Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang lo Fenye Bosula ka Molemo”

“Nnang lo Fenye Bosula ka Molemo”

 “Nnang lo Fenye Bosula ka Molemo”

“Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”—BAROMA 12:21.

1. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore re ka fenya bosula?

A GO ka kgonega gore re eme re nitame kgatlhanong le bao ba ganetsang kobamelo ya boammaaruri ka bogale? A re ka kgona go fenya batho ba ba re tlhotlheletsang ba leka go re busetsa mo lefatsheng le le bosula? Karabo ya dipotso tseo ka bobedi ke ee! Ke eng fa re rialo? Ka ntlha ya mafoko a moaposetoloi Paulo a a bolelang mo lekwalong le a le kwaletseng Baroma. O kwala jaana: “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Baroma 12:21) Fa re ikanya Jehofa e bile re ititeile sehuba gore re se ka ra letla lefatshe le re fenya, bosula jwa lone bo ka se ka jwa re fenya. Mo godimo ga moo, polelwana e e reng “lo fenye bosula ka molemo” e bontsha gore re ka fenya bosula fa re tswelela pele re bo lwantsha. Ba ba repisang, ba tlogela go lwa, ke bone fela ba tla fenngwang ke lefatshe leno le le boikepo le mmusi wa lone yo o bosula, Satane Diabolo.—1 Johane 5:19.

2. Ke ka ntlha yang fa re tla sekaseka ditiragalo dingwe tsa botshelo jwa ga Nehemia?

2 Dingwaga di ka nna 500 pele ga motlha wa ga Paulo, motlhanka mongwe wa Modimo yo o neng a nna kwa Jerusalema o ne a bontsha boammaaruri jwa mafoko a ga Paulo kaga go lwantsha bosula. Monna yoo wa Modimo, Nehemia, ga a ka a emelana le kganetso ya batho ba ba bosula fela, mme gape o ne a fenya bosula ka molemo. O ne a lebana le maemo afe a a boima? Ke eng se se neng sa dira gore a kgone go atlega? Re ka etsa sekao sa gagwe jang? Re tla araba dipotso tseo ka go sekaseka ditiragalo dingwe tsa botshelo jwa ga Nehemia. *

3. Nehemia o ne a tshela botshelo jo bo ntseng jang, mme o ne a dira tiro efe e kgolo?

3 Nehemia o ne a direla kwa ntlong ya segosi ya ga Kgosi Aretaserese wa kwa Peresia. Le fa Nehemia a ne a nna mo gare ga batho ba ba sa dumeleng, ga a ka a “bopega jaaka” ‘tsamaiso ya dilo’ ya metlha eo. (Baroma 12:2) Fa a ne a tlhokwa kwa Juda, o ne a tlogela botshelo jwa gagwe jwa manobonobo, a tsaya loeto lo lo bokete lwa go ya kwa Jerusalema, mme a simolola tiro e kgolo ya go aga lobota lwa motse sesha. (Baroma  12:1) Le fa Nehemia e ne e le mmusi kwa Jerusalema, o ne a bereka ka thata letsatsi le letsatsi le Baiseraele ka ene “go tloga fa bo sa go fitlha dinaledi di tswa.” Seo se ne sa felela ka gore, mo dikgweding tse pedi fela kago e bo e weditswe! (Nehemia 4:21; 6:15) Ba ne ba dirile tiro e e gakgamatsang ka gonne fa tiro ya go aga e ntse e tsweletse, Baiseraele ba ne ba lebana le mefuta e e farologaneng ya kganetso. Baganetsi ba ga Nehemia e ne e le bomang, mme mokgele wa bone e ne e le ofe?

4. Baganetsi ba ga Nehemia ba ne ba batla go dira eng?

4 Baganetsi ba gagwe ba bagolo e ne e le Sanabalate, Tobia le Geshema, banna ba maemo ba ba neng ba nna gaufi le Juda. E re ka e ne e le baba ba batho ba Modimo, “mo go bone ga lebega e le selo se se bosula thata gore [Nehemia] o ne a tlile go batlela bomorwa Iseraele sengwe se se molemo.” (Nehemia 2:10, 19) Baba ba ga Nehemia ba ne ba ikemiseditse go emisa dithulaganyo tsa gagwe tsa go aga, e bile ba dirisa maano a a bosula. A Nehemia o ne a tla ‘itetla gore a fenngwe ke bosula’?

