Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bagodi ba Thusa Basha Fela Thata

Bagodi ba Thusa Basha Fela Thata

 Bagodi ba Thusa Basha Fela Thata

“Le e leng go fitlha botsofeng le botlhogoputsweng, tlhe Modimo, o se ka wa ntlogela, go fitlha ke bolelela kokomana ka lebogo la gago, ke bolelela botlhe ba ba tla tlang, ka thata ya gago.”—PESALEMA 71:18.

1, 2. Batlhanka ba ba godileng ba Modimo ba tshwanetse ba lemoga eng, mme jaanong re tla sekaseka eng?

MOGOLWANE mongwe wa Mokeresete kwa Afrika Bophirima o ne a etela mokaulengwe yo o godileng wa motlodiwa mme a mmotsa a re, “Lo tsoga jang?” Mokaulengwe o ne a araba a re, “Ke kgona go taboga, ke kgona go tlola ka leoto le le lengwe, ke kgona go tlolatlola,” a bua jalo a ntse a leka go dira se a se buang. A oketsa a re, “Mme ga ke kgone go fofa.” Mogolwane o ne a tlhaloganya mafoko a mokaulengwe yo o godileng. ‘Se ke kgonang go se dira, ke se dira ka pelo yotlhe, mme se ke sa kgoneng go se dira, ga ke se dire.’ Mogolwane yo o neng a etetse mokaulengwe yo o godileng jaanong ene o mo dingwageng tsa bo80, mme o sa ntse a gopola ka boitumelo tsela e mokaulengwe yono a neng a rata metlae ka teng le boikanyegi jwa gagwe.

2 Fa motho yo o godileng a bontsha dinonofo tsa bomodimo, a ka ama batho ba bangwe ka tsela e ba ka se e lebaleng. Gone ke boammaaruri, go gola ka bogone fela ga go dire gore motho a nne botlhale kana a nne le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Keresete. (Moreri 4:13) Baebele ya re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” (Diane 16:31) Fa e le gore o mogodi, a o lemoga kafa mafoko a gago le se o se dirang di ka solegelang ba bangwe molemo ka teng? Akanya ka dikai dingwe tse di mo Baebeleng tse di bontshang kafa bagodi ba ileng ba thusa basha thata ka teng.

Tumelo e e Nang le Ditlamorago Tsa Botlhokwa

3. Boikanyegi jwa ga Noa bo amile jang batho botlhe ba ba tshelang gompieno?

3 Tumelo le go nitama ga ga Noa go ne ga nna  le melemo e e sa ntseng e bonwa le gompieno. Noa o ne a tla tloga a tshwara dingwaga tse 600 fa a ne a aga araka, a phutha diphologolo a bo a rerela baagelani ba gagwe. (Genesise 7:6; 2 Petere 2:5) Ka ntlha ya go boifa Modimo, Noa o ne a falola Morwalela o mogolo a na le lelapa la gagwe mme a nna mogologolwane wa batho botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng gompieno. Ke boammaaruri gore Noa o ne a tshela ka nako e batho ka kakaretso ba neng ba tshela lobaka lo loleele. Mme le fa a ne a setse a godile thata, o ne a nna a ikanyega, mme seo sa felela ka masego a magolo. Jang?

4. Go nitama ga ga Noa go solegetse batlhanka ba Modimo molemo jang gompieno?

4 Noa o ne a tloga a tshwara dingwaga tse 800 fa Nimerode a ne a simolola go rulaganyetsa go aga Tora ya Babele a tsuologela taolo ya ga Jehofa ya gore batho ba “tlatse lefatshe.” (Genesise 9:1; 11:1-9) Le fa go ntse jalo, Noa ga a ka a nna le seabe mo botsuoloding jwa ga Nimerode. Ka gone, go ka direga gore puo ya gagwe ga e a ka ya fetolwa fa puo ya ditsuolodi e ne e tlhakatlhakanngwa. Tumelo le go nitama ga ga Noa, mo re go bonang, e seng mo botsofeng jwa gagwe fela, mme le mo botshelong jwa gagwe jo boleele, ruri di tshwanelwa ke go latelwa ke batlhanka ba Modimo ba dingwaga tsotlhe.—Bahebera 11:7.

Ba Tlhotlheletsa ba Malapa a Bone

5, 6. (a) Fa Aborahame a ne a na le dingwaga tse 75, Jehofa o ne a mo laela gore a dire eng? (b) Aborahame o ne a tsibogela jang taelo ya Modimo?

