Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bana, Utlwang Batsadi ba Lona”

“Bana, Utlwang Batsadi ba Lona”

 “Bana, Utlwang Batsadi ba Lona”

“Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame.”—BAEFESO 6:1.

1. Go nna kutlo go ka re sireletsa jang?

RE KA tswa re sa ntse re tshela gone jaanong ka ntlha ya go bo re ile ra nna kutlo, fa ba bangwe bone ba sa tlhole ba tshela ka ntlha ya go bo ba ile ba se ka ba nna kutlo. Go nna kutlo mo go eng? Go nna kutlo fa re tlhagisiwa, ka sekai re tlhagisiwa ke mebele ya rona e e ‘dirilweng ka tsela e e gakgamatsang.’ (Pesalema 139:14) Matlho a rona a bona maru a mantsho, le ditsebe tsa rona di utlwa go duma ga maru. Go tswa foo, go tlakasela ga legadima go dira gore re garoge pelo. Batho ba ba itseng kotsi ya seno, ba a itse gore seno ke tlhagiso ya gore ba senke lefelo le ba ka tshabelang kwa go lone gore ba namole matshelo a bone mo kotsing ya go tlhaselwa ke pula ya matlakadibe e e tlang.

2. Ke eng fa bana ba tlhoka ditlhagiso, mme ke eng fa ba tshwanetse go nna kutlo mo batsading ba bone?

2 Lona bana, lo tlhoka ditlhagiso tse di kaga dikotsi tse lo ka lebanang le tsone, mme batsadi ba lona ba na le boikarabelo jwa go lo naya ditlhagiso tseo. O ka tswa o gopola o laelwa jaana: “O se ka wa tshwara setofo. O tla sha.” “O se ka wa tsamaela gaufi le noka. O tla tsewa ke metsi.” “Leba matlhakore otlhe pele ga o kgabaganya mmila.” Ka maswabi, bana bangwe ba ile ba gobala kana le e leng go swa ka ntlha ya go se nne kutlo. Go nna kutlo mo batsading ba gago ‘go siame’—go molemo e bile go tshwanetse. Gape ke selo se se botlhale. (Diane 8:33) Temana e nngwe ya Baebele ya re “seno se itumedisa” Morena wa rona Jesu Keresete. Ee ruri, Modimo o go laela go nna kutlo mo batsading ba gago.—Bakolosa 3:20; 1 Bakorintha 8:6.

Melemo e e Nnelang Ruri ya go Nna Kutlo

3. “Botshelo jwa mmatota” ke eng mo go ba le bantsi ba rona, mme bana ba ka dira eng gore ba nne le tsholofelo ya go bo bona?

3 Go ikobela batsadi go sireletsa ‘botshelo jwa gago gone jaanong,’ mme gape go tla dira gore o kgone go itumelela botshelo “jo bo tlang,” jo bo bidiwang gore ke “botshelo jwa mmatota.” (1 Timotheo 4:8; 6:19) Mo go ba le bantsi ba rona, botshelo jwa mmatota ke botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng le lesha la Modimo, jo a bo solofetsang batho ba ba ikobelang ditaelo tsa gagwe ka boikanyegi. Taelo ya konokono mo ditaelong tseno ya re: “‘Tlotla rrago le mmago’; se e leng taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.’” Ka jalo fa o ikobela batsadi ba gago, o tla itumela. O tla nna le isagwe e e sireletsegileng, mme o ka nna wa itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise!—Baefeso 6:2, 3.

4. Bana ba ka tlotla Modimo jang mme ka go dira jalo ba solegelwa molemo?

4 Fa o tlotla batsadi ba gago ka go ba ikobela, gape o tlotla Modimo ka gonne ke ene yo o laelang gore o ba ikobele. Mme gape go dira jalo go go solegela molemo. Baebele ya re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.” (Isaia 48:17; 1 Johane 5:3) Go nna kutlo go go solegela molemo ka tsela efe? Go dira gore batsadi ba gago ba itumele, mme le bone ba tla bontsha go go itumelela ka ditsela tse di tla dirang gore botshelo jwa gago e nne jo bo itumedisang. (Diane 23:22-25) Mme sa botlhokwa le go feta, go nna kutlo ga gago go itumedisa Rraago wa kwa legodimong, mme o tla go duela ka ditsela tse di molemolemo! A re  sekaseke kafa Jehofa a ileng a segofatsa le go sireletsa Jesu ka teng, yo o ileng a bua jaana ka ene: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.”—Johane 8:29.