“A Galefa A ba A Kgopisega Thata”

5, 6. (a) Baba ba ga Nehemia ba ne ba itshwara jang fa tiro ya go aga e tswelela pele? (b) Ke ka ntlha yang fa Nehemia a ne a sa tshosiwe ke baganetsi?

5 Nehemia o ne a kgothatsa batho ba gagabo jaana ka bopelokgale: “Tlang re ageng lobota lwa Jerusalema sesha.” Ba ne ba araba ba re: “Re tla nanoga, mme re age.” Nehemia a re: “Ba nonotsha diatla tsa bone go dira tiro e e molemo,” mme baganetsi “ba simolola go re sotla le go re leba ka lenyatso ba re: ‘Ke eng selo seno se lo se dirang? A lo tsuologela kgosi?’” Nehemia o ne a sa tshosiwe ke ditshotlo tsa bone le ditatofatso tsa bone tsa maaka. O ne a raya baganetsi bao a re: “Modimo wa magodimo ke Ene yo o tla re atlegisang, mme rona, batlhanka ba gagwe, re tla nanoga, mme re age.” (Nehemia 2:17-20) Nehemia o ne a ititeile sehuba gore a tswelele pele ka “tiro e e molemo.”

6 Mongwe wa baganetsi bao, Sanabalate, o ne “a galefa a ba a kgopisega thata” mme dipuo tsa gagwe tsa galefa le go feta. O ne a sotla a re: “Bajuda ba ba bokoa bano ba dirang? . . . A ba tla tshedisa maje go tswa mo mekoeng ya matlakala a a lorole?” Tobia le ene o ne a simolola go sotla, a re: “Fa phokoje a ne a ka se palama, ruri o ne a tla thuba lobota lwa bone lwa maje.” (Nehemia 4:1-3) Nehemia o ne a itshwara jang?

7. Nehemia o ne a itshwara jang fa baganetsi ba gagwe ba mo latofatsa?

7 Nehemia o ne a itlhokomolosa tshotlo eo fela. O ne a latela taelo ya Modimo mme a se ka a leka go ipusolosetsa. (Lefitiko 19:18) Mo boemong jwa moo, o ne a tlogela kgang mo diatleng tsa ga Jehofa mme a rapela a re: “Utlwa, wena Modimo wa rona, gonne re fetogile ba ba nyadiwang; mme o busetse kgobo ya bone mo tlhogong ya bone.” (Nehemia 4:4) Nehemia o ne a ikanya mafoko ano a ga Jehofa: “Pusoloso ke ya me, le tefetso.” (Duteronome 32:35) Mo godimo ga moo, Nehemia le batho ba gagwe ‘ba nna ba aga lobota.’ Ga ba a ka ba itetla gore ba iteege tsebe. E bile tota, “lobota lotlhe lwa kopana mo bogareng jwa bogodimo jwa lone, mme batho ba tswelela go nna le pelo ya go dira.” (Nehemia 4:6) Baba ba kobamelo ya boammaaruri ba ne ba paletswe ke go emisa tiro ya go aga! Re ka etsa Nehemia jang?

8. (a) Re ka etsa Nehemia jang fa baganetsi ba re latofatsa ka maaka? (b) Anela maitemogelo a o nnileng le one kgotsa a o a utlwaletseng a a bontshang botlhale jwa go sa ipusolosetse.

