Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Tsaya go le Botlhokwa Gore o Nne Kutlo

Jehofa o Tsaya go le Botlhokwa Gore o Nne Kutlo

 Jehofa o Tsaya go le Botlhokwa Gore o Nne Kutlo

“Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me.”—DIANE 27:11.

1. Ke moya ofe o o anameng mo setšhabeng gompieno?

LEFATSHE gompieno le tletse ka moya wa boitaolo le go tlhoka kutlo. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa lebaka la seo mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Efeso: “Nako nngwe lo [ne] lo tsamaya . . . go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno, go ya ka mmusi wa taolo ya moya, moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” (Baefeso 2:1, 2) Ee, re ka re Satane Diabolo, “mmusi wa taolo ya moya,” o tshwaeditse lefatshe lotlhe ka moya wa boitaolo. O ne a dira jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme o ntse a dira jalo thata fa e sa le a kobiwa kwa legodimong mo e ka nnang ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I.—Tshenolo 12:9.

2, 3. Ke mabaka afe a re nang le one a go ikobela Jehofa?

2 Le fa go ntse jalo, jaaka Bakeresete, re itse gore Jehofa Modimo o tshwanelwa ke gore re mo ikobele go tswa pelong ka gonne ke ene Mmopi wa rona, Motlamedi wa botshelo jwa rona, ke Molaodimogolo yo o lorato, le Mogolodi wa rona. (Pesalema 148:5, 6; Ditiro 4:24; Bakolosa 1:13; Tshenolo 4:11) Baiseraele ba motlha wa ga Moshe ba ne ba itse gore Jehofa e ne e le ene Moneibotshelo wa bone le Mogolodi wa bone. Ka jalo, Moshe o ne a ba bolelela a re: “Lo tlhokomele go dira fela jaaka Jehofa Modimo wa lona a lo laetse.” (Duteronome 5:32) Ee, Jehofa o ne a tshwanelwa ke gore ba mo utlwe. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ba ne ba kgaotsa go utlwa Molaodimogolo wa bone.

3 Go botlhokwa go le kana kang gore re utlwe Mmopi wa lobopo? Modimo o kile a dira gore moporofeti Samuele a reye Kgosi Saulo a re: “Go utlwa go botoka go na le setlhabelo.” (1 Samuele 15:22, 23) Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?

Kafa Kutlo e Leng “Botoka Go na Le Setlhabelo” ka Teng

4. Re ka naya Jehofa sengwe ka tsela efe?

4 E re ka Jehofa e le ene Mmopi, tota ke ene mong wa dithoto tsotlhe tse re nang le tsone. Fa go le jalo, a go na le sepe se re ka se mo fang? Ee, re ka mo naya sengwe se se botlhokwatlhokwa. Ke eng seo? Re ka bona karabo ya potso  eo mo kgakololong e e latelang: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) Re ka naya Modimo kutlo. Le fa re tshela mo maemong a a farologaneng e bile re godile ka ditsela tse di sa tshwaneng, fa re le kutlo, mongwe le mongwe wa rona a ka araba tatofatso e e bosula ya ga Satane Diabolo ya gore batho ba ka se ka ba nna ba ikanyega mo Modimong fa ba lebane le diteko. A tshiamelo e kgolo jang ne!

5. Go tlhoka kutlo go ama Mmopi jang? Tshwantsha.

5 Modimo o kgatlhegela ditshwetso tse re di dirang. Fa re sa mo ikobele, seo se a mo ama. Jang? O utlwisiwa botlhoko ke go bona motho ope a tsaya tsela eo e e seng botlhale. (Pesalema 78:40, 41) A re re motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri o ne a tlogela go ja ka tsela e e neng e tla mo solegela molemo e a e laetsweng ke ngaka mme a nnela go ja dijo tse di sa mo siamelang. Ngaka ya gagwe e e amegang ka ene e ne e tla ikutlwa jang? Re ka tlhomamisega gore Jehofa o utlwa botlhoko fa batho ba sa mo ikobele, ka gonne o itse ditlamorago tsa go tlhokomologa ditsela tse a di beileng tsa botshelo.

