Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Wessel Gansfort—“Modiradiphetogo yo o Tlileng Pele ga Diphetogo”

Wessel Gansfort—“Modiradiphetogo yo o Tlileng Pele ga Diphetogo”

 Wessel Gansfort—“Modiradiphetogo yo o Tlileng Pele ga Diphetogo”

Batho botlhe ba ba ithutang ka Diphetogo tsa Boporotesetanta tse di simologileng ka 1517 ba tlwaetse maina a a jaaka Luther, Tyndale le Calvin. Le fa go ntse jalo, ke batho ba se kae ba ba itseng leina la Wessel Gansfort. O a tle a bidiwe “Modiradiphetogo yo o Tlileng Pele ga Diphetogo.” A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka monna yo?

WESSEL o tshotswe ka 1419 kwa motseng wa Groningen kwa Netherlands. Mo lekgolong la bo15 la dingwaga, ke batho ba sekae fela ba ba neng ba kgona go tsena sekolo, mme Wessel e ne e le mongwe wa bone. Le fa a ne a dira sentle kwa sekolong, o ne a tshwanelwa ke go se tlogela a na le dingwaga di le robongwe ka gonne batsadi ba gagwe ba ne ba humanegile. Ka lesego, e ne ya re motlholagadi mongwe yo o humileng a utlwela ka botlhale jwa ga Wessel, a ithaopa go mo duelela madi a sekolo. Ka jalo, o ne a kgona go tswelela pele ka dithuto tsa gagwe. Fa nako e ntse e ya o ne a nna le dikirii ya Master of Arts. Go lebega gore moragonyana o ne a nna le setlankana sa moitse wa thutabodumedi.

Wessel o ne a nyoretswe kitso fela thata. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa gagwe go ne go se na dilaeborari tse dintsi. Le fa go gatisa ka ditlhaka tse di gabilweng go ne ga simololwa mo motlheng wa gagwe, bontsi jwa dibuka di ne di sa ntse di kwalwa ka seatla e bile di lopa madi a mantsi thata. Wessel o ne a le mo setlhopheng sa bakanoki ba ba neng ba tsamaya dilaeborari le matlo a baitlami ba batla memeno e e sa itsegeng thata le dibuka tse di sa bolong go lebalwa. Go tswa foo ba ne ba bolelelana se ba se ithutileng. O ne a ikgobokanyetsa kitso e ntsi mme a tlatsa bukana ya gagwe ya go kwalela ka dinopolo tse a di tsereng mo dibukeng tsa bogologolo. Baithutabodumedi ba bangwe ba ne ba a tle ba belaele Wessel ka gonne o ne a itse dilo tse dintsi tse bone ba neng ba ise ba ke ba di utlwe. Wessel o ne a bidiwa Magister Contradictionis, ke gore Mankge wa Dikganetso.

“Ke Eng Fa o Sa re Ke ye Kwa go Keresete?”

Dingwaga di ka nna 50 pele ga Diphetogo, Wessel o ne a kopana le Thomas à Kempis (wa mo e ka nnang 1379-1471), yo ba le bantsi ba dumelang gore ke mokwadi wa buka e e itsegeng ya De Imitatione Christi (Go Etsa Keresete). Thomas à Kempis e ne e le leloko la mokgatlho wa Brethren of the Common Life, o o neng o gatelela gore batho ba tshwanetse go tshela ka go ineela mo Modimong. Mongwe yo o kwadileng ka botshelo jwa ga Wessel a re Thomas à Kempis o ne a  kgothaletsa Wessel ka makgetlho a mantsi gore a kope thuso kwa go Marea. Wessel o ne a fetola a re: “Ke eng fa o sa re ke ye kwa go Keresete, ene yo o laletsang ka bopelonomi botlhe ba ba imelwang gore ba tle kwa go ene?”

