Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se go Rata Moagelani wa Rona go se Kayang

Se go Rata Moagelani wa Rona go se Kayang

 Se go Rata Moagelani wa Rona go se Kayang

“O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.”—MATHAIO 22:39.

1. Re bontsha jang gore re rata Modimo?

JEHOFA o lebeletse eng mo baobameding ba gagwe? Jesu o ile a sobokanya karabo ka mafoko a a sa raraanang a a nang le bokao jo bogolo. O ile a re taelo e kgolo go gaisa tsotlhe ke go rata Jehofa ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona. (Mathaio 22:37; Mareko 12:30) Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, go rata Modimo go akaretsa go mo ikobela le go boloka ditaelo tsa gagwe e le fa re tsibogela lorato lo a re bontshitseng lone. Mo bathong ba ba ratang Modimo, go dira thato ya gagwe ga se mokgweleo; go a ba itumedisa.—Pesalema 40:8; 1 Johane 5:2, 3.

2, 3. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya tsia taelo ya gore re rate moagelani wa rona, mme ke potso efe e e tlhagang?

2 Jesu o ile a re taelo ya bobedi e kgolo go gaisa tsotlhe e amana le ya ntlha: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Ke taelo eno e jaanong re batlang go tlotla ka yone, mme re na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Mo dinakong tse re tshelang mo go tsone go tletse ditsela tsa bogagapa tse di sokameng tsa go bontsha lorato. Mo lekwalong le le tlhotlheleditsweng la ga moaposetoloi Paulo le le buang ka ‘metlha ya bofelo’, o ile a bolela gore batho ba ne ba tla nna baithati, ba rata madi le menate, go na le go rata batho ba bangwe. Bontsi bo ne bo se kitla bo nna le “lorato lwa tlholego,” kana jaaka fa thanolo nngwe ya Baebele e bolela, ba ne ba se kitla “ba rata malapa a bone ka lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:1-4) Jesu Keresete o ile a bolelela pele jaana: “Ba le bantsi . . . ba tla okana e bile ba tla tlhoana. . . . Lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”—Mathaio 24:10, 12.

3 Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re lorato lwa batho botlhe lo tla tsidifala. Go tla aga go na le batho ba ba bontshang lorato lo Jehofa a le batlang le le le mo tshwanetseng. Batho ba ba ratang Jehofa ba tla leka ka natla go leba ba bangwe ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone. Mme gone, moagelani wa rona yo re tshwanetseng go mo rata ke mang? Re tshwanetse go bontsha go rata moagelani wa rona jang? Dikwalo di ka re thusa go araba dipotso tseno tse di botlhokwa.

 Moagelani Wa me Ke Mang?

4. Go ya ka Lefitiko kgaolo 19, Bajuda ba ne ba tshwanetse go rata bomang?

4 Fa Jesu a ne a raya Mofarasai a re taelo ya bobedi e kgolo go di gaisa e ne e le go rata moagelani jaaka o ithata, o ne a bua a akantse ka molao o o rileng o o neng o neilwe Baiseraele. Molao oo ke o o mo go Lefitiko 19:18. Mo go yone kgaolo eo, Bajuda ba ne ba laetswe gore ba tshwanetse go tsaya batho ba bangwe ba e seng Baiseraele jaaka bone e le baagelani ba bone. Temana ya 34 ya re: “Moagi wa moeng yo o agileng le lona e le moeng o tshwanetse go nna jaaka motho wa mo lefatsheng la ga lona; mme o mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lwa nna baagi ba baeng kwa lefatsheng la Egepeto.” Ka gone, ba ne ba tshwanetse go rata batho ba e seng Bajuda, segolobogolo ba ba sokologetseng mo Bojudeng.

