Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela Pele o Godisa Kanaanelo ya Gago

Tswelela Pele o Godisa Kanaanelo ya Gago

 Tswelela Pele o Godisa Kanaanelo ya Gago

“A bo dikakanyo tsa gago di le tlhwatlhwakgolo jang ne! . . . Oo Modimo, a bo palo yotlhe ya tsone e le kana kang!”—PESALEMA 139:17.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go anaanela Lefoko la Modimo, mme mopesalema o ne a bontsha kanaanelo ya gagwe jang?

GO NE go bonwe sengwe se se gakgamatsang. Fa go ntse go baakanngwa tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema, Moperesiti yo Mogolo Hilekia o ne a bona “buka ya molao wa ga Jehofa o o neetsweng ka seatla sa ga Moshe,” e kwantle ga pelaelo e neng e le khopi ya ntlhantlha e e neng e weditswe dingwaga di ka nna 800 pele ga foo! A o ka akanya fela gore Kgosi Josia yo o boifang Modimo o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa jang fa buka eno e tlisiwa fa go ene? Ee, o ne a e tseela kwa godimo mme ka yone nako eo a dira gore Shafane, mokwaledi, a e balele kwa godimo.—2 Ditiragalo 34:14-18.

2 Gompieno, Lefoko la Modimo, le feletse kgotsa e le karolo fela ya lone, le ka balwa ke dibilione tsa batho. A mme seo se dira gore Dikwalo di se ka tsa nna mosola, le gore di se ka tsa nna botlhokwa? Nnyaa le e seng! Aitsane di tshotse dikakanyo tsa Mothatayotlhe, di kwaletswe go re solegela molemo. (2 Timotheo 3:16) Fa mopesalema Dafide a ne a bolela maikutlo a gagwe ka Lefoko la Modimo, o ne a kwala jaana: “A bo dikakanyo tsa gago di le tlhwatlhwakgolo jang ne mo go nna! Oo Modimo, a bo palo yotlhe ya tsone e le kana kang!”—Pesalema 139:17.

3. Ke eng se se bontshang gore Dafide o ne a tsaya kamano ya gagwe le Modimo masisi?

3 Dafide ga a ise a ke a kgaotse go anaanela Jehofa, Lefoko la gagwe le thulaganyo ya gagwe ya kobamelo ya boammaaruri. Dipesalema tse dintsi tse dintle tse Dafide a neng a di tlhama di ne di bontsha kafa a ikutlwang ka teng. Ka sekai, mo go Pesalema 27:4, o ne a kwala jaana: “Ke kopile selo se le sengwe mo go Jehofa—ke se ke tla se batlang, gore ke nne mo ntlong ya ga Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa me, gore ke bone bontle jwa ga Jehofa le go leba tempele ya gagwe ka kanaanelo.” Mo Sehebereng sa ntlhantlha, polelwana e e reng “go leba ka kanaanelo” e kaya go tsaya nako o akanya, go sekaseka, go lebelela ka go itumela, go kgatlhega. Go bonala sentle gore Dafide e ne e le monna yo o tsayang kamano ya gagwe le Modimo masisi e bile a anaanela thata dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa go mo nonotsha tumelo mme a itumelela boammaaruri jotlhe jo Modimo a neng a bo senola. Re tshwanetse ra latela sekao sa gagwe sa go anaanela.—Pesalema 19:7-11.

Anaanela Tshiamelo e o Nang Nayo ya go Itse Boammaaruri Jwa Baebele

4. Ke eng se se neng sa dira gore Jesu a ‘ipele thata mo moyeng o o boitshepo’?

4 Go nna le temogo ka Lefoko la Modimo ga go a ikaega ka botlhale jwa tlhaloganyo kgotsa thuto ya lefatshe e gantsi e bakang boikgogomoso. Mme go ikaegile ka bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang, jo a bo nayang batho ba ba ikokobeditseng ba ba dipelo di ikanyegang ba ba lemogang dilo tse ba di tlhokang semoyeng. (Mathaio 5:3; 1 Johane 5:20) Fa Jesu a akanya ka kgang ya gore maina a batho bangwe ba ba sa itekanelang a ne a kwalwa kwa legodimong, o ne “a ipela thata mo moyeng o o boitshepo a ba a re: ‘Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea.’”—Luke 10:17-21.

