Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I

KE NGWAGA wa 613 B.C.E. Moporofeti Jeremia o kwa Juda, o itsise batho ka tshenyego e e tlang ya Jerusalema le go swafadiwa ga naga ya Juda a sa boife. Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o setse a isitse Bajuda ba le bantsi kwa botshwarwa. Gareng ga bone go na le Daniele yo mmotlana le balekane ba gagwe ba bararo, ba ba direlang kwa ntlong ya segosi ya Bakaladia. Bontsi jwa batshwarwa ba Bajuda bo gaufi le noka ya Kebare mo “lefatsheng la Bakaladia.” (Esekiele 1:1-3) Jehofa ga a tlogele batshwarwa bao ba se na morongwa. O tlhoma Esekiele wa dingwaga di le 30 go nna moporofeti.

Buka ya Esekiele e e akaretsang ditiragalo tse di diragetseng ka dingwaga di le 22, e ne ya wediwa ka 591 B.C.E. Esekiele o kelotlhoko tota fa a kwala. O bega matlha a dipolelelopele tsa gagwe, a umaka tota le letsatsi le kgwedi mmogo le ngwaga ka tlhamalalo. Karolo ya ntlha ya molaetsa wa ga Esekiele e bua thata ka go wa le go senngwa ga Jerusalema. Karolo ya bobedi e bua ka dikatlholo tse ditšhaba tse di dikologileng Juda di tla atlholwang ka tsone, mme karolo ya bofelo e bua ka go tsosolosiwa ga kobamelo ya ga Jehofa. Setlhogo seno se sekaseka dintlhakgolo go tswa mo go Esekiele 1:1–24:27, e e akaretsang diponatshegelo, dipolelelopele le dipontsho tse di tshwantshetsang se se tla diragalelang Jerusalema.

“KE GO DIRILE MOLEBELEDI”

(Esekiele 1:1–19:14)

Esekiele o amogela thomo ya gagwe fa a sena go bontshiwa ponatshegelo e e boitshegang ya setulo sa bogosi sa ga Jehofa. Jehofa o mo raya a re: “Ke go dirile molebeledi wa ntlo ya Iseraele, mme o utlwe puo mo molomong wa me mme o ba neye tlhagiso e e tswang mo go nna.” (Esekiele 3:17) Esekiele o laelwa gore a dire dipontsho tse pedi go bolelelapele go dikaganyediwa ga Jerusalema le kafa seo se tlileng go e ama ka teng. Fa Jehofa a bua ka naga ya Juda, o bua jaana a dirisa Esekiele: “Bonang! Ke lo tlisetsa tšhaka, mme ruri ke tla senya mafelo a lona a a kwa godimo.” (Esekiele 6:3) O bolelela baagi ba naga eo a re: “Serwalo sa dithunya (sa masetlapelo) se tla tla mo go wena.”—Esekiele 7:7.

Ka 612 B.C.E., Esekiele o ya kwa Jerusalema a le mo ponatshegelong. A bo a bona dilo tse di makgapha jang ne di direga mo tempeleng ya Modimo! Fa Jehofa a romela mephato ya gagwe ya selegodimo e e diragatsang katlholo (e e emetsweng ke “banna ba barataro”) go bontsha kafa a galefetseng batlhanogi ka teng, go tla bolokwa fela ba ba nang le ‘letshwao mo diphatleng.’ (Esekiele 9:2-6) Sa ntlha, “magala a molelo”—molaetsa o o bogale wa Modimo wa tshenyo—a tshwanetse go gasiwa mo motseng otlhe. (Esekiele 10:2) ‘Fa Jehofa a tla bo a tlisa tsela ya baikepi mo tlhogong ya bone,’ o solofetsa go phutha ba ba gasameng ba Iseraele.—Esekiele 11:17-21.

Moya wa Modimo o busetsa Esekiele kwa Kaladia. Pontsho eo e e tshwantshetsang se se tla diragalang e senola go tshaba ga ga Kgosi Sedekia le batho go tswa kwa Jerusalema. Baporofeti ba maaka ba banna le ba basadi ba a kgalwa. Baobamedi ba medingwana ba a nyadiwa. Juda o tshwantshiwa le mofine o o se nang mosola. Thamalakane e e kaga ntsu ya mofine e bontsha diphelelo tse di botlhoko tsa Jerusalema ka go bo e batlile thuso kwa Egepeto. Thamalakane eno e konela ka tsholofetso ya gore ‘Jehofa o tla tlhoma sesha kalana e e nana mo thabeng e e kwa godimo.’ (Esekiele 17:22) Le fa go ntse jalo, kwa Juda go ka se ka ga nna le “lore lwa go busa.”—Esekiele 19:14.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:4-28—Koloi ya selegodimo e tshwantshetsa eng? Koloi e emela karolo ya kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa e e dirilweng ka dibopiwa tse di ikanyegang tsa moya. Motswedi wa yone  wa maatla ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Mokgweetsi wa koloi, yo o tshwantshetsang Jehofa, o galalela ka tsela e e ka se kang ya tlhalosiwa. Tsela e a ritibetseng ka yone e tshwantshediwa ke motshe wa godimo o montle.

