rona le ba bangwe.

“Boipelo Jwa ga Jehofa ke Kago ya Lona e e Thata”

9, 10. Boipelo ke eng, mme mabaka mangwe a a re ipedisang ke afe?

9 Boipelo ke seemo sa go itumela thata. Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11; Pesalema 104:31) Morwa o ipelela go dira thato ya ga Rraagwe. (Pesalema 40:8; Bahebera 10:7-9) Mme “boipelo jwa ga Jehofa ke kago ya [rona] e e thata.”—Nehemia 8:10.

10 Boipelo jo bo tswang kwa Modimong bo dira gore re kgotsofalele go dira thato ya Modimo tota le ka dinako tsa mathata, mahutsana kgotsa pogiso. A bo “e e leng kitso ya Modimo” e re itumedisa jang ne! (Diane 2:1-5) Re na le kamano e e itumetseng le Modimo ka gonne re na le kitso ya boammaaruri e bile re dumela mo go ene le mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. (1 Johane 2:1, 2) Se sengwe se se re itumedisang ke go nna karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo e leng jone fela jwa boammaaruri. (Sefania 3:9; Hagai 2:7) Tsholofelo ya rona ya Bogosi le tshiamelo e kgolo ya go bolela dikgang tse di molemo e re tlisetsa boipelo. (Mathaio 6:9, 10; 24:14) Mme tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng le yone e a re ipedisa. (Johane 17:3) E re ka re na le tsholofelo e e molemo jalo, re tshwanetse go ‘ipela fela thata.’—Duteronome 16:15.

Nna Kagiso le Pelotelele

11, 12. (a) O ka tlhalosa kagiso jang? (b) Kagiso ya bomodimo e re ama jang?

11 Kagiso—karolo e nngwe ya leungo la moya—ke seemo sa go ritibala le go se nne le matshwenyego. Rraarona yo o kwa legodimong ke Modimo wa kagiso, mme o re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa ka boene o tla segofatsa batho ba gagwe ka kagiso.” (Pesalema 29:11; 1 Bakorintha 14:33) Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lo tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me.” (Johane 14:27) Seo se ne se tla thusa balatedi ba gagwe jang?

12 Kagiso e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe e ne ya ba ritibatsa dipelo le megopolo ya ba ya kokobetsa ditlhobaelo tsa bone. Ba ne ba nna le kagiso segolobogolo fa ba ne ba amogela moya o o boitshepo o ba neng ba o solofeditswe. (Johane 14:26) Ka ntlha ya tlhotlheletso ya moya le go arabelwa  ga dithapelo tsa rona gompieno, re na le “kagiso ya Modimo,” e e sa tshwaneng le epe, e e re ritibatsang pelo le mogopolo. (Bafilipi 4:6, 7) Mo godimo ga moo, moya wa ga Jehofa o re thusa gore re ritibale mme re nne mo kagisong le badumedi ka rona le batho ba bangwe.—Baroma 12:18; 1 Bathesalonika 5:13.

13, 14. Bopelotelele ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bo bontsha?

13 Bopelotelele bo amana le go nna kagiso, ka gonne ke go itshoka le fa o rumolwa kgotsa o direlwa phoso mme o na le tsholofelo ya gore seemo se tla tokafala. Modimo o pelotelele. (Baroma 9:22-24) Jesu le ene o bontsha nonofo eno. Re ka e amogela ka gonne Paulo o ne a kwala a re: “Lebaka la go bo ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko e ne e le gore go dirisiwa nna jaaka sekao se se kwa pelepele, Keresete Jesu a bontshe go itshwara ka bopelotelele gotlhe e le sekao sa ba ba tlileng go dumela mo go ene gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.”—1 Timotheo 1:16.

14 Nonofo ya bopelotelele e re thusa go itshoka fa ba bangwe ba bua kgotsa ba dira dilo tse di utlwisang botlhoko kgotsa tsa go sa akanyetse. Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ka ene a re: “Nnang pelotelele mo go botlhe.” (1 Bathesalonika 5:14) E re ka rotlhe re sa itekanela e bile re dira diphoso, ruri re ka rata fa batho ba bangwe ba le pelotelele le rona, ba re itshokela le fa re ba direla diphoso. Ka jalo, a re lekeng gore re “itshware ka bopelotelele ka boipelo.”—Bakolosa 1:9-12.