5. Ke ka ntlha yang fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa tshwanela go tsaya motlhofo tshedimosetso e ba e senolelwang ka ga Bogosi?

5 Fa Jesu a sena go rapela jalo go tswa pelong, o ne a retologa mme a raya barutwa ba gagwe a re: “Go itumela matlho a a bonang dilo tse lo di bonang.  Gonne ke lo raya ke re, Baporofeti ba le bantsi le dikgosi ba ne ba eletsa go bona dilo tse lo di bonang mme ba se ka ba di bona, le go utlwa dilo tse lo di utlwang mme ba se ka ba di utlwa.” Ee, Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba se ka ba tsaya motlhofo tshedimosetso e e tlhwatlhwakgolo ka ga Bogosi e ba neng ba e senolelwa. Tshedimosetso eno e ne e sa senolelwa dikokomana tsa batlhanka ba Modimo tse di neng di tlile pele ga bone, mme ruri e ne e sa senolelwa “ba ba botlhale le ba ba bonokopela” ba motlha wa ga Jesu!—Luke 10:23, 24.

6, 7. (a) Ke mabaka afe a a dirang gore re anaanele boammaaruri jwa Modimo? (b) Go bonala pharologanyo efe gompieno fa gare ga bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka?

6 Mo motlheng wa rona, re na le mabaka a a fetang ao a go anaanela boammaaruri jwa Modimo ka gonne Jehofa o dirisitse “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go naya batho ba gagwe tshedimosetso e e oketsegileng ka Lefoko la gagwe. (Mathaio 24:45; Daniele 12:10) Moporofeti Daniele o ne a kwala jaana malebana le motlha wa bokhutlo: “Ba bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.” (Daniele 12:4) A ga o dumalane gore kitso ya Modimo gompieno e “ntsi” le gore batlhanka ba ga Jehofa ba fepiwa sentle semoyeng?

7 Re bona pharologanyo e kgolo fa gare ga kitso e ntsi ya semoya ya batho ba Modimo le tlhakatlhakano ya bodumedi e e mo Babelona o Mogolo! Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ba swabisitsweng ke bodumedi jwa maaka kgotsa ba bo ba tenang ba tsena mo bodumeding jwa boammaaruri. Ke batho ba sekadinku ba ba “sa [batleng] go tlhakanela le [Babelona o Mogolo] mo maleong a gagwe” kgotsa go “amogela karolo ya dipetso tsa gagwe.” Jehofa le batlhanka ba gagwe ba laletsa botlhe ba ba ntseng jalo gore ba tle mo phuthegong ya Bokeresete ya boammaaruri.—Tshenolo 18:2-4; 22:17.

Batho ba ba Anaanelang ba Thologela Kwa Modimong

8, 9. Mafoko a Hagai 2:7 a diragadiwa jang gompieno?

8 Jehofa o ne a bolelela pele jaana malebana le ntlo ya gagwe ya kobamelo ya semoya: “Ke tla reketlisa ditšhaba tsotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe di tla tsena; mme ke tla tlatsa ntlo eno ka kgalalelo.” (Hagai 2:7) Boporofeti jono jo bo gakgamatsang bo diragaditswe mo motlheng wa ga Hagai fa masalela a a boileng a batho ba Modimo a ne a aga tempele sesha kwa Jerusalema. Gompieno, mafoko a ga Hagai a diragadiwa le mo tempeleng ya ga Jehofa e kgolo ya semoya.

9 Batho ba le dimilione ba setse ba thologetse mo tempeleng ya tshwantshetso gore ba tle go obamela Modimo “ka moya le boammaaruri,” mme ngwaga le ngwaga diketekete tsa batho ba e leng “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe” ba ntse ba thologela mo teng. (Johane 4:23, 24) Ka sekai, pego ya lefatshe lotlhe ya ngwaga wa tirelo wa 2006 e bontsha gore batho ba le 248 327 ba ne ba kolobediwa ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa. Seo ke palokakaretso ya batho ba basha ba le 680 letsatsi le letsatsi! Tsela e ba ratang boammaaruri ka yone le e ba eletsang go direla Jehofa ka yone e le baboledi ba Bogosi e bontsha gore ruri ba gogilwe ke Modimo.—Johane 6:44, 65.

10, 11. Bolela maitemogelo a a bontshang kafa batho ba ileng ba simolola go anaanela boammaaruri jwa Baebele ka teng.

