Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo!

Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo!

 Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo!

BONTSI jwa kgakololo e e fitlhelwang mo dibukeng tse di leng teng gompieno tse di nayang batho dikgakololo e bua thata ka go thusa batho ba ba nang le mathata gone jaanong. Baebele yone e farologane le tsone. Kgakololo ya yone ga e thuse fela batho ba ba leng mo tlalelong. E kgona go thusa motho gore a seka a dira diphoso tse di ka mo tsenyang mo mathateng a a sa tlhokegeng.

Baebele e kgona “go naya ba ba se nang maitemogelo botlhale, go naya lekau kitso le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 1:4) Fa o dirisa kgakololo e e mo Baebeleng, “bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela, go go golola mo tseleng e e bosula.” (Diane 2:11, 12) Sekaseka dikai dingwe tse di maleba tsa kafa go latela kgakololo ya Baebele go ka go thusang ka gone gore o kgone go tokafatsa botsogo jwa gago, botshelo jwa gago jwa lelapa le go dira gore o nne modiri kana mothapi yo o molemo.

Nwa Bojalwa ka Tekano

Baebele ga e ganele go nwa bojalwa ka tekano. Moaposetoloi Paulo o ne a umaka mesola mengwe ya kalafi e e fitlhelwang mo beineng fa a ne a gakolola Timotheo yo mmotlana jaana: “Dirisa beine e nnye ka ntlha ya mala a gago le go bobola ga gago gangwe le gape.” (1 Timotheo 5:23) Ditemana dingwe mo Baebeleng di bontsha gore Modimo o ne a sa direla beine gore e nne molemo wa kalafi fela. Baebele ya re beine ‘e ipedisa pelo ya motho yo o nang le go swa.’ (Pesalema 104:15) Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra “dirwa batlhanka ke beine e ntsi.” (Tito 2:3) Ya re: “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe. Gonne letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega.” (Diane 23:20, 21) Go direga eng fa kgakololo eno e e utlwalang e itlhokomolosiwa? Ela tlhoko dintlha tseno tse di tswang mo dinageng di le mmalwa.

Pego ya 2004 ya Lefatshe Lotlhe e e malebana le Bojalwa e e dirilweng ke Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo ya re: “Mathata a a amanang le bojalwa a dirile gore batho ba kwa Ireland ba latlhegelwe ke didolara di le dibilione di le 3 tsa madi ka ngwaga.” Pego eno ya re madi ano a mantsintsi a akaretsa, “madi a a dirisiwang go tlhokomela balwetse (didolara di le dimilione di le 350), madi a a dirisediwang dikotsi tsa mo mebileng (didolara di le dimilione di le 380), madi a a dirisediwang tlolomolao e e bakilweng ke go nwa bojalwa go feta selekanyo (didolara di le dimilione di le 126), go wela tlase ga selekanyo sa tiro e e dirwang mo meberekong ka ntlha ya batho  ba ba sa tlang tirong ka gonne ba ne ba nole bojalwa go feta selekanyo (didolara di le dimilione di le 1300).”

Se se utlwisang botlhoko le go feta ditshenyegelo tse di bakwang ke go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, ke tsela e batho ba bogang ka yone ka ntlha ya bojalwa. Ka sekai, kwa Australia mo dikgweding di le 12 fela, batho ba ba fetang halofo ya milione ba ne ba sotliwa mo mmeleng ke batho ba ba noleng bojalwa ka tsela e e feteletseng. Kwa Fora, go bolelwa gore diperesente di le 30 tsa tirisodikgoka e e nnang teng mo malapeng e bakiwa ke go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Ka ntlha ya mabaka ano, ruri go a bonala gore kgakololo ya Baebele malebana le bojalwa e a utlwala.

Tila Mekgwa e e Leswafatsang

Morago kwa ka bo1942, fa go goga motsoko go ne go tsewa e le selo se se tlwaelegileng, makasine ono wa Tora ya Tebelo o ne wa thusa babadi ba one go lemoga gore go dirisa motsoko ke go tlola melaometheo ya Baebele mme go tshwanetse ga tilwa. Setlhogo se se neng sa gatisiwa mo ngwageng oo se ne sa bolela gore ba ba batlang go kgatlha Modimo ba tshwanetse go latela taelo e e mo Baebeleng ya go “[intlafatsa] leswe lengwe le lengwe la nama le moya.” (2 Bakorintha 7:1) Jaanong mo e ka nnang dingwaga di le 65 morago ga moo, ba le bantsi ba dumela gore kgakololo eno e e tswang mo Baebeleng e a utlwala.

Ka 2006 Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o ne wa bolela gore motsoko ke “selo sa bobedi se segolo se se bakang dintsho mo lefatsheng.” Ngwaga le ngwaga go swa batho ba ka nna dimilione di le tlhano ka ntlha ya go goga motsoko. HIV/AIDS yone e bolaya batho ba le dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga fa ba bapisiwa le bano. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, go fopholediwa gore go goga motsoko go bolaile batho ba ka nna dimilione di le 100, e leng batho ba ba batlileng ba lekana le ba ba bolailweng mo dintweng tsotlhe tse di lolweng mo lekgolong leo la dingwaga. Eleruri kgakololo e e botlhale ya go tlogela motsoko e amogelwa lefatshe ka bophara.

