Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikanyega mo go Keresete le mo Motlhankeng wa Gagwe yo o Boikanyego

Go Ikanyega mo go Keresete le mo Motlhankeng wa Gagwe yo o Boikanyego

 Go Ikanyega mo go Keresete le mo Motlhankeng wa Gagwe yo o Boikanyego

“Mong wa gagwe . . . o tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.”—MATHAIO 24:45-47.

1, 2. (a) Dikwalo tsa re Moeteledipele wa rona ke mang? (b) Ke eng se se bontshang gore tota Keresete o eteletse phuthego ya Bokeresete pele?

“LO SE ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.” (Mathaio 23:10) Ka mafoko ano, Jesu o ne a bontsha balatedi ba gagwe sentle gore ga go motho ope mo lefatsheng yo e neng e tla nna moeteledipele wa bone. Moeteledipele wa bone yo o esi e ne e tla nna yo o kwa legodimong—Jesu Keresete ka boene. Jesu o beilwe ke Modimo mo maemong ao. Jehofa o “ne a mo tsosa mo baswing a bo a . . . mo dira tlhogo ya dilo tsotlhe mo phuthegong, e e leng mmele wa gagwe.”—Baefeso 1:20-23.

2 E re ka Keresete e le “tlhogo ya dilo tsotlhe” mo phuthegong ya Bokeresete, o dirisa taolo ya gagwe mo go sotlhe se se diregang mo phuthegong. O bona sengwe le sengwe se se diregang mo phuthegong. O etse tlhoko thata setlhopha kgotsa phuthego nngwe le nngwe ya Bakeresete go bona gore a ba latela melaometheo ya Bokeresete. Seno se bonala sentle mo tshenolong e e neng ya newa moaposetoloi Johane kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Fa Jesu a ne a kwalela diphuthego tse supa o ne a bolela ka makgetlho a le matlhano gore o itse ditiro tsa bone, makoa a bone le dinonofo tsa bone, mme a ba naya kgakololo le kgothatso e ba neng ba e tlhoka. (Tshenolo 2:2, 9, 13, 19; 3:1, 8, 15) Ruri re ka dumela gore Keresete  o ne a itse le boemo jwa diphuthego tse dingwe kwa Asia Minor, Palasetina, Siria, Babelonia, Gerika, Italy le mafelo a mangwe. (Ditiro 1:8) Gompieno gone?

Motlhanka yo o Boikanyego

3. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go tshwantsha Keresete le tlhogo le go tshwantsha phuthego ya gagwe le mmele?

3 Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe mafoko ano fa a sena go tsosiwa mme e le nakwana fela pele a tlhatlogela kwa go Rraagwe kwa legodimong: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” Gape o ne a re: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:18-20) O ne a tla tswelela pele a na le bone e le Moeteledipele wa bone. Mo dikwalong tse moaposetoloi Paulo a neng a di kwalela Bakeresete ba kwa Efeso le Kolosa, o ne a tshwantsha phuthego ya Bokeresete le “mmele,” o Keresete e leng Tlhogo ya one. (Baefeso 1:22, 23; Bakolosa 1:18) The Cambridge Bible for Schools and Colleges ya re tshwantshiso eno “ga e bontshe fela gore go na le kutlwano nngwe ya botlhokwa le Tlhogo, mme e bontsha gore maloko a mmele a diragatsa thato ya Tlhogo. Ke didirisiwa tsa gagwe.” Keresete o dirisitse setlhopha sefe sa batho go nna sedirisiwa sa gagwe fa e sa le a newa maatla a Bogosi ka 1914?—Daniele 7:13, 14.

4. Jaaka go boleletswe pele mo boporofeting jwa ga Malaki, Jehofa le Keresete Jesu ba ne ba fitlhela eng fa ba tla go tlhatlhoba tempele ya semoya?