10 Bontsi jwa batho bano ba ba peloephepa ba  gogetswe mo boammaaruring ke gore ba ne ba bona “pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” (Malaki 3:18) Akanya ka se se diragetseng ka Wayne le Virginia, banyalani ba ba neng ba tsena kereke ya Porotesetanta mme ba na le dipotso tse dintsi tse di sa arabiwang. Ba ne ba sa rate ntwa mme ba ne ba tlhakana tlhogo e bile ba utlwa botlhoko fa ba bona baruti ba segofatsa masole le dibetsa. Fa banyalani bano ba ntse ba tsofala, ba ne ba bona ba tlhokomologiwa ke ba bangwe mo kerekeng, le mororo Virginia a ne a ile a ruta sekolo sa Sontaga ka dingwaga di le dintsi. Ba ne ba re: “Go ne go se na ope yo o re etelang kgotsa yo o ratang go itse gore re tsoga jang semoyeng. Kereke e ne e ipatlela madi a rona fela. Re ne re tlhakane tlhogo.” Ba ne ba felelwa ke maatla fa kereke ya bone e bontsha gore e amogela bosodoma.

11 Fa go ntse go le jalo, setlogolwana sa ga Wayne le Virginia mmogo le morwadiabone ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa ka go latelana. Le fa Wayne le Virginia ba ne ba kgopisiwa ke seno kwa tshimologong, moragonyana ba ne ba fetola mogopolo mme ba dumela go ithuta Baebele. Wayne a re: “Mo dikgweding di le tharo fela, re ne ra ithuta go le gontsi ka Baebele go feta sepe fela se re neng re se ithutile mo dingwageng tse 70 tsa pele ga foo! Re ne re ntse re sa itse gore leina la Modimo ke Jehofa, mme re ne re sa itse sepe ka Bogosi le lefatshe la Paradaise.” Go ise go ye kae, banyalani bano ba ba peloephepa ba ne ba simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo bodireding. Virginia a re: “Re batla go bolelela mongwe le mongwe kaga boammaaruri.” Ba ne ba kolobediwa ka 2005, boobedi ba le mo dingwageng tsa bo80. Ba re: “Re bone legae la Bokeresete la mmatota.”

Anaanela go ‘Tlhomelelwa ka Botlalo go Dira Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo’

12. Ke eng se Jehofa a se nayang batlhanka ba gagwe ka metlha, mme re tshwanetse ra dirang gore re solegelwe molemo?

12 Jehofa ka metlha o thusa batlhanka ba gagwe gore ba dire thato ya gagwe. Ka sekai, Noa o ne a newa ditaelo tse di utlwalang sentle, tse di maleba tsa go aga araka—tiro e e neng e tshwanetse go dirwa sentle di tloga fela! Mme go ne ga nna fela jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne Noa o ne “a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.” (Genesise 6:14-22) Gompieno le gone, Jehofa o tlhomelela batho ba gagwe sentle gore ba dire thato ya gagwe. Gone ke boammaaruri gore tiro ya rona ya konokono ke go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng le go thusa batho ba ba tshwanelang gore ba nne barutwa ba ga Jesu Keresete. Mme fela jaaka go ne go ntse ka Noa, re ka atlega fa re le kutlo. Re tshwanetse go latela kaelo e Jehofa a re nayang yone ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

13. Jehofa o dirisa eng go re thapisa?

13 E le gore re dire tiro eo, re tshwanetse ra ithuta go ‘tshwara sentle’ sedirisiwa sa rona sa konokono—Lefoko la Modimo—le le “tswela[ng] mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 2:15; 3:16, 17) Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jehofa o re naya thapiso e e mosola ka phuthego ya Bokeresete. Gompieno, mo diphuthegong tse 99 770 tse di mo lefatsheng lotlhe, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo di tshwarwa beke le beke go re thusa mo bodireding. A o bontsha go anaanela dipokano tseno tsa botlhokwa ka go nna teng kwa go tsone ka metlha le go dirisa se o se ithutang koo?—Bahebera 10:24, 25.

14. Batlhanka ba ga Jehofa ba bontsha jang gore ba anaanela tshiamelo ya go direla Modimo? (Akaretsa le dikakgelo kaga tšhate e e mo go tsebe 27-30.)

