Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rupa—A ke Gone go Dirang Motho Monna?

Go Rupa—A ke Gone go Dirang Motho Monna?

 Go RupaA ke Gone go Dirang Motho Monna?

MO DIKAROLONG di le dintsi tsa lefatshe masea a basimane a a rupisiwa, mme seo se dirwa e le mokgwa wa kalafi. Mo dikarolong tse dingwe tsone, go tlwaelegile gore banna ba nne ba sa rupa botshelo jwa bone jotlhe. Mo go ba bangwe ba ba jaaka Bajuda le Bamoseleme, go rupa ga se fela mokgwa wa kalafi mme gape go amana le bodumedi.

Le fa go ntse jalo, mo ditšhabeng tse dingwe ngwao ya go rupa e dirwa fa mosimane a fitlha mo dingwageng tsa go nna monna. Gantsi seno se dirwa ka gore mosimane a romelwe bogwera gore a ye go rupisiwa le gore a tswe mo setšhabeng a nne koo dibeke di le mmalwa go fitlha a fola. Fa a ntse a le koo, mosimane yono o tshwanetse go latela meetlo e e rileng mme o rutwa go nna monna. A tota go a tlhokega gore motho a rupisiwe ka tsela eno go supa gore jaanong ke monna? Mma re sekasekeng gore Baebele ya reng ka tsela e Modimo a lebang kgang eno ka yone.—Diane 3:5, 6.

Kafa Modimo a Lebang go Rupa ka Gone

Batho bangwe mo motlheng wa bogologolo jaaka Baegepeto, ba ne ba rupisa, e leng go sega letlalo la monna le le mo serweng sa bonna. Le fa go ntse jalo, Aborahame ene o ne a sa tsholelwa mo setšhabeng se se ntseng jalo. Totatota Aborahame o ne a gola a sa rupa. Mme gone o ne a itshupa e le monna yo o pelokgale le fa gone a ne a sa rupa. A na le setlhopha se sennye fela sa banna, o ne a fenya masole a dikgosi di le nnè tse di neng di thopile setlogolo sa gagwe e bong Lote. (Genesise 14:8-16) Mo e ka nnang dingwaga di le 14 morago ga tiragalo eo, Modimo o ne a laela Aborahame gore a rupe a bo a rupise ba ntlo ya gagwe botlhe. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a dira jalo.

Ga go pelaelo gore seo e ne e se sesupo sa gore jaanong Aborahame o ne a tswa mo bosimaneng mme e nna monna. Aitsane ka nako eo o ne a setse a na le dingwaga di le 99! (Genesise 17:1, 26, 27) Modimo o ne a tlhalosa lebaka la go bo a ne a mo laela jalo fa a ne a re: “Lo rupisiwe mo nameng ya matlalo a lona a bonna, mme e tshwanetse go nna sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lona.” (Genesise 17:11) Kgolagano eo ya ga Aborahame e ne e akaretsa tsholofetso ya Modimo ya gore kgabagare “malapa otlhe a lefatshe” a ne a tla segofala thata ka Aborahame. (Genesise 12:2, 3) Ka jalo, mo matlhong a Modimo go rupa ga go amane ka gope le go nna monna. Go ne go dirwa go supa gore motho yoo e ne e le mongwe wa Baiseraele ba lotso lwa ga Aborahame, ba ba neng ba na le tshiamelo ya go nna ba ba ‘neilweng ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo.’—Baroma 3:1, 2.

Fa nako e ntse e tsamaya, setšhaba sa Baiseraele se ne sa bontsha gore ga se tshwanelwe ke go ikanngwa, ka go gana Losika lwa mmatota lwa ga Aborahame e leng Jesu Keresete. Ka jalo Modimo o ne a ba latlha, mme go rupa ga bone go ne go sa tlhole go na le bokao bope mo matlhong a Modimo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba sa ntse ba gatelela gore Modimo o ne a sa ntse a batla gore batho ba rupisiwe. (Ditiro 11:2, 3; 15:5) Ka ntlha ya seno, moaposetoloi Paulo o ne a romela Tito gore a ye go ‘baakanya dilo tse di neng di le bogole’ mo diphuthegong tse di farologaneng. Paulo o ne a kwalela Tito ka bothata bo le bongwe: “Go na le batho ba le bantsi ba ba sa laolesegeng, babui ba ba se nang poelo, le batsietsi ba mogopolo, segolobogolo banna bao ba ba ngaparelang go rupa. Go a tlhokega go tswala melomo ya bano, e re ka bone banna  bano ba nnela go phetsola malapa otlhe ka go ruta dilo tse ba sa tshwanelang go di ruta gore ba nne le poelo ya go sa ikanyege.”—Tito 1:5, 10, 11.

