Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Dikhutsafalo

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Dikhutsafalo

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Dikhutsafalo

MOPOROFETI Jeremia o bona go diragadiwa ga molaetsa wa katlholo o a ntseng a o bolela ka dingwaga di le 40. Moporofeti yono o ikutlwa jang fa a bona ka namana motse o a o ratang o senngwa? Septuagint ya Segerika mo ketapeleng ya yone mo bukeng ya Dikhutsafalo ya re: “Jeremia o ne a nna fa fatshe a lela mme a hutsafalela Jerusalema a bua mafoko ano a khutsafalo.” Buka eno e kwadilwe ka 607 B.C.E. ka nako ya fa moporofeti yono a ne a sa ntse a gakologelwa sentle go dikaganyediwa ga Jerusalema ka dikgwedi di le 18 le go fisiwa ga motse ono ka molelo, mme buka eno ya Dikhutsafalo e tlhalosa ka botlalo tlalelo e kgolo ya ga Jeremia. (Jer. 52:3-5, 12-14) Ga go na motse ope mo hisitoring o o kileng wa hutsafalelwa jaana ka tsela e e amang pelo.

Buka ya Dikhutsafalo ke dipina di le tlhano tsa maboko. Dipina tsa ntlha di le nnè ke tsa khutsafalo kgotsa kutlobotlhoko, ya botlhano ke kopo kgotsa thapelo. Dipina tsa ntlha tse nnè di kwadilwe ka mokgwa wa acrostic, ditemana ka go latelana ga tsone di simolola ka tlhaka e e farologaneng go ya kafa ditlhaka di le 22 tsa dialefabete di latelanang ka teng mo Sehebereng. Le fa pina ya botlhano e na le ditemana di le 22 tse di tsamaisanang le palo ya ditlhaka tsa dialefabete tsa Sehebera, ga di a rulaganngwa go ya ka dialefabete.

“MATLHO A ME A KHUTLILE KA DIKELEDI”

(Dikhutsafalo 1:1–2:22)

“A bo o ntse o le nosi jang ne, motse o o neng o tletse ka batho! Ana o a bo a ntse jaaka motlholagadi jang ne, ene yo o neng a na le batho ba bantsi mo gare ga ditšhaba! A bo ene yo o neng a le mohumagadi mo dikgaolong tse di laolang e le yo o patelediwang go dira tiro e e boima jang ne!” Dikhutsafalo tsa moporofeti Jeremia malebana le Jerusalema di simolola jalo. Fa moporofeti yono a tlhalosa lebaka la masetlapelo ano, a re: “Jehofa ka boene o tlisitse khutsafalo mo go ene ka ntlha ya bontsi jwa ditlolo tsa gagwe.”—Dikhutsafalo 1:1, 5.

Jerusalema yo o mothofaditsweng jaaka motlholagadi yo o hutsafaletseng monna le bana, o botsa jaana: “A go na le botlhoko bongwe jo bo tshwanang le botlhoko jwa me?” Malebana le baba ba gagwe, o rapela Modimo a re: “E kete bosula jwa bone jotlhe bo ka tla fa pele ga gago, mme o ba direle ka bosetlhogo, fela jaaka o ntiretse ka bosetlhogo ka ntlha ya ditlolo tsa me tsotlhe. Gonne diphegelo tsa me di dintsi, le pelo ya me e a lwala.”—Dikhutsafalo 1:12, 22.

Jeremia a tlaletswe thata, a re: “Mo mogoteng wa bogale [Jehofa] o kgaotse lonaka longwe le longwe lwa Iseraele. O busitse seatla sa gagwe sa moja go tswa fa pele ga mmaba; mme mo go Jakobe o nna a tuka jaaka molelo o o tutumang o o laitseng gotlhe fela.” Fa moporofeti yono a bontsha kutlobotlhoko ya gagwe, o bua jaana a hutsafetse: “Matlho a me a khutlile ka dikeledi fela. Mala a me a a fuduega. Sebete sa me se tshololetswe fa fatshe.” Tota le ba ba fetang ka tsela ba gakgametse, ba re: “A ono ke motse o ba neng ba na le go bua ka one ba re, ‘Ke go itekanedisiwa ga bontle, go itumela ga lefatshe lotlhe’?”—Dikhutsafalo 2:3, 11, 15.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:15—Jehofa o ‘gatile jang segatisetso sa beine sa ga morwadia Juda wa kgarebane’? Fa Bababelona ba ne ba senya motse, o o tlhalosiwang e le kgarebane, ba ne ba tsholola madi ka bontsi mo e leng gore go ne go tshwana le go tamusa morara mo segatisetsong sa beine. Jehofa o ne a bolelela pele seno mme a letla gore se direge, ka jalo go ka twe o “gatile segatisetso sa beine.”