14 Batho ba Modimo ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba bontsha go anaanela thapiso e ba e newang ka go dira ka natla mo bodireding. Ka sekai, ka ngwaga wa tirelo wa 2006, baboledi ba Bogosi ba le 6 741 444 ba ne ba dirisa diura di le 1 333 966 199 mo mefuteng e e farologaneng ya tiro eno, e e neng ya akaretsa go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele di le 6 286 618. Tseno ke dingwe fela tsa dintlha tse di kgothatsang tse di fitlhelwang mo pegong ya lefatshe lotlhe. Tsweetswee sekaseka pego eno sentle mme o bone kgothatso mo go yone, fela jaaka bakaulengwe  ba rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba tshwanetse ba bo ba ile ba kgothadiwa ke dipego tsa go oketsega ga tiro ya go rera mo motlheng wa bone.—Ditiro 1:15; 2:5-11, 41, 47; 4:4; 6:7.

15. Ke ka ntlha yang fa go se na ope yo o tshwanetseng go kgobega marapo ka tirelo e a e direlang Jehofa ka moya otlhe?

15 Pako e kgolo e e yang kwa Modimong ngwaga le ngwaga e bontsha kafa batlhanka ba ga Jehofa ba anaanelang thata ka teng tshiamelo ya go itse Jehofa le go rera ka ga gagwe. (Isaia 43:10) Ke boammaaruri gore ditlhabelo tsa pako tse bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tsofetseng, ba ba lwalang le ba ba golafetseng ba di ntshang di ka tshwantshiwa le madinyana a mabedi a a ntshitsweng ke motlholagadi. Mme a re se lebaleng gore Jehofa le Morwawe ruri ba anaanela batho botlhe ba ba direlang Modimo ka moya otlhe, fa ba ntse ba dira sotlhe se ba se kgonang.—Luke 21:1-4; Bagalatia 6:4.

16. Modimo o re neile didirisiwa dife tsa go ruta mo metlheng eno?

16 Mo godimo ga go re thapisetsa bodiredi, Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re tlhomelela ka didirisiwa tse di molemo tsa go ruta. Mo dingwageng tsa bosheng, tseno di ile tsa akaretsa buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, mme gone jaanong ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Batho ba ruri ba anaanelang dithulaganyo tseno ba di sola molemo mo bodireding.

Sola Buka ya Baebele e Ruta Eng? Molemo

17, 18. (a) Ke dikarolo dife tsa buka ya Baebele e Ruta Eng? tse o ratang go di tlhomolola fa o le mo bodireding? (b) Molebedi mongwe wa potologo o ne a reng ka buka ya Baebele e Ruta Eng?

17 Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e nang le dikgaolo di le 19, e na le karolo ya dintlha tse di oketsegileng e e tlhalosang dilo ka botlalo, e bile e kwadilwe ka puo e e sa raraanang e e motlhofo go tlhaloganngwa. Buka eno e thusa thata mo bodireding. Ka sekai, kgaolo 12 e bua ka kgang e e reng “Go Tshela ka Tsela e e Itumedisang Modimo.” Tshedimosetso eno e tlhalosetsa moithuti kafa a ka nnang tsala ya Modimo ka teng, sengwe se ba le bantsi ba iseng ba ke ba akanye gore se ka kgonega. (Jakobe 2:23) Batho ba ikutlwa jang ka buka eno ya go ithuta Baebele?

 18 Molebedi mongwe wa potologo kwa Australia o bega gore buka ya Baebele e Ruta Eng? e “gogela beng ba matlo ka bonako gore ba tsene mo motlotlong.” Gape a re buka eno e motlhofo go e dirisa mo e leng gore “e thusitse baboledi ba le bantsi ba Bogosi gore ba boe gape ba itshepe le go ipela mo bodireding. E bile bangwe ba bitsa buka eno ba re ke Letlapana la Gouta!”

19-21. Anela maitemogelo mangwe a a bontshang mosola wa buka ya Baebele e Ruta Eng?

