Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Latela Metsamao ya ga Paulo go ya Berea

Latela Metsamao ya ga Paulo go ya Berea

 Latela Metsamao ya ga Paulo go ya Berea

Barongwa ba babedi ba ne ba atlegile thata mo tirong ya bone, mme boidiidi jwa batho ba ne ba nna badumedi. Mme go tswa foo ba ne ba tsogologelwa ke segopa sa batho. Ka jalo go ne ga dirwa tshwetso. Barongwa bano ba ne ba tlile go tsamaya mo gare ga bosigo gore bone mmogo le phuthego e e neng e sa tswa go tlhongwa ba sirelediwe. Ka jalo, Paulo le Silase ba ne ba tshaba kwa boemakepeng jwa Makedonia mo e ka nnang ka 50 C.E. Ba ne ba tsaya mosepele ba ya kwa lefelong le ba neng ba tlile go rera kwa go lone, e leng Berea.

FA MOENG wa motlha wa segompieno, fela jaaka motsamai wa bogologolo, a le kgakajana, o bona Berea (Véroia) e ikadile fa tlase ga mhapha o o tletseng dimela tse ditala wa Thaba ya Bermios. Berea e bokgakala jwa dikilometara di ka nna 65 kwa borwabophirima jwa Thesalonika mme e bokgakala jwa dikilometara di le 40 go tswa mo Lewatleng la Aegean. Thaba ya Olympus, e leng lefelo le go buiwang ka lone mo ditlhamaneng la medimo e megolo ya tempele ya Bagerika, e kwa borwa.

Baithuti ba Baebele ba kgatlhegela Berea ka gonne ke lefelo le Paulo a neng a rera kwa go lone a bo a sokololela batho ba bantsi mo Bokereseteng. (Ditiro 17:10-15) A re sekasekeng mafelo a Paulo a neng a tsamaya mo go one mme re tlhatlhobe se se neng se diragala kwa motseng oo.

Se se Diregileng Bogologolo

Ga go na ope yo o itseng gore Berea e simolotse leng go nna teng. Batho ba ba neng ba nna teng la ntlha, ba gongwe e neng e le ba merafe ya Feregia, ba ne ba lelekwa ke batho ba Makedonia mo e ka nnang ka lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. Dingwaga di le makgolo a mararo morago ga moo, Makedonia e ne ya huma ka ntlha ya diphenyo tsa ga Alexander yo Mogolo. Go ne ga agiwa dikago tse dikgolo le mabota, mmogo le mafelo a go obamela Seuse, Aretemise, Apollo, Athena le medimo e mengwe Bagerika.

Buka nngwe ya hisitori ya re morago ga dingwaga tse dintsintsi, Berea “e ne e na le boikarabelo jo bogolo mo mafelong a a e dikologileng le kwa mafelong a mangwe otlhe a Gerika bokone.” Motse ono o ne wa simolola go itsege thata ka nako ya puso ya bofelo ya segosi ya Makedonia, ya batho ba losika lwa bogosi ba ba bidiwang Ba-Antigonid (306-168 B.C.E.) ba kgabagare ba neng ba menolwa ke Roma.

Fa Baroma ba ne ba fenya Kgosi Philip V ka 197 B.C.E., “batho ba ba neng ba busa pele ba ile ba ngala mme Roma e ne ya nna yone puso e le esi e e nang le maatla a go dira ditshwetso kwa botlhaba jwa Mediterranean,” go bolela jalo Encyclopædia Britannica. Ka 168 B.C.E., kwa Pydna, dikilometara di le mmalwa kwa borwa jwa  Berea, mojenerale wa Moroma o ne a fenya ka botlalo mmusi wa bofelo wa bogologolo wa Makedonia, e bong Perseus. Jaaka boporofeti jwa Baebele bo bolela, puso ya lefatshe ya Gerika e ne e emiseditswe ke Roma. (Daniele 7:6, 7, 23) Morago ga ntwa, Berea e ne ya nna mongwe wa metse ya ntlha ya Makedonia e e neng ya ineela mo Roma.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E., Makedonia e ne ya nna lefelo le Pompey le Julius Caesar ba neng ba lwela kwa go lone. Tota e bile, Pompey o ne a tlhoma ntlokgolo ya gagwe le masole kwa kgaolong ya Berea.

