Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Madimona—Re ka Emelana le One Jang?

Madimona—Re ka Emelana le One Jang?

 Madimona—Re ka Emelana le One Jang?

“Baengele ba ba sa kang ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno, [Modimo] o ba beetse katlholo ya letsatsi le legolo mo lefifing le le kwenneng ka dikgole tsa bosakhutleng.”—JUDE 6.

1, 2. Go tsoga dipotso dife kaga Satane Diabolo le madimona?

MOAPOSETOLOI Petere o tlhagisa jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Moaposetoloi Paulo o bolela jaana ka madimona: “Ga ke batle gore lo nne batlhakanedi le madimona. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa ga Jehofa le senwelo sa madimona; ga lo ka ke lwa ja mo ‘tafoleng ya ga Jehofa’ le mo tafoleng ya madimona.”—1 Bakorintha 10:20, 21.

2 Mme gone Satane Diabolo le madimona ke bomang? Ba nnile gone jang le gone leng? A ba bopilwe ke Modimo? Ba na le tlhotlheletso e kana kang mo bathong? Re ka itshireletsa jang mo go bone, fa e le gore gone go ka kgonega?

Satane le Madimona ba Nnile Teng Jang?

3. Moengele mongwe wa Modimo o ne a fetoga Satane Diabolo jang?

3 Bogologolo mo hisitoring ya batho, fa ba ne ba simologa kwa tshimong ya Edene, moengele mongwe wa Modimo o ne a tsuologa. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a sa kgotsofalele seabe sa gagwe mo thulaganyong ya ga Jehofa ya kwa legodimong. Fa Adame le Efa ba sena go bopiwa o ne a bona e le sebaka sa gore a ka ba faposa gore ba utlwe ene le go mo obamela mo boemong jwa Modimo wa boammaaruri. Ka go tsuologela Modimo le go tlhotlheletsa banyalani ba ntlha gore ba tseye tsela ya boleo, moengele yono o ne a itira Satane Diabolo. Fa nako e ntse e ya, baengele ba bangwe le bone ba ne ba tsenelela mo botsuoloding jono. Jang?—Genesise 3:1-6; Baroma 5:12; Tshenolo 12:9.

4. Baengele bangwe ba ditsuolodi ba ne ba dirang pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa?

4 Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di re bolelela gore nako nngwe pele ga Morwalela o mogolo wa motlha wa ga Noa, baengele bangwe ba ne ba simolola go kgatlhegela basadi ba mo lefatsheng ka tsela e e sa tlwaelegang. Baebele ya re “bomorwa Modimo wa boammaaruri” ba ba nnang kwa legodimong ba ne ba nna le maitlhomo a a sa siamang mme “ba simolola go  bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha.” Go kopana jalo ga baengele le batho e ne e se ga tlholego mme ba ne ba tshola bana ba batsadi ba bone e leng ba mefuta e e sa tshwaneng. Bana bano ba ne ba bidiwa Banefilime. (Genesise 6:2-4) Dibopiwa tsa semoya tse di neng tsa se ka tsa ikobela Modimo jalo di ne tsa kopanela le Satane mo go tsuologeleng Jehofa.

5. Ditsuolodi di ne tsa amega jang fa Jehofa a senya lefatshe ka Morwalela o mogolo?

5 Fa Jehofa a tlisa Morwalela mo lefatsheng, Banefilime le bommaabone ba batho ba ne ba feta le metsi. Baengele ba ditsuolodi ba ne ba patelesega go apola mebele ya bone ya batho mme ba boela kwa lefelong la semoya. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ka se ka ba boela mo ‘boemong jwa bone jwa kwa tshimologong’ jwa go nna le Modimo. Go na le moo, ba ne ba latlhelwa mo ‘lefifing le le kwenneng’ la semoya, le le bidiwang Tatarase.—Jude 6; 2 Petere 2:4.

6. Madimona a tsietsa batho jang?

6 Fa e sale baengele ba ba boikepo ba felelwa ke “boemo jwa bone jwa kwa tshimologong,” e ntse e le madimona a a tsamayang le Satane e bile a ntse a mo thusa mo ditirong tsa gagwe tse di bosula. Fa e sa le ka nako eo go ya pele, madimona ga a tlhole a kgona go ikapesa mebele ya batho. Mme gone a kgona go raela banna le basadi gore ba dire mekgwa e e sokameng ya tlhakanelodikobo. Gape madimona a tlhoafetse ka go tsietsa batho a dirisa bodimona, jo bo ka akaretsang boloi, voodoo le batho ba ba buang le meya. (Duteronome 18:10-13; 2 Ditiragalo 33:6) Baengele ba ba boikepo ba tla felela jaaka Diabolo, ba tla senyediwa ruri. (Mathaio 25:41; Tshenolo 20:10) Mme fa ba sa ntse ba ise ba senngwe, re tshwanetse go ema re nitame gore re kgone go emelana le bone. Go molemo go sekaseka kafa Satane a leng maatla ka teng le kafa re ka kgonang go emelana le ene le madimona a gagwe ka teng.