19 Mosadi mongwe wa kwa Guyana o ne a raya mmulatsela yo o neng a mo etetse a re: “O tshwanetse wa bo o rometswe ke Modimo.” Monna yo a neng a nna le ene o ne a sa tswa go mo tlogela ka bananyana ba bone ba babedi. Mmulatsela o ne a bula buka ya Baebele e Ruta Eng? mo go kgaolo 1 mme a balela kwa godimo serapa 11, kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Modimo o Ikutlwa Jang ka Tshiamololo e re Lebaneng le Yone?” Mmulatsela a re: “Dintlha tseo di ne tsa mo ama fela thata. E bile o ne a tshwanelwa ke go emelela a ye kwa morago ga lebenkele a ye go kgapha selelo.” Mosadi yono o ile a dumela gore kgaitsadi mongwe wa lefelo leo a ithute Baebele le ene mme o ntse a gatela pele.

20 José, yo o nnang kwa Spain, o ne a swelwa ke mosadi mo kotsing ya koloi. O ne a ikgomotsa ka diokobatsi, mme gape o ne a bona thuso ya baithutatlhaloganyo. Le fa go ntse jalo, baithutatlhaloganyo ba ne ba sa kgone go araba potso e e neng e tshwenya José thata ya gore: “Ke eng fa Modimo a ne a letla mosadi wa me gore a swe?” Letsatsi lengwe José o ne a kopana le Francesc, yo o neng a bereka mo khampaning e le nngwe le ene. Francesc o ne a akantsha gore ba tlotle ka kgaolo 11 ya buka ya Baebele e Ruta Eng?, ya setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?” Tlhaloso ya Dikwalo le sekai sa morutabana le moithuti di ne tsa kgatlha José fela thata. O ne a simolola go ithuta ka tlhoafalo, a ya kopanong ya potologo, mme jaanong o nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya lefelo la gaabo.

21 Roman, rakgwebo wa dingwaga tse 40 wa kwa Poland, ga a bolo go nna a tlotla Lefoko la Modimo. Mme ka gonne o ne a tshwaregile thata mo tirong, ga a ka a tswelela go ya gope ka thuto ya gagwe ya Baebele. Le fa go ntse jalo, o ne a ya kopanong ya kgaolo mme a amogela khopi ya buka ya Baebele e Ruta Eng? Morago ga moo, o ne a gatela pele thata. A re: “Buka eno e dira gore dithuto tsotlhe tsa motheo tsa Baebele di lebege di nyalana sentle.” Jaanong Roman o ithuta Baebele ka metlha mme o gatela pele sentle.

Tswelela Pele o Godisa Kanaanelo ya Gago

22, 23. Re ka tswelela pele jang re bontsha gore re anaanela tsholofelo e re e neetsweng?

22 Jaaka go ile ga tlhalosiwa kwa Dikopanong Tsa Kgaolo tse di itumedisang tsa “Kgololo e Atametse!” Bakeresete ba boammaaruri ba tlhoafaletse “kgololo ya bosakhutleng” e Modimo a e solofeditseng mme e kgonega ka ntlha ya madi a ga Jesu Keresete a a tsholotsweng. Ga go na tsela epe e e botoka ya go bontsha gore re anaanela tsholofelo eno e e tlhwatlhwakgolo go feta ka go tswelela pele re phepafadiwa “mo ditirong tse di suleng . . . gore re direle Modimo yo o tshelang tirelo e e boitshepo.”—Bahebera 9:12, 14.

23 Le fa go ntse jalo, ruri ke kgakgamatso gore baboledi ba Bogosi ba feta dimilione di le thataro ba itshokile ka boikanyegi mo tirelong ya Modimo ka nako e batho ba ikakanyetsang bone fela go feta le fa e le leng pele. Gape ke bosupi jwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba anaanela thata tshiamelo e ba nang le yone ya go direla Modimo, ba itse gore ‘tiro ya bone e ba e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.’ E kete kanaanelo eo e ka tswelela pele go gola!—1 Bakorintha 15:58; Pesalema 110:3.

 O ne O ka Araba Jang?

• Mopesalema o re ruta eng ka ga go anaanela Modimo le dithulaganyo tsa gagwe tsa semoya?

• Mafoko a a mo go Hagai 2:7 a diragadiwa jang gompieno?

• Jehofa o tlhomeletse batho ba gagwe jang gore ba mo direle ka botlalo?

• O ka dirang go bontsha gore o anaanela bomolemo jwa ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

 [Tšhate mo go tsebe 27-30]

PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 2006

 (Leba kgatiso)

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Jehofa o re tlhomelela ka botlalo go dira thato ya gagwe