Jesu—Modiri yo o Dirang ka Natla

5. Ke mabaka afe a a dirang gore re dumele gore Jesu e ne e le modiri yo o molemo?

5 Jesu e ne e le motsalwapele wa ga mmaagwe, e bong Marea. Rraagwe yo o mo godisitseng e bong Josefa, e ne e le mmetli. Jesu le ene o ne a nna mmetli, mme go bonala a ile a ithuta tiro eno mo go Josefa. (Mathaio 13:55; Mareko 6:3; Luke 1:26-31) O akanya gore Jesu e ne e le mmetli yo o ntseng jang? Fa a ne a le kwa legodimong, pele ga mmaagwe wa kgarebana a mo ima, o ile a bua jaana ka ga gagwe, e le botlhale bo mothofaditswe: “Ke ne ke le fa thoko ga [Modimo] ke le modiri yo o setswerere, mme ka nna yo o neng a ratwa ke ene ka tsela e e kgethegileng letsatsi le letsatsi.” Modimo o ne a itumedisiwa ke Jesu yo kwa legodimong e neng e le modiri yo o molemo. A o akanya gore le fa a ne a le mo lefatsheng e le mosha o ne a leka go nna modiri yo o setswerere, mmetli yo o molemo?—Diane 8:30; Bakolosa 1:15, 16.

6. (a) Ke eng fa o akanya gore fa Jesu a sa le ngwana o ne a tle a dire ditiro tsa mo gae? (b) Bana ba ka etsa Jesu ka ditsela dife?

6 Ga go pelaelo gore fa Jesu e ne e sa ntse e le ngwana, o ne a tle a tshameke, fela jaaka Baebele e re bana ba ne ba tle ba tshameke mo metlheng ya bogologolo. (Sekarea 8:5; Mathaio 11:16, 17) Le fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore e re ka e ne e le ngwana yo mogolo mo lelapeng le legolo le le humanegileng, o ne a na le ditiro tse a tshwanelwang ke go di dira ntle le tiro e Josefa a neng a mo ruta yone ya go nna mmetli. Moragonyana, Jesu o ne a nna moreri mme a ineela thata jaana mo bodireding jwa gagwe mo a neng a itima dilo dingwe. (Luke 9:58; Johane 5:17) A o bona ditsela tse o ka etsang Jesu ka tsone? A batsadi ba gago ba go kopa gore o phepafatse kamore ya gago kgotsa gore o dire ditiro tse dingwe? A ba go kgothaletsa go nna le seabe mo kobamelong ya Modimo ka go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le go bolelela ba bangwe dilo tse o di dumelang? A o akanya gore Jesu yo mmotlana a ka bo a ile a dira dilo tseno?

Moithuti le Morutisi yo o Molemo wa Baebele

7. (a) Jesu a ka tswa a ile a tsamaya le bomang go ya moletlong wa Tlolaganyo? (b) Jesu o ne a le kae fa ba bangwe ba tsaya mosepele wa go boela morago, mme ke eng fa a ne a le koo?

7 Banna botlhe ba malapa a Iseraele ba ne ba laelwa go ya go obamela Jehofa kwa tempeleng ka nako ya mekete e meraro ya Sejuda. (Duteronome 16:16) Fa Jesu a ne a le dingwaga tse 12, lelapa lotlhe la gaabo le ka tswa le ile la tsaya loeto lwa go ya kwa Jerusalema go ya moletlong wa Tlolaganyo. Seo se ka tswa se ile sa akaretsa bomonnawe le bokgaitsadie ka mmaagwe. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba tsere mosepele le  lelapa la gaabo Jesu ba ka tswa ba ne ba akaretsa Salome, yo gongwe e neng e le monnawe Marea, le monna wa gagwe e bong Sebede le barwa ba bone e bong Jakobe le Johane, ba moragonyana ba neng ba nna baaposetoloi. * (Mathaio 4:20, 21; 13:54-56; 27:56; Mareko 15:40; Johane 19:25) Fa ba boela morago, Josefa le Marea ba ka tswa ba ile ba tsaya gore Jesu o ne a le mo gare ga ba losika, ka jalo kwa tshimologong ba ne ba sa lemoge gore ga a yo. Morago ga malatsi a le mararo, fa kgabagare Marea le Josefa ba fitlhela Jesu, ba mo fitlhetse a le mo tempeleng, “a ntse mo gare ga barutisi, a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.”—Luke 2:44-46.