Kgakololo eo ya ga Paulo e sa ntse e dira. Tota go tla bo go le kgatlhanong le Dikwalo gore Mokeresete mongwe wa boammaaruri a rotloetse mongwe gore a ye go rupisa ngwana. Go na le go ‘itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe,’ Mokeresete o tlogela batsadi ba ngwana gore e nne bone ba itirelang ditshwetso tse di ntseng jalo. (1 Petere 4:15) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana ka kgang ya go rupisiwa go ya ka Molao wa Moshe: “A motho mongwe o ne a bidiwa a rupile? A a se nne yo o sa rupang. A motho mongwe o biditswe a sa rupa? A a se ka a rupa. Go rupa ga go kaye le fa e le sepe, le go sa rupa ga go kaye le fa e le sepe, mme go boloka ditaelo tsa Modimo go kaya sengwe. Mo boemong le fa e le bofe jo mongwe le mongwe a neng a bidiwa a le mo go jone, a a nnele ruri mo go jone.”—1 Bakorintha 7:18-20.

Go Tweng ka “Bogwera”?

Go tweng fa batsadi ba Bakeresete ba batla gore bana ba bone ba rupisiwe? A go tla bo go dumalana le Baebele go romela bana ba bone bogwera jaaka bo tlhalositswe pelenyana? Kwa bogwera go dirwa se se fetang fela go tlosa letlalo la bonna. Ngwana yono yo o isitsweng bogwera o tla fetsa dibeke a nna le basimane ba bangwe le batlhokomedi ba bogwera ba e seng baobamedi ba ga Jehofa. Dilo di le dintsi tse ba di rutwang koo ga di dumalane le melao e e kwa godimo ya boitsholo e e mo Baebeleng. Baebele e tlhagisa jaana: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33.

Gape go ntse go nna le dikotsi tse dingwe tsa mo mmeleng tse di nnang teng kwa bogwera. Ka 2003 South African Medical Journal e ne ya tlhagisa jaana: “Mo ngwageng ono go nnile le ditlamorago tse dingwe gape tse di tsitsibanyang mmele tsa thupiso, go nnile le dipego tsa dintsho le tsa go segwa ga dirwe, tse di gatisitsweng ke metswedi yotlhe e megolo ya dikgang go ralala lefatshe. . . . Ka bokhutshwanyane fela re ka re, dikolo di le dintsi tsa segompieno tse go tweng ke tsa ‘bogwera’ ke tsa tsietso e bile di a bolaya.”

Kwantle fela ga dikotsi tse di ka amang botsogo jwa mosha yo o yang bogwera, go nna le kotsi nngwe e kgolo go feta eo, e e amang bomoya jwa gagwe. Dithuto mmogo le dilo tse di dirwang kwa bogwera di amana thata le tirisabadimo le go obamela bagologolwane. Ka sekai, mo boemong jwa go dumela gore borrathipana ba ba boatla le maemo a a leswe ke tsone di bakileng dikotsi tse di nnileng teng fa motho a rupisiwa, ba le bantsi ba dumela gore dikotsi tseno di bakiwa ke boloi kana di nna teng gonne bagologolwane ba ba suleng ba sa itumela. Baebele e laela jaana malebana le go ikamanya le bodumedi jwa maaka: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi? . . . ‘Jalo tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa’; ‘mme ke tla lo amogela.’” (2 Bakorintha 6:14-17) Ka ntlha ya kgakololo eno, go tla bo go se botlhale gore batsadi ba Bakeresete ba romele bana ba bone kwa bogwera.

Ke Eng se se Dirang Mokeresete Monna?

Gore monna wa Mokeresete o rupisitswe kana ga a rupa ga go amane ka gope le go nna monna ga gagwe. Selo se segolo se Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go amega ka sone ke go nna le ponalo e ntle mo matlhong a Modimo e seng “go nna le ponalo e ntle mo nameng.”—Bagalatia 6:12.

Le fa go ntse jalo, gore Mokeresete a kgone go kgatlha Modimo, o tshwanetse go ‘rupisa pelo ya gagwe.’ (Duteronome 10:16; 30:6; Mathaio 5:8) Seno ga se dirwe ka go sega motho ka thipa mme se dirwa ka go gana dikeletso tse di sa siamang le dikakanyo tsa boikgogomoso tse di jaaka go dumela gore go rupisiwa mo nameng go dira gore motho a nne kwa godimo ga ba bangwe. Ka go itshokela diteko le go nna re “nitame mo tumelong” Mokeresete a ka itshupa gore ke monna, a rupisitswe kana a sa rupa.—1 Bakorintha 16:13; Jakobe 1:12.