8 Gompieno, baganetsi kwa sekolong, kwa tirong kgotsa le eleng mo gae ba ka nna ba re sotla kgotsa ba re latofatsa ka dilo dingwe. Le fa go ntse jalo, gantsi ditatofatso tseo tsa maaka di ka rarabololwa sentle ka go dirisa molaomotheo ono wa Dikwalo: “[Go na le] nako ya go didimala.” (Moreri 3:1, 7) Ka gone, fela jaaka Nehemia, re tila go ipusolosetsa ka mafoko a a botlhoko. (Baroma 12:17) Re ya kwa Modimong ka thapelo, re ikanya ene yo o re tlhomamisetsang a re: “Ke tla duela.” (Baroma 12:19; 1 Petere 2:19, 20) Ka tsela eo, ga re letle batho ba ba re ganetsang ba re faposa mo tirong e e tshwanetseng go dirwa gompieno ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Nako le nako fa re nna le seabe mo tirong ya go rera e bile re sa itetle go faposiwa ke baganetsi, re bontsha moya wa boikanyegi o o tshwanang le o o neng wa bontshiwa ke Nehemia.

 ‘Ruri re Tla lo Bolaya’

9. Baba ba ga Nehemia ba ne ba tlisa kganetso e e ntseng jang, mme Nehemia o ne a arabela jang?

9 Fa baganetsi ba kobamelo ya boammaaruri mo motlheng wa ga Nehemia ba ne ba utlwa gore “go baakanngwa ga dipota tsa Jerusalema go ne go tsweletse pele,” ba ne ba tsaya ditšhaka tsa bone ba tla “go tlhabana le Jerusalema.” Bajuda ba ne ba ipona ba gaeletswe. Kwa bokone go ne go na le Basamarea, kwa botlhaba go na le Baamona, kwa borwa go na le Baarabea mme kwa bophirima e le Baashedoda. Jerusalema o ne a dikaganyeditswe; baagi ba ne ba lebega ba se na kgoro ya botso! Ba ne ba tla dirang? Nehemia a re: “Ra rapela Modimo wa rona.” Baba ba ne ba ba tshosetsa jaana: “Ruri re tla ba bolaya re bo re emisa tiro.” Nehemia o ne a arabela ka go naya baagi tiro ya go sireletsa motse “ba tshotse ditšhaka tsa bone, marumo a bone le mara a bone.” Ke boammaaruri, fa re leba kgang eno ka tsela e batho ba ka e lebang ka yone, setlhotshwana sa Bajuda se ne se ka se kgone go fenya mephato eno e e boitshegang ya baba, mme Nehemia o ne a ba rotloetsa jaana: “Lo se ka lwa boifa . . . Nnang lo gopotse Jehofa yo mogolo le yo o boitshegang.”—Nehemia 4:7-9, 11, 13, 14.

10. (a) Ke eng se se neng sa dira gore baba ba ga Nehemia ba fetole dilo ka ponyo ya leitlho? (b) Nehemia o ne a tsaya dikgato dife?

10 Jaanong dilo di ne tsa fetoga ka ponyo ya leitlho. Baba ba ne ba tlogela go tlhola ba tlhasela. Ka ntlha yang? Nehemia o bega gore, “Modimo wa boammaaruri o ne a kgoreleditse maikaelelo a bone.” Le fa go ntse jalo, Nehemia o ne a bona gore baba bano ba ne ba sa ntse ba le kotsi. Ka jalo, o ne a dirisa botlhale mme a fetola mokgwa o baagi ba neng ba dira ka one. Go tloga foo go ya pele, “mongwe le mongwe wa bone o ne a le matlhagatlhaga mo tirong ka seatla se le sengwe fa seatla se sengwe se ne se tshwere sebetsa se se konopiwang.” Gape Nehemia o ne a tlhoma monna yo o neng a tla “letsa lonaka” go tlhagisa baagi fa baba ba ka tlhasela. Sa botlhokwa le go feta, Nehemia o ne a tlhomamisetsa batho jaana: “Modimo wa rona o tla re lwela.” (Nehemia 4:15-20) Baagi ba ne ba tswelela pele ba bereka, ba kgothatsegile e bile ba iketleeditse go emelana le tlhaselo epe. Re ka ithuta dilo dife mo pegong eno?

11. Ke eng se se dirang gore Bakeresete ba boammaaruri ba kgone go emelana le bosula mo dinageng tse tiro ya go rera ka Bogosi e thibetsweng kwa go tsone, mme ba fenya bosula ka molemo jang?