Satane o Maatla go le Kana Kang?

7. Satane o laola lefatshe go le kana kang?

7 Satane o ntse a senya Jehofa leina go ralala hisitori. (Diane 27:11) Mme o tlhotlheleditse batho ba bantsi mo lefatsheng. Temana ya 1 Johane 5:19 ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Ke sone se Diabolo a neng a ka raela Jesu a re a ka mo naya taolo le kgalalelo ya “magosi otlhe a lefatshe le le nang le banni.” (Luke 4:5-7) Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana kaga Satane: “Jaanong, fa dikgang tse di molemo tse re di bolelang totatota di siregile, di siregetse ba ba nyelelang, ba modimo wa tsamaiso eno ya dilo o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore go bonesa ga dikgang tse di molemo tse di galalelang ka ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, go se ka ga ba phatsimela.” (2 Bakorintha 4:3, 4) Satane ke “moaki le ramaaka,” mme o a tle a iphetole “moengele wa lesedi.” (Johane 8:44; 2 Bakorintha 11:14) O na le maatla e bile o na le mekgwa e e tlhokegang go foufatsa megopolo ya babusi ba lefatshe le babusiwa ba lone. O tsieditse batho a dirisa tshedimosetso e e tsietsang le ditlhamane le maaka a bodumedi.

8. Baebele e bontshang malebana le tlhotlheletso ya ga Satane?

8 Maatla le tlhotlheletso ya ga Satane di ne di bonala mo motlheng wa ga moporofeti Daniele, makgolo a dingwaga a ka nna matlhano pele ga Motlha wa Rona. Fa Jehofa a ne a romela moengele gore a isetse Daniele molaetsa wa kgothatso, moengele o ne a thibelwa ke “kgosana [ya moya] ya puso ya segosi ya Peresia.” Moengele yo o ikanyegang o ne a thibelwa jalo malatsi a le 21 go fitlha “Mikaele, mongwe wa dikgosana tse di kwa pelepele,” a tla go mo thusa. Yone pego eo gape e bua ka “kgosana ya Gerika” ya ledimona. (Daniele 10:12, 13, 20) Mme mo go Tshenolo 13:1, 2, Satane o tlhalosiwa e le “kgogela” e e nayang sebatana sa bopolotiki “maatla a yone le setulo sa yone sa bogosi le taolo e kgolo.”

9. Bakeresete ba lwa le bomang?

9 Ke sone se moaposetoloi Paulo a ileng a kwala a re: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Tota le gompieno, madimona a a laolwang ke Satane Diabolo a dira a sa bonale, a tlhotlheletsa babusi ba  lefatshe le batho ka kakaretso, a ba rotloetsa go dira ditiro tse di setlhogo thata tsa kgailo ya merafe, borukhutlhi le polao. Jaanong a re boneng gore re ka kgona jang go emelana le baengele bano ba ba maatla.

Re ka Itshireletsa ka Eng?

10, 11. Re ka emelana jang le Satane le madimona a gagwe a a boikepo?

10 Re ka se ka ra kgona go lwantsha Satane le baengele ba gagwe ba ba boikepo ka maatla a rona, e ka tswa e le a mmele kgotsa a tlhaloganyo. Paulo o re gakolola jaana: “Tswelelang lo bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe.” Re tshwanetse ra batla tshireletso mo Modimong. Paulo o oketsa jaana: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo . . . Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong, gore lo tle lo kgone go itsetsepela mo letsatsing le le boikepo le gore, fa lo sena go dira dilo tsotlhe ka botlalo, lo eme lo nitame.”—Baefeso 6:10, 11, 13.

11 Paulo o kgothaletsa Bakeresete ka ene gabedi gore ba apare “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.” Polelwana e e reng “tse di feletseng” e bontsha gore re ka se kgone go emelana le tlhaselo ya madimona ka go ikgolola fela. Ka jalo dikarolo tsa botlhokwa tsa diaparo tsa phemelo tsa semoya tse Bakeresete ba gompieno ba di tlhokang ka potlako gore ba kgone go emelana le madimona ke dife?

“Emang lo Nitame”—Jang?