1:5-11—Dibopiwa tse nnè tse di tshelang ke bomang? Mo ponatshegelong ya ga Esekiele ya bobedi ya koloi, o tlhalosa dibopiwa tse nnè tse di tshelang e le ditšheruba. (Esekiele 10:1-11; 11:22) Moragonyana mo tlhalosong eno, a re sefatlhego sa poo ke “sefatlhego sa tšheruba.” (Esekiele 10:14) Seno se a tshwanela ka gonne poo ke letshwao la maatla le nonofo mme ditšheruba ke dibopiwa tse di maatla tsa moya.

2:6—Ke ka ntlha yang fa Esekiele a bidiwa “morwa motho” gangwe le gape? Jehofa o bitsa Esekiele ka tsela eno go gopotsa moporofeti yono gore ke motho wa nama le madi, ka jalo o gatelela pharologano e kgolo e e leng gone fa gare ga morongwa wa motho le Modimo e bong Mosimolodi wa molaetsa. Jesu Keresete o bidiwa ka leina le le tshwanang ka makgetlo a le 80 mo Diefangeleng, e leng se se bontshang sentle gore morwa Modimo o tlile mo lefatsheng e le motho wa nama e seng motho wa moya yo o ikapesitseng mmele wa nama.

2:9–3:3—Ke ka ntlha yang fa momeno wa dipina tsa khutsafalo le selelo sa khutsafalo di ne di le botshe mo go Esekiele? Se se dirileng gore momeno o nne botshe mo go Esekiele ke tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka thomo ya gagwe. Esekiele o ne a anaanela tiro ya gagwe ya go nna moporofeti wa ga Jehofa.

4:1-17—A totatota Esekiele o ne a dira pontsho e e tshwantshetsang go dikaganyediwa ga Jerusalema go go neng go atamela? Kgang ya go bo Esekiele a ile a kopa Jehofa gore a fetole dilo tse a gotsang molemo ka tsone mme Jehofa a bo a mo letla go dira jaaka a kopile e bontsha gore eleruri moporofeti yono o ile a dira pontsho eo e e tshwantshetsang tiragalo eo. Go robala ka letlhakore la molema go ne go emela dingwaga di le 390 tsa diphoso tsa bogosi jwa ditso di le lesome—go tloga fa e sale bo simologa ka 997 B.C.E. go fitlha ka 607 B.C.E. fa Jerusalema e senngwa. Go robala ka letlhakore la moja go ne go emela dingwaga di le 40 tsa boleo jwa Juda, go simolola ka nako ya fa Jeremia a tlhomiwa go nna moporofeti ka 647 B.C.E. go fitlha ka 607 B.C.E. Esekiele o ne a tshela ka metsi le dijonyana di se kae fela mo nakong eo yotlhe ya malatsi a le 430, e leng se ka tsela ya boporofeti se neng se supa gore go ne go tla nna le leuba fa Jerusalema e dikaganyediwa.

5:1-3—Go ne go kaya eng fa Esekiele a ne a tsaya meriri e le mmalwa go tswa mo karolong e a neng a tshwanetse go e gasamisetsa mo phefong a bo a e phuthela ka ntlha ya seaparo sa gagwe? Seno se ne se bontsha gore masalela a ne a tla boela kwa Juda mme a tsosolose kobamelo ya boammaaruri morago ga gore motse o swafale ka dingwaga di le 70.—Esekiele 11:17-20.

17:1-24—Bontsu ba babedi ba batona ke bomang, matlhogela a mannye a mosedara a kgetlwa jang, mme gone ke mang “yo o nana” yo o tlhomilweng sesha ke Jehofa? Bontsu ba babedi ba emela babusi ba Babelona le Egepeto. Ntsu ya ntlha e tla kwa setlhoeng sa setlhare sa mosedara, ke go re, kwa mmusing wa bogosi wa losika lwa segosi lwa ga Dafide. Ntsu eno e kgetla matlhogela a mannye a a kwa godimo ka go baya Sedekia mo boemong jwa ga Kgosi Jehoiakine wa Juda. Le mororo Sedekia a ne a dirile maikano a gore o tla ikanyega, o batla thuso ya ntsu e nngwe, e bong mmusi wa  Egepeto, le fa go ntse jalo ga a atlege. O tla isiwa botshwarwa mme o tla swela kwa Babelona. Gape Jehofa o kgetla “yo o nana” e bong Kgosi ya Bomesia. Ene yono o tlhomiwa sesha mo “thabeng e e kwa godimo e e tsholetsegileng,” mo Thabeng ya Siona ya selegodimo, koo a tla nnang “mosedara o mogolo thata,” e le motswedi wa mmatota wa tshegofatso ya lefatshe—Tshenolo 14:1.