6. Ke eng se se tla re thusang gore re utlwe Modimo?

6 Ke eng se se tla thusang mongwe le mongwe wa rona gore a nne kutlo? Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go kopa Modimo gore a mo neye “pelo e e utlwang” fela jaaka Kgosi Solomone a ne a dira. O ne a kopa pelo e e ntseng jalo gore a tle a “lemoge molemo le bosula” gore a atlhole bangwe ka ene ba Baiseraele. (1 Dikgosi 3:9) Re tlhoka go nna le “pelo e e utlwang” gore re kgone go lemoga molemo le bosula mo lefatsheng leno le le tletseng moya wa botlhokakutlo. Modimo o re neile Lefoko la gagwe, dibuka tse di re thusang go ithuta Baebele, dipokano tsa Bokeresete, le bagolwane ba phuthego ba ba amegang ka rona gore re kgone go nna le “pelo e e utlwang.” A re dirisa dithulaganyo tseno tse di lorato ka botlalo?

7. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a gatelela botlhokwa jwa go nna kutlo go feta go ntsha ditlhabelo?

7 Mo ntlheng eno, gopola gore mo nakong e e fetileng Jehofa o ne a bolelela batho ba gagwe ba bogologolo gore go utlwa go ne go le botlhokwa go feta le tsone ditlhabelo tsa diphologolo tota. (Diane 21:3, 27; Hosea 6:6; Mathaio 12:7) Ke ka ntlha yang fa go ne go ntse jalo ntswa Jehofa e ne e le ene a laetseng batho ba gagwe gore ba ntshe ditlhabelo tseo? Maitlhomo a motho yo o ntshang setlhabelo ke afe? A o dira jalo go ipedisa Modimo? A kgotsa o latela fela moetlo mongwe? Fa moobamedi ruri a eletsa go ipedisa Modimo, o tla ela tlhoko gore a utlwe melao yotlhe ya Modimo. Modimo ga a tlhoke ditlhabelo tsa diphologolo, mme go mo utlwa ke sengwe sa botlhokwa se re ka se mo nayang.

Sekai se se Nayang Tlhagiso

8. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a tlosa Saulo mo bogosing?

8 Pego e e mo Baebeleng ya ga Kgosi Saulo e gatelela botlhokwa jo bogolo jwa go nna kutlo. Saulo o simolotse e le mmusi yo o ikokobeditseng, yo o boingotlo, ‘a le monnye mo matlhong a gagwe.’ Mme fa nako e ntse e ya, boikgodiso le go baya mabaka a maaka go ne ga simolola go laola ditshwetso tsa gagwe. (1 Samuele 10:21, 22; 15:17) Ka lekgetlho lengwe, Saulo o ne a tshwanetse go ya go lebana le Bafilisitia kwa ntweng. Samuele o ne a bolelela kgosi gore e mo emele gore a tle go isetsa Jehofa ditlhabelo le go e naya ditaelo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, Samuele ga a ka a tla ka bonako jaaka a ne a lebeletswe, mme batho ba ne ba simolola go phatlalala. Fa Saulo a bona seo o ne a “isa setlhabelo se se fisiwang.” Seno ga se a ka sa itumedisa Jehofa. Fa kgabagare Samuele a goroga, kgosi e ne ya buelela botlhokakutlo jwa yone, e re ka gonne Samuele a ne a tlile go setse go le thari, o ne a “ipateletsa” gore a ise setlhabelo se se fisiwang gore a nolofatse Jehofa sefatlhego. Kgosi Saulo o ne a bona go ntsha setlhabelo go le botlhokwa thata go feta go ikobela taelo e a neng a e neilwe ya gore a lete Samuele gore a tle go ntsha setlhabelo seo. Samuele o ne a mo raya a re: “O dirile ka boeleele. Ga o a boloka taelo ya ga Jehofa Modimo wa gago e a e go laetseng.” Ka ntlha ya go sa  utlwe Jehofa, Saulo o ne a tlosiwa mo bogosing.—1 Samuele 10:8; 13:5-13.