5 Tsela e bagodi ba ka tlhotlheletsang tumelo ya ba malapa a bone ka yone e ka bonwa mo matshelong a ditlhogo tsa lotso tse di tshedileng morago ga ga Noa. Aborahame o ne a na le dingwaga di ka nna 75 fa Modimo a ne a mo raya a re: “Tswa mo nageng ya gaeno le mo go ba losika lwa gago le mo ntlong ya ga rraago o ye kwa nageng e ke tla e go bontshang; mme ke tla dira setšhaba se segolo ka wena e bile ke tla go segofatsa.”—Genesise 12:1, 2.

6 Akanya fela go twe o tlogele legae la gaeno, ditsala tsa gago, naga e o tsholetsweng mo go yone le ba masika ba ba ntseng ba go ema nokeng mme o ye kwa nageng e o sa e itseng. Aborahame o ne a laelwa gore a dire fela jalo. O ne a “tsamaya fela jaaka Jehofa a buile le ene,” mme botshelo jwa gagwe jotlhe, o ne a nna mo ditenteng e le moeng e bile a nna ka go kgarakgatshega mo nageng ya Kanana. (Genesise 12:4; Bahebera 11:8, 9) Le fa Jehofa a ne a boletse gore Aborahame o ne a tla nna “setšhaba se segolo,” go ne ga feta lobaka lo loleele a sena go swa pele dikokomana tsa gagwe di nna dintsi. Mosadi wa gagwe e bong Sara o ne a mo tsholela morwa a le mongwe fela, Isake, mme e le fa Aborahame a sena go thibelela mo nageng e e solofeditsweng ka dingwaga di le 25. (Genesise 21:2, 5) Le fa go ntse jalo, Aborahame ga a ka a lapa a bo a boela kwa motseng o a tswang kwa go one. A bo a re tlhometse sekao se se molemo jang ne sa tumelo le boitshoko!

7. Go itshoka ga ga Aborahame go ne ga ama morwawe e bong Isake jang, mme seo se nnile le diphelelo dife mo bathong?

7 Go itshoka ga ga Aborahame go ne ga ama morwawe e bong Isake fela thata, yo o neng a nna botshelo jwa gagwe jotlhe—dingwaga tse 180—e le moagi wa moeng mo nageng ya Kanana. Isake o ne a itshoka ka gonne a na le tumelo mo tsholofetsong ya Modimo, tumelo e a neng a e tsenngwa ke batsadi ba gagwe ba ba godileng mme morago ya nonotshiwa ke se Jehofa ka boene a neng a se mmolelela. (Genesise 26:2-5) Go nitama ga ga Isake go ne ga nna le seabe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga tsholofetso ya ga Jehofa ya gore go ne go tla nna le “losika” lo lo neng lo tla segofatsa batho botlhe, lo tla mo dikokomaneng tsa ga Aborahame. Morago ga makgolo a dingwaga, Jesu Keresete, karolo ya konokono ya “losika” loo, o ne a dira gore botlhe ba ba nang le tumelo mo go ene ba kgone go letlanngwa le Modimo mme ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng.—Bagalatia 3:16; Johane 3:16.

8. Jakobe o ne a bontsha tumelo e e nonofileng jang, mme seo sa nna le matswela afe?

8 Isake le ene o ne a thusa morwawe e bong Jakobe gore a nne le tumelo e e nonofileng e e neng ya mo nonotsha go fitlha a setse a tsofetse. Jakobe o ne a na le dingwaga di le 97 fa a ne a sokasokana le moengele bosigo jotlhe a batla go segofadiwa. (Genesise 32:24-28) Pele Jakobe a swa a na le dingwaga tse 147, o ne a nna le maatla a a lekaneng go segofatsa mongwe le mongwe wa barwa ba gagwe ba ba 12. (Genesise 47:28) Mafoko a boporofeti  ao a neng a a bua, a jaanong a kwadilweng mo go Genesise 49:1-28, a ne a direga mme a sa ntse a diragadiwa.