2:1—‘Bontle jwa Iseraele bo ne jwa latlhelwa  jang mo lefatsheng go tswa kwa legodimong’? E re ka “magodimo a le kwa godimo ga lefatshe,” ka dinako tse dingwe go kokobediwa ga dilo tse di tlotlometseng go emelwa ke go ‘latlhelwa ga tsone mo lefatsheng go tswa kwa legodimong.’ “Bontle jwa Iseraele”—kgalalelo le maatla a e neng e na le one fa Jehofa a sa ntse a e amogela—bo ne jwa fela fa Jerusalema e ne e senngwa le Juda e kgakgabadiwa.—Isaia 55:9.

2:1, 6—‘Sebeo sa ga Jehofa sa dinao’ le “loobo” lwa gagwe ke eng? Mopesalema o ne a opela jaana: “A re tseneng mo motlaaganeng wa gagwe o mogolo; a re ikobeng fa sebeong sa gagwe sa dinao.” (Pesalema 132:7) Ka jalo, ‘sebeo sa dinao’ sa Dikhutsafalo 2:1 ke ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo kgotsa tempele ya gagwe. Bababelona ‘ba ne ba fisa ntlo ya ga Jehofa’ jaaka e kete e ne e le loobo, kgotsa ntlwana ya bojang mo tshingwaneng.—Jeremia 52:12, 13.

2:16, 17—A temana ya bo16 ga ya tshwanela go simolola ka tlhaka ya Sehebera ayin mme ya bo17 e simolole ka pe go latela tsela e dialefabete tsa Sehebera di latelanang ka yone? Fa bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba ne ba tlhama maboko ka mokgwa ono, gantsi ba ne ba latela tsela e dialefabete di latelanang ka yone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa dire jalo fa mokgwa ono o ne o ka dira gore se ba se kwalang se utlwale ka tsela e e seng ya tlholego. Go ne go tsewa bokao bo le botlhokwa thata go na le go kwala dilo jaaka di ntse e le fela gore motho a kgone go di gopola motlhofo. Go fetolwa ga tsone ditlhaka tseno tse pedi go fitlhelwa gape le mo pineng ya boraro le ya bonè ya Dikhutsafalo.—Dikhutsafalo 3:46, 49; 4:16, 17.

2:17—Jehofa o diragaditse “lefoko” lefe malebana le Jerusalema? Go bonala go buiwa fano ka Lefitiko 26:17, e e reng: “Ruri sefatlhego sa me se tla lo galefela, mme ruri lo tla fenngwa fa pele ga baba ba lona; ba ba lo tlhoileng ba tla lo gataka, mme tota lo tla tshaba go se na ope yo o lo latelelang.”

Se re Ithutang Sone:

1:1-9. Jerusalema o lela thata bosigo, mme dikeledi tsa gagwe di mo marameng a gagwe. Dikgoro tsa gagwe di kgakgabetse mme baperesiti ba gagwe ba a fegelwa. Makgarebane a gagwe a hutsafetse thata, mme ene ka boene o mo botlhokong. Ka ntlha yang? Ka gonne Jerusalema o dirile boleo jo bo maswe. Boitshekologo jwa gagwe bo mo dintlheng tsa diaparo tsa gagwe. Diphelelo tsa boleo ga di itumedise; ke selelo, go fegelwa, khutsafalo le botlhoko.

1:18. Fa Jehofa a otlhaya baleofi, ka dinako tsotlhe o dira jalo ka tshiamo.

2:20. Baiseraele ba ne ba tlhagisiwa gore fa ba ne ba sa reetse lentswe la ga Jehofa, ba ne ba tla tlelwa ke phutso, e e neng e akaretsa go ja ‘nama ya bomorwaabone le bomorwadiabone.’ (Duteronome 28:15, 45, 53) A bo e le boeleele jang ne go tlhopha go se ikobele Modimo!