12. Bakeresete ba ka gatlha matheka a bone jang ka boammaaruri?

12 Paulo o tlhalosa jaana: “Jalo, emang lo nitame, lotheka lwa lona lo gatlhilwe ka boammaaruri, mme lo apere seiphemelo sa sehuba sa tshiamo.” (Baefeso 6:14) Dikarolo tse pedi tsa seaparo sa phemelo tse di umakiwang fano ke moikgatlho, kgotsa lebanta, le seiphemelo sa sehuba. Lesole le ne le tshwanetse go nna le ikgatlhile sentle gore le itshireletse lotheka (dinoka le dimpa) le gore le kgone go rwala bokete jwa tšhaka. Ka tsela e e tshwanang, boammaaruri jwa Baebele bo tshwanetse go re gatlha sentle mo lothekeng, ka tsela ya tshwantshetso, gore re tshele go dumalana le jone. A o na le thulaganyo ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi? A lelapa lotlhe le kopanela mo thulaganyong eo? A lo na le thulaganyo ya go bala temana ya letsatsi lo le mmogo jaaka lelapa? Mo godimo ga moo, a o nna o itse ditlhaloso tse disha tse di mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”? (Mathaio 24:45) Fa go le jalo, go raya gore o leka go latela kgakololo ya ga Paulo. Gape re na le dibidio le di-DVD tse di ka re nayang kaelo ya Dikwalo. Go tshwarelela ka thata mo boammaaruring go ka re thusa go dira ditshwetso tse di siameng le go re sireletsa gore re se ka ra latela tsela e e sa siamang.

13. Re ka sireletsa pelo ya rona ya tshwantshetso jang?

13 Seiphemelo sa sehuba sa mmatota se ne se sireletsa sehuba, pelo le dikarolo tse dingwe tsa botlhokwa tsa mmele wa lesole. Mokeresete a ka sireletsa pelo ya gagwe ya tshwantshetso—motho yo a leng ene mo teng—ka go tlhagolela lorato lwa go rata tshiamo ya Modimo le ka go latela melao ya ga Jehofa ya tshiamo. Seiphemelo sa sehuba sa tshwantshetso se re sireletsa gore re se ka ra nyatsa Lefoko la Modimo. Fa re simolola go ‘tlhoa se se bosula, mme re rata se se molemo,’ re thibela maoto a rona gore a se fapogele  “mo tselaneng nngwe le nngwe e e bosula.”—Amose 5:15; Pesalema 119:101.

14. Go kaya eng gore ‘dinao tsa rona di rwale iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso’?

14 Gantsi maoto a masole a Roma a ne a na le ditlhako tse di siametseng mesepele e meleele mo ditseleng tse dikgolo tse di neng di le makgolokgolo a dikilometara go ralala mmusomogolo wa Roma. Polelwana e e reng “dinao tsa lona di rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso” e na le bokao bofe mo Bakereseteng? (Baefeso 6:15) E kaya gore re iketleeditse go tsaya kgato. Re iketleeditse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo nako le nako fa go tshwanela. (Baroma 10:13-15) Fa re tlhoafetse mo bodireding jwa Bokeresete, seo se re sireletsa kgatlhanong le “maano a boferefere” a ga Satane.—Baefeso 6:11.

15. (a) Ke eng se se bontshang gore thebe e kgolo ya tumelo e botlhokwa thata? (b) Ke ‘dibetsa dife tse di konopiwang tse di fisang’ tse di ka senyang tumelo ya rona?

15 Paulo o tswelela pele jaana: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone.” (Baefeso 6:16) Kgakololo ya gore re tseye thebe e kgolo ya tumelo e simolola ka polelwana e e reng “mo godimo ga tsotlhe,” go bontsha gore karolo eno ya seiphemelo e botlhokwa thata. Tumelo ya rona ga e a tshwanela go tlhaela ka gope. Fela jaaka thebe e kgolo e e sireletsang, tumelo ya rona e re sireletsa mo ‘dibetseng tse di konopiwang tse di fisang’ tsa ga Satane. Dibetsa tseno di ka tswa di tshwantshetsa eng gompieno? E ka nna tlhapatso e e botlhoko, maaka le dipolelo tsa boammaaruri jo bo sa felelang tse di gatisiwang ke baba le batlhanogi ba ba lekang go koafatsa tumelo ya rona. ‘Dibetsa’  tseno gape e ka tswa e le dithaelo tsa gore re rate dilo tse di bonalang, mme re feleletse re tshwarega thata ka go reka dilwana tse dintsi re bo re simolole go gaisana le ba ba wetseng mo botshelong jwa go rata go itshupa. Gongwe ba tsentse madi a mantsi mo go rekeng magae le dikoloi tse dikgolwane e bile di le botoka kgotsa go supa dibenyane tsa bone tse di jeleng madi a mantsi le difeshene tsa bosheng tsa diaparo. Go sa kgathalesege gore ba bangwe ba dirang, re tshwanetse ra nna le tumelo e e nonofileng gore e ka thibosa ‘dibetsa tseno tse di konopiwang tse di fisang.’ Re aga jang tumelo e e nonofileng re bo re nne re na le yone?—1 Petere 3:3-5; 1 Johane 2:15-17.