“Tshabang Kgokafalo”

Batho ba le bantsi ga ba batle go amogela kgakololo ya Baebele malebana le dikgang tse di amanang le tlhakanelodikobo. Go farologana le se ba le bantsi ba tlhotlheleditsweng gore ba se dumele, Baebele ga e bolele gore keletso ya tlhakanelodikobo e phoso. Mme gone e naya kgakololo e e utlwalang ya kafa batho ba tshwanetseng go itshwara ka gone mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo. Baebele e ruta gore tlhakanelodikobo ke ya monna le mosadi ba ba nyalaneng fela. (Genesise 2:24; Mathaio 19:4-6; Bahebera 13:4) Tlhakanelodikobo ke tsela e balekane ba ba mo lenyalong ba bontshanang lorato ka yone le e ba amogelang lorato ka yone mongwe go yo mongwe. (1 Bakorintha 7:1-5) Bana ba ba tsholwang ke batho ba ba nyalaneng ba nna le batsadi ba babedi ba ba ratanang.—Bakolosa 3:18-21.

Malebana le boaka, Baebele ya re: “Tshabang kgokafalo.” (1 Bakorintha 6:18) Ka ntlha yang? Temana eno e tswelela jaana: “Boleo bongwe le  bongwe bo sele jo motho a ka bo dirang bo ka kwa ntle ga mmele wa gagwe, mme yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.” Go direga eng fa kgakololo ya Baebele e e malebana le dikgang tsa tlhakanelodikobo e itlhokomolosiwa?

Ela tlhoko se se diregang kwa United States. Gone jaanong naga eo e na le palo e e kwa godimo thata ya basha ba ba imang mo dinageng tsotlhe tse di tlhabologileng—mo e ka nnang basha ba le 850 000 ngwaga le ngwaga. Masea a le mantsi a a sa bolaweng ka go ntsha mpa a tsholwa ke bommè ba ba sa nyalwang. Ga go pelaelo gore bontsi jwa bommè bano ba basha ba leka ka bojotlhe go godisa bana ba bone ka lorato le ka kotlhao mme bangwe ba bone ba a atlega. Le fa go ntse jalo, boammaaruri jo bo utlwisang botlhoko ke gore gantsi barwa ba bommè ba ba sa nyalwang ba feleletsa ba le kwa kgolegelong mme barwadi ba bommè ba ba sa nyalwang bone gantsi le bone e nna bommè ba sa ntse ba le basha. Mmatlisisi Robert Lerman o ne a kwala jaana morago ga go tlhatlhoba dipalopalo tsa masome a a fetileng a dingwaga: “Go ata ga malapa a motsadi a le mongwe e ka tswa e le lengwe la mabaka a a okeditseng mathata a a leng teng mo setšhabeng a a jaaka go oketsega ga bana ba le bantsi ba ba tlogelang sekolo, ba ba nwang bojalwa le go dirisa diokobatsi ka tsela e e feteletseng, basha ba ba imang le ba ba tsholang bana, le a bana ba e leng diganana.”

Ba ba itshwereng maswe mo go tsa tlhakanelodikobo le bone ba lebane le dikotsi tse di masisi tsa botsogo, tse di tla ba amang mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Ka sekai, lokwalodikgang lo lo bidiwang Pediatrics lo bega jaana: “Tshedimosetso e bontsha gore basha ba ba tlhakanelang dikobo ba mo kotsing ya go nna le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong kana go ipolaya.” Malebana le dikotsi tse dingwe tsa botsogo tse di ka bakiwang ke seno, American Social Health Association e bega jaana: “Baagi ba ba fetang halofo [ba kwa United States] ba tla tshwarwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo nako nngwe mo botshelong jwa bone.” Akanya fela ka bohutsana le pogo tse di neng di ka tilwa fa kgakololo e e mosola ya Baebele e e kaga tlhakanelo dikobo e ne e ka latelwa!

Go Nna le Dikamano Tse di Nonofileng Tsa Lelapa

Baebele e dira se se fetang fela go re tlhagisa ka mekgwa e e kotsi. Ela tlhoko kgakololo ya yone e e mosola ya kafa botshelo jwa lelapa bo ka tokafadiwang ka gone.

Lefoko la Modimo la re: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.” (Baefeso 5:28) Go na le go gore ba se ka ba tsaya basadi ba bone tsia, banna ba rotloediwa gore ba nne le bone “go ya ka kitso, lo ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi.” (1 Petere 3:7) Banna ba gakololwa jaana ka dikgotlhang tse di ka nnang teng mo lelapeng: “Nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” (Bakolosa 3:19) A ga o dumele gore monna yo o dirisang kgakololo eno o tla ratwa le go tlotlwa ke mosadi wa gagwe?

