Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dialogane Tsa Gileade di Newa Tao e e Amang Pelo

Dialogane Tsa Gileade di Newa Tao e e Amang Pelo

 Dialogane Tsa Gileade di Newa Tao e e Amang Pelo

KA SEPTEMBER 9, 2006, go ne go tshwerwe dikalogo tsa setlhopha sa bo121 sa Sekolo sa Baebele sa Gileade, di tshwaretswe kwa Lefelong la Thuto la Watchtower kwa Patterson, New York. E ne e le thulaganyo e e kgothatsang tota.

Geoffrey Jackson, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a simolola thulaganyo ka go amogela dialogane tse 56 le bareetsi ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng ba le 6 366. O ne a tlotla ka Pesalema 86:11, e e reng: “Nthute tlhe Jehofa, kaga tsela ya gago. Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago. Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.” Mokaulengwe Jackson o ne a bontsha dilo tse tharo tse di gatelelwang mo temaneng eo. O ne a re: “Mo seeleng sa ntlha, go gatelelwa thuto; mo go sa bobedi, go dirisa se o se ithutileng; mme seele sa boraro se gatelela se se rotloetsang motho go tsaya kgato. Dilo tseno tse tharo di botlhokwa segolobogolo mo go lona barongwa jaaka lo ya kwa dikabelong tsa lona.” Go tswa foo o ne a rola motseletsele wa dipuo le dipotsolotso tse di neng di gatelela dilo tseno tse tharo tsotlhe.

Mafoko a a Kgothatsang a Tao

William Malenfant, yo o berekang kwa ntlongkgolo, o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “Botshelo jo bo Molemo go Gaisa.” O ne a fa sekai sa ga Marea, monnawe Maratha. Nako nngwe fa Jesu a ne a ba etetse kwa lapeng, Marea o ne a tlhopha go nna fa dinaong tsa ga Jesu a bo a mo reetsa mme a dira gore seo e nne sone selo sa botlhokwatlhokwa. Jesu o ne a raya Maratha a re: “Marea ene o tlhophile karolo e e molemo, mme ga e na go tsewa mo go ene.” (Luke 10:38-42) Sebui se ne sa re: “Akanya fela. Marea o tla nna a gopola ka bosakhutleng gore o kile a nna fa dinaong tsa ga Jesu mme a ikutlwela ka tsa gagwe dithuto tse di molemo tsa semoya—fela ka gonne o ne a tlhophile sentle.” Fa a sena go akgolela dialogane go bo ba tlhophile dilo tsa semoya, o ne a re: “Se lo se tlhophileng, se lo tlisitse mo botshelong jo bo molemo go gaisa.”

Go tswa foo Anthony Morris, yo o mo Setlhopheng se se Laolang, o ne a buelela setlhogo se se reng “Aparang Morena Jesu Keresete,” se se theilweng mo go Baroma 13:14. Re ka dira seno jang? Go apara Morena Jesu Keresete go akaretsa go etsa mekgwa ya Morena. Seno se akaretsa go latela sekao sa gagwe le boikutlo jo a neng a na le jone. Sebui se ne sa re, “Jesu o ne a dira gore batho ba phuthologe fa ba na le ene ka gonne o ne a ba kgatlhegela go tswa pelong, mme ba ne ba kgona go bona seo.” Go tswa foo sebui se ne sa tlhalosa kafa baithuti ba neng ba bone kitso e ntsi ka teng mo dithutong tsa bone tsa Gileade, “gore . . . lo kgone go tshwara . . . ka mogopolo . . . se e leng bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa boammaaruri, fela jaaka go bolela Baefeso 3:18. Mme o ne a ba gopotsa temana 19, e e tswelelang ka go re: “Le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso.” Mokaulengwe Morris o ne a rotloetsa baithuti a re: “Fa lo ntse lo tswelela pele lo ithuta ka namana, akanyang kafa lo ka etsang bopelotlhomogi jo bo  lorato jwa ga Keresete ka teng mme lo ‘apare Morena Jesu Keresete’ tota.”