5. Bajuda ba ne ba tlhaloganya jang kgang ya go rata moagelani?

5 Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba leba dilo ka tsela e sele. Bangwe ba bone ba ne ba ruta gore mafoko “tsala” le “moagelani” a ne a akaretsa Bajuda fela. Ba ne ba re ba tshwanetse go tlhoa batho ba e seng Bajuda. Barutisi bao ba ne ba re baobamedi ba Modimo ba tshwanetse go tlhoa batho ba e seng baobamedi ba Modimo. Buka nngwe ya re: “Mo maemong a a ntseng jalo, letlhoo le ne le ata. Le ne le rotloediwa.”

6. Ke dilo dife tse pedi tse Jesu a neng a di tlhalosa fa a ne a bua ka kgang ya go rata moagelani?

6 Mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ile a bua ka kgang eno, a tlhalosa gore ke bomang ba ba tshwanetseng go bontshiwa lorato. O ile a re: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘O rate moagelani wa gago mme o tlhoe mmaba wa gago.’ Le fa go ntse jalo, ke a lo raya ka re: Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong, e re ka a tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:43-45) Jesu fano o ne a gatelela dilo tse pedi. Sa ntlha, Jehofa o pelotshweu e bile o pelonomi mo bathong ba ba siameng le ba ba sa siamang. Sa bobedi, re tshwanetse go etsa sekao sa gagwe.

7. Re ithuta thuto efe mo setshwantshong se se kaga Mosamarea yo o molemo?

7 Ka lekgetlo le lengwe, Mojuda yo o neng a itse molao sentle o ne a botsa Jesu jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Jesu o ile a araba potso eo ka go bua setshwantsho se se kaga Mosamarea mongwe yo o neng a rakana le monna mongwe, wa Mojuda, yo o neng a ketekilwe ke dinokwane tse di neng tsa mo amoga dilwana tsotlhe tsa gagwe. Le fa Bajuda ka bontsi ba ne ba ila Basamarea, Mosamarea yono o ne a tlhapisa monna yono dintho a ba a mo isa kwa lefelong le le babalesegileng la baeng, gore a kgone go fola. Thuto e a neng a e ruta ka setshwantsho seno e ne e le efe? Go rata baagelani ba rona ga go a tshwanela ga akaretsa fela batho ba lotso lwa rona, ba naga ya rona kana ba bodumedi jwa rona.—Luke 10:25, 29, 30, 33-37.

Se go Rata Moagelani go se Kayang

8. Lefitiko kgaolo 19 e bontsha gore lorato lo ne lo tshwanetse go bontshiwa ka tsela efe?

8 Go rata moagelani, fela jaaka go rata Modimo, ga go akaretse maikutlo fela; go akaretsa ditiro.  Go ka nna molemo go sekaseka kgang e go buiwang ka yone mo taelong e e mo go Lefitiko 19 e mo go yone batho ba Modimo ba kgothalediwang go rata moagelani jaaka ba ithata. Mo go yone re bolelelwa gore Baiseraele ba ne ba tshwanetse go letla batho ba ba sotlegang le baagi ba baeng gore le bone ba robe mo masimong a bone. Go ne go sena gore motho a ka utswa, a ka tsietsa kana a bua maaka. Mo ditshekong Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go tlhaola. Le mororo ba ne ba tshwanetse go kgalema fa go tlhokega, ba ne ba laelwa jaana ka tlhamalalo: “O se ka wa tlhoa morwarrago mo pelong ya gago.” Ditaelo tseno le tse dingwe tse dintsi di ne di sobokantswe mo mafokong ano: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.”—Lefitiko 19:9-11, 15, 17, 18.

