Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Dilo Tse di Lebeletsweng di sa Diragale

Fa Dilo Tse di Lebeletsweng di sa Diragale

 Fa Dilo Tse di Lebeletsweng di sa Diragale

GO SWABA go ka nna teng mo lenyalong lengwe le lengwe, le fa monna le mosadi ba ne ba lebega ba tshwanelana tota fa ba ne ba sa ntse ba ratana. Mme go ka direga jang gore batho ba babedi ba ba neng ba lebega ba tshwanelana thata jaana pele ga ba dira maikano a lenyalo ba farologane gotlhelele morago ga lenyalo?

Baebele ya re ba ba nyalang ba tla nna le “botlhoko le bohutsana.” (1 Bakorintha 7:28, The New English Bible) Gantsi bohutsana jono ka selekanyo se se rileng bo bakwa ke gore re le batho re dira diphoso. (Ditiro 9:31) Gape gongwe molekane a le mongwe kana boobabedi ba ka tswa ba sa dirise melaometheo ya Baebele. (Isaia 48:17, 18) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, monna kana mosadi o tsena mo lenyalong a lebeletse dilo tse tota di ka se kang tsa direga. Fa seno se direga, dikgotlhang di ka baka mathata a a masisi.

Go Lebelela Dilo Tse Di ka Se Diregeng

Fa o le monna kana o le mosadi, o ka tswa o tsene mo lenyalong o lebeletse dilo dingwe; jaaka batho ba bantsi. Ema go le gonnye mme o akanye ka botshelo jo o neng o lebeletse gore o tlile go bo tshela. A lenyalo la gago le tlhaelela kgakala mo go se o neng o se lebeletse? Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa swetsa ka gore mathata a ka se rarabololwe. Go dirisa melaometheo ya Baebele go ka go thusa go baakanya dilo. * (2 Timotheo 3:16) Gone jaanong go ka nna molemo gore o sekaseke dingwe tsa dilo tse o ka tswang o ne o di lebeletse mo lenyalong.

Ka sekai, bangwe ba ne ba akanya gore mo lenyalong go tla bo go na le dilo tse dintsi tse di tlhalosiwang mo dipolelong tsa marato tse mo go tsone go tweng go ne ga nna monate go ya go ile. Gongwe o ka tswa o ne o akanya gore wena le molekane wa gago lo tla dirisa nako e ntsi lo le mmogo kana loobabedi lo tla kgona go rarabolola kgotlhang nngwe le nngwe ka tsela e e motlhofo e e bontshang gore lo godile sentle. Bangwe ba ne ba dumela gore lenyalo le tla fedisa botlhokwa jwa go nna le boikgapo fa go tliwa mo go tsa tlhakanelodikobo. Ka gonne bontsi jwa dilo tseno tse di lebelelwang mo lenyalong ka tsela nngwe e le dilo tse di ka se diregeng, di ka felela ka gore bangwe ba ikutlwe ba swabile.—Genesise 3:16.

Selo se sengwe se se ka se diregeng se bangwe ba se lebelelang ke gore go nyala kana go nyalwa fela ka bogone go tla dira gore motho a itumele. Ee, go nna le molekane mo botshelong go ka itumedisa tota. (Diane 18:22; 31:10; Moreri 4:9) A mme go ka lebelelwa gore lenyalo e nne molemo wa makgonatsotlhe o o ka fedisang dikgotlhang tsotlhe? Ba ba akanyang jalo ba tla gakgamala botlhoko!

Dilo Tse di sa Buiweng Mme go Lebeletswe Gore di Direge

Ga se dilo tsotlhe tse motho a di lebeletseng tse di ka se kang tsa direga. Go na le moo, go na le dilo tse di tshwanetseng tse motho a ka lebelelang  gore di direge. Le fa go ntse jalo, go ka nna ga tsoga mathata ka ntlha ya go lebelela dilo dingwe. Mogakolodi mongwe wa manyalo a re: “Ke na le go bona banyalani ba galefelana ka gonne yo mongwe a lebeletse gore go diragadiwe keletso nngwe e a nang le yone, fa molekane yo mongwe ene a sa itse sentle gore keletso eo ke eng.” Gore re tlhaloganye gore seno se diragala jang, sekaseka sekai se se latelang.

