Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motswedi wa Bosula o Senotswe!

Motswedi wa Bosula o Senotswe!

 Motswedi wa Bosula o Senotswe!

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga, Bajuda ba le bantsi ba ne ba emetse go tla ga ga Mesia yo o solofeditsweng. (Johane 6:14) Fa Jesu a goroga mo lefatsheng o ne a ba tlisetsa kgomotso mme a ba thusa go tlhaloganya lefoko la Modimo. O ne a fodisa ba ba lwalang, a fepa ba ba tshwerweng ke tlala, a kgwabofatsa maemo a bosa a bo a tsosa le baswi. (Mathaio 8:26; 14:14-21; 15:30, 31; Mareko 5:38-43) Gape o ne a bua mafoko a a tswang kwa go Jehofa mme a solofetsa batho botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:34) Tsela e Jesu a neng a bua ka yone le e a neng a dira dilo ka yone e ne e bontsha ka botlalo gore e ne e le Mesia, ene yo o tla gololang batho mo boleong le mo ditlamoragong tsotlhe tsa jone tse di boikepo.

Ka tshwanelo, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda e ka bo e nnile bone ba ntlha go amogela Jesu, go mo reetsa le go amogela ditaelo tsa gagwe kwantle ga bothata. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba dira jalo. Go na le moo, ba ne ba mo tlhoa, ba mmogisa ba bo ba loga maano a go mmolaya.—Mareko 14:1; 15:1-3, 10-15.

Ka jalo go ne go tshwanela gore Jesu a kgale banna bao ba ba bosula. (Mathaio 23:33-35) Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore go ne go na le mongwe yo le ene a neng a ikarabelela ka bosula jo bo neng bo le mo dipelong tsa bone. O ne a ba raya a re: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona. Ene yoo e ne e le mmolai fa a ne a simologa, mme o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene. Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka.” (Johane 8:44) Le fa gone Jesu a ne a itse gore batho ba kgona go dira ditiro dingwe tse di bosula, o ne a bontsha gore mme gone go na le motswedi o mogolo wa bosula—Satane Diabolo.

Fa Jesu a ne a re Satane “o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring,” o ne a senola gore sebopiwa seno sa semoya e kile ya bo e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo mme o ne a fapoga mo tseleng eo e e siameng. Ke ka ntlha yang fa Satane a ne a tsuologela Jehofa? Ka gonne o ne a godisa boikutlo jwa boikgodiso jo a neng a na le jone mo a neng a feleletsa a eletsa ka bopelotshetlha kobamelo e e neng e tshwanetse go newa Modimo fela. *Mathaio 4:8, 9.

Botsuolodi jwa ga Satane bo ne jwa bonala sentle kwa tshimong ya Edene fa a ne a raela Efa gore a je leungo le le ileditsweng. Satane o ne a itira “ramaaka” fa a ne a bua maaka a ntlha a a kileng a buiwa le fa a ne a senya Jehofa leina. Mo godimo ga moo, e re ka a ne a raela Adame le Efa gore ba se ka ba utlwa Modimo, o ne a dira gore ba busiwe ke boleo, jo kwa bofelong bo neng bo tla ba bolaya mme bo bolaye le dikokomana tsa bone. Ka jalo, Satane gape o ne a itira “mmolai”—totatota ke ene mmolai yo o setlhogo go gaisa botlhe ba ba kileng ba nna teng!—Genesise 3:1-6; Baroma 5:12.

Tlhotlheletso e e bosula ya ga Satane e ne ya bo ya fitlha kwa legodimong kwa a neng a tlhotlheletsa baengele ba bangwe gore le bone ba tsuologe le ene. (2 Petere 2:4) Fela jaaka Satane, baengele bano ba ba boikepo ba ne ba simolola go kgatlhegela batho  ka tsela e e sa tshwanelang. Tota bone ba ne ba kgatlhegela batho ka go nna le keletso e e sa siamang ya go tlhakanela dikobo le bone, mme diphelelo tsa seo e ne ya nna masetlapelo le bosula.