9. Ke eng fa Jehofa a ile a laela Baiseraele gore ba itlhaole mo ditšhabeng tse dingwe?

9 Le fa Baiseraele ba ne ba tshwanetse go bontsha go rata batho ba bangwe, gape ba ne ba tshwanetse go itlhaola mo bathong ba ba neng ba obamela medimo ya maaka. Jehofa o ne a ba tlhagisa ka dikotsi le ditlamorago tsa go itsalanya le batho ba ba bosula. Ka sekai, Jehofa o ile a laela Baiseraele jaana malebana le ditšhaba tse ba neng ba tshwanetse go di gapa: “O se ka wa dira kgolagano epe ya lenyalo le bone. O se ka wa naya morwaabone morwadio, e bile o se ka wa tseela morwao morwadiabone. Gonne o tla faposa morwao mo go ntshaleng morago, mme ba tla direla medimo e mengwe; mme ruri bogale jwa ga Jehofa bo tla lo tukela, mme o tla go nyeletsa ka bonako.”—Duteronome 7:3, 4.

10. Re tshwanetse go ikela tlhoko mo go eng?

10 Bakeresete le bone ba ikela tlhoko gore ba se ka ba nna le kamano ya botsala le batho ba ba ka koafatsang tumelo ya bone. (1 Bakorintha 15:33) Re gakololwa jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng [ke gore, batho ba ba seng karolo ya phuthego ya Bokeresete].” (2 Bakorintha 6:14) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba laelwa go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebela kwa tlase batho ba ba sa dumeleng mo go Jehofa jaaka rona. Keresete o swetse baleofi, mme batho ba le bantsi ba ba kileng ba dira dilo tse di bosula ba ile ba fetola ditsela tsa bone mme ba boelana le Modimo.—Baroma 5:8; 1 Bakorintha 6:9-11.

11. Tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go bontsha go rata batho ba ba sa direleng Jehofa ke efe, mme ka ntlha yang?

11 Fa re batla go bontsha batho ba ba sa direleng Modimo lorato, ga go na tsela e e gaisang go etsa Jehofa ka boene. Le fa a sa rate boikepo, o bontsha batho botlhe lorato lwa bopelonomi ka go ba abela tshono ya go fetola ditsela tsa bone tse di bosula mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Esekiele 18:23) Jehofa o “eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Thato ya gagwe ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Ke gone ka moo Jesu a ileng a laela balatedi ba gagwe go rera le go ruta le go dira “batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19, 20) Ka go nna le seabe mo tirong eno, re bontsha go rata Modimo le moagelani, ee, go akaretsa le baba ba rona!

Go Rata Bakaulengwe ba Rona ba Bakeresete

12. Moaposetoloi Johane o ile a reng kaga go rata bakaulengwe ba rona?

12 Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Rona Bakeresete, re na le boikarabelo jwa go rata batho ba ba amanang le rona ka tumelo—bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Lorato lono lo botlhokwa go le kana kang? Moaposetoloi Johane o ile a gatelela kgang eno ka go bua mafoko ano a a maatla: “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolai . . . Fa mongwe a bua mafoko a a reng: ‘Ke rata Modimo,’ mme le fa go ntse jalo a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, ke moaki. Ka gonne yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Johane 3:15; 4:20) Mafoko ao ke mafoko a a maatla tota. Jesu Keresete o ne a amanya mafoko “mmolai” le “moaki” le Satane Diabolo. (Johane 8:44) Le ka motlha ga re batle mafoko ao a dirisiwa mo go rona!

13. Re ka bontsha badumedi ka rona lorato ka ditsela dife?

 13 Bakeresete ba boammaaruri ba “rutwa ke Modimo gore [ba] ratane.” (1 Bathesalonika 4:9) Re tshwanetse go rata “e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.” (1 Johane 3:18) Lorato lwa rona e tshwanetse go nna “lo lo se nang boitimokanyo.” (Baroma 12:9) Lorato lo re tlhotlheletsa go nna pelonomi, kutlwelobotlhoko, go itshwarela, go nna pelotelele, go se nne lefufa, go se ikgogomose, go se nne mabela kana bogagapa. (1 Bakorintha 13:4, 5; Baefeso 4:32) Lo re dira gore re batle go nna “batlhanka mongwe go yo mongwe.” (Bagalatia 5:13) Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re ba ratane fela jaaka a ba ratile. (Johane 13:34) Ka gone, Mokeresete o tshwanetse go iketleeletsa le e leng go swela badumedi ka ene fa go tlhokega.