11 Ka dinako tse dingwe, Bakeresete ba boammaaruri ba lebana le kganetso e e botlhoko. E bile tota, kwa dinageng dingwe baganetsi ba ba bogale ba kobamelo ya boammaaruri ba ipopile go nna jaaka e kete ke sesole se se maatla sa baba. Fa re leba kgang eno ka tsela e batho ba ka e lebang ka yone, badumedi ka rona ba ba mo dinageng tseo ga ba na kgoro ya botso. Le fa go ntse jalo, Basupi bao ba tlhomamisegile gore ‘Modimo o tla ba lwela.’ Ee ruri, gangwe le gape batho ba ba bogisediwang se ba se dumelang ba ile ba lemoga gore Jehofa o araba dithapelo tsa bone e bile o ‘kgoreletsa maikaelelo’ a baba ba ba maatla. Tota le kwa dinageng tse tiro ya go rera ka Bogosi e thibetsweng kwa go tsone, Bakeresete ba bona ditsela tsa go tswelela pele ba ntse ba rera dikgang tse di molemo. Fela jaaka baagi ba kwa  Jerusalema ba ile ba fetola tsela e ba berekang ka yone, le Basupi ba ga Jehofa gompieno ba dira ka botlhale gore ba fetole mekgwa e ba rerang ka yone fa ba tlhaselwa. Gone ke boammaaruri, ga ba dirise dibetsa tsa senama. (2 Bakorintha 10:4) Tota le matshosetsi a go tlhaselwa ga a dire gore ba emise tiro ya bone ya go rera. (1 Petere 4:16) Mo boemong jwa moo, bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ba pelokgale ba ‘nna ba fenya bosula ka molemo.’

‘Tla, Mma re Kopane’

12, 13. (a) Baganetsi ba ga Nehemia ba ne ba dirisa leano lefe? (b) Ke ka ntlha yang fa Nehemia a ile a gana fa baganetsi ba ne ba re a ba kgatlhantshe?

12 Fa baba ba ga Nehemia ba sena go lemoga gore go tlhasela ga bone ka tlhamalalo go iteile se fololetse, ba ne ba simolola mekgwa e e bofitlha ya kganetso. E bile tota, ba ne ba leka maano a mararo. E ne e le afe ao?

13 La ntlha, baba ba ga Nehemia ba ne ba leka go mo tsietsa. Ba ne ba mo raya ba re: “A ko o tle, mma re kopane ka nako e e beelanweng mo metseng ya lebala la mokgatšha wa Ono.” Motse wa Ono o ne o le fa gare ga Jerusalema le Samarea. Ka jalo baba ba ne ba akantsha Nehemia gore a ba kgatlhantshe felo gongwe fa gare ga metse eno gore ba rarabolole dikgotlhang. Nehemia o ka bo a ile a akanya a re: ‘Go lebega go utlwala. Go botoka go bua go na le go lwa.’ Mme Nehemia o ne a gana. O ne a tlhalosa lebaka la gagwe la go gana jaana: “Ba ne ba loga leano la go nkgobatsa.” O ne a kgona go lemoga leano la bone mme a se ka a tsiediwa. O ne a raya baganetsi ba gagwe jaana makgetlho a le manè: “Ga ke kgone go fologa. Ke ka ntlha yang fa tiro e tshwanetse go ema fa ke e tlogela mme ke fologela kwa go lona?” Maiteko a baba a go leka go dira gore Nehemia a ineele a ne a palelwa. O ne a nna a tsepamisitse matlho mo tirong ya go aga.—Nehemia 6:1-4.