4 Boporofeti jwa ga Malaki bo ne jwa bolelela pele gore Jehofa, “Morena wa boammaaruri,” a patilwe ke “morongwa wa [gagwe wa] kgolagano,” Morwawe yo o sa tswang go tlhomiwa mo setulong sa Bogosi, Keresete Jesu, o ne a tla tla go atlhola le go tlhatlhoba ‘tempele’ ya gagwe, kgotsa ntlo ya gagwe ya kobamelo ya tshwantshetso. Go lebega “nako e e tlhomilweng” ya gore ‘katlholo ya ntlo ya Modimo’ e simolole e tlile ka 1918. * (Malaki 3:1; 1 Petere 4:17) Batho ba ba ipolelang gore ba emela Modimo le kobamelo ya gagwe ya boammaaruri mo lefatsheng ba ne ba tlhatlhobiwa ka tshwanelo. Dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, tse di neng di sa bolo go ruta ka makgolokgolo a dingwaga dithuto tse di tlontlololang Modimo mme di inaakantse thata le dipolao tse di maswe tsa Ntwa ya Lefatshe I, di ne tsa se ka tsa amogelwa. Masalela a a ikanyegang a Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya a ne a lekwa, a itshekisiwa jaaka e kete ka molelo, a ba a amogelwa, mme mo go Jehofa ya nna “batho ba ba isang tshupelo ya mpho ka tshiamo.”—Malaki 3:3.

5. Go dumalana le boporofeti jwa ga Jesu malebana le “go nna gone” ga gagwe, “motlhanka” yo o boikanyego o ne a itshupa e le mang?

5 Go dumalana le boporofeti jwa ga Malaki, sesupo se se dikarolo dintsi se Jesu a neng a se naya barutwa ba gagwe gore ba kgone go lemoga nako ya “go nna gone ga [gagwe] le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” se ne se akaretsa tlhaloso ya gore setlhopha sa “motlhanka” ke bomang. Jesu o ne a re: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng? Go itumela motlhanka yoo yo fa mong wa gagwe a goroga a mo fitlhelang a dira jalo. Ammaaruri ke a lo raya, O tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Mathaio 24:3, 45-47) Fa Keresete a “goroga” a tlile go tlhatlhoba “motlhanka” ka 1918, o ne a fitlhela go na le masalela a a tloditsweng ka moya a barutwa ba ba ikanyegang, ba ba neng ba sa bolo go simolola ka 1879 go aba ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng,’ ba dirisa makasine ono le dikgatiso tse dingwe tsa Baebele. O ne a ba amogela e le setlhopha sa gagwe se a se dirisang, kgotsa “motlhanka” mme ka 1919 o ne a ba naya gore ba okamele dilo tsa gagwe tsotlhe tse di mo lefatsheng.

Go Tlhokomela Dilo Tsa ga Keresete Tse di mo Lefatsheng

6, 7. (a) Jesu o ne a dirisa mafoko afe a mangwe fa a bua ka “motlhanka” wa gagwe yo o boikanyego? (b) Lebaka la go bo Jesu a dirisitse lefoko “molebedi” le kaya eng?

6 Dikgwedi di se kae pele Jesu a bua boporofeti jwa gagwe ka ga sesupo sa go nna gone ga gagwe, go akaretsa go nna gone ga “motlhanka” yo o mo emelang mo lefatsheng, o ne a bua ka “motlhanka” yono a dirisa mafoko a sele a a neng a bontsha maikarabelo a motlhanka yono. Jesu o ne a re: “Tota ke mang yo e leng molebedi yo o boikanyego,  yo o botlhale, yo mong wa gagwe o tla mo tlhomang gore a okamele setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi go nna a ba naya selekanyo sa bone sa dijo ka nako e e tshwanetseng? Ammaaruri ke a lo raya, O tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.”—Luke 12:42, 44.

7 Fano motlhanka o bidiwa molebedi, lefoko le le ranotsweng go tswa mo go la Segerika le le kayang “motlhokomedi wa legae kgotsa ntlo e kgolo.” Setlhopha sa molebedi e ne e ka se nne setlhopha sa batlhalefi fela ba ba tlhalosang dintlha tse di kgatlhang go tswa mo Baebeleng. Mo godimo ga go aba dijo tse di nonotshang semoyeng “ka nako e e tshwanetseng,” “molebedi yo o boikanyego” o ne a tla tlhomiwa gore a okamele setlhopha sotlhe sa batlhokomedi ba ga Keresete a bo a abelwe go tlhokomela dilo tsotlhe tse di direlwang Keresete mo lefatsheng, “dilo tsa gagwe tsotlhe.” Dilo tseno di ne di tla akaretsa eng?