9. Go ka tweng ka tlhotlheletso e bagodi ba ba nonofileng semoyeng ba nang le yone mo go ba malapa a bone?

9 Go bonala sentle gore, bagodi ba e leng batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ka tlhotlheletsa ba malapa a bone ka tsela e e siameng. Kaelo ya Dikwalo mmogo le kgakololo e e botlhale le sekao sa boitshoko di ka thusa thata gore mosha a gole a na le tumelo e e nonofileng. (Diane 22:6) Le ka motlha bagodi ga ba a tshwanela go nyatsa tlhotlheletso e e siameng e ba ka nnang le yone mo go ba malapa a bone.

Ba Tlhotlheletsa Badumedi Mmogo le Bone

10. ‘Taelo ya ga Josefa ka ga marapo a gagwe’ e ne e reng, mme e ne ya nna le ditlamorago dife?

10 Bagodi ba ka nna le tlhotlheletso e e siameng le mo badumeding ka bone. Josefa morwa Jakobe o ne a dira sengwe se se bontshang tumelo a setse a tsofetse mme sa ama dimilione tsa baobamedi ba boammaaruri ba ba neng ba tshela morago ga gagwe fela thata. O ne a na le dingwaga di le 110 fa “a ntsha taelo ka ga marapo a gagwe,” e leng gore, fa kgabagare Baiseraele ba tswa mo Egepeto, ba tsamaye ka marapo a gagwe. (Bahebera 11:22; Genesise 50:25) Taelo eo e ne ya okeletsa Baiseraele tsholofelo mo dingwageng tse dintsi tsa go berekisiwa ka thata e le makgoba morago ga loso lwa ga Josefa, e ba tlhomamisetsa gore ba ne ba tla gololwa.

11. Moshe yo o godileng o tshwanetse a bo a ile a tlhotlheletsa Joshua jang?

11 Moshe ke mongwe wa bao ba ileng ba kgothadiwa ke tsela e Josefa a neng a bontsha tumelo ka yone. Fa Moshe a ne a na le dingwaga tse 80, o ne a nna le tshiamelo ya go rwala marapo a ga Josefa a a ntsha mo nageng ya Egepeto. (Ekesodo 13:19) Mo e ka nnang ka yone nako eo, o ne a kopana le Joshua, yo o neng a le monnye thata mo go ene. Mo dingwageng tse 40 tse di neng tsa latela, Joshua o ne a nna mothusi wa ga Moshe ka namana. (Dipalo 11:28) O ne a tsamaya le Moshe fa a ne a tlhatloga Thaba ya Sinai mme o ne a le teng gore a kgatlhantshe Moshe fa a fologa mo thabeng a tshotse dikwalelo tsa Tshupo. (Ekesodo 24:12-18; 32:15-17) Ruri Moshe o tshwanetse a bo a ile a thusa Joshua ka go nna motswedi o mogolo thata wa kgakololo le botlhale jwa motho yo o godileng!

12. Joshua o ne a tlhotlheletsa setšhaba sa Iseraele jang ka tsela e e siameng botshelo jwa gagwe jotlhe?

12 Joshua le ene o ne a kgothatsa setšhaba sa Iseraele lobaka lotlhe lwa botshelo jwa gagwe. Baatlhodi 2:7 ya re: “Batho ba tswelela ba direla Jehofa ka malatsi otlhe a ga Joshua le malatsi otlhe a banna ba bagolwane ba ba neng ba nna ba tshela morago ga ga Joshua e le ba ba neng ba bone tiro yotlhe e kgolo ya ga Jehofa e a neng a e diretse Iseraele.” Le fa go ntse jalo, fa Joshua le banna ba bangwe ba ba godileng ba sena go swa, go ne ga simolola lobaka lwa dingwaga tse 300 lwa go etsaetsega fa gare ga kobamelo ya boammaaruri le ya maaka, go fitlha mo motlheng wa ga Samuele wa moporofeti.

Samuele O ne A “Diragatsa Tshiamo”

13. Samuele o ne a “diragatsa tshiamo” jang?

13 Baebele ga e bolele gore Samuele o ne a le dingwaga di kae fa a swa, mme ditiragalo tse di mo bukeng ya Samuele wa Ntlha di diragetse ka lobaka lwa dingwaga di ka nna 102, mme Samuele o ne a bona bontsi jwa tsone. Mo go Bahebera 11: 32, 33, re utlwa gore baatlhodi le baporofeti ba ba siameng ba ne ba “diragatsa tshiamo.” Ee, Samuele o ne a tlhotlheletsa bangwe ba batho ba motlha wa gagwe gore ba tile kgotsa ba tlogele go dira se se sa siamang. (1 Samuele 7:2-4) Jang? O ne a ikanyega mo go Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe. (1 Samuele 12:2-5) O ne a sa tshabe go kgalema le yone kgosi tota. (1 Samuele 15:16-29) Mo godimo ga moo, Samuele, yo o neng a ‘tsofetse e bile a le tlhogoputswa,’ o ne a tlhoma sekao se se molemo malebana le go rapelela ba bangwe. O ne a raya Baiseraele ka ene a re: “Go ka se direge gore ke leofele Jehofa ka go kgaotsa go lo rapelela.”—1 Samuele 12:2, 23.