Bosula bo Tlala Lefatshe

Baebele e re bolelela jaana: “Jaanong go ne ga diragala gore fa batho ba ne ba simolola go oketsega ka palo . . . e bile ba tshola bana ba basetsana, foo bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha.” (Genesise 6:1, 2) “Bomorwa Modimo wa boammaaruri” e ne e le bomang? E ne e le dibopiwa tsa semoya, e seng batho. (Jobe 1:6; 2:1) Re itse jang? Aitsane go ne go setse go fetile dingwaga di ka nna 1 500 batho ba ntse ba nyalana, ka jalo go ne go sa tlhokege gore go buiwe ka go nyalana ga bone. Jaanong lebaka la go bo pego eno e bua ka “bomorwa Modimo wa boammaaruri” ba ba neng ba itira batho mme ba tsaya “bomorwadia batho” le bontsha sentle gore se ba se dirileng se ne se ise se direge pele ga foo, e bile se ne se sa tlwaelega.

Sengwe gape se se tlhomamisang gore seno se ne se sa tlwaelega ke mofuta wa bana o ba neng ba o tshola. Ba ne ba bidiwa Banefilime, mme ba gola go fitlha e nna mekaloba. Gape e ne e le diganka tse di setlhogo. Totatota, lefoko “Banefilime” le kaya “Badigi” kana “batho ba ba digang ba bangwe.” Diganka tseno di tlhalosiwa e le “ba ba thata ba bogologolo, banna ba ba tumileng.”—Genesise 6:4.

Banefilime mmogo le borraabone ba ne ba le boikepo fela thata. Genesise 6:11 ya re: “Lefatshe le ne la senyega mo ponong ya Modimo wa boammaaruri, gape . . . le ne la tlala thubakanyo.” Ee, batho ba ne ba nna dikgoka, ba etsa ditsela tse di maswe tsa batho bano ba ba neng ba simolola go nna le bone.

Banefilime le borraabone ba ne ba kgona jang go tlhotlheletsa batho gore ba nne bosula jaana? Ka go dirisa go lemalela ga batho mo boleong le dikeletso tsa bone. Seno se ne sa felela jang? ‘Nama yotlhe e ne ya senya tsela ya yone mo lefatsheng.’ Kgabagare, Jehofa o ne a fedisa lefatshe leo ka Morwalela wa lefatshe lotlhe mme a boloka Noa wa mosiami le ba lelapa la gagwe fela. (Genesise 6:5, 12-22) Le fa go ntse jalo, baengele bano ba ba neng ba itirile batho, ba ne ba boela legodimong ba tlontlologile. Baengele bano ba ba bosula ba ne ba tswelela ba ganetsa Modimo le lelapa la gagwe le le siameng la baengele ba ba ikanyegang. Go bonala go tloga ka nako eo go ya pele, Modimo a ne a itsa baengele bano ba ba boikepo gore ba itire batho gape. (Jude 6) Mme gone, ba ntse ba na le tlhotlheletso e kgolo mo mererong ya batho.

Yo o Bosula o Senotswe ka Botlalo!

Selekanyo sa tlhotlheletso e e boikepo ya ga Satane se senolwa mo go 1 Johane 5:19, e e reng: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Diabolo o isa batho kwa tatlhegong e kgolo. Totatota o ikemiseditse go feta le fa e le leng pele go ba utlwisa botlhoko. Ka ntlha yang? Gonne ene le badimona ba gagwe ba ne ba lelekwa kwa legodimong fa Bogosi jwa Modimo bo sena go tlhomiwa ka 1914. Malebana le go lelekwa ga bone, Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “A bo go latlhega lefatshe . . . , ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:7-12) Jaanong he, Satane o tlhotlheletsa batho jang gompieno?

Satane o dira seo ka go rotloetsa moya o o laolang tsela e batho ba akanyang le go dira dilo ka yone. Go a utlwala go bo Baefeso 2:2 e bitsa Diabolo “mmusi wa taolo ya moya, moya [kana boikutlo jo bo renang] o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” Go na le gore o tlhotlheletse batho gore ba boife Modimo le gore ba nne batho ba ba molemo, “moya” ono wa bodimona o dira gore  batho ba tsuologele Modimo le melao ya gagwe. Ka jalo Satane le badimona ba gagwe ba rotloetsa le go gakatsa bosula jo bo dirwang ke batho.

