Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ntsha Ditlhabelo Tse di Itumedisang Modimo

Go Ntsha Ditlhabelo Tse di Itumedisang Modimo

 Go Ntsha Ditlhabelo Tse di Itumedisang Modimo

BUKA ya The Mighty Aztecs ya re: “Botshelo bo tswa mo losong—Ba-Aztec ba ne ba dumela jalo, ba ba neng ba ntsha batho ditlhabelo ka selekanyo se segolo thata kwa Mesoamerica.” Buka eno e tswelela pele jaana: “Fa mmusomogolo o ntse o gola, batho ba ne ba ntshiwa ditlhabelo go leka go dira gore mmusomogolo ono o itshepe.” Go ya ka saetlopedia e nngwe, palo ya batho ba Ba-Aztec ba neng ba ba ntsha ditlhabelo e ne e fitlha go 20 000 ka ngwaga.

Batho go ralala hisitori ba ne ba ntshetsa medingwana ya bone mefuta mengwe ya ditlhabelo ka ntlha ya poifo le boikutlo jwa go se tlhomamisege kgotsa ba tlhotlhelediwa ke go ikutlwa ba le molato kgotsa ba ikwatlhaya. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e bontsha gore ditlhabelo dingwe di ne di tlhomilwe ke Modimo—Modimo mothatayotlhe, Jehofa. Ka jalo, go ka nna molemo go botsa jaana: Ke mofuta ofe wa ditlhabelo o o itumedisang Modimo? Mme a ditshupelo le ditlhabelo di tshwanetse go nna karolo ya kobamelo gompieno?

Ditshupelo le Ditlhabelo mo Kobamelong ya Boammaaruri

Fa setšhaba sa Iseraele se ne se bopiwa, Jehofa o ne a ntsha ditaelo tse di tlhamaletseng malebana le tsela e a neng a batla gore Baiseraele ba mo obamele ka yone, mme seno se ne se akaretsa go ntsha ditshupelo le ditlhabelo. (Dipalo, kgaolo 28 le 29) Dingwe tsa ditshupelo e ne e le dikungo tsa lefatshe; tse dingwe e ne e le ditlhabelo tsa diphologolo tse di jaaka dipoo, dinku, dipodi, maphoi le maeba. (Lefitiko 1:3, 5, 10, 14; 23:10-18; Dipalo 15:1-7; 28:7) Go ne go na le ditshupelo tse di fisiwang di feletse tse go neng go tlhokega gore di fisiwe tsotlhe ka molelo. (Ekesodo 29:38-42) Gape go ne go na le ditlhabelo tsa kabalano, tse ba ba neng ba di ntsha ba neng ba nna le seabe ka go ja se se ntsheditsweng Modimo setlhabelo.—Lefitiko 19:5-8.

Ditshupelo tsotlhe le ditlhabelo tse di neng di ntshediwa Modimo mo Molaong wa ga Moshe e ne e le tsela ya go obamela Modimo le go lemoga fa e le Molaodimogolo wa lobopo. Fa Baiseraele ba ne ba ntsha ditlhabelo tseo, ba ne ba bontsha gore ba leboga Jehofa ka gonne a ba segofatsa e bile a ba sireletsa, mme gape ba ne ba itshwarelwa maleo. Fa fela ba ne ba ikanyega ka go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa fa ba mo obamela, ba ne ba segofadiwa thata.—Diane 3:9, 10.

Mo go Jehofa, selo se se botlhokwa thata e ne e le boikutlo jwa batho ba ba neng ba ntsha  ditlhabelo. Jehofa ka moporofeti wa gagwe Hosea, o ne a re: “Gonne ke natefeletswe ke bopelonomi jwa lorato, mme e seng ke setlhabelo; le ke kitso ya Modimo go na le ditshupelo tse di fisiwang di feletse.” (Hosea 6:6) Ka jalo, fa batho ba ne ba tlogela kobamelo ya boammaaruri mme ba dira boitshwaro jo bo repileng le go tsholola madi a a se nang molato, ditlhabelo tse ba neng ba di ntsha mo sebesong sa ga Jehofa di ne di se na mosola ope. Ke gone ka moo Jehofa ka Isaia a neng a raya setšhaba sa Iseraele a re: “Ditlhabelo tsa lona tse dintsintsi di na le mosola wa eng mo go nna? . . . Ke lapisitswe ke ditshupelo tse di fisiwang di feletse tsa diphelefu le mafura a diphologolo tse di fepilweng sentle; mme ga ke a itumedisiwa ke madi a dipowana le dikwanyana tse ditonanyana le diphoko.”—Isaia 1:11.