Ba a Atlega Ba le Mo Taolong ya Baroma

Ka nako ya Pax Romana, kana Kagiso mo Roma, baeng ba ba neng ba tla mo Berea ba ne ba fitlhela go na le mebila e e adilweng matlapa mme e beilwe dipilara kafa thoko. Motse oo o ne o na le mafelo a go tlhapela a batho botlhe, mafelo a go bogela, dilaeborari le mafelo a go neng go tshwarelwa mo go one dikgaisano tsa metshameko ya batlhabani ba ba tlhabanang mo bobogelong. Dipompo di ne di tshologa metsi a a nowang mme motse oo o ne o na le thulaganyo ya kafa tlase ga lefatshe ya go ntsha leswe. Berea e ne ya tuma e le lefelo la kgwebo le le neng le etelwa ke bagwebi, bataki le baatleletiki, mme babogedi ba ne ba tla teng go ya go bona metshameko ya boatleletiki le ditiragalo tse dingwe. Go ne go na le mafelo a kobamelo a batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba neng ba ka a dirisa go dira meetlo ya madumedi a bone. Go ne go fitlhelwa madumedi otlhe a batho ba Roma mo motseng ono.

Babusi ba Roma ba ba neng ba dirwa medimo fa ba sena go swa e ne e le mengwe ya medimo e e neng e obamelwa kwa Berea. Seno se ka tswa se ne se sa lebege se sa tlwaelega mo bathong ba  kwa Berea ka gonne go obamela babusi go simolotse ka Alexander yo Mogolo, yo o neng a sisimogwa jaaka modimo. Mokwadi mongwe wa Mogerika a re: “E re ka Bagerika ba Mmusomogolo wa kwa botlhaba ba ne ba tlwaetse go tlotla kgosi jaaka modimo fa e sa ntse e tshela, ba ne ba itumelela go obamela le babusibagolo ba Baroma . . . Mo mading a bone a tshipi mmusimogolo o ne a tshwantshiwa e le modimo, a rwele serwalo se se galalelang. Ba ne ba mmaka ka dithapelo tse di tshwanang le tsa medimo, ba opela difela le dipina.” Go ne ga agiwa dibeso le ditempele, mme o ne a ntshediwa ditlhabelo. Le babusi ba ne ba nna teng mo meketeng ya maemo a a kwa godimo ya kobamelo, e e neng e akaretsa dikgaisano tsa baatleletiki, tsa bataki le tsa bakwadi.

Ke ka ntlha yang fa Berea e ne e le boremelelo jwa kobamelo ya boheitane? Ke ka gonne lekgotla la Koinon la kwa Makedonia le ne le kopanela teng. Eno e ne e le kopano ya baemedi ba metse ya Makedonia. Baemedi ba lekgotla leno ba ne ba kopana ka metlha kwa Berea gore ba buisane ka dikgang tse di amanang le motse le kgaolo le go di rarabolola ka kaelo ya puso ya Roma. Nngwe ya ditiro tse dikgolo tsa lekgotla la Koinon e ne e le go okamela mekete e megolo ya kobamelo.

Seno ke sone se se neng se diragala mo motseng o Paulo le Silase ba neng ba ya kwa go one fa ba sena go tshaba kwa Thesalonika. Ka nako eo e ne e le dingwaga di le makgolo a mabedi Berea e laolwa ke Roma.

Dikgang Tse di Molemo di Fitlha Kwa Berea

Paulo o ne a simolola go rera kwa Berea mo sinagogeng ya motse oo. Batho ba ne ba mo amogela jang? Pego e e tlhotlheleditsweng e bega gore Bajuda ba koo “ba ne ba na le mogopolo o o bulegileng thata go gaisa ba ba kwa Thesalonika, gonne ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:10, 11) Ka gonne ba ne ba na le “mogopolo o o bulegileng,” ga ba ka ba ngaparela dingwao tsa bone ka botlhogoethata. Le fa ba ne ba utlwa selo se e neng e le la ntlha ba se utlwa, ga ba a ka ba belaela kana ba tenega. Go na le gore ba gane go amogela molaetsa wa ga Paulo, ba ne ba reetsa ka kelotlhoko, ba ipha sebaka sa go utlwa thero ya gagwe, mme ba dira jalo ba se na maikutlo a a sa siamang.