“Dibela Pelo ya Gago”

Sengwe sa dilo tse di supang gore “moya” ono o teng ke tsela e ditshwantsho tse di hepisang di tletseng ka yone tse di gakatsang keletso e e sa siamang ya tlhakanelodikobo e bile di dira gore boitshwaro jo e seng jwa tlholego bo lebege bo siame. (1 Bathesalonika 4:3-5) Dingwe tsa dilo tse ditshwantsho tse di hepisang di dirileng gore di lebege e kete ke boitlosobodutu jo bo itshiametseng fela ke petelelo, tlhakanelodikobo ka go utlwisa ba bangwe botlhoko, go betelelwa ke segopa, go kopana le diphologolo le go sotlwa ga bana ka tsa tlhakanelodikobo. Tota le fa mofuta o o rileng wa ditshwantsho tse di hepisang o ka lebega o se kotsi go le kalo, mme gone di ka gobatsa ba ba di lebang kana ba ba balang dibuka tsa teng ka gore ba fetoge makgoba a tsone ba bo ba lemalele go leba mo sephiring batho ba ba sa aparang. * Jono ke bosula jo bo senyang ditirisano tsa batho le kamano e motho a nang le yone le Modimo. Ditshwantsho tse di hepisang di bontsha kafa badimona ba ba di rotloetsang ba nang le mogopolo o o maswe ka gone—batsuolodi ba keletso ya bone e e sa siamang ya tlhakanelodikobo e sa leng e nna gone go simologa pele ga Morwalela wa lefatshe wa motlha wa ga Noa.

Monna yo o botlhale Solomone o ne a na le lebaka le le utlwalang la go re gakolola jaana: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Tota go dibela pelo ya gago mo seraing sa ditshwantsho tse di hepisang go ka raya go fetola seteishene sa thelebishene kana go tima khomputara fa go tlhaga ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, mme go botlhokwa gore o tseye kgato ka bonako le ka yone nako eo! Ikakanye o le lesole le le lekang go thibela mmisaele o o tlang o go kobile mo pelong. Satane o batla go tlhasela pelo ya rona ya tshwantshetso—lefelo le go tswang ditlhotlheletso le dikeletso—mme a e senye.

Gape o tshwanetse go sireletsa pelo ya gago gore e se ka ya rata thubakanyo gonne Diabolo o a itse gore Jehofa “o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Satane ga a tlhoke go go dirisa thubakanyo nngwe gore o tle o nne mmaba wa Modimo, o tlhoka fela gore a godise go rata thubakanyo mo go wena. Ke gone ka moo gantsi metswedi e e rategang thata ya tshedimosetso e tletseng ka thubakanyo le dikgang tse di kaga masaitseweng. Banefilime ba sule e bile ga ba tlhole ba le teng mme mekgwa ya bone yone e sa ntse e rena fela thata! A tsela e o tlhophang boitlosobodutu ka yone e bontsha gore o lwantsha maano a ga Satane?—2 Bakorintha 2:11.

 Kafa o ka Ganang Tlhotlheletso e e Bosula ya ga Satane ka Gone

Go ka nna ga lebega go le thata go lebana le meya e e nonofileng e e bosula. Baebele ya re ba ba lekang ka natla go kgatlha Modimo ba “lwa, . . . le mephato ya meya e e boikepo” mmogo le nama ya bone e e sa itekanelang. Gore re kgone go fenya ntwa eno le go amogelwa ke Modimo, re tshwanetse go dirisa dilo tse dintsi tse Modimo a re rulaganyeditseng tsone go re thusa.—Baefeso 6:12; Baroma 7:21-25.

Dingwe tsa dilo tseno di akaretsa moya o o boitshepo wa Modimo o e leng maatla a a nonofileng go a feta otlhe mo lefatsheng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re: “Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong.” (1 Bakorintha 2:12) Jaanong ba ba kaelwang ke moya wa Modimo ba tlhotlheletsega go rata se Modimo a se ratang le go tlhoa se a se tlhoileng. (Amose 5:15) Ke eng se motho a ka se dirang gore a amogele moya o o boitshepo? Selo sa konokono ke go rapela, go ithuta Baebele—Baebele e yone ka boyone e tlhotlheleditsweng ka moya o o boitshepo—mmogo le go kopana le batho ba tota ba ratang Modimo.—Luke 11:13; 2 Timotheo 3:16; Bahebera 10:24, 25.