“Selo se ke Neng Ke sa Se Laela”

Go farologana le Baiseraele, baagi ba Kanana ba ne ba ntsha bana ba bone ditlhabelo ba di ntshetsa medimo ya bone, go akaretsa modimo wa Baamona yo o bidiwang Moleke, yo gape a neng a bidiwa Milekome kgotsa Moloko. (1 Dikgosi 11:5, 7, 33; Ditiro 7:43) Halley’s Bible Handbook ya re: “Bakanana ba ne ba obamela ka go dira mekete ya boitsholo jo bo sa siamang fa pele ga medimo ya bone jaaka seno e ne e le moetlo wa bodumedi; mme go tswa foo, ba bo ba bolaya bana ba bone ba maitibolo, gore e nne ditlhabelo tsa yone medimo eo.”

A mekgwa eo e ne e itumedisa Jehofa Modimo? Le e seng. Fa Baiseraele ba ne ba tloga ba tsena mo nageng ya Kanana, Jehofa o ne a ba naya taelo e e mo go Lefitiko 20:2, 3: “O reye bomorwa Iseraele o re, ‘Motho ope wa bomorwa Iseraele, le moagi ope wa moeng yo o agileng mo Iseraele e le moeng, yo o nayang Moleke bana bape ba gagwe, ruri a bolawe. Batho ba lefatshe leo ba mo kgobotletse go fitlha a swa. Mme nna, sefatlhego sa me se tla galefela motho yoo, ke tla mo kgaola mo bathong ba gagabo, ka gonne a neetse Moleke bangwe ba bana ba gagwe ka boikaelelo jwa go leswafatsa lefelo la me le le boitshepo le go itshepolola leina la me le le boitshepo.’”

Le fa go ka lebega go le thata go dumela seno, Baiseraele bangwe ba ba neng ba fapoga mo kobamelong ya boammaaruri ba ne ba amogela mokgwa ono wa bodimona wa go ntsha bana ba bone ditlhabelo ba di ntshetsa medimo ya maaka. Malebana le seno, Dipesalema 106:35-38 ya re: “Ba tlhakana le ditšhaba ba ithuta ditiro tsa tsone. Mme ba nna ba direla medingwana ya tsone, mme ya nna seru mo go bone. Mme ba ne ba ntsha bomorwaabone setlhabelo le bomorwadiabone ba ba ntshetsa madimona. Ka jalo ba ne ba nna ba tsholola madi a a se nang molato, madi a bomorwaabone le bomorwadiabone, bao ba neng ba ba ntshetsa medingwana ya Kanana setlhabelo; mme lefatshe la kgotlelwa ka tshololo ya madi.”

Fa Jehofa a tlhalosa kafa a ilang mokgwa ono ka gone o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Jeremia malebana le bomorwa Juda: “Ba beile dilo tsa bone tse di ferosang sebete mo ntlong e leina la me le bidiwang mo go yone, gore ba e leswafatse. Gape ba agile mafelo a a kwa godimo a Tofethe, e e mo mokgatšheng  wa morwa Hinoma, gore ba tle ba fise bomorwaabone le bomorwadiabone mo molelong, selo se ke neng ke sa se laela le se se neng se sa tla mo pelong ya me.”—Jeremia 7:30, 31.

Ka gonne ba ne ba dira mekgwa eno e e ferosang sebete, setšhaba sa Iseraele kgabagare se ne sa se ka sa amogelwa ke Modimo. Motsemogolo wa sone, Jerusalema, kgabagare o ne wa senngwa mme batho ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. (Jeremia 7:32-34) Eleruri, mokgwa wa go ntsha batho setlhabelo ga o tswe mo Modimong wa boammaaruri e bile ga se karolo ya kobamelo e e itshekileng. Go ntsha batho setlhabelo ka tsela epe fela ke bodimona, mme baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ga ba dire sepe se se amanang le mokgwa o o ntseng jalo.