Dineo o nyalwa ke Molefe, yo o nnang kgakala le legae la ga Dineo. Pele ga ba nyalana, Dineo o ne a lemoga gore go fudugela kwa lefelong le sele go tla nna le mathata a gone—segolobogolo ka gonne ke motho yo o ditlhong ka tlholego. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhomamisegile gore Molefe o tla mo thusa go tlwaela. Ka sekai, Dineo o ne a lebeletse gore Molefe o tla nna a na le ene le go mo thusa go tlwaelana le ditsala tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, Molefe ga a dire jalo. O tlotla le ditsala tsa gagwe tse dintsi, a tlogetse Dineo, yo o leng mosha mo lefelong leo, a le esi. Dineo o ikutlwa a tlhokomologilwe, e bile o ka re o latlhegile. O ipotsa gore, ‘Go tla jang gore Molefe a se ka a kgathalela maikutlo a me thata jaana?’

A se Dineo a se lebeletseng ke selo se se ka diregang? Ee. O batla gore monna wa gagwe a mo thuse go tlwaela lefelo le lesha. Dineo o ditlhong, mme o ikutlwa a sa gololesega go kopana le batho ba bantsi ba a sa ba itseng. Mme boammaaruri ke gore Dineo ga ise nke a bolelele Molefe kafa a ikutlwang ka teng. Ka jalo, Molefe ga a itse gore Dineo o mo boemong bofe. Ke eng se se tla diragalang fa boemo joo bo ka tswelela? Dineo a ka kgopisega le go feta, mme fa nako e ntse e ya, a ka nna a akanya gore monna wa gagwe ga a kgathalele maikutlo a gagwe gotlhelele.

Gongwe le wena o kile wa ikutlwa o swabile e bile o betilwe ke pelo fa molekane wa gago a lebega a sa dire dilo dingwe tse o di tlhokang. Fa go ntse jalo, ke eng se o ka se dirang?

 Buang

Ditebelelo tse di sa diragadiweng ruri di ka baka bohutsana. (Diane 13:12) Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se o ka se dirang ka boemo joo. Seane sa Baebele sa re: “O ka tlhotlheletsa ba bangwe fa o le botlhale mme o bua ka tsela e e nang le tlhaloganyo.” (Diane 16:23, Contemporary English Version) Ka jalo, fa go na le sengwe se se utlwalang se o se lebeletseng mme se sa diragale, bua le molekane wa gago.

Leka go tlhopha nako e e tshwanetseng, le lefelo le le tshwanetseng mme o dirise mafoko a a tshwanetseng fa o tlhalosa se o tshwenyegileng ka sone. (Diane 25:11) Bua o ritibetse maikutlo le ka tlotlo. Gakologelwa gore maikaelelo a gago ke eng—ga se go latofatsa molekane wa gago mme ke go mmolelela se o se lebeletseng le go mo tlhalosetsa maikutlo a gago.—Diane 15:1.

Ke eng fa go le botlhokwa gore o dire seno? A molekane yo o akanyetsang a ka se kgone go lemoga dilo tse o di tlhokang? Go ka direga gore molekane wa gago o leba dilo ka tsela e nngwe mme a ka itumelela go akanyetsa dilo tse o di tlhokang fa o di itlhalosa. Go tlhalosa se o se batlang kana se o se tlhokang ga go bontshe gore lenyalo la lona ga le a nonofa e bile ga go reye gore molekane wa gago ga a kgathale ka maikutlo a gago.

Ka jalo, o se ka wa tshaba go bua le molekane wa gago. Ka sekai, mo boemong jo bo tlhalositsweng fa godimo, Dineo o ne a ka raya Molefe a re: “Tota ke thatafalelwa ke go kopana le batho ba bantsi jaana ba ke sa ba itseng. E re ka ke ise  ke phuthologe, ke kopa gore o nthuse go tlwaelana le bone.”

“Bonako go Utlwa”

Jaanong leba kgang eno ka tsela e nngwe. A re re molekane wa gago o tla kwa go wena mme o tshwenyegile ka gonne ga o dire sengwe se a se lebeletseng se tota o ka kgonang go se dira. Fa go nna jalo, reetsa molekane wa gago! Leka gore o se ka wa itshireletsa jaaka e kete o a tlhaselwa. Go na le moo, “nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19; Diane 18:13) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.”—Bakorintha 10:24.

O ka dira seno ka go ipaya mo boemong jwa molekane wa gago. Baebele ya re: “Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo nna le bone [basadi ba lona] ka mokgwa o o tshwanang go ya ka kitso,” kana jaaka thanolo ya J. B. Phillip’s e e baya, “lona banna ba lo nyetseng lo tshwanetse go leka go tlhaloganya basadi ba lo nnang le bone.” (1 Petere 3:7) Ee go tla nna molemo gore basadi le bone ba dire jalo mo banneng ba bone.