Go begwa gore Wessel o ne a sa batle go dirwa moruti. Fa a bodiwa gore ke eng a sa batle go beolwa gore e nne moruti, o ne a araba a re ga a tshabe go atlholelwa loso, fa fela tlhaloganyo ya gagwe e sa ntse e bereka sentle. Go bonala a ne a lebisitse mo ntlheng ya gore batho ba ba tlhomilweng go nna baruti ba ne ba ka se sekisiwe, mme go lebega gore baruti ba le bantsi ba falotse katlholo ya loso ka tsela eo! Gape Wessel o ne a ganetsa mekgwa mengwe e e tlwaelegileng ya bodumedi. Ka sekai, o ne a pegwa molato ka gonne a gana go dumela ditiragalo tsa dikgakgamatso tse di tlhalosiwang mo bukeng e e neng e itsege mo motlheng wa gagwe, Dialogus Miraculorum. O ne a araba a re: “Go ne go ka nna botoka go bala Dikwalo Tse di Boitshepo.”

“Re ka Se Itse Sepe Fa re Sa Botse”

Wessel o ne a ithuta Sehebera le Segerika mme a nna le kitso e ntsi ka dibuka tsa Borara ba bogologolo ba Kereke. Tsela e a neng a rata dipuo tsa ntlhantlha tsa Baebele ka yone e a gakgamatsa ka gonne o tshetse pele ga motlha wa bo Erasmus le Reuchlin. * Pele ga Diphetogo, kitso ya Segerika e ne e sa tlwaelega. Kwa Jeremane, Segerika se ne se itsiwe ke batho ba se kae fela mme go ne go se na sepe se se ka thusang motho go ithuta puo eo. Fa puso ya Constantinople e sena go wa ka 1453, go lebega Wessel a ile a kopana le baitlami ba Bagerika ba ba neng ba tshabetse kwa Bophirima mme a simolola go ithuta Segerika mo go bone. Mo metlheng eo, Bajuda ke bone fela ba neng ba bua Sehebera, mme go lebega Wessel a ne a simolola go ithuta Sehebera mo Bajudeng ba ba sokologileng.

Wessel o ne a rata Baebele thata. O ne a e tsaya e le buka e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e bile a dumela gore dibuka tsotlhe tsa Baebele di dumalana sentle. Wessel o ne a dumela gore ditemana tsa Baebele di tshwanetse go tlhalosiwa ka tsela e e dumalanang le ditemana tse di gaufi le tsone le gore ga di a tshwanela go sokamisiwa. Fa motho a tlhalosa temana ka go e sokamisa, o tshwanetse a belaelelwa bokgelogi. Nngwe ya ditemana tsa Baebele tse a neng a di rata thata e ne e le Mathaio 7:7, e e reng: “Nnang lo senke, mme lo tla bona.” Ka  ntlha ya temana eo, Wessel o ne a dumela thata gore go mosola go botsa dipotso, a bolela gore “re ka se itse sepe fa re sa botse.”

Kopo e e Gakgamatsang

Ka 1473, Wessel o ne a etela kwa Roma. Fa a le koo o ne a letlelelwa go buisana le Mopapa Sixtus IV, e leng mopapa wa ntlha mo go ba barataro ba boitshwaro jwa bone jo bo makgapha bo ileng jwa felela ka gore go nne le Diphetogo tsa Boporotesetanta. Moitse wa hisitori e bong Barbara W. Tuchman o bolela gore Sixtus IV o ne a simolola motlha wa gore batho ba “ipatlele melemo le go latelela dipolotiki tsa bokgokgontshi ba se na ditlhong, ba sa iphitlhe le gone ba sa kgaotse.” O ne a tlogela batho ba gamaregile fa a naya masika a gagwe maemo a sa fitlhe. Moitse mongwe wa hisitori a re Sixtus o ka tswa a ne a batla go fetola tiro ya go nna mopapa kgwebo ya lelapa la gaabo. Bontsi jwa batho ba ne ba tshaba go kgala mekgwa eno e e sa rategeng.