14. Nehemia o ne a itshwara jang fa batho ba mo latofatsa ka maaka?

14 La bobedi, baba ba ga Nehemia ba ne ba simolola go anamisa dipuo tsa maaka ba latofatsa Nehemia ka gore o “loga leano la go tsuologa” kgatlhanong le Kgosi Aretaserese. Nehemia o ne a boa a tewa ga twe: ‘Tla, mme re gakololane mmogo.’ Le fano gape Nehemia o ne a gana, ka gonne o ne a lemoga maikaelelo a baba ba gagwe. Nehemia o ne a tlhalosa jaana: “Botlhe ba ne ba leka go re boifisa, ba re: ‘Diatla tsa bone di tla repa mo tirong mo eleng gore ga e na go dirwa.’” Mme fano gone Nehemia o ne a araba ditatofatso tsa baba ba gagwe, a re: “Ga go a dirwa dilo dipe tse di tshwanang le tse o di buang, mme o di akanya go tswa mo pelong ya gago.” Mo godimo ga moo, Nehemia o ne a leba kwa go Jehofa gore a mo eme nokeng, a rapela jaana: “Nonotsha diatla tsa me.” O ne a ikanya gore ka thuso ya ga Jehofa o ne a tla kgona go phutlhamisa leano leno le le bosula mme a tswelele pele le tiro ya go aga.—Nehemia 6:5-9.

15. Moporofeti mongwe wa maaka o ne a naya kgakololo efe, mme ke ka ntlha yang fa Nehemia a ile a se ka a amogela kgakololo eo?

15 La boraro, baba ba ga Nehemia ba ne ba dirisa moeki, Shemaia wa Moiseraele, go leka go dira gore Nehemia a robe Molao wa Modimo. Shemaia o ne a raya Nehemia a re: “A re kopane ka nako e re e beelaneng kwa ntlong ya Modimo wa boammaaruri, mo teng ga tempele, mme a re tswale dikgoro tsa tempele; gonne ba tla tsena ba tla go go bolaya, le bosigo ba tla tsena ba tla go go bolaya.” Shemaia o ne a bolelela Nehemia gore o tla tloga a bolawa mme a re o ne a ka iphalotsa ka go iphitlha mo tempeleng. Le fa go ntse jalo, Nehemia e ne e se moperesiti. O ne a ka leofa fa a ka iphitlha mo ntlong ya Modimo. A o ne a tla roba Molao wa Modimo a leka go iphalotsa? Nehemia o ne a araba a re: “Ke mang yo o tshwanang le nna yo o ka tsenang mo tempeleng mme a tshela? Ga ke na go tsena!” Ke ka ntlha yang fa Nehemia a sa ka a wela mo seraing se a neng a se thaetswe? Ka gonne o ne a itse gore le fa Shemaia e ne e le Moiseraele ka ene, “o ne a sa rongwa ke Modimo.” Aitsane, moporofeti wa boammaaruri o ne a ka se mo gakolole gore a robe Molao wa Modimo. Le fano gape, Nehemia ga a ka a itetla gore a fenngwe ke baganetsi ba ba bosula. Nakwana fela morago ga moo, o ne a ka araba a re: “Lobota lwa wediwa mo letsatsing la bomasome a mabedi le botlhano la Elule, mo malatsing a le masome a matlhano le bobedi.”—Nehemia 6:10-15; Dipalo 1:51; 18:7.

16. (a) Re tshwanetse ra dirisana jang le batho ba ba itirang e kete ke ditsala tsa rona, balatofatsi ba maaka le bakaulengwe ba e seng bone? (b) O bontsha jang gore ga o batle go ineela go tlhanogela se o se dumelang, kwa gae, kwa sekolong kgotsa kwa tirong?