9. Saulo o ne a supa jang gore o na le mokgwa wa go se utlwe Modimo?

9 A kgosi e ne ya ithuta sengwe mo tiragalong eno? Nnyaa! Moragonyana, Jehofa o ne a laela Saulo gore a senye setšhaba sa Baamaleke, se e neng e rile go le pele sa tlhasela Baiseraele kwantle ga lebaka. Saulo o ne a tshwanetse go bolaya le tsone diruiwa tsa bone tota. Gone o ne a utlwa Jehofa ka go “kgemetha Amaleke go tswa kwa Hafila go fitlha kwa Shure.” Fa Samuele a tla go kopana le kgosi, e ne e itumeletse phenyo mme ya re: “O segofaditswe ke Jehofa. Ke diragaditse lefoko la ga Jehofa.” Mme gone le fa Saulo le batho ba gagwe ba ne ba neilwe ditaelo tse di utlwalang sentle, ba ne ba falotsa Kgosi Agage le “tsotlhe tsa letsomane le motlhape le tse di nonneng le diphelefu le sotlhe se se neng se le molemo.” Kgosi Saulo o ne a buelela tsela ya gagwe ya botlhokakutlo a re: “Batho ba ne ba tlhomogela pelo tse di di gaisang tsotlhe tsa letsomane le tsa motlhape, ka boikaelelo jwa go isetsa Jehofa Modimo wa gago setlhabelo.”—1 Samuele 15:1-15.

10. Saulo ga a ka a ithuta thuto efe?

10 Foo Samuele o ne a raya Saulo a re: “A Jehofa o natefelwa ke ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo jaaka a natefelwa ke go utlwiwa ga lentswe la ga Jehofa? Bona! Go utlwa go botoka go na le setlhabelo, go tlhwaya tsebe go na le mafura a diphelefu.” (1 Samuele 15:22) E re ka Jehofa a ne a buile gore diphologolo tseo di ne di tshwanetse go senngwa, o ne a ka se ka a di amogela di ntshitswe setlhabelo.

Nna Kutlo mo Dilong Tsotlhe

11, 12. (a) Jehofa o leba jang maiteko a rona a go mo itumedisa fa re mo obamela? (b) Motho a ka itsietsa jang a akanya gore o dira thato ya Modimo mme tota a se kutlo?

11 A bo Jehofa a itumela jang fa a bona batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba tswelela pele ba nitame le fa ba bogisiwa, ba rera ka Bogosi le fa batho ba sa kgatlhegele molaetsa e bile ba ya dipokanong tsa Bokeresete le fa ba ikutlwa ba tshwanetse go dira ditiro tsa boitshediso! Go nna kutlo ga rona mo dilong tse di botlhokwa jalo tsa botshelo jwa rona jwa semoya go ipedisa pelo ya gagwe! Maiteko a re a dirang go obamela Jehofa a botlhokwa mo go ene fa a dirwa ka lorato. Batho ba ka tlhokomologa tiro ya rona e re e dirang ka natla, mme Modimo o amogela dimpho tsa rona tse re di dirang go tswa pelong e bile o a di gopola.—Mathaio 6:4.

12 Le fa go ntse jalo, fa re batla go itumedisa Modimo ka botlalo, re tshwanetse go nna kutlo mo botshelong jotlhe jwa rona. Le ka motlha ga re a tshwanela go itsietsa ka go akanya gore re ka roba melao ya Modimo mo dilong dingwe fa  fela re mo obamela mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo. Ka sekai, motho a ka itsietsa ka go akanya gore fa a dira dilo dingwe tsa kobamelo ka go ikgolola, a ka se ke a otlhaelwa go dira boaka kgotsa maleo a mangwe a a masisi. A bo seo e ka nna phoso e kgolo jang ne!—Bagalatia 6:7, 8.