8. Jesu o ne a dira eng kwa tempeleng, mme ke eng fa batho ba ile ba gakgamala?

8 Jesu o ne a “botsa” barutisi dipotso ka tsela efe? Dipotso tsa gagwe e ka tswa e ne e se fela tsa go batla go itse kana go nna le tshedimosetso. Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le ka kaya go botsa dipotso jaaka kwa kgotlatshekelong, mme ka gone go ka akaretsa go botsolotsa. Ee, le mororo Jesu a ne a sa ntse a le mosha, e ne e le moithuti wa Baebele yo o neng a gakgamatsa baeteledipele ba ba rutegileng ba bodumedi! Baebele ya re: “Botlhe ba ba mo reeditseng ruri ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.”—Luke 2:47.

9. O ka etsa sekao sa ga Jesu jang ka go ithuta Baebele?

9 O akanya gore ke eng fa Jesu a ile a gakgamatsa barutisi ba ba nang le maitemogelo ka kitso ya gagwe ya Baebele le mororo a ne a sa ntse a le mmotlana? Ke boammaaruri gore, o ne a le lesego ka go bo a na le batsadi ba ba boifang Modimo ba ba neng ba mo ruta dithuto tsa Modimo go tloga a sa le mmotlana. (Ekesodo 12:24-27; Duteronome 6:6-9; Mathaio 1:18-20) Re ka tlhomamisega gore Josefa o ne a tle a ye le Jesu yo mmotlana kwa sinagogeng go ya go reetsa fa Dikwalo di balwa le go tlhalosiwa. A le wena o na le tshiamelo e e molemolemo ya go nna le batsadi ba ba ithutang Baebele le wena e bile ba ya le wena kwa dipokanong tsa Bokeresete? A o anaanela maiteko a bone fela jaaka Jesu a ne a anaanela a batsadi ba gagwe? A jaaka Jesu, o bolelela ba bangwe se o ithutang sone?

Jesu O ne A le Boikobo

10. (a) Ke eng fa batsadi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go itse kwa ba ka mo fitlhelang teng? (b) Ke sekao sefe se se molemo se Jesu a se beetseng bana?

10 O akanya gore Marea le Josefa ba ne ba ikutlwa jang fa kgabagare ba fitlhela Jesu kwa tempeleng morago ga malatsi a mararo? Ga go pelaelo gore ba ne ba wela makgwafo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a gakgamadiwa ke gore batsadi ba gagwe ba ne ba sa itse kwa a leng teng. Boobabedi ba ne ba itse gore Jesu o tshotswe ka tsela ya kgakgamatso. Mo godimo ga moo, le fa ba ne ba sa itse dintlha tsotlhe ka botlalo, ba ne ba tshwanetse go itse ka seabe sa gagwe sa mo isagweng sa go nna Mmoloki le Mmusi wa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 1:21; Luke 1:32-35; 2:11) Ka gone, Jesu o ile a ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa lo ne lo tshwanetse go mpatla? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?” Le fa go ntse jalo, ka boikobo Jesu o ne a tsamaya le batsadi ba gagwe go boela gae kwa Nasaretha. Baebele ya re: “A tswelela a le mo taolong ya bone.” Mo godimo ga moo, “mmaagwe a boloka mafoko ano otlhe mo pelong ya gagwe ka kelotlhoko.”—Luke 2:48-51.

11. Ke thuto efe kaga go nna kutlo e re ka ithutang yone go tswa mo go Jesu?

11 A o fitlhela go le motlhofo go etsa Jesu, ka metlha o ikobela batsadi ba gago? A kgotsa o ikutlwa gore gantsi ga ba tlhaloganye dilo tsa segompieno le gore o itse go le gontsi go ba feta? Ke boammaaruri gore, o ka tswa o itse dilo dingwe go ba feta—gongwe go dirisa difouno tsa selula, dikhomputara, kana dilo tse dingwe tsa segompieno. Le fa go ntse jalo, akanya ka Jesu, yo o neng a gakgamatsa barutisi ba ba nang le maitemogelo ka “tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” Gongwe o a dumela gore ga o itse sepe se se kalo fa o ipapisa le ene. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ikokobeletsa batsadi ba gagwe. Seno ga se bolele gore ka metlha o ne a dumalana le ditshwetso tsa bone. Mme gone, o ne “a tswelela a le mo taolong ya bone”—mo dingwageng tsotlhe tsa bosha jwa gagwe. O akanya gore o  ka ithuta thuto efe mo sekaong seno sa gagwe?—Duteronome 5:16, 29.