Se re Ithutang sone:

2:6-8; 3:8, 9, 18-21. Ga re a tshwanela go tshosiwa ke baikepi le fa e le go ithiba go bolela molaetsa wa Modimo o o akaretsang go ba tlhagisa. Fa re sa tshwarwe sentle kgotsa re ganediwa, re tshwanetse go nna re nonofile. Le fa go ntse jalo re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra nna pelo e thata, re sa amege ka batho kgotsa ra nna setlhogo. Jesu o ne a tlhomogela batho ba a neng a ba rerela pelo, le rona re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko go rerela ba bangwe.—Mathaio 9:36.

3:15. Fa Esekiele a sena go amogela thomo ya gagwe, o nna kwa Tele-abibe, ‘a gamaregile malatsi a le supa,’ a akanya ka molaetsa o a neng a tshwanetseng go o bolela. A le rona ga re a tshwanela go ipha nako ya go ithuta ka tlhoafalo le go tlhatlhanya gore re tlhaloganye dilo tse di boteng tsa semoya?

4:1–5:4. Go ne go tlhoka Esekiele boikokobetso le bopelokgale go dira dipontsho tse pedi tsa boporofeti. Le rona re tshwanetse go nna boikokobetso le go nna pelokgale fa re dira kabelo le fa e le efe e re e neilweng ke Modimo.

7:4, 9; 8:18; 9:5, 10. Ga re a tshwanela go utlwela botlhoko kgotsa go tlhomogela pelo batho ba ba newang katlholo e e botlhoko ya Modimo.

7:19. Fa Jehofa a diragatsa katlholo ya gagwe mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo, madi a tla bo a se mosola ka gope.

8:5-18. Botlhanogi bo senya kamano ya motho le Modimo. “Yo e leng motlhanogi o senya mongwe ka ene ka molomo wa gagwe.” (Diane 11:9) Re tla bo re le botlhale fa re tila batlhanogi tota le e leng kgopolo fela ya go ba reetsa.

9:3-6. Go nna le letshwao—bosupi jwa gore re batlhanka ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng ba Modimo le gore re na le botho jwa Bokeresete—go botlhokwa gore re falole “pitlagano e kgolo.” (Mathaio 24:21) Bakeresete ba batlodiwa, ba ba emelwang ke monna wa kurwana ya enke ya mokwaledi, ba etelela pele mo tirong ya go tshwaya, ke go re, tiro ya go rera ka bogosi le go dira barutwa. Fa e le gore re batla go ipoloka re na le letshwao la rona, re tshwanetse go ba thusa ka matlhagatlhaga mo tirong eno.

12:26-28. Le e leng mo go ba ba neng ba sotla molaetsa wa gagwe, Esekiele o ne a tla re: “Ga go kitla go tlhola go busediwa morago ka ga mafoko ape a [Jehofa].” Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa ba bangwe go tshepa Jehofa pele a fedisa tsamaiso eno ya dilo.

14:12-23. Ke boikarabelo jwa rona ka namana gore re bone poloko. Ga go ope o sele yo o ka re direlang seno.—Baroma 14:12.

18:1-29. Re ikarabelela ka ditlamorago tsa ditiro tsa rona.

“KE TLA O DIRA TSHENYO, TSHENYO, TSHENYO”

(Esekiele 20:1–24:27)

Ka 611 B.C.E., ngwaga wa bosupa wa botshwarwa, ba bagolwane ba Iseraele ba tla kwa go Esekiele “go botsa mo go Jehofa.” Ba utlwa ka fa Baiseraele ba ileng ba nna ba tsuologa ka teng e bile ba tlhagisiwa gore ‘Jehofa o tla ntsha tšhaka ya gagwe’ kgatlhanong le bone. (Esekiele 20:1; 21:3) Jehofa o bolelela kgosana ya Iseraele (Sedekia) a re: “Tlosa sethathelela tlhogo, o tsholetse serwalo. Ga go kitla go tshwana. Se se kwa tlase se beye kwa godimo, mme yo o kwa godimo o mo kokobetse. Ke tla o dira tshenyo, tshenyo, tshenyo. Fa e le ka seno le sone, ruri ga e kitla e nna sa ga ope go fitlhela go tla yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong [Jesu Keresete], mme ke tla mo se naya.”—Esekiele 21:26, 27.