Bajuda bao ba ne ba tla lemoga jang gore se Paulo a neng a se ruta se boammaaruri? Ba ne ba tlhotlhomisa se ba neng ba se utlwa ka go dirisa sengwe se se ikanyegang thata. Ba ne ba batlisisa ka kelotlhoko le ka tlhoafalo mo Dikwalong. Mokanoki wa Baebele e bong Matthew Henry, o ne a re: “E re ka Paulo a ne a baya mabaka ka dikwalo, e bile a nopola Tesetamente e Ntšha go ntsha bosupi jwa se a neng a se bua, ba ne ba ya kwa Dibaebeleng tsa bone, ba bula mo a neng a nopola teng,  mme ba bala kgang yotlhe, ba batla bokao jwa yone mme ba bapisa ditemana tseo le tse dingwe, ba sekaseka gore a mabaka a Paulo a neng a a baya fa a sena go bala dikwalo tseo a ne a le boammaaruri, mme go tswa foo ba bo ba itirela ditshwetso ka gone.”

Eno e ne e le patlisiso e e tseneletseng. Batho ba kwa Berea ba ne ba dirisa nako e ntsi ba ithuta ka tlhoafalo le ka metlha, ba ipha nako go dira seno letsatsi le letsatsi, ba sa ithute fela ka Sabata.

Akanya ka matswela a seo. Bajuda ba bantsi kwa Berea ba ne ba amogela molaetsa mme ba nna badumedi. Bagerika ba le mmalwa, gongwe le bangwe ba e neng e le basokologi ba Bajuda le bone ba ne ba nna badumedi. Mme batho ba ne ba lemoga seno. Fa Bajuda ba kwa Thesalonika ba ne ba utlwa ka seno, ba ne ba potlakela kwa Berea “go tlhotlheletsa le go fudua bontsintsi jwa batho.”—Ditiro 17:4, 12, 13.

Paulo o ne a patelesega go tswa mo Berea, mme o ne a tswelela a rera go sele. Mo lekgetlhong leno o ne a palama sekepe se se neng se ya kwa Athena. (Ditiro 17:14, 15) Le fa go ntse jalo, o ne a ka itumelela gore Bokeresete bo ne jwa itshetlela kwa Berea ka ntlha ya tiro e a neng a e dirileng teng. Mme go na le matswela a a molemo gompieno.

Ee, go sa ntse go na le batho kwa Berea (Véroia) ba ba tlhatlhobang Dikwalo ka kelotlhoko go ‘tlhomamisa dilo tsotlhe’ le go ‘ngangatlela’ se se tlhomameng le se se boammaaruri. (1 Bathesalonika 5:21) Batho ba ba mo diphuthegong tse pedi tse di golang tsa Basupi ba ga Jehofa mo motseng ono ba dira tiro ya go rera jaaka Paulo a ne a dira, ba bolelela batho molaetsa wa Baebele. Ba batla batho ba ba dipelo di ikanyegang le go ba bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong, mme ba letla tlhotlheletso ya Baebele gore e thuse botlhe ba ba batlang go itse Jehofa, Modimo wa boammaaruri.—Bahebera 4:12.

[Mmapa mo go tsebe 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Karolo ya loeto lwa ga Paulo lwa bobedi lwa borongwa

MISIA

Teroase

Neapolisa

Filipi

MAKEDONIA

Amfipolisa

Thesalonika

Berea

GERIKA

Athena

Korintha

AKAIA

ASIA

Efeso

RODESA

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ledi la tshipi le mo go lone Alexander yo Mogolo a tshwantshitsweng e le modimo wa Mogerika

[Motswedi wa Setshwantsho]

Coin: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Kgoro e e yang kwa bonnong jwa Bajuda kwa Berea (Véroia)

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Sinagoge ya bogologolo kwa Berea wa motlha wa segompieno (Véroia)