“O SE KA WA SUBELA TSEBE YA GAGO KGOLOLO YA ME”

(Dikhutsafalo 3:1–5:22)

Mo go Dikhutsafalo kgaolo 3, go buiwa ka setšhaba sa Iseraele  e le “monna yo o nonofileng.” Le fa monna yono a welwa ke masetlapelo, o opela jaana: “Jehofa o molemo mo go yo o solofetseng mo go ene, mo moyeng o o nnang o mmatla.” Fa a rapela Modimo wa boammaaruri, o kopa jaana: “O tshwanetse go utlwa lentswe la me. O se ka wa subela tsebe ya gago kgololo ya me le go goa ga me ke kopa thuso.” Fa a kopa Jehofa gore a ele tlhoko kgobo ya mmaba, a re: “O tla ba busetsa tshwaro, wena Jehofa, go ya ka tiro ya diatla tsa bone.”—Dikhutsafalo 3:1, 25, 56, 64.

Jeremia o tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone ka diphelelo tse di botlhoko tsa go dikaganyediwa ga Jerusalema ka dikgwedi di le 18 mme o bua jaana ka khutsafalo: “Kotlhao ya tlolo ya morwadia batho ba me le yone e nna kgolo go feta kotlhao ya boleo jwa Sodoma, e e neng ya ribegediwa jaaka e kete ka ponyo ya leitlho, le e go se nang diatla dipe tse di neng tsa retologela kwa go yone ka thuso.” Jeremia o tswelela pele jaana: “Ba ba bolailweng setlhogo ka tšhaka ba itshupile ba le botoka go na le ba ba bolailweng ke leuba, ka gonne bano ba a topetega, ba tlhabilwe ka ntlha ya go tlhoka maungo a tshimo e e bulegileng.”—Dikhutsafalo 4:6, 9.

Leboko la botlhano le tlhalosa baagi ba Jerusalema ba bua. Ba re: “Gakologelwa se se re diragaletseng, tlhe Jehofa. A ko o lebe mme o bone kgobo ya rona.” Fa ba ntse ba tlhalosa pogisego ya bone, ba kopa jaana: “Jehofa, o tla nna ka bosakhutleng. Setulo sa gago sa bogosi ke sa kokomana morago ga kokomana. Re busetse kwa go wena, tlhe Jehofa, mme re tla boa kwantle ga go okaoka. Re tlisetse malatsi a masha jaaka mo bogologolong.”—Dikhutsafalo 5:1, 19, 21.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

3:16—Ke eng se se akantshiwang ke polelwana e e reng: “O dira gore meno a me a rojwe ke matlapana”? Buka nngwe ya re: “Fa Bajuda ba le mo tseleng go ya botshwaro, ba ne ba patelediwa go baka senkgwe mo khuting e e epilweng mo mmung, e le gore senkgwe sa bone se tlhakane le matlapana.” Go ja senkgwe se se ntseng jalo go ne go ka roba meno a motho.

4:3, 10—Ke ka ntlha yang fa Jeremia a bapisa “morwadia batho ba [gagwe]” le “bontšhe kwa nageng”? Jobe 39:16 ya re ntšhe “e tshwara bana ba yone makgwakgwa, jaaka e kete ga se ba yone.” Ka sekai, fa mae a sena go thuthuga, ntšhe e namagadi e tsamaya le tse dingwe tse di namagadi fa ntšhe e tonanyana e tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana. Mme go direga eng fa ntšhe e tonanyana le e namagadi di lebana le kotsi? Ka bobedi di tshaba mo sentlhageng, di tlogela bana. Ka nako ya fa Babelona e dikanyeditse Jerusalema, leuba kwa Jerusalema le ne la nna legolo thata mo e leng gore bommè ba ka gale ba neng ba tla nna kutlwelobotlhoko ba ne ba nna setlhogo mo baneng ba bone, jaaka bontšhe kwa nageng. Seno se farologana thata le tsela e bophokoje ba tlhokomelang bana ba bone ka yone.

5:7—A Jehofa o tsaya batho ba ikarabelela ditlolo tsa borraabonemogologolwane? Nnyaa, Jehofa ga a otlhaye batho ka tlhamalalo ka ntlha  ya maleo a bagologolwane ba bone. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Baroma 14:12) Le fa go ntse jalo, diphelelo tsa ditlolo tsa motho di ka nna gone lobaka lo loleele go fitlha di ama dikokomana tsa gagwe moragonyana. Ka sekai, go fetogela ga Iseraele wa bogologolo mo kobamelong ya medingwana go ne ga dira gore go nne thata le mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba Baiseraele ba metlha ya moragonyana go kgomarela tsela ya tshiamo.—Ekesodo 20:5.