 16 Fela jaaka Nehemia, le rona re ka ganediwa ke batho ba ba itirang e kete ke ditsala tsa rona, balatofatsi ba maaka, le bakaulengwe ba e seng bone. Batho bangwe ba ka nna ba re laletsa gore re ba kgatlhantshe ka gore re ineele go dira dilo dingwe. Ba ka nna ba leka go re tlhomamisetsa gore fa re fokotsa tlhoafalo e re direlang Jehofa ka yone go se kae, re ka kgona go fitlhelela le mekgele ya lefatshe. Le fa go ntse jalo, e re ka Bogosi jwa Modimo bo tla pele mo matshelong a rona, ga re batle go ineela. (Mathaio 6:33; Luke 9:57-62) Gape baganetsi ba anamisa ditatofatso tsa maaka ka rona. Mo dinageng dingwe re latofadiwa ka gore re kotsi mo Pusong, fela jaaka Nehemia a ne a latofadiwa ka gore o tsuologela kgosi. Go ile ga kgonega gore ditatofatso dingwe di tshololwe kwa dikgotlatshekelong. Mme le fa ditlamorago e ka nna dife mo maemong a a farologaneng, re rapela ka tlhoafalo gore Jehofa a kaele dilo go ya ka thato ya gagwe. (Bafilipi 1:7) Re ka ganediwa le ke bao ba itirang e kete ba direla Jehofa. Fela jaaka mongwe yo le ene e neng e le Mojuda jaaka Nehemia a ne a leka go tlhotlheletsa Nehemia gore a robe Molao wa Modimo gore a iphalotse, batlhanogi ba e kileng ya bo e le Basupi ba ka nna ba leka go re tlhotlheletsa gore re ineele ka tsela nngwe. Le fa go ntse jalo, ga re dirisane le batlhanogi ka gonne re itse gore re ka se iphalotse ka go roba melao ya Modimo, mme re ka iphalotsa ka go e ikobela! (1 Johane 4:1) Ee, re ka fenya mofuta ope fela wa bosula ka thuso ya ga Jehofa.

Go Bolela Dikgang Tse di Molemo Le fa Re Lebane le Bosula

17, 18. (a) Satane le baemedi ba gagwe ba leka go dira eng? (b) O ititeile sehuba go dira eng, mme ka ntlha yang?

17 Lefoko la Modimo le bolela jaana malebana le bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng: “Ba ne ba mo fenya [Satane] ka ntlha ya . . . lefoko la go neela bosupi ga bone.” (Tshenolo 12:11) Ka jalo, go fenya Satane—motswedi wa bosula—go amana thata le go rera molaetsa wa Bogosi. Ke sone se Satane a tlhaselang masalela a batlodiwa mmogo le “boidiidi jo bogolo” ka go ba bakela kganetso a sa kgaotse!—Tshenolo 7:9; 12:17.

18 Jaaka fa re setse re bone, kganetso e ka tla e le ditshotlo tsa mafoko kgotsa go tshosediwa ka gore re tla tlhaselwa kgotsa ka ditsela tse dingwe tse di bofitlha. Mme gone, mokgele wa ga Satane ga o fetoge—ke go emisa tiro ya go rera. Le fa go ntse jalo, o tla palelwa tota ka gonne batho ba Modimo fela jaaka Nehemia wa bogologolo ba ititeile sehuba gore ba tla ‘nna ba fenya bosula ka molemo.’ Ba tla dira jalo ka go tswelela pele ba rera dikgang tse di molemo go fitlha Jehofa a re tiro e weditswe!—Mareko 13:10; Baroma 8:31; Bafilipi 1:27, 28.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 E le gore o bone kafa seemo se neng se le ka teng ka nako ya ditiragalo tseo, bala Nehemia 1:1-4; 2:1-6, 9-20; 4:1-23; 6:1-15.

A o A Gakologelwa?

• Batlhanka ba Modimo ba ne ba lebana le kganetso efe mo nakong e e fetileng mme Bakeresete gompieno ba lebana le kganetso efe?

• Boikaelelo jo bogolo jwa baba ba ga Nehemia e ne e le bofe, mme boikaelelo jwa baba ba Modimo ke bofe gompieno?

• Rona gompieno re ka dira jang gore re nne re fenye bosula ka molemo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]

Dithuto Tse re di Fitlhelang mo Bukeng ya Nehemia

Batlhanka ba Modimo

• ba a sotliwa

• ba a tshosediwa

• ba a tsiediwa

Thaelo e ka tla ka

• batho ba ba itirang ditsala tsa rona

• balatofatsi ba maaka

• bakaulengwe ba e seng bone

Batlhanka ba Modimo ba fenya bosula ka

• go tshwarelela mo tirong e ba e neilweng ke Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Nehemia le badiri ka ene ba ne ba aga lobota lwa Jerusalema sesha le fa ba ne ba ganediwa botlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bakeresete ba boammaaruri ba rera dikgang tse di molemo ba se na poifo