8, 9. Motlhanka o tlhomilwe go tlhokomela “dilo” dife?

8 Maikarabelo a motlhanka a akaretsa go okamela dikago tse di dirisiwang ke balatedi ba ga Keresete go dira ditiro tsa bone tsa Bokeresete, dikago tse di jaaka tsa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe le diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa, mmogo le mafelo a bone a kobamelo—Diholo tsa Bogosi le Diholo tsa Dikopano—mo lefatsheng lotlhe. Sa botlhokwa le go feta, motlhanka yono gape o okamela dithulaganyo tse di nonotshang tumelo tsa thuto ya beke le beke ya Baebele le dikopano tse dinnye le tse dikgolo tse di tshwarwang ka dinako dingwe mo ngwageng. Mo dipokanong tseno, go tlhalosiwa tshedimosetso e e malebana le go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, mme go newa le kaelo e e mo nakong ya kafa go ka dirisiwang melaometheo ya Baebele ka teng mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.

9 Maikarabelo a molebedi a akaretsa le go tlhokomela tiro ya botlhokwatlhokwa ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” le go dira “batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” Seno se akaretsa go ruta batho go dira dilo tsotlhe tse Keresete, Tlhogo ya phuthego, a laelang gore di dirwe mo metlheng eno ya bokhutlo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Tshenolo 12:17) Tiro ya go rera le go ruta e dirile gore go nne le “boidiidi jo bogolo” jwa balekane ba ba ikanyegang ba masalela a a tloditsweng. “Dilo [tseno] tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe” ruri di tshwanetse tsa balelwa gareng ga “dilo” tsa ga Keresete tse di tlhwatlhwakgolo tse di tlhokometsweng ke motlhanka yo o boikanyego.—Tshenolo 7:9; Hagai 2:7.

Motlhanka o Emelwa ke Setlhopha se se Laolang

10. Go ne go na le setlhopha sefe se se dirang ditshwetso mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme seo se ne se ama diphuthego jang?

10 Maikarabelo a magolo a motlhanka yo o boikanyego a ne a tla akaretsa le go dira ditshwetso tse dintsi. Mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete, baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema e ne e le baemedi ba setlhopha sa motlhanka, ba dira ditshwetso tse di amang phuthego yotlhe ya Bokeresete. (Ditiro 15:1, 2) Ditshwetso tsa setlhopha seno se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di fetisediwa kwa diphuthegong ka makwalo le baemedi ba ba etang. Bakeresete ba  bogologolo ba ne ba itumelela go amogela kaelo eno e e utlwalang sentle, mme tsela e ba neng ba iketleeditse ka yone go dirisana le setlhopha se se laolang e ne e dira gore go nne le kagiso le kutlwano.—Ditiro 15:22-31; 16:4, 5; Bafilipi 2:2.

11. Gompieno Keresete o dirisa mang go kaela phuthego ya gagwe, mme re tshwanetse go leba setlhopha seno sa Bakeresete ba ba tloditsweng jang?

11 Fela jaaka mo metlheng ya bogologolo ya Bokeresete, go na le setlhopha se sennye sa balebedi ba ba tloditsweng ka moya se se bopang Setlhopha se se Laolang sa balatedi ba ga Keresete mo lefatsheng gompieno. Keresete, Tlhogo ya phuthego, o dirisa ‘seatla sa gagwe sa moja’ kgotsa maatla a gagwe a a dirang, go kaela banna bano ba ba ikanyegang fa ba ntse ba okametse tiro ya Bogosi. (Tshenolo 1:16, 20) Mo polelong ya botshelo jwa gagwe, Albert Schroeder, yo o sa bolong go nna leloko la Setlhopha se se Laolang e bile a sa tswa go wetsa tirelo ya gagwe ya mo lefatsheng, o ne a kwala jaana: “Setlhopha se se Laolang se kopana ka Laboraro mongwe le mongwe, se simolola pokano eo ka thapelo le go kopa kaelo ya moya wa ga Jehofa. Go dirwa maiteko a magolo go bona gore kgang nngwe le nngwe e a rarabololwa le gore phetso nngwe le nngwe e e dirwang e tumalanong le Lefoko la Modimo Baebele.” * Re ka ikanya Bakeresete ba ba ntseng jalo ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang. Re tshwanetse go tsaya tsia taelo eno ya ga moaposetoloi Paulo bogolo segolo malebana le bone: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona.”—Bahebera 13:17.