14. Re ka bontsha lorato jang mo lelapeng?

14 Lorato lo tshwanetse go bonala thatathata mo lelapeng la Bokeresete segolobogolo gareng ga monna le mosadi wa gagwe. Kamano ya lenyalo e nonofile thata jaana mo Paulo a ileng a re: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.” O ile a oketsa jaana: “Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata.” (Baefeso 5:28) Paulo o ile a boeletsa kgakololo eno morago ga ditemana tse tlhano tse di latelang eo. Monna yo o ratang mosadi wa gagwe ga a kitla a etsa Baiseraele ba motlha wa ga Malaki ba ba neng ba direla balekane ba bone ka boferefere. (Malaki 2:14) O tla bontsha go mo anaanela. O tla mo rata fela jaaka Keresete a ile a rata phuthego. Gape lorato lo tla tlhotlheletsa mosadi go tlotla monna wa gagwe.—Baefeso 5:25, 29-33.

15. Go bona lorato lwa bokaulengwe go ile ga tlhotlheletsa batho bangwe go bua ba reng le go dira eng?

15 Ga go pelaelo gore lorato lo lo ntseng jalo ke letshwao le le tshwayang Bakeresete ba boammaaruri. Jesu o ile a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato lo re ratanang ka lone lo ngokela batho kwa Modimong yo re mo ratang le yo re mo tlotlang. Ka sekai, go na le pego eno e e tswang kwa Mozambique e e kaga lelapa lengwe la Basupi. “Ga re ise re ko re bone selo se se ntseng jaana. Ka thapama go ne ga runya phefo e e maatla mme morago ga yone ga latela pula e e maatla le sefako se segolo. Diphefo tse di maatla di ne tsa senya ntlo ya rona e e dirilweng ka lotlhaka mme marulelo a disenke a ne a tsewa ke phefo. Fa bakaulengwe ba rona ba ba tswang mo diphuthegong tse di fa gaufi ba tla go re thusa go aga ntlo ya rona sesha, baagelani ba rona ba ne ba bua jaana ba gakgametse: ‘Bodumedi jwa lona bo molemo tota. Ga re ise re ko re thusiwe jaana ke kereke ya rona.’ Re ne ra bula Baebele mme ra ba bontsha Johane 13:34, 35. Bontsi jwa baagelani ba rona jaanong ba ithuta Baebele.”

Go Rata Batho ka Namana

16. Go rata batho fa ba le setlhopha go farologanang jang le go rata motho ka namana?

16 Ga go thata go rata baagelani ba rona fa ba le setlhopha. Le fa go ntse jalo, go rata motho ka namana, go ka nna thata tota. Ka sekai, batho bangwe lorato lwa bone lwa boagelani lo akaretsa fela go ntshetsa mekgatlho mengwe ya namolo meneelo. Ee, ruri go motlhofo go bua fela re re re rata moagelani wa rona go na le go rata modiri ka rona yo a bonalang a sa re rate, kana motho yo o seng botsalano yo o nnang go bapa le rona kana tsala e e re swabisitseng.

17, 18. Jesu o ne a bontsha jang gore o rata batho ka namana, mme o ne a dira seo ka boikaelelo bofe?

17 Mo kgannyeng eno ya go rata batho ka namana, re ithuta sengwe mo go Jesu, yo o neng a bontsha dinonofo tsa Modimo ka botlalo. Le mororo a ile a tla mo lefatsheng go tla go tlosa boleo jwa lefatshe, o ne a bontsha go rata batho ka namana—mosadi yo o neng a lwala, molepero  le ngwana. (Mathaio 9:20-22; Mareko 1:40-42; 7:26, 29, 30; Johane 1:29) Le rona re bontsha go rata moagelani ka tsela e re dirisanang ka yone le batho ba re kopanang le bone letsatsi le letsatsi.