Ka go dirisa dithulaganyo tseno tse di tswang kwa Modimong, o simolola go ‘apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong,’ e leng tsone fela tse di tla go sireletsang kgatlhanong le “maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11-18) Go potlakile go feta le fa e le leng pele gore re dirise dithulaganyo tseno ka botlalo. Ka tsela efe?

Bosula bo Gaufi le go Fela!

Mopesalema a re: “Fa baikepi ba tlhoga jaaka dimela le botlhe ba ba dirang se se utlwisang botlhoko ba tlhagisa dithunya, ke gore ba tle ba nyelediwe ka bosaengkae.” (Pesalema 92:7) Ee, fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, bosula jo bo ntseng bo gola ka potlako bo bontsha gore katlholo ya Modimo e a atamela, mme ga e tlele fela batho ba ba boikepo e tlela gape le Satane le badimona ba gagwe ba ba tla latlhelwang mo moleteng o ba tla bong ba sa kgone go dira sepe fa ba le mo go one gore ba letele go nyelelediwa ruri. (2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 20:1-3, 7-10) Ke mang yo o tla diragatsang katlholo eo? Ga se ope fela fa e se Jesu Keresete yo re balang jaana ka ene: “Morwa Modimo o ne a bonadiwa ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.”—1 Johane 3:8.

A o tlhologeletswe go bona bosula bo fedile? Fa go le jalo, o tla gomodiwa ke ditsholofetso tse di mo Baebeleng. Ga go buka epe e nngwe e e senolang motswedi wa bosula, Satane, e bile ga go buka epe e nngwe e e bontshang kafa kgabagare ene le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa boikepo ba tla nyelediwang ka gone. Re go kopa gore o nne le kitso e e tlhomameng ya Baebele gore o kgone go itshireletsa kgatlhanong le ditlhotlheletso tse di bosula tsa ga Satane gone jaanong mme o sireletse tsholofelo e o nang le yone ya go tshela mo lefatsheng le le se nang bosula.—Pesalema 37:9, 10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Leina la kwa tshimologong la moengele yono yo o neng a fetoga Satane ga le itsiwe. Mafoko “Satane” le “Diabolo” a raya “Moganetsi” le “yo o senyang ba bangwe leina.” Ka dinako tse dingwe, tsela e Satane a dirang dilo ka yone e tshwana le ya kgosi ya bogologolo ya kwa Ture. (Esekiele 28:12-19) Bobedi jwa bone ba simolotse ba se na molato mo ditseleng tsa bone, mme fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba nna baikgogomosi.

^ ser. 17 Bona motseletsele wa ditlhogo tse di buang ka ditshwantsho tse di hepisang mo makasineng wa Tsogang! ya August 8, 2003, tsebe 19-26, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ditlhamane Tse go Nang le Tlhase ya Boammaaruri mo go Tsone

Ditlhamane tse di kaga bodimo, mekaloba le morwalela o mogolo o o kileng wa nna teng di fitlhelwa mo mainaneng a bogologolo a a leng teng lefatshe ka bophara. Ka sekai, Leboko la Se-Akkad la ga Gilgamesh le umaka morwalela, sekepe le bafalodi. Gilgamesh ka boene o ne a tlhalosiwa e le seaka se se tletseng thubakanyo mme e le modingwana kana dimo. Ditlhamane tsa Ba-Aztec di bua ka lefatshe la bogologolo le mo go lone go neng go nna mekaloba mme di bua gape le ka morwalela o mogolo. Ditlhamane tsa kwa Scandinavia tsone di bua ka lotso lwa mekaloba le ka monna yo o botlhale yo o bidiwang Bergelmir yo o neng a aga mokoro o mogolo mme a iphalotsa ene le mosadi wa gagwe. Bosupi jo bo kopantsweng jwa ditlhamane tsotlhe tseno bo tlhomamisa bosupi jo bo mo Baebeleng jwa gore batho botlhe tswa mo bafaloding ba morwalela o o neng wa nyeletsa lefatshe le le boikepo la bogologolo.

[Setshwantsho]

Letlapanakwalelo le le gabilweng Leboko la ga Gilgamesh

[Motswedi wa Setshwantsho]

The University Museum, University of Pennsylvania (neg. # 22065)

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Mekgwa ya Banefilime e teng mo bathong gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kitso e e tlhomameng e re nonotsha mo ditlhotlheletsong tse di bosula