Go Bontsha Motlhanka yo o Boikanyego Tlotlo e e Tshwanetseng

12, 13. Ke mabaka afe a Dikwalo a re nang le one a gore re tlotle setlhopha sa motlhanka?

12 Lebaka la konokono la go bontsha setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego tlotlo e e tshwanetseng ke gore fa re dira jalo, tota re bontsha gore re tlotla Mong, Jesu Keresete. Paulo o ne a kwala jaana ka batlodiwa: “Yo o neng a bidiwa a le mogololesegi ke motlhanka wa ga Keresete. Lo ne lwa rekwa ka tlhwatlhwa.” (1 Bakorintha 7:22, 23; Baefeso 6:6) Ka jalo, fa ka metlha re ikobela kaelo ya motlhanka yo o boikanyego le Setlhopha sa gagwe se se Laolang, re a bo re ikobela Keresete, Mong wa motlhanka. Tsela nngwe ya go ‘bolela ka phuthologo fa re dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara’ ke fa re bontsha go tlotla sedirisiwa se Keresete a se dirisang go laola dilo tsa gagwe tse di mo lefatsheng.—Bafilipi 2:11.

13 Lebaka le lengwe la Dikwalo la go bo re tshwanetse go tlotla motlhanka yo o boikanyego ke gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ba tlhalosiwa ka tsela ya tshwantshetso e le “tempele” e Jehofa a nnang mo go yone “ka moya.” Ka tsela eo, ba “boitshepo.” (1 Bakorintha 3:16, 17; Baefeso 2:19-22) Jesu o neile setlhopha seno se se bidiwang tempele e e boitshepo dilo tsa gagwe tsa mo lefatsheng gore se di tlhokomele, mme seo se kaya gore ditshwanelo dingwe le maikarabelo mangwe mo phuthegong ya Bokeresete a neilwe setlhopha seno fela. Ka lebaka leno, botlhe mo phuthegong ba go tsaya e le boikarabelo jwa bone jo bo boitshepo go latela le go ema nokeng kaelo e e tswang mo setlhopheng sa motlhanka yo o boikanyego le mo Setlhopheng sa sone se se Laolang. Ee ruri, ba “dinku tse dingwe” ba go tsaya e le tshiamelo e kgolo go thusa setlhopha sa motlhanka go tlhokomela dilo tsa Mong.—Johane 10:16.

Go ba Ema Nokeng ka Boikanyegi

14. Jaaka Isaia a ile a bolelela pele, ba dinku tse dingwe ba tsamaya jang fa morago ga setlhopha sa motlhanka sa batlodiwa ba direla jaaka “badiri ba ba sa duelweng?”

14 Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa bolelela pele kafa ba dinku tse dingwe ba tla bong ba ikobela maloko a a tloditsweng a Iseraele wa semoya ka teng ka boikokobetso: “Jehofa o buile jaana: ‘Badiri ba ba sa duelweng ba kwa Egepeto le bagwebi ba kwa Ethiopia le Baseba, banna ba baleele, ba tla tla kwa go wena, mme ba tla nna ba gago. Ba tla tsamaya fa morago ga gago; ba tla tla ka mehiri, mme ba tla go ikobela. Ba tla go rapela, ba re, “Ruri Modimo o seoposengwe le wena, mme ga go na ope o sele; ga go na Modimo ope yo mongwe.”’” (Isaia 45:14) Ka tsela ya tshwantshetso, ba dinku tse dingwe gompieno ba tsamaya fa morago ga setlhopha sa motlhanka sa batlodiwa le Setlhopha sa sone se se Laolang ba ikobela boeteledipele jwa bone. Ba dinku tse dingwe ba tshwana le “badiri ba ba sa duelweng” mme ba dira ka natla ka go  rata ba dirisa maatla a bone a mmele le dilwana tsa bone go ema nokeng tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e Keresete a e neileng balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng.—Ditiro 1:8; Tshenolo 12:17.