Setlhabelo sa Thekololo sa ga Keresete Jesu

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka botsa jaana, ‘Jaanong ke ka ntlha yang fa Molao wa ga Jehofa o a o neileng Baiseraele o ne o akaretsa ditlhabelo tsa diphologolo?’ Moaposetoloi Paulo o ne a sekaseka potso eno mme a ntsha karabo eno: “Jaanong Molao e ne e le wa eng? Go ne ga okediwa ka one go dira gore ditlolo di bonatshege, go fitlha losika lo goroga lo tsholofetso e neng ya dirwa mo go lone . . . Ka gone Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete.” (Bagalatia 3:19-24) Ditlhabelo tsa diphologolo kafa tlase ga Molao wa ga Moshe di ne di tshwantshetsa setlhabelo se segolwane se Jehofa Modimo a neng a tla se ntshetsa batho—e leng sa Morwawe, e bong Jesu Keresete. Jesu o ne a bua ka tiro eno e e bontshang lorato fa a ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Ka ntlha ya go bo Jesu a rata Modimo le batho, ka go rata o ne a neela botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna thekololo ya bana ba ga Adame. (Baroma 5:12, 15) Jesu o ne a re: ‘Morwa motho o ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.’ (Mathaio 20:28) Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o neng a ka rekolola batho mo bokgobeng jwa boleo le loso jo Adame a neng a ba rekiseditse mo go jone. (Pesalema 49:7, 8) Ka jalo, Paulo o ne a tlhalosa gore Jesu “o ne a tsena, nnyaa, e seng ka madi a dipodi le a dipowana, mme ka madi a gagwe, a tsena gangwe felafela mo lefelong le le boitshepo mme a re bonela kgololo ya bosakhutleng.” (Bahebera 9:12) Ka go amogela madi a ga Jesu a setlhabelo, Modimo o ne “a phimola lekwalo le le kwadilweng ka seatla le le kgatlhanong le rona.” Ke gore, Jehofa o ne a beela kwa thoko kgolagano ya Molao, e e neng e batla gore go ntshiwe ditshupelo ditlhabelo, ka go dira jalo a tlisa ‘mpho ya botshelo jo bo sa khutleng.’—Bakolosa 2:14; Baroma 6:23.

Ditlhabelo le Ditshupelo Tsa Semoya

E re ka ditlhabelo tsa diphologolo le ditshupelo di sa tlhole di tlhokega mo kobamelong ya boammaaruri, a go na le ditlhabelo dipe tse di sa ntseng di tlhokega mo go rona gompieno? Ee, ruri. Jesu Keresete o ne a tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo gore a direle Modimo mme kgabagare o ne a intsha setlhabelo go rekolola batho. Ka jalo, o ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mathaio 16:24) Seno se raya gore ope fela yo o batlang go nna molatedi wa ga Jesu o tshwanetse go intsha setlhabelo go dira dilo dingwe. Dilo dife?

Nngwe ya dilo tseno ke gore molatedi wa mmatota wa ga Keresete ga a tlhole a itshelela mme o tshelela go dira thato ya Modimo. O baya dilo tse a di ratang le tse a di eletsang kwa morago  mme o baya tsa Modimo kwa pele. Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a bayang kgang eno ka gone: “Ke a lo rapela ka mapelotlhomogi a Modimo, bakaulengwe, gore lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya. Mme tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:1, 2.

Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore pako ya rona e ka lebiwa e le ditlhabelo tse di ntshediwang Jehofa. Moporofeti Hosea o ne a dirisa polelwana “dipowana tsa dipounama tsa rona” a bontsha gore Modimo o tsaya go mmaka ka dipounama tsa rona e le nngwe ya ditlhabelo tse di molemolemo. (Hosea 14:2) Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bahebera jaana: ‘Isetsang Modimo setlhabelo ka ene sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.’ (Bahebera 13:15) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba nna ba tshwaregile thata ba rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa ba batho ba ditšhaba tsotlhe. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ba ntshetsa Modimo ditlhabelo tsa pako motshegare le bosigo lefatshe lotlhe.—Tshenolo 7:15.

Go direla ba bangwe molemo go akarediwa gareng ga ditlhabelo tse di itumedisang Modimo, mmogo le go rera. Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” (Bahebera 13:16) Tota e bile, batho ba ba ntshetsang Modimo ditlhabelo tsa pako ba tshwanetse go nna le boitshwaro jo bo molemo fa ba batla gore ditlhabelo tsa bone di itumedise Modimo. Paulo o ne a re: “Itshwareng ka mokgwa o o tshwanelang dikgang tse di molemo ka ga Keresete.”—Bafilipi 1:27; Isaia 52:11.

Jaaka mo nakong e e fetileng, ditlhabelo tsotlhe tse di dirwang go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri di tla dira gore re nne le boitumelo jo bogolo le masego a ga Jehofa. Ka jalo, a re direng bojotlhe jwa rona go ntsha ditlhabelo tse di itumedisang Modimo!

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

“Bomorwaabone le bomorwadiabone . . . ba ba ntshetsa medingwana ya Kanana setlhabelo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Ka go rera dikgang tse di molemo le go thusa ka ditsela tse dingwe, Bakeresete ba boammaaruri ba ntsha ditlhabelo tse di itumedisang Modimo