Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se go Tla ga ga Keresete go Tla se Dirang

Se go Tla ga ga Keresete go Tla se Dirang

 Se go Tla ga ga Keresete go Tla se Dirang

“POIFO KWA SÃO PAULO.” Makasine wa Veja o ne wa tlhalosa jalo malatsi a manè mo kgweding ya May 2006 fa bokebekwa jo bo rulagantsweng bo ne bo koafaditse toropo e kgolo le e e humileng go di gaisa tsotlhe kwa Brazil. Go ne ga bolawa badiredi ba molao, dikebekwa le batho fela ba ba se nang molato ba ka nna 150 ka nako eo “ya diura di feta 100 tsa poifo.”

Gongwe le gongwe mo lefatsheng go buiwa ka thubakanyo. Go lebega baeteledipele ba batho ba sa kgone go e emisa. Lefatshe la rona le ntse le nna lefelo le le kotsi tota go tshela mo go lone. Gongwe o ikutlwa o kgobegile marapo ka gonne gongwe le gongwe fela kwa o lebang teng go na le dikgang di le dintsi tse di maswe. Le fa go ntse jalo, nako ya phetogo e gaufi.

Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele Bogosi jwa Modimo gore bo tle le gore thato ya Modimo e diragale, “le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Bogosi jono ke puso e Keresete Jesu e leng Kgosi ya jone e e tlhomilweng ke Modimo. Bo tla rarabolola mathata otlhe a batho. Le fa go ntse jalo, gore Bogosi jwa Modimo bo kgone go dira diphetogo mo lefatsheng, puso ya batho e tshwanetse go emisediwa ke ya ga Keresete. Seno ke sone se go tla ga ga Keresete go tlileng go se dira.

A ke Phetogo ya Kagiso?

A ditšhaba di tla ineela ka kagiso mo pusong ya ga Keresete? Moaposetoloi Paulo o ne a bontshiwa ponatshegelo e e re nayang karabo. Johane a re: “Ka bona sebatana [tsamaiso ya lefatshe ya dipolotiki] le dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone a phuthegetse go lwa ntwa le [Jesu] yo o pagameng pitse le masole a gagwe.” (Tshenolo 19:19) Dikgosi tsa lefatshe di tla diragalelwa ke eng mo ntweng eno? Baebele ya re Kgosi ya ga Jehofa e e tloditsweng e “tla ba thubaganya ka lore lwa segosi lwa tshipi, o tla ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi wa letsopa.” (Pesalema 2:9) Tsamaiso ya bopolotiki e tla fedisiwa gotlhelele. Bogosi jwa Modimo “bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Go tla diragalang ka batho ba ba ganetsang Bogosi jwa Modimo? “Fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang,” Jesu o tlhalosiwa e le yo o ‘tlisang pusoloso  mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo.’ (2 Bathesalonika 1:7, 8) Diane 2:22 ya re: “Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”

Baebele e bua jaana malebana le go tla ga ga Keresete: “Bona! O tla a le mo marung, mme leitlho lengwe le lengwe le tla mmona.” (Tshenolo 1:7) Batho ga ba na go mmona ka matlho a bone a mmatota. Fa e sa le Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, ke motho wa moya “yo o nnang mo leseding le le ka se kang la atamelwa, yo go se nang le a le mongwe wa batho yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang.”—1 Timotheo 6:16.

Ga go tlhokege gore Jesu e nne motho gore a “bonwe” ke banni ba lefatshe fela jaaka go ne go sa tlhokege gore Jehofa a bonwe fa a ne a tlisa Dipetso tse di Lesome mo Baegepetong ba motlha wa ga Moshe. Batho ba motlha oo ba ne ba sa belaele gore dipetso tseo di ne di tlisiwa ke Jehofa, mme ba ne ba patelesega go dumela gore o maatla. (Ekesodo 12:31) Ka tsela e e tshwanang, fa Keresete a tsaya kgato jaaka Modiragatsakatlholo wa Modimo, batho ba ba bosula ba tla patelesega go “bona” kgotsa go lemoga gore Modimo o dirisa Jesu go ba atlhola. Ba tla itse seno ka gonne batho ba tla bo ba tlhagisitswe go sa le pele. Ee ruri, “leitlho lengwe le lengwe le tla mmona [Jesu], . . . mme ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya di hutsafetse ka ntlha ya gagwe.”—Tshenolo 1:7.