Go Nna Kutlo ke Kgwetlho e Kgolo

12. Go nna kutlo go ka sireletsa botshelo jwa gago jang?

12 Ga se ka metlha go leng motlhofo go nna kutlo, jaaka fa re bona mo go se se neng sa direga dingwaga di se kae tse di fetileng fa basetsana bangwe ba babedi ba ne ba tloga ba kgabaganya fa gare ga mpa ya mmila o mogolo o o nang le ditsela tse thataro go na le gore ba dirise borogo jo bo dirisiwang go o kgabaganya. Ba ne ba kopa tsala ya bone jaana fa ba ntse ba atamela mmila ono o mogolo: “Tlaa John. O tla le rona ga ke re?” Fa John a ne a okaoka, mongwe wa basetsana bano o ne a mo sotla jaana: “O legatlapa!” Le mororo John a ne a sa boife, o ne a re: “Ke tshwanetse go reetsa taelo ya ga mmè.” Metsotso e se kae morago ga moo, o ne a utlwa modumo o mogolo wa maotwana a koloi mme fa a okomela kwa tlase o ne a bona koloi e thula basetsana bano. Mongwe wa bone o ne a swa, mme yo mongwe o ne a gobala fela thata mo leoto la gagwe le neng la tshwanelwa ke go kgaolwa. Mmaagwe basetsana bano, yo o neng a ba laetse go dirisa borogo fa ba kgabaganya mmila, moragonyana o ne a raya mmaagwe John a re: “Ke eletsa fa ba ka bo ba ile ba nna kutlo jaaka morwao.”—Baefeso 6:1.

13. (a) Ke eng fa o tshwanetse go ikobela batsadi ba gago? (b) Ke leng ngwana a ka ganang go dira se motsadi a mo laelang sone?

13 Ke eng fa Modimo a re: “Bana, utlwang batsadi ba lona”? Fa o ikobela batsadi ba gago o a bo o ikobela Modimo. Ntle le moo, batsadi ba gago ba na le maitemogelo a mantsi go go feta. Ka sekai, dingwaga di ka nna tlhano fela pele ga kotsi e re sa tswang go bua ka yone e direga, mmaagwe John o ne a na le tsala e ngwana wa yone a neng a swa a leka go kgabaganya one mmila oo o mogolo! Ke boammaaruri gore, ga se ka metlha go ka nnang motlhofo go ikobela batsadi ba gago, mme gone Modimo o laela gore o ba ikobele. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa batsadi ba gago—kgotsa batho ba bangwe—ba re o bue maaka, o utswe, kgotsa o dire sengwe se Modimo a sa se batleng, o tshwanetse “go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” Ke sone se fa Baebele e sena go re “utlwang batsadi ba lona,” e oketsang ka go re, “seoposengweng le Morena.” Seno se akaretsa gore o nne kutlo mo batsading ba gago mo dilong tsotlhe tse di dumalanang le melao ya Modimo.—Ditiro 5:29.

14. Ke eng fa go le motlhofo gore motho yo o itekanetseng a nne kutlo, mme gone ke eng fa a ka tshwanelwa ke go ithuta go nna kutlo?

14 A o akanya gore fa o ne o le motho yo o itekanetseng—ke go re, o ‘sa leswafala, o lomologanye le baleofi,’ jaaka Jesu—go ne go ka nna motlhofo ka metlha go ikobela batsadi ba gago? (Bahebera 7:26) Fa o ne o le motho yo o itekanetseng, o ne o se kitla o nna le tshekamelo ya go dira dilo tse di bosula jaaka go ntse ka wena gone jaanong. (Genesise 8:21; Pesalema 51:5) Le fa go ntse jalo, tota le Jesu o ne a tshwanelwa ke go ithuta go nna kutlo. Baebele ya re: “Le mororo [Jesu] e ne e le Morwa, o ne a ithuta kutlo mo dilong  tse a neng a di boga.” (Bahebera 5:8) Go boga go ile ga thusa Jesu jang go ithuta kutlo, selo se a neng a se ka a tlhoka go ithuta sone kwa legodimong?

15, 16. Jesu o ne a ithuta kutlo jang?

15 Ka kaelo ya ga Jehofa, Josefa le Marea ba ne ba sireletsa Jesu mo dikotsing fa e sa ntse e le ngwana. (Mathaio 2:7-23) Le fa go ntse jalo, kgabagare Modimo o ne a se ka a tlhola a sireletsa Jesu ka tsela eo e e fetang ya tlholego. Jesu o ile a boga thata mo tlhaloganyong le mo mmeleng mo Baebele e reng o ne a “isa mekokotlelo mmogo le dikopo . . . ka dilelo tse dikgolo le dikeledi.” (Bahebera 5:7) Seno se ne sa direga leng?