16. Ke eng se se ka re thusang gore re nne le tumelo e e nonofileng?

16 Re ka atamalana le Modimo ka go ithuta Baebele ka namana ka metlha le ka go rapela ka tlhoafalo. Re ka rapela Jehofa gore a re nonotshe tumelo re bo re dira ditiro tse di tsamaisanang le dithapelo tsa rona. Ka sekai, a re baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke ka tlhoafalo gore re tle re arabe? Tumelo ya rona e tla nonofa fa re ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng.—Bahebera 10:38, 39; 11:6.

17. Re ka ‘amogela tlhoro ya phemelo ya poloko’ jang?

17 Paulo o konela tlhaloso ya gagwe ya diaparo tsa phemelo tsa semoya ka kgakololo eno: “Amogelang tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo.” (Baefeso 6:17) Tlhoro ya phemelo e ne e sireletsa tlhogo le boboko jwa lesole, e leng jone jo bo dirang ditshwetso. Ka tsela e e tshwanang, tsholofelo ya rona ya Bokeresete e sireletsa maatla a rona a go akanya. (1 Bathesalonika 5:8) Mo boemong jwa go tlatsa megopolo ya rona ka mekgele ya lefatshe le go eletsa go nna le dithoto, re tshwanetse go tlhoma mogopolo wa rona mo tsholofelong e re e neilweng ke Modimo, fela jaaka Jesu a ne a dira.—Bahebera 12:2.

18. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlhokomologa thulaganyo ya rona ya go bala Baebele ka metlha?

18 Selo sa bofelo se se ka re sireletsang mo tlhotlheletsong ya ga Satane le madimona a gagwe ke lefoko la Modimo kgotsa molaetsa wa gagwe, o o kwadilweng mo Baebeleng. Leno ke lebaka le lengwe le ka lone re sa tshwanelang go tlhokomologa thulaganyo ya rona ya go bala Baebele ka metlha. Go nna le kitso e e boteng ya Lefoko la Modimo go re sireletsa mo maakeng a ga Satane le mo tshedimosetsong ya bodimona mmogo le mo mafokong a a bogale a batlhanogi.

‘Tswelelang lo Rapela ka Lobaka Longwe le Longwe’

19, 20. (a) Go tla diragala eng ka Satane le madimona a gagwe? (b) Ke eng se se ka re nonotshang semoyeng?

19 Go setse go le gaufi gore go fedisiwe Satane, madimona a gagwe le lefatshe le le boikepo. Satane o itse gore “o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” O galefile e bile o lwa le “ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 12:12, 17) Go botlhokwa gore re ganetse Satane le madimona a gagwe.

20 A bo re ka anaanela jang ne kgakololo ya gore re apare diaparo tse di feletseng tsa phemelo tse di tswang kwa Modimong! Paulo o konela tlhaloso ya gagwe ya seaparo sa phemelo sa semoya ka kgakololo eno: “Ka mofuta mongwe le mongwe wa thapelo le mokokotlelo lo tswelela lo rapela ka lobaka longwe le longwe ka moya. Mme gore lo dire jalo, nnang lo tsogile ka metlha yotlhe e bile lo kokotlelela baitshepi botlhe.” (Baefeso 6:18) Thapelo e ka re nonotsha semoyeng mme ya re thusa gore re nne re thantse. A re tseyeng mafoko a ga Paulo tsia mme re nnele ruri mo thapelong ka gonne seno se tla re thusa go emelana le Satane le madimona a gagwe.

O Ithutileng?

• Satane le madimona a gagwe ba nnile teng jang?

• Diabolo o maatla go le kana kang?

• Re ka itshireletsa jang mo go Satane le madimona a gagwe?

• Re ka apara jang seaparo se se feletseng sa phemelo se se tswang kwa Modimong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

“Bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

A o ka tlhalosa dikarolo tse thataro tsa seaparo sa semoya sa phemelo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Go nna le seabe mo ditirong tseno go ka re sireletsa jang mo go Satane le madimona a gagwe?