Batlhatlheledi ba Gileade ba Naya Kaelo ya Bofelo

Puo e e latelang e ne ya newa ke motlhatlheledi wa Gileade e bong Wallace Liverance, yo setlhogo sa gagwe se neng se theilwe mo go Diane 4:7. O ne a re le fa botlhale jwa bomodimo bo le botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe, gape re tshwanetse ra ‘bapala tlhaloganyo,’ mme seo se akaretsa go bapisa dintlha tse di katologaneng le go bona gore di amana jang gore o kgone go tlhaloganya mooko wa kgang. Sebui se ne sa bontsha gore go bapala tlhaloganyo go a itumedisa. Ka sekai, mo motlheng wa ga Nehemia, Balefi “ba ne ba tlhalosetsa batho molao” e bile “ba dira gore go tlhaloganngwe.” Morago ga moo, batho ba ne ba “tswelela ba ipela thata, gonne ba ne ba tlhalogantse mafoko a ba neng ba a itsisitswe.” (Nehemia 8:7, 8, 12) Mokaulengwe Liverance o ne a konela jaana: “Go tlhaloganya Lefoko la Modimo  le le kwadilweng ka tlhotlheletso ya moya go tlisa boipelo.”

Setlhogo se se neng sa tlotliwa ke Mark Noumair, yo le ene e leng motlhatlheledi wa Gileade, se ne se re: “Tota Mmaba wa Gago ke Mang?” Fa go le ntwa, masole a le mantsi a bolawa ke marumo a a sa thuntshiwang ke mmaba mme a thuntshitswe ka phoso ke masole a a mo letlhakoreng la one. O ne a botsa a re, “Go tweng ka ntwa ya semoya e rona re leng mo go yone? Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra se bone sentle gore tota mmaba ke mang mme ra gobatsa masole ka rona.” Lefufa le ka sira ba bangwe go bona yo tota e leng mmaba. Le ne la dira gore Kgosi Saulo a leke go bolaya Dafide, moobamedi mmogo le ene, mme tota Bafilisitia e le bone baba. (1 Samuele 18:7-9; 23:27, 28) Go tswa foo sebui se ne sa tswelela ka go re: “Go tweng fa e le gore o direla le morongwa yo o go gaisang ka ditsela tse dintsi? A o tla gobatsa lesole mmogo le wena ka mafoko a a tlhabang, kgotsa o tla amogela fela gore ba bangwe ba tla go gaisa mo dilong tse di farologaneng? Go tlhoma mogopolo mo bosaitekanelang jwa ba bangwe go ka re sira gore re se ka ra bona gore tota mmaba ke mang. Lwantsha yo e leng ene mmaba, Satane.”

Maitemogelo a a Monate le Dipotsolotso Tse di Rutang

Puo e e latelang ya setlhogo se se reng, “Dira Tiro ya Moefangele,” e ne e neelwa ke motlhatlheledi wa Gileade e bong Lawrence Bowen mme e ne e na le dipotsolotso le maitemogelo. O ne a bolela gore “tiro ya konokono ya morongwa yo o thapisitsweng kwa Gileade ke go anamisa dikgang tse di molemo, mme setlhopha seno se dirile jalo gongwe le gongwe fa se neng se ka bona batho teng.” Go ne ga dirwa dipontsho tsa maitemogelo mangwe a a itumedisang.

Go tswa foo go ne ga latela dipuo tse pedi di neelwa ke Michael Burnett le Scott Shoffner ka go latelana ga bone, ba ka bobedi e leng maloko a lelapa la Bethele. Ba ne ba botsolotsa maloko a Dikomiti tsa Makala tsa kwa Australia, Barbados, Korea, le Uganda. Mafoko a maloko ano a dikomiti a ne a bontsha kafa go dirwang maiteko a magolo ka teng go tlhokomela barongwa, a a akaretsang go ba naya bonno jo bo tshwanetseng le go ba tlhokomela mo botsogong. Maloko a dikomiti a ne a gatelela gore barongwa ba ba atlegang ba iketleeditse go itlwaetsa maemo a lefelo le ba mo go lone.