Mme Wessel Gansfort ene o ne a sa tshabe. Letsatsi lengwe Sixtus o ne a mo raya a re: “Ngwanaka, kopa sengwe le sengwe se o se batlang, ke tla go se naya.” Ka bonako Wessel o ne a araba a re: “Rara yo o boitshepo, . . . e re ka o na le maemo a a kwa godimo go gaisa batho botlhe mo lefatsheng a go nna moruti le modisa, ke kopa gore . . . o diragatse tiro ya gago ya maemo a a kwa godimo ka tsela e e tla reng fa Modisa yo Mogolo wa dinku . . . a tla, a kgone go go raya a re: ‘O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le yo o ikanyegang, tsena mo boitumelong jwa Mong wa gago.’” Sixtus o ne a araba ka gore joo e ne e le boikarabelo jwa gagwe mme a re Wessel o tshwanetse a itlhophela sengwe. Wessel o ne a araba a re: “Mme he ke kopa gore o mphe Baebele ya Segerika le Sehebera e e mo Laeboraring ya Vatican.” Mopapa o ne a mo naya kopo ya gagwe mme a re Wessel o ne a dirile boeleele ka gonne o ka bo a ikopetse go nna bishopo!

“Ke Maaka e Bile Ga go A Siama”

E re ka Sixtus a ne a tlhoka madi thata gore a age Kereke e jaanong e itsegeng thata ya Sistine Chapel, o ne a dirisa mokgwa wa go duedisa batho fa ba kopela baswi go itshwarelwa maleo. Mokgwa ono o ne o ratega thata. Buka ya Vicars of Christ—The Dark Side of the Papacy e bolela jaana: “Batlholagadi, baswagadi le batsadi ba ba swetsweng ke bana, ba ne ba ntsha madi otlhe a ba nang le  one gore ba ntshe baratiwa ba bone kwa Pakatoring.” Batho ba ne ba amogela mokgwa ono e bile ba ne ba dumela tota gore mopapa o ne a ka kgona go tlhomamisa gore baratiwa ba bone ba ba suleng ba ye legodimong.

Le fa go ntse jalo, Wessel o ne a dumela ka pelo yotlhe gore Kereke ya Katoliki, go akaretsa le mopapa, ba ne ba ka se kgone go itshwarela maleo. Wessel o ne a bua a sa fitlhe gore go rekisiwa ga boitshwarelo jwa maleo ke “maaka e bile ga go a siama.” Le gone o ne a sa dumele gore batho ba tlhoka go ipolela maleo mo baruting gore ba itshwarelwe.

Gape Wessel o ne a ganetsa gore go ka twe mopapa a ka se dire diphoso, a bolela gore metheo ya bodumedi e tla bo e le bokoa fa e le gore batho ba lebeletswe gore ba dumele bomopapa mo go sengwe le sengwe, ka gonne le bone ba dira diphoso. Wessel o ne a kwala jaana: “Fa baruti ba bagolo ba tlogela melao ya Modimo mme ba tlhoma melao ya bone e e dirilweng ke batho, . . . se ba se dirang le se ba se laelang ga se na mosola.”

Wessel o Baakanyetsa Diphetogo

Wessel o ne a tlhokafala ka 1489. Le fa a ne a ganetsa dilo dingwe tse di phoso mo kerekeng, o ne a tswelela pele e le Mokatoliki. Le fa go ntse jalo, ga a ise a ke a latofadiwe ke kereke go twe ke mokgelogi. Le fa go ntse jalo, fa a sena go swa, baitlami ba ba dirang dilo ka go tseega maikutlo ba Bakatoliki ba ne ba leka go senya mekwalo ya gagwe ka gonne go ne go sa tsewe gore e itshekile. Mo motlheng wa ga Luther, leina la ga Wessel le ne le batla le lebetswe, go sa gatisiwa buka epe e a e kwadileng mme go sa ntse go setse mekwalo e se kae fela. Kgabagare kgatiso ya ntlha ya dibuka tsa ga Wessel e ne ya gatisiwa fa gare ga 1520 le 1522. E ne ya tshwaraganngwa le lekwalo le le neng le kwadilwe ke Luther le mo go lone a neng a buelela dibuka tsa ga Wessel.

Le fa Wessel ka boene e ne e se Modiradiphetogo jaaka Luther, o ne a bua a sa fitlhe a kgala dingwe tsa diphoso tse di neng tsa felela ka gore go nne le Diphetogo. E bile Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e mo tlhalosa e le “monna yo o botlhokwa thata mo bathong ba lotso lwa Sejeremane ba ba ileng ba thusa go baakanyetsa Diphetogo.”