14, 15. Bagodi gompieno ba ka etsa Samuele jang mo kgannyeng ya thapelo?

14 Seno sotlhe se bontsha tsela ya botlhokwa e bagodi ba ka tlhotlheletsang ka yone batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa go dira se se siameng. Le fa bagodi ba ka tswa ba na le makoa ka ntlha ya botsogo le maemo a mangwe, ba ka kgona go rapelela ba bangwe. Lona bagodi, a lo tlhaloganya kafa dithapelo tsa lona di solegelang phuthego molemo thata ka teng? Ka ntlha ya tumelo e lo nang le yone mo mading a a tsholotsweng a ga Keresete, lo na le boemo jo bo amogelegang fa pele ga ga Jehofa, mme ka ntlha ya rekoto ya lona ya boitshoko, tumelo ya lona e na le “boleng . . . jo bo lekilweng.” (Jakobe 1:3; 1 Petere 1:7) Lo se ka lwa lebala: “Mokokotlelo wa motho yo o siameng, fa o dira, o na le maatla a magolo.”—Jakobe 5:16.

15 Dithapelo tse lo di rapelelang go ema nokeng tiro e e direlwang Bogosi jwa ga Jehofa di botlhokwa. Bangwe ba bakaulengwe ba rona ba mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Ba bangwe ba amilwe ke masetlapelo a tlholego, dintwa le dikgotlhang tsa selegae. Mme ba bangwe bone, gone mo diphuthegong tsa rona, ba lebane le dithaelo kgotsa kganetso. (Mathaio 10:35, 36) Ba ba eteletseng pele mo tirong ya go rera le mo go okameleng diphuthego le bone ba tlhoka gore lo ba rapelele ka metlha. (Baefeso 6:18, 19; Bakolosa 4:2, 3) A bo go le molemo jang ne gore lo umake badumedi ka lona fa lo rapela, jaaka go ne go dira Epaforase!—Bakolosa 4:12.

Go Ruta Kokomana e e Tlang

16, 17. Ke eng se se boleletsweng pele mo go Pesalema 71:18, mme se diragaditswe jang?

16 Go dirisana le ba ba ikanyegang ba “letsomanyane,” ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, go dirile gore ba “dinku tse dingwe,” ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba bone thapiso e ba e tlhokang. (Luke 12:32; Johane 10:16) Seno se ne sa bolelelwa pele mo go Pesalema 71:18, e e reng: “Le e leng go fitlha botsofeng le botlhogoputsweng, tlhe Modimo, o se ka wa ntlogela, go fitlha ke bolelela kokomana ka lebogo la gago, ke bolelela botlhe ba ba tla tlang, ka thata ya gago.” Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ntse ba tlhoafaletse go thapisa ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe ba ba thapisetsa maikarabelo a a oketsegileng pele ba ba tlogela ba ya go galalediwa mmogo le Jesu Keresete.

17 Tota se Pesalema 71:18 e se bolelang kaga go ruta “ba ba tla tlang” se ka lebisiwa le mo go ba dinku tse dingwe, ba ba rutilweng ke batlodiwa ba Modimo. Jehofa o neile bagodi tshiamelo ya go rera kaga gagwe mo bathong ba jaanong ba amogelang kobamelo ya boammaaruri. (Joele 1:2, 3) Ba dinku tse dingwe ba ikutlwa ba le lesego ka ntlha ya se ba se ithutileng mo batlodiweng mme ba ikutlwa ba tshwanetse go bolelela ba bangwe gape ba ba batlang go direla Jehofa ba ba bolelela se ba se ithutileng mo Dikwalong.—Tshenolo 7:9, 10.

18, 19. (a) Batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa ba e leng bagodi ba ka re naya tshedimosetso efe ya botlhokwa? (b) Bakeresete ba ba godileng ba tshwanetse ba tlhomamisega ka eng?