13. Go nna kutlo ga rona go ka lekwa jang mo dilong tse di dirwang mo sephiring?

13 Ka jalo, re ka nna ra ipotsa jaana, ‘A ke ikobela Jehofa mo ditirong tsa me tsa letsatsi le letsatsi, tota le mo dikgannyeng tse go lebegang e le tsa botho?’ Jesu o ne a re: “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo, le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga a a siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) A re ‘tsamayatsamaya mo bothokgaming jwa pelo ya rona’ tota le ‘mo teng ga ntlo ya rona,’ kwa re sa bonweng ke batho teng? (Pesalema 101:2) Ee, le fa re ntse re le mo ntlong ya rona, boikanyegi jwa rona bo ka lekwa. Kwa dinageng tse dintsi tse go tlwaelegileng kwa go tsone gore batho ba nne le dikhomputara mo magaeng a bone, batho ba ka bona ditshwantsho tse di maswe motlhofo fela. Dingwaga di se kae tse di fetileng, motho o ne a ka bona ditshwantsho tse di ntseng jalo fela ka go ya kwa mafelong a boitlosobodutu jwa boitsholo jo bo sa siamang. A re tla nna kutlo mme re dirise mafoko ano a ga Jesu: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe”? Ee, a re tla gana le gone fela go leba ditshwantsho tsa boitsholo jo bo sa siamang? (Mathaio 5:28; Jobe 31:1, 9, 10; Pesalema 119:37; Diane 6:24, 25; Baefeso 5:3-5) Go tweng ka dithulaganyo tsa thelebishene tse di tletseng thubakanyo? A re dumalana le Modimo wa rona, yo moya wa gagwe ‘o tlhoileng ope fela yo o ratang thubakanyo’? (Pesalema 11:5) Kgotsa go tweng ka go dirisa bojalwa mo go feteletseng mo sephiring? Baebele e kgala botagwa, mme gape e tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba ineelela go nwa “beine e ntsi.”—Tito 2:3; Luke 21:34, 35; 1 Timotheo 3:3.

14. Re ka bontsha go ikobela Modimo ka ditsela dife mo dikgannyeng tsa madi?

14 Kgang e nngwe e re tshwanetseng go e ela tlhoko ke kgang ya madi. Ka sekai, a re ne re ka tsena mo thulaganyong ya go dira madi ka bonako mme tota e le thulaganyo e e tsietsang batho? A re raelesega go dirisa mekgwa e e seng kafa molaong go tila go duela lekgetho? Kgotsa a mo boemong jwa moo re nna kelotlhoko go ikobela taolo ya go “[naya] botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho”?—Baroma 13:7.

Go Nna Kutlo ka Ntlha ya Lorato

15. Ke ka ntlha yang fa o ikobela ditaelo tsa ga Jehofa?

15 Go ikobela melao ya Modimo go tlisa masego. Ka sekai, re ka tila go tsenwa ke malwetse mangwe fa re sa dirise motsoko, re na le boitsholo jo bo siameng e bile re tlotla boitshepo jwa madi. Mo godimo ga moo, fa re tshela go dumalana le boammaaruri jwa Baebele mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo, re ka solegelwa molemo mo go tsa ikonomi, tsa loago kgotsa tsa matshelo mo gae. (Isaia 48:17) Go a tshwanela gore melemo epe e e bonalang sentle e e ntseng jalo e ka lejwa e le masego a a supang gore melao ya Modimo e mosola. Le fa go ntse jalo, lebaka la konokono la go bo re ikobela Jehofa ke gore re a mo rata. Ga re direle Modimo ka gonne re ipatlela melemo mengwe. (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) Modimo o re neile kgololesego ya gore re tlhophe go ikobela le fa e le mang yo re mmatlang. Re tlhopha go ikobela Jehofa ka gonne re batla go mo itumedisa le ka gonne re batla go dira se se siameng.—Baroma 6:16, 17; 1 Johane 5:3.