18 Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore go rata moagelani go amana le go rata Modimo. Le fa Jesu a ile a thusa bahumanegi, a fodisa balwetse, le go fepa ba ba tshwarweng ke tlala, boikaelelo jwa gagwe fa a ne a dira dilo tseno le go ruta batho e ne e le gore a ba thuse go boelana le Jehofa. (2 Bakorintha 5:19) Jesu o ile a dira dilo tsotlhe go galaletsa Modimo, le ka motlha a sa lebale gore e ne e le moemedi wa Modimo le gore o ne a bontsha dinonofo tsa Modimo yono yo a mo ratang. (1 Bakorintha 10:31) Ka go etsa sekao sa ga Jesu, le rona re ka bontsha lorato lwa mmatota lwa boagelani mme gape ra ipoloka re se karolo ya lefatshe la batho ba ba boikepo.

Re ka Rata Baagelani ba Rona Jang Jaaka re Ithata?

19, 20. Go rata baagelani ba rona jaaka re ithata go kaya eng?

19 Jesu o ile a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” Ke ga tlholego fela gore re itlhokomele le gore re itlotle ka tsela e e tshwanetseng. Fa go ne go sa nna jalo, taelo eno e ne e se kitla e nna le bokao go le kalo. Go ithata jalo ka tsela e e siameng, ga go a tshwanela ga tlhakatlhakanngwa le go nna le moya wa boithati o moaposetoloi Paulo a o umakang mo go 2 Timotheo 3:2. Go na le moo, ke go itlotla ka tsela e e lekalekaneng. Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a go tlhalosa e le “go ithata ka tsela e e lekalekaneng o sa itlotlomatse ka go itsaya o le mogolo mo go ba bangwe kana go inyenyefatsa thata ka go itsaya o se motho sepe.”

20 Go rata ba bangwe jaaka re ithata go kaya gore re leba batho ba bangwe ka tsela e re batlang ba re leba ka yone le go ba tshwara ka tsela e re ka ratang ba re tshwara ka yone. Jesu o ile a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re re nnele go akanya ka se ba bangwe ba re dirileng sone mo nakong e e fetileng mme re bo re ipusolosetsa ka tsela e e tshwanang. Go na le moo, re tshwanetse go akanya ka ga gore re ka rata ba bangwe ba re tshwara jang mme le rona re bo re ba tshwara jalo. Gape ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re re dire seo mo ditsaleng tsa rona fela kana mo bakaulengweng ba rona. O ne a dirisa lefoko “batho,” gongwe e le go bontsha gore re tshwanetse go dira jalo mo bathong botlhe, mo go mongwe le mongwe yo re kopanang le ene.

21. Fa re bontsha batho ba bangwe lorato, re a bo re bontsha eng?

21 Go rata baagelani ba rona go tla re sireletsa gore re se ka ra dira bosula. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Melao e e reng, ‘O se ka wa dira boaka, O se ka wa bolaya motho, O se ka wa utswa, O se ka wa eletsa ka bopelotshetlha,’ mme le fa e le taelo efe e nngwe e e leng teng, e sobokantswe mo lefokong leno, le le reng, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Lorato ga lo direle moagelani bosula.” (Baroma 13:9, 10) Lorato lo tla re tlhotlheletsa go senka ditsela tsa go direla ba bangwe dilo tse di molemo. Ka go rata beng ka rona, re bontsha gore re rata le ene yo o bopileng batho mo setshwanong sa gagwe, e bong Jehofa Modimo.—Genesise 1:26.

O ne O ka Araba Jang?

• Re tshwanetse go rata bomang, mme ka ntlha yang?

• Re ka bontsha jang go rata batho ba ba sa direleng Jehofa?

• Baebele e tlhalosa jang lorato lo re tshwanetseng go rata bakaulengwe ba rona ka lone?

• Go rata baagelani ba rona jaaka re ithata go kaya eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Jesu o rata le batho ka namana