Konelo e e Kgothatsang

Puo ya konokono mo thulaganyong eno e ne e na le setlhogo se se reng “Boifang Modimo Lo bo Lo mo Neye Kgalalelo,” e neelwa ke John E. Barr, yo o nang le lobaka lo loleele e le leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a tlotla ka Tshenolo 14:6, 7, e e reng: “Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile.’”

Mokaulengwe Barr o ne a kgothaletsa baithuti gore ba gopole dilo tse tharo ka moengele yoo. Sa ntlha, o ne a tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng tsa gore Keresete jaanong o busa a na le dithata tsotlhe tsa Bogosi. Sebui se ne sa re: “Re tlhatswegile pelo gore o tlhomilwe mo setulong sa Bogosi ka 1914. Ka jalo mafoko ano a a itumedisang a tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe.” Sa bobedi, moengele o ne a re: “Boifang Modimo.” Sebui se ne sa tlhalosa gore dialogane di tshwanetse go thusa baithuti ba Baebele go tlotla Modimo gore ba se ka ba dira sepe se a sa se batleng. Sa boraro, moengele o ne a laela a re: ‘Nayang Modimo kgalalelo.’ Baithuti ba ne ba kgothadiwa ga twe, “Lo se ka lwa lebala gore re direla gore re neye Modimo kgalalelo, e seng rona.” Mme fa Mokaulengwe Barr a tlotla ka ‘nako ya go atlhola’ o ne a re: “Go setse nako e khutshwane fela gore go bolelwe katlholo ya bofelo. Matshelo a batho a mo kotsing. Batho ba le bantsi mo tshimong ya rona ba sa ntse ba tlhoka go utlwa molaetsa wa dikgang tse di molemo pele go nna thari.”

Morago fela ga go utlwa mafoko ano, dialogane tse 56 di ne tsa newa didipoloma mme ba romelwa kwa dintlheng tsa lefatshe. Dialogane le ba bangwe botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba amiwa maikutlo thata ke kgakololo e e kgothatsang e ba neng ba e amogela mo letsatsing leo le le monate.

[Lebokoso mo go tsebe 17]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

Dinaga tse ba tswang kwa go tsone: 6

Dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 25

Palo ya baithuti: 56

Palogare ya dingwaga tsa bone: 35,1

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 18,3

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13,9

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setlhopha sa bo121 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Fox, Y.; Kunicki, D.; Wilkinson, S.; Kawamoto, S.; Consolandi, G.; Mayen, C. (2) Santiago, N.; Clancy, R.; Fischer, M.; de Abreu, L.; Davis, E. (3) Hwang, J.; Hoffman, D.; Wridgway, L.; Ibrahim, J.; Dabelstein, A.; Bakabak, M. (4) Peters, M.; Jones, C.; Ford, S.; Parra, S.; Rothrock, D.; Tatlot, M.; Perez, E. (5) de Abreu, F.; Kawamoto, S.; Ives, S.; Burdo, J.; Hwang, J.; Wilkinson, D. (6) Fox, A.; Bakabak, J.; Cichowski, P.; Forier, C.; Mayen, S.; Consolandi, E.; Wridgway, W. (7) Parra, B.; Perez, B.; Tatlot, P.; Santiago, M.; Ibrahim, Y.; Kunicki, C. (8) Burdo, C.; Cichowski, B.; Ives, K.; Ford, A.; Rothrock, J.; Hoffman, D.; Davis, M. (9) Peters, C.; Dabelstein, C.; Jones, K.; Clancy, S.; Fischer, J.; Forier, S.