Se re Ithutang Sone:

3:8, 43, 44. Ka nako ya masetlapelo a a neng a wela Jerusalema, Jehofa o ne a gana go reetsa selelo sa baagi ba motse oo ba kopa thuso. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba ne ba sa utlwe, e bile ba ne ba se ka ba ikwatlhaya. Fa re batla gore Jehofa a arabe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go mo ikobela.—Diane 28:9.

3:20. Jehofa, “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe,” o tlotlometse thata mo e leng gore o a ikokobetsa gore “a lebe legodimo le lefatshe.” (Pesalema 83:18; 113:6) Le fa go ntse jalo, Jeremia o ne a itse sentle go iketleeletsa ga Mothatayotlhe go obega mo bathong, ke gore, go itlisa mo maemong a bone e le gore a ba kgothatse. A bo re itumela jang ne gore Modimo wa boammaaruri ga a maatla otlhe fela e bile ga a botlhale jo bogolo fela mme gape o ikokobeditse!

3:21-26, 28-33. Re ka itshokela jang pogo e e botlhoko? Jeremia o a re bolelela. Ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa o na le letlotlo la ditiro tsa bopelonomi jwa lorato le gore boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo bontsi. Gape re tshwanetse go gakologelwa gore go bo re tshela ke lone lebaka le le dirang gore re se ka ra felelwa ke tsholofelo le gore re tshwanetse go nna pelotelele le go leta Jehofa ka tidimalo, re sa ngongorege, gore re bolokwe. Gape, re tshwanetse ‘go baya molomo wa rona mo loroleng,’ ke gore, go itshokela diteko ka boikokobetso, re lemoga gore se Modimo a letlang gore se direge se dumeletswe ka lebaka le le molemo.

3:27. Go lebana le diteko tsa tumelo o sa le mosha go ka raya go itshokela mathata le go sotliwa. Mme go “molemo gore monna yo o nonofileng a tshole jokwe mo bosheng jwa gagwe.” Ka ntlha yang? Ka gonne go ithuta go rwala jokwe ya go boga fa o le monnye go baakanyetsa motho go lebana le mathata mo dingwageng tsa gagwe tsa moragonyana.

3:39-42. ‘Go nnela go ngongorega’ fa re boga ka ntlha ya maleo a rona ga go botlhale. Go na le gore re ngongorege ka ditlamorago tsa diphoso tsa rona, “a ko re hukutseng ditsela tsa rona re di tlhotlhomise, mme re boeleng kwa go Jehofa.” Re tla bo re le botlhale fa re ikwatlhaya le go siamisa ditsela tsa rona.

Tshepa Jehofa

Buka ya Baebele ya Dikhutsafalo e senola kafa Jehofa a neng a leba Jerusalema le naga ya Juda ka gone fa Bababelona ba sena go fisa motse le go kgakgabatsa naga. Go dumela boleo mo go kwadilweng moo go tlhalosa sentle gore go ya kafa Jehofa a lebang dilo ka gone, batho ba ne ba wetswe ke masetlapelo ka ntlha ya phoso ya bone. Gape dipina tsa buka eno tse di tlhotlheleditsweng di na le mafoko a a bontshang go solofela mo go Jehofa le go eletsa go fapogela mo tseleng e e siameng. Le fa seno e ne e se boikutlo jwa bontsi jwa batho mo motlheng wa ga Jeremia, boikutlo jono bo emela jwa ga Jeremia le masalela a batho ba ba ikwatlhaileng.

Go sekaseka ga ga Jehofa boemo jwa Jerusalema jaaka go tlhalositswe mo bukeng ya Dikhutsafalo go re ruta dithuto tse pedi tse di botlhokwa. Sa ntlha, go senngwa ga Jerusalema le go kgakgabadiwa ga Juda go re kgothaletsa go ikobela Jehofa e bile go re tlhagisa gore re se ka ra tlhokomologa go dira thato ya Modimo. (1 Bakorintha 10:11) Selo sa bobedi se re ithutang sone ke sekao sa ga Jeremia. (Baroma 15:4) Tota le fa moporofeti yono yo o neng a hutsafetse thata a ne a bonala a le mo boemong jo bo sa neyeng motho tsholofelo epe, o ne a ikanya Jehofa gore o tla mmoloka. A bo go le botlhokwa jang ne gore re ikanye Jehofa ka botlalo le Lefoko la gagwe le go mo tshepa!—Bahebera 4:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Moporofeti Jeremia o ne a bona go diragadiwa ga molaetsa wa gagwe wa katlholo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Tumelo ya Basupi bano ba kwa Korea e ne ya lekwa ka ntlha ya go ema ba nitame mo kgannyeng ya boitlhaodi jwa Bokeresete