16 Se ne sa direga segolobogolo mo diureng tsa bofelo tsa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng fa Satane a ne a leka ka bojotlhe go senya boikanyegi jwa ga Jesu. Go bonala Jesu a ile a tshwenngwa thata jaana ke kgopolo ya kafa leina la ga Rraagwe le neng le tla senngwang ka teng fa a ne a ka swa go twe ke modirabosula mo e rileng fa a “tswelela go rapela [kwa tshimong ya Gethesemane] . . . mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.” Diura di se kae moragonyana, tsela e Jesu a suleng ka yone mo koteng ya tlhokofatso e ne e le botlhoko thata jaana mo a neng a goa ka “dilelo tse dikgolo le dikeledi.” (Luke 22:42-44; Mareko 15:34) Ka gone o ne a “ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga” mme ka gone a itumedisa Rraagwe. E re ka jaanong Jesu a le kwa legodimong, o tlhaloganya botlhoko jo re bo utlwang fa re ntse re lwela go nna kutlo.—Diane 27:11; Bahebera 2:18; 4:15.

Go Ithuta Thuto Ka ga Go Nna Kutlo

17. Re tshwanetse go leba jang kgang ya go newa kotlhao?

17 Fa batsadi ba gago ba go otlhaya, ba bontsha gore ba batla gore dilo di go tsamaele sentle, ba bontsha gore ba a go rata. Baebele e botsa jaana: “Ke morwa ofe yo rraagwe a sa mo otlhayeng?” A go ne go se kitla go utlwisa botlhoko fa batsadi ba gago ba ne ba sa bontshe go go rata mo ba sa ipheng nako ya go go kgalema? Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a go kgalema ka gonne a go rata. “Ke boammaaruri, ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa; le fa go ntse jalo morago ga moo, ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.”—Bahebera 12:7-11.

18. (a) Kotlhao e e lorato ke sesupo sa eng? (b) Wena o bone kotlhao e solegela batho molemo ka ditsela dife?

18 Kgosi ya Iseraele ya bogologolo, e bong Solomone, yo Jesu a neng a bua ka ene ka ntlha ya botlhale jwa gagwe, e ile ya bua ka botlhokwa jwa kgalemelo e e lorato ya batsadi. O ile a re: “Yo o ganang ka thupa o tlhoile morwawe, mme yo o mo ratang ke yo o mmatlang ka kotlhao.” Solomone o ile a ba a re motho yo o newang kotlhao e e lorato a ka golola moya wa gagwe mo losong ka bolone. (Diane 13:24; 23:13; Mathaio 12:42) Mosadi mongwe wa Mokeresete o gakologelwa gore fa a sa ntse a le monnye rraagwe o ne a tle a mo solofetse go mo otlhaya fa ba fitlha kwa gae fa a sa itshware sentle kwa dipokanong tsa Bokeresete. Jaanong o gopola rraagwe ka lorato ka ntlha ya go mo naya kotlhao e e lorato e e mo thusitseng go bopa botshelo jwa gagwe ka tsela e e siameng.

19. Ke eng fa segolobogolo o tshwanetse go ikobela batsadi ba gago?

19 Fa o na le batsadi ba ba go ratang thata jaana mo ba iphang nako ya go go otlhaya ka lorato, anaanela seo. Ba ikobele, fela jaaka Morena wa rona Jesu Keresete a ile a ikobela batsadi ba gagwe, e bong Josefa le Marea. Le fa go ntse jalo, ba ikobele segolobogolo ka gonne Rraago wa kwa legodimong, Jehofa Modimo, o go laela go dira jalo. Ka go dira jalo o tla solegelwa molemo, mme seo se ka dira gore “dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.”—Baefeso 6:2, 3.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bona Insight on the Scriptures, bolumo 2, tsebe 841, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

O ne O ka Araba Jang?

• Bana ba ka bona melemo efe ka ntlha ya go ikobela batsadi ba bone?

• Fa Jesu e sa le ngwana, o ne a tlhoma sekao se se molemo jang sa go ikobela batsadi ba gagwe?

• Jesu o ne a ithuta kutlo jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Jesu wa dingwaga di le lesome le bobedi o ne a itse Dikwalo sentle

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Jesu o ne a ithuta go nna kutlo jang ka go boga?