18 Batlhanka ba ba godileng ba ga Jehofa, ba ba  tloditsweng mmogo le ba dinku tse dingwe, ba iponetse ka matlho ditiragalo dingwe tsa botlhokwa mo hisitoring. Ba se kae ba ba sa ntseng ba tshela ba ne ba le teng fa ditshwantsho tsa “Photo-Drama of Creation” di ne di bontshiwa lekgetlho la ntlha. Bangwe ba bone ba ne ba itse bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele ba ba neng ba tsenngwa mo kgolegelong ka 1918. Ba bangwe ba ne ba nna le seabe mo dikgasong tsa seteishene sa radio sa Watchtower, WBBR. Ba le bantsi ba ka go bolelela ka nako ya fa dikgetsi tse di amang kgololesego ya bodumedi ya Basupi ba ga Jehofa di ne di sekwa kwa dikgotleng tse di kwa godimodimo. Ba bangwe bone ba ne ba ema ba nitame ba emela kobamelo ya boammaaruri ba ntse ba tshela mo tlase ga dipuso tsa bokgokgontshi. Ee, bagodi ba ka tlhalosa kafa ditlhaloso tsa dithuto tsa boammaaruri di ntseng di senolwa kgato ka kgato ka teng. Baebele e re kgothaletsa gore re sole maitemogelo ano a mantsi molemo.—Duteronome 32:7.

19 Bakeresete ba ba godileng ba rotloediwa gore e nne dikao tse di molemo mo basheng. (Tito 2:2-4) Gongwe gone jaanong ga o bone kafa boitshoko jwa gago, dithapelo le kgakololo ya gago di amang ba bangwe ka teng. Noa, Aborahame, Josefa, Moshe le ba bangwe ba ne ba ka se ka ba itse kafa boikanyegi jwa bone bo neng bo tla ama dikokomana tsa morago ga bone ka teng. Le fa go ntse jalo, rekoto e re e ruileng boswa ya tumelo le boikanyegi jwa bone e nnile le mosola o mogolo; mme le ya gago e ka nna mosola fela jalo.

20. Ke masego afe a a tla tlelang batho ba ba tla nnang ba na le tumelo e e nonofileng go ya go fitlha kwa bofelong?

20 Le fa o ka falola “pitlagano e kgolo” kgotsa wa tsosiwa mo baswing, a bo go tla itumedisa jang go tshela “botshelo jwa mmatota”! (Mathaio 24:21; 1 Timotheo 6:19) Akanya ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete fa Jehofa a tla bo a dirolola ditlamorago tsa botsofe. Mo boemong jwa go bona mebele ya rona e ntse e koafalela pele, letsatsi le letsatsi re tla tsoga re bona mebele ya rona e tokafala—re nna le maatla a a oketsegileng, re kgona go bona sentle go feta pele, re kgona go utlwa botoka e bile re le bantle go feta pele! (Jobe 33:25; Isaia 35:5, 6) Ba ba tla segofadiwang ka go tshela mo lefatsheng la Modimo le lesha ba tla nna ba le basha fa o bapisa seo le botshelo jo bo sa khutleng jo ba solofetseng go bo tshela. (Isaia 65:22) Ka jalo, a rotlhe re nneng re na le tsholofelo e e nonofileng go fitlha kwa bokhutlong mme re tswelele pele re direla Jehofa ka moya otlhe. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla diragatsa sotlhe se a se solofeditseng le gore se a tla se dirang se tla nna botoka le go feta se rona re se solofetseng.—Pesalema 37:4; 145:16.

O ne O ka Araba Jang?

• Go nitama ga ga Noa yo o godileng go ne ga tlisetsa batho botlhe masego jang?

• Tumelo ya ditlhogo tsa lotso e ne ya nna le ditlamorago dife mo ditlogolwaneng tsa bone?

• Fa ba setse ba godile, Josefa, Moshe, Joshua le Samuele ba ne ba nonotsha badumedi ka bone jang?

• Bagodi ba ka fetisetsa boswa bofe mo go ba bangwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Boitshoko jwa ga Aborahame bo ne jwa ama Isake fela thata

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Kgakololo ya ga Moshe jaaka mogodi e ne ya kgothatsa Joshua

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Dithapelo tse o di rapelelang ba bangwe di ka nna le mosola thata

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Basha ba solegelwa molemo ke go reetsa bagodi ba ba ikanyegang