Go botlhokwa thata gore batho ba ba bosula ba senngwe mme puso e e boikepo e fedisiwe pele ga go nna le kagiso ya boammaaruri mo lefatsheng. Keresete o tla dira seo. Go tswa foo o tla tsaya marapo a ditsamaiso tsotlhe mo lefatsheng, mme go tla latela diphetogo tse dikgolo.

Tsosoloso e e Lereng Melemo

Moaposetoloi Petere o ne a bua ka “go tsosolosiwa ga dilo tsotlhe tse Modimo a neng a bua ka tsone ka molomo wa baporofeti ba gagwe ba ba boitshepo ba nako ya bogologolo.” (Ditiro 3:21) Tsosoloso eno e akaretsa phetogo e e tla nnang teng mo lefatsheng ka nako ya puso ya ga Keresete. Mongwe wa baporofeti ba Modimo a buileng ka bone ka “go tsosolosiwa ga dilo tsotlhe” mo lefatsheng ke moporofeti Isaia, wa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E. O ne a bolela e sa le pele gore Jesu Keresete, “Kgosana ya Kagiso” o ne a tla busetsa kagiso mo lefatsheng. Malebana le puso ya ga Keresete, boporofeti jwa ga Isaia jwa re: “Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.” (Isaia 9:6, 7) Jesu o tla ruta batho ba mo lefatsheng go tshela ka kagiso. Ba ba ruang lefatshe “ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

Ke eng se se tla diragalang ka lehuma le tlala mo pusong ya ga Keresete? Isaia o rile: “Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, mo thabeng eno, mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng.” (Isaia 25:6) Mopesalema o ne a re: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” (Pesalema 72:16) Re bala jaana malebana le batho ba ba tla nnang mo lefatsheng: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21, 22.

Isaia gape o ne a bua e sa le pele ka go khutla ga bolwetse le loso. Modimo o ne a bua ka Isaia a re: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.” (Isaia 35:5, 6) Mme “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Modimo “ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

 Go tla diragalang ka baswi botlhe “ba ba mo mabitleng a kgakologelo”? (Johane 5:28, 29) Isaia o ne a porofeta jaana: “Baswi ba gago ba tla tshela. . . . [Ba] tla tsoga.” (Isaia 26:19) Ee, ba ba robetseng mo losong ba tla tsosiwa!

“Modimo ke Setulo sa Bogosi sa Gago ka Bosaengkae”

Go tla ga ga Keresete go tla felela ka go tsosolosiwa ka botlalo ga polanete e e bidiwang Lefatshe. Lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise e ntle, mme batho ba tla nna seoposengwe ba obamela Modimo wa boammaaruri. A re ka tlhomamisega gore Jesu Keresete o tla atlega fa a tlosa boikepo mo lefatsheng mme a dira gore go nne le maemo a a siameng?

Akanya ka motswedi wa maatla le bolaodi tse di neilweng Jesu. Baebele e bua jaana fa e bua ka Morwa: “Modimo ke setulo sa bogosi sa gago ka bosaengkae le go ya go ile, mme lore lwa segosi lwa bogosi jwa gago ke lore lwa segosi lwa thokgamo. O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao.” (Bahebera 1:8, 9) Setulo sa ga Jesu sa bogosi, ke gore maemo a gagwe kana bolaodi jwa gagwe, di tswa kwa go Jehofa. Modimo ke Mosimolodi le Monei wa setulo seno sa bogosi. Ga go na mathata ape a a tla nnang boima thata mo Jesu a ka palelwang ke go a rarabolola.

Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Mathaio 28:18) 1 Petere 3:22 ya re: “Baengele le balaodi le bathata ba ne ba bewa mo taolong ya gagwe.” Ga go na maatla ape kana bolaodi tse di tla atlegang go ganetsa Jesu. Ga go na sepe se se ka mo thibelang go direla batho dilo tse di tla ba solegelang molemo goyagoile.