Bontsha Bopelonomi le Bomolemo

15. Tlhalosa bopelonomi, mme o bolele dikai tsa jone.

15 Bopelonomi bo bonala fa re bontsha go amega ka ba bangwe ka go ba buisa le go dirisana le bone ka botsalano le ka bopelontle. Jehofa o pelonomi, Morwawe le ene fela jalo. (Baroma 2:4; 2 Bakorintha 10:1) Go lebeletswe gore batlhanka ba Modimo le Keresete ba nne pelonomi. (Mika 6:8; Bakolosa 3:12) Tota le bangwe ba ba neng ba se na kamano e e molemo le Modimo ba ile ba bontsha “bopelonomi jo bo sa tlwaelegang.” (Ditiro 27:3; 28:2) Ka jalo he, go a utlwala gore re ka kgona go bontsha bopelonomi fa re ‘nna re tsamaya ka moya.’

16. Mangwe a maemo a a tshwanetseng a re tlhotlheletsa go bontsha bopelonomi ke afe?

 16 Re ka bontsha bopelonomi tota le fa re na le lebaka la go galefa ka gonne mongwe a re buisitse ka mafoko a a utlwisang botlhoko kgotsa a re tshwere ka tsela e e sa bontsheng go re akanyetsa. Paulo o ne a re: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka. . . . Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.” (Baefeso 4:26, 27, 32) Go a tshwanela go bontsha bopelonomi bogolo jang re bo bontsha batho ba ba mo ditekong. Gone ke boammaaruri gore mogolwane wa Mokeresete o tla bo a sa bontshe bopelonomi fa a sa neye mongwe kgakololo ya Dikwalo e le fela gore a se ka a mo utlwisa botlhoko mme go bonala sentle gore o mo kotsing ya go latlha tsela ya “molemo le tshiamo le boammaaruri.”—Baefeso 5:9.

17, 18. Go nna molemo go tlhalosiwa jang, mme nonofo eno e tshwanetse ya nna le seabe sefe mo botshelong jwa rona?

17 Go nna molemo ke go siama, go nna le maitsholo a a siameng kgotsa go nna motho yo o molemo. Modimo o molemo ka tsela e e feletseng. (Pesalema 25:8; Sekarea 9:17) Jesu o siame mme o na le maitsholo a a molemolemo. Le fa go ntse jalo, o ne a sa dumele go bidiwa ka sereto sa “Molemo” fa batho ba ne ba mmitsa “Moruti yo o Molemo.” (Mareko 10:17, 18) Go bonala lebaka e ne e le ka gonne a ne a bona gore Modimo ke sekao se segolo sa bomolemo.

18 Bokgoni jwa rona jwa go dira molemo bo kgorelediwa ke boleo jo re bo ruileng. (Baroma 5:12) Le fa go ntse jalo, re ka bontsha nonofo eno fa re rapela gore Modimo a re ‘rute se se molemo.’ (Pesalema 119:66) Paulo o ne a bolelela badumedi ka ene ba kwa Roma a re: “Le nna ka bonna ke tlhomamisega ka lona, bakaulengwe ba me, gore le lona ka bolona lo tletse ka se se molemo, e re ka lo tladitswe ka kitso yotlhe.” (Baroma 15:14) Molebedi wa Mokeresete o tshwanetse a nna “morati wa se se molemo.” (Tito 1:7, 8) Fa re etelelwa pele ke moya wa Modimo, re tla itsege ka go nna molemo, mme Jehofa o tla ‘re gakologelwa ka ntlha ya molemo o re o dirang.’—Nehemia 5:19; 13:31.

‘Tumelo E e Se Nang Boitimokanyo’

19. Tlhalosa tumelo, go ya ka Bahebera 11:1.

19 Tumelo—e le yone e leng karolo ya leungo la moya—“ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Fa re na le tumelo, re tlhomamisega gore sengwe le sengwe se Jehofa a se solofeditseng ruri se tla direga. Bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa dilo tsa mmatota tse di sa bonweng bo nonofile thata jaana mo e leng gore ga twe tumelo e tshwana le bosupi joo. Ka sekai, go nna gone ga dilo tse di bopilweng go re tlhatswa pelo gore go na le Mmopi. Re tla bontsha mofuta oo wa tumelo fa re nna re tsamaya ka moya.

20. ‘Boleo jo bo re rareetsang motlhofo’ ke eng, mme re ka bo tila jang jone le ditiro tsa nama?

 20 Go se nne le tumelo ke “boleo jo bo re rareetsang motlhofo.” (Bahebera 12:1) Re tshwanetse go ikaega ka moya wa Modimo gore re tile ditiro tsa nama, go rata dilo tse di bonalang le dithuto tsa maaka tse di ka koafatsang tumelo. (Bakolosa 2:8; 1 Timotheo 6:9, 10; 2 Timotheo 4:3-5) Moya wa Modimo o dira gore batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno ba nne le tumelo e e tshwanang le ya basupi ba pele ga motlha wa Bokeresete le ba bangwe ba go kwadilweng ka bone mo Baebeleng. (Bahebera 11:2-40) Mme ‘tumelo ya rona e e se nang boitimokanyo’ e ka nonotsha tumelo ya ba bangwe.—1 Timotheo 1:5; Bahebera 13:7.