16, 17. (a) Jesu o ne a bontsha jang go ikobela Modimo ka ntlha ya lorato lo lo tswang pelong? (b) Re ka etsa Jesu jang?

16 Jesu o tlhomile sekao se se itekanetseng sa go ikobela Jehofa ka ntlha ya lorato lo lo tswang pelong. (Johane 8:28, 29) Fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a “ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga.” (Bahebera 5:8, 9) Jang? Jesu o ne a “ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafilipi 2:7, 8) Le fa gone Jesu a ne a setse a nnile kutlo kwa legodimong, go nna kutlo ga gagwe  go ne ga lekwa gape fa a le mo lefatsheng. Re ka tlhomamisega gore Jesu o tshwanelega ka ditsela tsotlhe gore a ka direla e le Moperesiti yo Mogolo a direla bakaulengwe ba gagwe ba semoya mmogo le batho ba bangwe ba ba dumelang.—Bahebera 4:15; 1 Johane 2:1, 2.

17 Go tweng ka rona? Re ka etsa Jesu ka go baya go dira thato ya Modimo kwa pele mo matshelong a rona. (1 Petere 2:21) Re ka kgotsofala ka namana fa lorato lo re ratang Modimo ka lone lo re rotloetsa go dira se Jehofa a se laelang, tota le fa re gatelelwa kgotsa re raelesega go se dire jalo. (Baroma 7:18-20) Seno se akaretsa gore re iketleetse go ikobela ditaelo tsa bao ba eteletseng pele mo kobamelong ya boammaaruri, le fa ba sa itekanela. (Bahebera 13:17) Go ikobela ditaelo tsa Modimo mo botshelong jwa rona jwa kwa thoko go botlhokwa mo matlhong a ga Jehofa.

18, 19. Go ikobela Modimo go tswa pelong go felela ka eng?

18 Gompieno, go ikobela Jehofa ga rona go ka akaretsa go itshokela pogiso gore re nne re bolokile bothokgami jwa rona. (Ditiro 5:29) Gape, fa re ikobela taelo ya ga Jehofa ya go rera le go ruta re tshwanetse go itshoka go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 24:13, 14; 28:19, 20) Re tlhoka go itshoka gore re tswelele pele re phuthega mmogo le bakaulengwe ba rona, tota le fa re ka ikutlwa re imelwa ke dikgatelelo tsa lefatshe. Modimo wa rona yo o lorato o itse sentle maiteko a re a dirang go mo ikobela mo dilong tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, fa re batla go nna kutlo ka tsela e e feletseng, re tshwanetse go lwantsha tshekamelo ya rona ya boleo mme re fapoge bosula, re itlwaetse go rata se se molemo.—Baroma 12:9.

19 Fa re direla Jehofa ka ntlha ya lorato le pelo e e anaanelang, “o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo” mo go rona. (Bahebera 11:6) Go ntsha ditlhabelo tse di tshwanetseng go botlhokwa e bile go a eletsega, mme go nna kutlo mo go Jehofa ka mo go feletseng ka gonne re mo rata ke gone go mo itumedisang thata.—Diane 3:1, 2.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa re ka re go na le sengwe se re ka se nayang Jehofa?

• Saulo o ne a dira diphoso dife?

• O ka bontsha jang gore o dumela gore go nna kutlo go botoka go na le go ntsha setlhabelo?

• Ke eng se se go tlhotlheletsang go ikobela Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ngaka e e amegang ka molwetse e ka ikutlwa jang fa a tlhokomologa ditaelo tsa gagwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke ka ntlha yang fa Kgosi Saulo a ile a kgopisa Jehofa?

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

A o ikobela ditaelo tsa Modimo fa o le esi mo legaeng la gago?