Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhoka Kaelo Jaaka Mekgwa e Mentle ya Boitsholo e Fetofetoga

Go Tlhoka Kaelo Jaaka Mekgwa e Mentle ya Boitsholo e Fetofetoga

 Go Tlhoka Kaelo Jaaka Mekgwa e Mentle ya Boitsholo e Fetofetoga

TLHAMANE nngwe e e itsegeng ya re Diogenes, yo o itsiweng e le mofilosofi yo o neng a nna kwa Athena ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., o ne a tsamaya motshegare a tshotse lebone ka maikaelelo a go batla motho yo o siameng, mme a se ka a mmona.

Ga re itse gore a tlhamane eo e boammaaruri. Le fa go ntse jalo, fa Diogenes a ka bo a sa ntse a tshela gompieno, o ne a tla tshwanelwa ke gore a batle thata fa a batla batho ba ba nang le mekgwa e mentle. Go lebega batho ba bantsi ba sa dumalane le kgang ya gore batho ba tshwanetse go nna le mekgwa e e rileng ya boitsholo. Nako le nako metswedi ya dikgang e bua ka ditiragalo tse di tshosang tota—mo matshelong a batho, mo pusong, mo ditirong, mo metshamekong, mo kgwebong, le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo. Bontsi jwa mekgwa e mentle ya boitsholo e batho ba neng ba na le yone bogologolo ga e tlhole e tlotlwa. Melao ya boitsholo e e ntseng e le teng e sekasekwa sesha mme gantsi ga e amogelwe. Mekgwa e mengwe e mentle ya boitsholo e ratwa fela ka molomo mme ga e dirisiwe.

Moithutaloago mongwe wa bodumedi, e bong Alan Wolfe a re: “Metlha e mo go yone batho ba neng ba latela melao e e tshwanang ya boitsholo e fetile.” Gape o ne a re: “Ga go ise nke go tsamaye go direge jaana mo hisitoring gore batho ka kakaretso ba nne le boikutlo jwa gore batho ba ka se ikaege ka setso le ditheo gore di ba kaele mo dikgannyeng tsa boitsholo.” Los Angeles Times fa e bua ka dingwaga tse 100 tse di fetileng ya re mofilosofi Jonathan Glover a re go koafala ga bodumedi le melao e e dirisiwang mo lefatsheng lotlhe ya boitsholo go nnile le seabe se segolo mo go direng gore lefatshe lotlhe le tlale ka thubakanyo.

Le fa go ntse jalo, tlhakatlhakano e e ntseng jalo malebana le mekgwa e e siameng ya boitsholo ga e a thibela batho bangwe gore ba batle mekgwa e e siameng ya boitsholo. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, Federico Mayor, yo pele e neng e le motsamaisimogolo wa UNESCO [United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization] (Mokgatlho wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng wa Thuto, Saense le Setso) o ne a re “batho ba tshwenyegile thata ka melaometheo ya boitsholo ya se se siameng le se se phoso go feta le fa e le leng pele.” Mme go bo lefatshe le palelwa ke go dirisa mekgwa e e siameng ya boitsholo ga go reye gore ga go na mekgwa e mentle  ya boitsholo e batho ba ka kgonang go e dirisa e bile tota e le e ba tshwanetseng go e dirisa.

Le fa go ntse jalo, a batho botlhe ba ka dumalana gore ke melao efe e e tshwanetseng go dirisiwa? Le e seng. Mme fa go se na melao e batho ba dumalanang ka yone ya se se siameng le se se phoso, motho a ka sekaseka jang mekgwa e e siameng? Batho ba bantsi gompieno ba na le mokgwa o o ntseng jalo wa gore motho mongwe le mongwe a itlhophele gore ene o tla dirisa melao efe ya boitsholo. Le fa go ntse jalo, o ka bona gore mokgwa ono tota ga o a tokafatsa mekgwa ya batho ya boitsholo ka kakaretso.

Rahisitori wa Boritane, e bong Paul Johnson, o dumela gore filosofi eno ya gore motho mongwe le mongwe a itlhophele gore ene o tla dirisa melao efe ya boitsholo e dirile gore “batho ba se ka ba . . . ikutlwa ba na le boikarabelo, mo melaong e e leng teng le e e boammaaruri ya boitsholo” e go lebegang e ne e dirisiwa thata mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga.

Ka jalo, a tota go a kgonega go bona ‘melao e e boammaaruri ya boitsholo’ kana go tshela ka “melao e e dirisiwang mo lefatsheng lotlhe ya boitsholo”? A go na le motswedi mongwe wa tshedimosetso o o ka re nayang mekgwa ya boitsholo e e sa felelweng ke nako, e e sa fetogeng, e e ka dirang gore re tshele matshelo a a ritibetseng le o o ka re nayang tsholofelo ka isagwe? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.