Gakologelwa gore le fa wena le molekane wa gago lo ka tswa lo tshwanelana thata jang, ga lo lebe dilo ka go tshwana. (Bona lebokose le le reng “Lefelo le le Tshwanang, Dipono Tse di sa Tshwaneng.”) Seno ke selo se se molemo ka gonne go molemo go leba dilo ka tsela e motho yo mongwe a di lebang ka yone. Wena le molekane wa gago lo nyalane lo lebeletse dilo dingwe tse di tlhomologileng tse di theilweng mo tseleng e lo godisitsweng ka yone kana mo setsong sa lona. Ka ntlha ya seo, lo ka tswa lo ratana tota mme lo sa lebelela dilo tse di tshwanang.

Ka sekai, balekane ba Bakeresete ba ka tswa ba itse molaomotheo wa Baebele wa botlhogo sentle. (Baefeso 5:22, 23) Botlhogo bo tla dirisiwa jang mo lelapeng la lona, mme boikobo bo tla bontshiwa jang? A lona loobabedi lo kaelwa ke molaomotheo ono wa Baebele, mme a tota lo dira maiteko a go o latela?

Gape lo ka tswa lo leba dilo tse dingwe mo botshelong ka tsela e e sa tshwaneng. Ke mang yo o tla dirang ditiro tse di rileng tsa mo lapeng? Lo tla dirisa nako leng lo na le ba losika, le gone e e kana kang? Balekane ba Bakeresete ba tla bontsha jang gore ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong? (Mathaio 6:33) Mo dikgannyeng tsa madi, go motlhofo go tsena mo dikolotong, ka jalo go molemo go somarela madi ka go sa reke dilo tse di sa tlhokegeng. Le fa go ntse jalo, sentlentle go somarela madi ke go dirang? Lo tshwanetse go bua ka dilo tse di tshwanang le tseno lo phuthologile le ka tlotlo, mme seo se tla lo solegela molemo thata.

Metlotlo e e ntseng jalo e ka go thusa go nna le kagiso mo lenyalong la gago, le fa go tla go fitlha jaanong dingwe tsa dilo tse o neng o di lebeletseng di sa diragala. O tla kgona go dirisa kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo ka tsela e e botoka: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.”—Bakolosa 3:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go na le kgakololo e ntsi e e molemo ya banyalani mo bukeng ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

LEFELO LE LE TSHWANANG, DIPONO TSE DI SA TSHWANENG

“A ko o akanye ka setlhopha sa bajanala ba lebile lefelo le le kgatlhang la naga. Le fa setlhopha sotlhe se lebile lefelo le le lengwe fela, mongwe le mongwe o le bona ka tsela e e farologaneng. Ka ntlha yang? Ke ka go bo mongwe le mongwe o lebile kafa letlhakoreng le le farologaneng. Ga go na batho bape ba babedi ba ba emeng mo lefelong le le lengwe fela ka bobedi jwa bone. Mo godimo ga moo, ga se gore mongwe le mongwe o leba karolo e e tshwanang ya lefelo leo. Mongwe le mongwe o kgatlhiwa thata ke karolo e e farologaneng. Go ntse jalo le mo lenyalong. Le fa batho ba ka tswa ba tshwanelana thata jang, ga go na batho bape ba babedi bao tota ba lebang dilo ka tsela e e tshwanang kgo. . . . Go buisana go akaretsa go dira boiteko jwa go dira gore dipharologano tse di leng teng tseno di nne kamano ya nama e le nngwe. Seno se tlhoka go ipha nako ya go bua.”—Tora ya Tebelo, August 1, 1993, tsebe 4.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

SE O KA SE DIRANG GONE JAANONG

• Tlhatlhoba dilo tse o di lebeletseng sesha. A ke dilo tse di ka diregang? A o lebeletse gore molekane wa gago a dire dilo tse tota a ka se kang a kgona go di dira?—Bafilipi 2:4; 4:5.

• Leka go fetola dilo dingwe tse o di lebeletseng tse tota di ka se kgonegeng. Ka sekai, go na le gore o re, “Re tlile go dumalana mo go sengwe le sengwe,” ikemisetse gore o tla dira maiteko a go rarabolola dikgotlhang ka kagiso.—Baefeso 4:32.

• Buisanang ka dilo tse lo di lebeletseng. Go buisana ka dilo ke kgato ya botlhokwa thata ya go ithuta go bontshana lorato le tlotlo.—Baefeso 5:33.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Nna “bonako go utlwa” dilo tse molekane wa gago a tshwenyegileng ka tsone