Bontsha Bonolo le Boikgapo

21, 22. Bonolo bo tlhalosiwa jang, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bo bontsha?

21 Bonolo ke go nna pelonomi mo maikutlong le mo boitshwarong. Nngwe ya dinonofo tsa Modimo ke go dira dilo ka bonolo. Re itse seo ka gonne, Jesu, yo o neng a dira dilo ka bonolo, o ne a bontsha botho jwa ga Jehofa ka botlalo. (Mathaio 11:28-30; Johane 1:18; 5:19) Mme ke eng se go lebeletsweng gore rona batlhanka ba Modimo re se dire?

22 Rona Bakeresete re tshwanetse go ‘bontsha bonolo mo bathong botlhe.’ (Tito 3:2) Re bontsha bonolo mo bodireding jwa rona. Ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba gakololwa gore ba kgaleme Mokeresete yo o dirileng phoso, ba dira jalo “ka moya o o bonolo.” (Bagalatia 6:1) Rotlhe re ka thusa gore go nne le kutlwano ya Bokeresete le kagiso ka go bontsha “mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le ka bonolo.” (Baefeso 4:1-3) Re ka bontsha bonolo fa re tsamaya ka moya ka dinako tsotlhe e bile re le boikgapo.

23, 24. Boikgapo ke eng, mme bo re thusa jang?

23 Boikgapo bo re thusa gore re laole dikakanyo tsa rona, dipuo tsa rona le ditiro tsa rona. Jehofa o ‘ne a nna a ikgapa’ fa a dirisana le Bababelona ba ba neng ba kgakgabaditse Jerusalema. (Isaia 42:14) Morwawe o ne ‘a re tlogelela sekao’ ka go bontsha boikgapo fa a ne a boga. Mme moaposetoloi Petere o ne a gakolola Bakeresete ka ene gore ‘mo kitsong ya bone ba tsenye boikgapo.’—2 Petere 2:21-23; 1:5-8.

24 Bagolwane ba Bakeresete ba lebeletswe gore ba nne boikgapo. (Tito 1:7, 8) Totatota, batho botlhe ba ba gogwang ke moya o o boitshepo ba ka bontsha boikgapo mme ka jalo ba tile boitsholo jo bo sa siamang, puo ya matlhapa kgotsa sepe se sengwe se se ka felelang ka gore ba se ka ba amogelwa ke Jehofa. Fa re letla moya wa Modimo o re thusa go nna boikgapo, batho ba bangwe ba tla bo bona mo puong le mo boitshwarong jwa rona jo bo siameng.

Tswelela o Tsamaye ka Moya

25, 26. Go tsamaya ka moya go tla ama jang tsela e re dirisanang ka yone le batho gone jaanong le mo isagweng?

25 Fa re tsamaya ka moya, re tla nna baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi. (Ditiro 18:24-26) Re tla nna batho ba go leng monate go dirisana le bone, mme segolobogolo batho ba ba ratang Modimo ba tla itumelela go dirisana le rona. Fa re le batho ba ba kaelwang ke moya o o boitshepo, gape re tla kgona go kgothatsa semoyeng ba bangwe ba re obamelang Jehofa mmogo le bone. (Bafilipi 2:1-4) A seo ga se sone se Bakeresete botlhe ba batlang go se dira?

26 Mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane, ga go motlhofo go tsamaya ka moya. (1 Johane 5:19) Le fa go ntse jalo, batho ba le dimilionemilione ba dira jalo gompieno. Fa re ikanya Jehofa ka pelo yotlhe ya rona, re tla ipelela botshelo gone jaanong mme re tla kgona go tswelela re tsamaya ka bosakhutleng mo ditseleng tsa tshiamo tsa Monei yo o lorato wa moya o o boitshepo.—Pesalema 128:1; Diane 3:5, 6.

O Araba Jang?

• Go ‘tsamaya ka moya’ go ama kamano ya rona le Modimo le Morwawe jang?

• Leungo la moya o o boitshepo le na le dinonofo dife?

• Dingwe tsa ditsela tse re ka bontshang leungo la moya wa Modimo ka tsone ke dife?

• Go tsamaya ka moya go ama jang botshelo jwa rona jwa gone jaanong le jwa mo isagweng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o re rotloetsa go rata badumedi ka rona

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bontsha bopelonomi ka mafoko le ka ditiro tse di siameng