Kafa go Tla ga ga Keresete go Amang Batho ka Teng

Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bathesalonika, o ne a re: “Re gopola tiro ya lona ya go nna le tumelo, re sa kgaotse, le tiro ya lona ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa lona ka ntlha ya tsholofelo ya lona mo Moreneng wa rona Jesu Keresete fa pele ga Modimo wa rona le Rara.” (1 Bathesalonika 1:3) Paulo o ne a tlhalosa gore tiro ya bonatla le boitshoko di nna teng ka ntlha ya go solofela mo go Jesu Keresete. Tsholofelo eo e akaretsa go nna le tumelo mo go tleng ga ga Jesu le mo tsosolosong e e tla latelang morago ga gone. Tsholofelo e e ntseng jalo e ka nonotsha Bakeresete ba boammaaruri kana ya dira gore ba itshoke, le fa ba le mo maemong a a thata tota.

Ka sekai, akanya ka Carlos yo o nnang kwa São Paulo, kwa Brazil. Ka August 2003, Carlos o ne a lemoga gore o na le kankere. Fa e sale go tloga ka nako eo, o ne a dirilwe dikaro di le robedi tse di neng tsa felela ka gore a utlwe botlhoko bo se kana ka sepe. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a kgothatsa ba bangwe. Ka sekai, fa a ne a rera mo mmileng o o fa pele ga bookelo bongwe jo bogolo, o ne a kopana le Mosupi yo mongwe wa ga Jehofa yo monna wa gagwe a neng a newa kalafi ya dikhemikale. Ka gonne Carlos a ne a itse botlhoko jwa go tshwarwa ke kankere, o ne a kgona go kgothatsa monna yono le mosadi wa gagwe. Morago ga moo, banyalani bano ba ne ba re motlotlo oo o ba kgothaditse. Ka jalo, Carlos o ne a iponela gore mafoko ano a ga Paulo a boammaaruri: ‘[Modimo] o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re kgone go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano ka kgomotso e rona ka borona re gomodiwang ka yone ke Modimo.’— 2 Bakorintha 1:4.

Ke eng se se thusang Carlos go nna le nonofo ya go tswelela a kgothatsa ba bangwe le fa le ene a lwala? Tsholofelo ya go tla ga ga Keresete le sotlhe se go tla se dirang e kgothatsa Carlos go tswelela a “dira se se molemo.”—Bagalatia 6:9.

Gape akanya ka Samuel, yo monnawe a neng a bolawa dimetara di le 50 fela go tswa fa ntlong ya ga rraabone. Monnawe o ne a thuntshitswe makgetlho a le lesome. Setopo sa gagwe se ne se rapaletse fa thoko ga tsela diura di le robedi fa mapodise a ne a batlisisa tlolomolao eo. Samuel ga a lebale se se diragetseng mo letsatsing leo. Le fa go ntse jalo, o gomodiwa ke tsholofelo ya gore Keresete o tla fedisa bosula jotlhe mo lefatsheng mme le gore puso e e siameng e e tla latelang e tla tlisetsa batho ba masego. Gantsi  Samuel o akanya ka nako e a tla tlamparelang monnawe fa a tsosiwa mo lefatsheng la Paradaise.—Ditiro 24:15.

Ke Eng se o Tshwanetseng go se Dira?

O tla gomodiwa thata ke tsholofelo ya go tla ga ga Keresete le se go tla se dirang. Jesu Keresete o tla rarabolola mathata otlhe a batho le bosula jo bo re aparetseng.

Ke eng se o tshwanetseng go se dira gore o kgone go itumelela masego ano a puso ya ga Keresete e tla a leretseng batho? Ithute Lefoko la Modimo, Baebele, ka kelotlhoko. Jesu o ne a bua jaana fa a ne a rapela rraagwe: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Itirele mokgele wa go tlhatlhoba se se rutwang ke Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa mo go seno. Re go laletsa ka lorato gore o ikgolaganye le bone kana o kwalele bagatisi ba makasine ono.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go tla ga ga Keresete go tla dira gore lefatshe le tsosolosiwe ka botlalo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Inset, background only: Rhino and Lion Park, Gauteng, South Africa