Luther o ne a ipona a le mogopolo mongwe fela le Wessel. Mokwadi C. Augustijn o kwala jaana: “Luther o bua ka motlha wa gagwe le se se mo diragaletseng a se tshwantsha le se se diragaletseng Elija. Fela jaaka moporofeti a ne a akanya gore o ne a setse a le esi go lwa dintwa tsa Modimo, Luther le ene o ne a dumela gore o ne a le esi fela mo dikgogakgoganong tsa gagwe le kereke. Mme fa a sena go bala dibuka tsa ga Wessel, o ne a lemoga gore Morena o ne a bolokile ‘lesalela mo Iseraele.’” “Luther e bile o bolela gore: ‘Fa nkabo ke badile dibuka tsa gagwe pele, baba ba me ba ne ba tla akanya gore Luther o tsere sengwe le sengwe mo go Wessel, ka gonne o akanya fela jaaka nna.’” *

“Lo Tla Bona”

Fa go tla Diphetogo, ga di a ka tsa direga fela ka ponyo ya leitlho. E ne e setse e le nakonyana megopolo e e ileng ya tlisa Diphetogo e ntse e le teng. Wessel o ne a lemoga gore maitshwaro a a sa siamang a bomopapa kgabagare a ne a tla felela ka gore batho ba batle diphetogo. O kile a raya moithuti mongwe a re: “Wena mosimane yo o ratang go ithuta, o tla bo o le teng letsatsi lengwe fa dithuto tsa . . . baithutabodumedi ba ba ratang go ganetsana di tla bo di ganwa ke bakanoki botlhe ba Bakeresete ba boammaaruri.”

Le fa Wessel a ne a lemoga dingwe tsa dithuto tse di phoso le mekgwa e e maswe ya motlha wa gagwe, o ne a sa kgone go senola lesedi le le feletseng la boammaaruri jwa Baebele. Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya Baebele e le buka e e tshwanetseng go balwa le go ithutiwa. Go ya ka buka ya A History of Christianity, Wessel o ne a “dumela gore, e re ka Baebele e tlhotlheleditswe ke Moya o o Boitshepo, ke yone e tshwanetseng ya laola dikgang tsa bodumedi.” Mo motlheng wa gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16) Le fa go ntse jalo, dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele ga di tlhole di fitlhegile kgotsa go le thata go di bona. Gompieno molaomotheo ono wa Baebele o dira go feta le mo nakong e e fetileng: “Nnang lo senke, mme lo tla bona.”—Mathaio 7:7; Diane 2:1-6.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Banna bano ba ile ba nna le seabe se segolo mo go rotloetseng go ithutiwa ga dipuo tsa ntlhantlha tsa Baebele. Ka 1506, Reuchlin o ne a gatisa thutapuo ya gagwe ya Sehebera, e e ileng ya felela ka thuto e e boteng ya Dikwalo Tsa Sehebera. Erasmus o ne a gatisa kgatiso ya konokono ya Segerika ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka 1516.

^ ser. 21 Wessel Gansfort (1419-1489) and Northern Humanism, ditsebe 9, 15.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

WESSEL LE LEINA LA MODIMO

Mo dibukeng tsa ga Wessel, gantsi leina la Modimo le kwalwa e le “Johavah.” Le fa go ntse jalo, Wessel o ne a dirisa “Jehovah” makgetlo a ka nna mabedi. Fa mokwadi H. A. Oberman a tlhalosa megopolo ya ga Wessel, o konela ka gore Wessel o ne a dumela gore fa Thomas Aquinas le ba bangwe ba ka bo ba ne ba itse Sehebera, “ba ka bo ba ile ba lemoga gore leina la Modimo le a le senoletseng Moshe ga le reye ‘Ke yo ke leng ene,’ mme le raya ‘Ke tla nna yo ke tla nnang ene.’” * Thanolo ya Lefatshe le Lesha e naya bokao jo bo nepileng fa e re “Ke tla nna se ke tla nnang sone.”—Ekesodo 3:13, 14.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 30 Wessel Gansfort (1419-1489) and Northern Humanism, tsebe 105.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Manuscript: Universiteitsbibliotheek, Utrecht

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Wessel o ne a ganetsa go rekisiwa ga boitshwarelo jwa maleo mo go neng ga letlelelwa ke Mopapa Sixtus IV