Baebele e naya basadi kaelo eno: “A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena, ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego . . . Mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:22, 23, 33) A ga o akanye gore mosadi yo o latelang kgakololo eno fa a bua le monna wa gagwe kana a bua ka ene o tla ratwa thata ke monna wa gagwe?

Malebana le go thapisa bana, Baebele e gakolola lona batsadi gore lo buisane le bana ba lona ‘fa lo ntse mo ntlong ya lona le fa lo tsamaya mo tseleng le fa lo rapama le fa lo tsoga.’ (Duteronome 6:7) Borre ba laelwa ka mo go kgethegileng gore ba kaele bana ba bone ka tsela e ba tshwanetseng go itshwara ka yone ba bo ba ba otlhaye ka lorato. Lefoko la Modimo la re: “Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Bana le bone ba laelwa jaana: “Utlwang batsadi ba lona,” mme o ‘tlotle rrago le mmago.’ *Baefeso 6:1, 2.

A o akanya gore malapa a ka solegelwa molemo fa a ka dirisa kgakololo eno? O ka nna wa re ‘ee, go motlhofo go bua mme a tota go a kgonega?’ Re go kopa gore o etele kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la gaeno. O  tla kopana le malapa a a lekang ka natla go dirisa kgakololo e e botlhale ya Baebele. Buisana le bone. Ela tlhoko tsela e maloko a lelapa a dirisanang ka yone. O tla iponela gore ruri go tshela ka melaometheo ya Baebele go dira gore malapa a itumele!

Modiri yo o Tlhoafetseng le Mothapi yo o Siameng

Baebele ya reng malebana le kgwetlho ya letsatsi le letsatsi ya go boloka tiro ya boitshediso? Ya re modiri yo o itseng tiro ya gagwe sentle o tla ratwa le go duelwa. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a botsa jaana: “A o bone motho yo o setswerere mo tirong ya gagwe? O tla ema fa pele ga dikgosi.” (Diane 22:29) Fa e le “motho yo o setshwakga” ene, o ntse jaaka “mosi mo matlhong” a mothapi wa gagwe. (Diane 10:26) Baebele e kgothatsa badiri gore ba ikanyege mme ba dire ka thata. “Moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo.” (Baefeso 4:28) Kgakololo eno e a dira le fa mothapi a sa mmone. “Nnang kutlo mo go sengwe le sengwe mo go ba e leng beng ba lona ka tlhaloganyo ya senama, e seng ka ditiro tsa go direla fa lo lebilwe, jaaka bakgatlhi ba batho, fa e se ka bopeloephepa jwa pelo, ka go boifa Jehofa.” (Bakolosa 3:22) Fa o le mothapi, a o ne o se kitla o rata modiri yo o dirisang kgakololo eno?

Baebele e gakolola bathapi jaana: “Modiri o tshwanelwa ke tuelo ya gagwe.” (1 Timotheo 5:18) Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o ne o laela gore bathapi ba duele badiri madi a a lekanetseng. Moshe o ne a kwala jaana: “O se ka wa direla mongwe ka wena ka boferefere, gape o se ka wa thukutha. Tuelo ya modiri yo o thapilweng e se ka ya nna bosigo jotlhe le wena go fitlha mo mosong.” (Lefitiko 19:13) A o ne o se kitla o itumelela go direla mothapi yo o latelang kgakololo eno ya Baebele, a go duela ka nako le ka tshwanelo?

Motswedi wa Maemo a a Kwa Godimo wa Botlhale

A ga go gakgamatse gore buka ya bogologolo jaana jaaka Baebele e na le kgakololo e e mosola le gompieno? Lebaka la go bo Baebele e ne ya tswelela e le teng fa dibuka tse dingwe tse dintsi tsone di feletswe ke nako ke ka go bo e se lefoko la batho mme e le “lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13.

Re go kgothaletsa gore o iphe nako ya go itlwaelanya le Lefoko la Modimo. Fa o dira jalo, o tla simolola go rata Mokwadi wa Baebele, Jehofa Modimo. Dirisa kgakololo ya yone mme o bone kafa e tla go sireletsang ka gone mo mathateng e bo e go thuse go tokafatsa botshelo jwa gago. Fa o dira jalo, o tla ‘atamela Modimo, mme o tla go atamela.’ (Jakobe 4:8) Ga go buka epe e e ka go thusang ka tsela eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Go bona dintlha ka botlalo ka melaometheo ya Baebele e e ka thusang lelapa la gago, bona buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

A o akanya gore se Baebele e se buang ka bojalwa se a utlwala?

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A o dumalana le kgakololo e e theilweng mo Baebeleng ya gore re se ka ra dirisa motsoko?

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go latela kgakololo ya Baebele go tokafatsa botshelo jwa lelapa

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Globe: Based on NASA photo