15. Boporofeti jwa Isaia 61:5, 6 bo bolelela pele jang kamano e e leng teng fa gare ga dinku tse dingwe le Iseraele wa semoya?

15 Ba dinku tse dingwe ba a itumela e bile ba lebogela go direla Jehofa ba okametswe ke setlhopha sa motlhanka le Setlhopha sa sone se se Laolang. Ba lemoga gore batlodiwa ke maloko a “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) E re ka ka tsela ya tshwantshetso e le “batswakwa” ba ba dirisanang le Iseraele wa semoya, ba direla ka boipelo e le “balemirui” le ‘babaakanyi ba mefine’ ba kaelwa ke batlodiwa, “baperesiti ba ga Jehofa” le “badiredi ba Modimo.” (Isaia 61:5, 6) Ba nna le seabe ka tlhoafalo mo go rereng dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi le mo go direng batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa. Ba thusa setlhopha sa motlhanka ka pelo yotlhe go disa le go tlhokomela ba seka dinku ba ba sa tswang go bonwa.

16. Ke eng se se tlhotlheletsang ba dinku tse dingwe go ema nokeng motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ka dinako tsotlhe?

16 Ba dinku tse dingwe ba lemoga gore ba solegetswe molemo thata ke maiteko a magolo a motlhanka yo o boikanyego a go ba naya dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. Ba dumela ka boikokobetso gore fa e ka bo e se ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, ba ka bo ba itse go le gonnye fela kgotsa ba sa itse sepe ka dikarolo dingwe tsa boammaaruri jwa Baebele jo bo tlhwatlhwakgolo, tse di jaaka, bolaodi jwa ga Jehofa, go itshepisiwa ga leina la gagwe, Bogosi, magodimo a masha le lefatshe le lesha, moya, boemo jwa baswi, le gore tota Jehofa le Morwawe ke bomang mme moya o o boitshepo tota ke eng. Ka ntlha ya go leboga le boikanyegi jo bo feletseng, ba dinku tse dingwe ba ema nokeng ka lorato ‘barwarraagwe’ Keresete bano ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng mo nakong eno ya bokhutlo.—Mathaio 25:40.

17. Setlhopha se se Laolang se bone go tlhokega go dira eng, mme go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 E re ka palo ya batlodiwa e ntse e ngotlega, ba ka se kgone go nna teng mo diphuthegong tsotlhe go tlhomamisa gore dilo tsa ga Keresete di tlhokomelwa sentle. Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se tlhoma banna go tswa mo gare ga dinku tse dingwe gore e nne balebedi mo diofising tsa makala, mo dikgaolong, mo dipotologong le mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. A tsela e re ikutlwang ka yone ka badisa bano ba ba tlhomilweng e ama boikanyegi jwa rona mo go Keresete le motlhanka wa gagwe yo o boikanyego? Seno se tla tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Fa o batla go bona tlhaloso ka botlalo ya kgang eno, bona Tora ya Tebelo, March 1, 2004, tsebe 13-18, le December 1, 1992, tsebe 13.

^ ser. 11 E gatisitswe mo go one makasine ono, mo go wa March 1, 1988, tsebe 10-17.

Fa re Boeletsa

• Moeteledipele wa rona ke mang, mme ke eng se se bontshang gore o itse maemo a a leng teng mo diphuthegong?

• Fa go tlhatlhobiwa “tempele,” ke bomang ba go ileng ga fitlhelwa ba dira jaaka motlhanka yo o boikanyego, mme ba ne ba newa dilo dife gore ba di tlhokomele?

• Re na le mabaka afe a Dikwalo a gore re eme motlhanka yo o boikanyego nokeng ka dinako tsotlhe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

“Dilo” tse di tlhokometsweng ke “molebedi” di akaretsa dikago, dithulaganyo tsa kobamelo le tiro ya go rera

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ba dinku tse dingwe ba ema setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego nokeng ka go rera ka tlhoafalo