Jerusalema o bonwa molato. Molato wa ga Ohola (Iseraele) le wa ga Oholiba (Juda) o a senolwa. Ohola o setse a “tsentswe mo seatleng sa ba ba mo ratang ka lorato lo lo tukang, mo seatleng sa bomorwa Asiria.” (Esekiele 23:9) Go senngwa ga ga Oholiba go atametse. Ka 609 B.C.E., go dikaganyediwa ga Jerusalema ga dikgwedi di le 18 go a simologa. Fa la bofelo motse o wa, Bajuda ba tla gamarega thata mo ba ka se kgoneng  go tlhalosa khutsafalo ya bone. Esekiele ga a tshwanela go bolelela batshwarwa molaetsa wa Modimo go fitlhela “motho yo o falotseng” a mmegela ka go senngwa ga motse.—Esekiele 24:26, 27.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

21:3—“Tšhaka” e Jehofa a e ntshang mo kgatleng ya yone ke eng? “Tšhaka” e Jehofa a e dirisang go diragatsa katlholo ya gagwe mo go Jerusalema le Juda e itshupa e le kgosi ya Babelona Nebukadenesare le masole a gagwe. Gape e ka akaretsa le karolo ya kwa legodimong ya phuthego ya Modimo ya dibopiwa tse di maatla tsa moya.

24:6-14—Ruse ya pitsa e e apeelang e emela eng? Jerusalema e e dikaganyeditsweng e tshwantshiwa le pitsa e e apeelang e e atlhameng. Ruse ya yone e tshwantshetsa boitsholo jo bo maswe le jo bo repileng jwa motse le tshololo ya one ya madi. Boitshekologo jwa one bo bogolo thata mo e leng gore go bewa ga pitsa e e lolea e emisitswe mo magaleng a yone gore e nne mogote, go palelwa ke go tlosa ruse.

Se re Ithutang Sone:

20:1, 49. Tsela e banna ba bagolo ba Iseraele ba arabelang ka yone e bontsha gore ba ne ba na le dipelaelo ka se Esekiele a neng a se bua. A le ka motlha re se nne le boikutlo jwa go belaela ditlhagiso tsa Modimo.

21:18-22. Le fa Nebukadenesare a ile a dirisa boitseanape, ke Jehofa yo o neng a tlhomamisa gore mmusi yono wa moheitane o tla tlhasela Jerusalema. Seno se bontsha gore tota le madimona a ka se thibele baemedi ba ga Jehofa ba ba diragatsang katlholo go diragatsa maikaelelo a gagwe.

22:6-16. Jehofa o tlhoile motho yo o senyang ba bangwe maina, boitshwaro jo bo repileng, go se dirise taolo ka tsela e e siameng le go tsaya pipamolomo. Re tshwanetse go nna re nitame mo boikemisetsong jwa rona jwa go tila ditiro tseno tse diphoso.

23:5-49. Go dira dikgolagano tsa sepolotiki go dirile gore Iseraele le Juda di dirise kobamelo ya maaka ya ditšhaba tse di neng di itirile seoposengwe le tsone. A re itiseng gore re se itsalanye le lefatshe le le ka senyang tumelo ya rona.—Jakobe 4:4.

Molaetsa o o Tshelang e Bile o Naya Maatla

A bo re ithuta thuto e e molemo jang ne go tswa mo dikgaolong tsa ntlha di le 24 tsa buka ya Esekiele! Melaometheo e go builweng ka yone moo e bontsha se se ka dirang gore Modimo a se ka a re amogela, gore re ka bona kutlwelobotlhoko ya gagwe jang, le gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhagisa baikepi. Boporofeti jo bo malebana le go senngwa ga Jerusalema bo senola Jehofa e le Modimo yo o ‘dirang gore batho ba gagwe ba itse dilo tse disha pele ga di simolola go tlhaga.’—Isaia 42:9.

Boporofeti jo bo jaaka jo bo begilweng mo go Esekiele 17:22-24 le 21:26, 27 bo tlhalosa go tlhongwa ga Bogosi jwa Bomesia kwa legodimong. Go ise go ye kae puso eo e tla dira gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Re ka lebelela ditshegofatso tsa Bogosi ka tumelo e e nonofileng e bile re tlhatswegile pelo. Ee, “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—Bahebera 4:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Koloi ya selegodimo e tshwantshetsa eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera go re thusa go ipoloka re na le “letshwao” la rona