Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lwela go Nna re Nonofile Semoyeng

Go Lwela go Nna re Nonofile Semoyeng

 Kgang ya Botshelo

Go Lwela go Nna re Nonofile Semoyeng

Jaaka go boletse Rolf BRüggemeier

Lekwalo la ntlha le ke neng ka le amogela fa ke sena go tshwarwa le ne le tswa kwa tsaleng ya me. O ne a nkitsise gore Mmè le bonnake ba basimane—Peter, Jochen le Manfred—le bone ba ne ba tshwerwe. Seno se ne sa dira gore bokgaitsadiarona ba babedi ba babotlana ba sale ba sena batsadi kana bomogoloabone. Ke ka ntlha yang fa puso ya Jeremane Botlhaba e ne e bogisa lelapa la rona? Ke eng se se re thusitseng go nna re nonofile semoyeng?

NTWA YA LEFATSHE II e ne ya re sulafaletsa dingwaga tsa rona tse di monate tsa fa re sa ntse re le bana; re ne ra iponela ka matlho kafa ntwa e leng setlhogo ka gone. Rre o ne a tsenela sesole sa Jeremane mme a swa e le mogolegwa wa ntwa. Seno se ne se bolela gore Mmè yo leina la gagwe e neng e le Berta, o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela bana ba le barataro, go simolola ka wa ngwaga o le mongwe go ya go wa dingwaga di le 16.

Kereke e Mmè a neng a e tsena e ne ya dira gore a ikutlwe a swabisiwa thata ka bodumedi, mme seno sa dira gore a se tlhole a batla go utlwa sepe ka Modimo. Mme letsatsi lengwe ka 1949, mosadi mongwe yo o nang le mmele o monnye yo o bidiwang Ilse Fuchs o ne a tla kwa legaeng la rona go tla go bua ka Bogosi jwa Modimo. Dipotso tse a neng a di botsa le tsela e a neng a baya mabaka ka yone e ne ya dira gore Mmè a batle go itse ka mo go oketsegileng. Thuto ya Baebele e ne ya naya Mmè tsholofelo.

Le fa go ntse jalo, kwa tshimologong rona basimane re ne re na le dipelaelo. Banasi mmogo le Bakomonise ba ne ba re solofeditse dilo tse di molemo mme ba re swabisa fela thata. Le fa gone re ne re na le dipelaelo ka ditsholofetso le fa e ka nna dife tse disha tse di neng di dirwa, re ne ra kgatlhega thata fa re utlwa ka Basupi bangwe ba ba kileng ba bo ba le mo dikampeng tsa pogiso ka ntlha ya go gana go nna le seabe mo ntweng. Mo ngwageng o o latelang nna, Mmè le Peter re ne ra kolobediwa.

Monnaarona e bong Manfred le ene o ne a kolobediwa mme go lebega boammaaruri jwa Baebele bo ne bo ise bo tsetsepele mo pelong ya gagwe. Fa Bakomonise  ba ne ba thibela tiro ya rona ka 1950, mme Manfred a gateletswe ke mapodise a sephiri—e leng Ba-Stasi ba ba neng ba itsege thata ka bosetlhogo jwa bone—o ne a ba bolelela gore dipokano tsa rona di tshwarelwa kae. Seo ke sone se kgabagare se neng sa dira gore Mmè le bonnake ba bangwe ba basimane ba tshwarwe.

Go Direla ka Nako ya Thibelo

Ka ntlha ya thibelo, re ne re tshwanelwa ke go tsenya dibuka tsa Baebele ka bokhukhuntshwane mo Jeremane Botlhaba. Ke ne ke rongwa go ya go tsaya dithoto kwa karolong e e kafa bophirima jwa Berlin, kwa dibuka tsa rona di neng di sa thibelwa gone mme ke di tlodisa kwa molelwaneng. Ke ne ka kgona go sia mapodise makgetlo a le mmalwa mme ka November 1950 ke ne ka tshwarwa.

Ba-Stasi ba ne ba ntsenya mo phaposaneng e e se nang difensetere e e kafa tlase ga lefatshe. Motshegare ke ne ke sa dumelelwa go robala, mme bosigo ke ne ke botsolodiwa mme ka dinako dingwe ke betswa. Ke ne ke sa kgone go ikgolaganya la ba lelapa la gaetsho go fitlha ka March 1951 fa Mmè, Peter le Jochen ba ne ba tlile tshekong ya me kwa kgotlatshekelo. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le thataro.

Peter, Jochen, le Mmè bone ba ne ba tshwarwa malatsi a le marataro morago ga tsheko ya me. Morago ga foo, modumedi mmogo le rona o ne a tlhokomela nnake wa mosetsana e bong Hannelore, yo o neng a na le dingwaga di le 11, mme mmemogolo ene o ne a tsaya Sabine wa dingwaga di le 7. Balebedi ba Ba-Stasi ba ne ba tshwara Mmè le bonnake ba basimane jaaka dikebekwa tse di kotsi mo ba neng ba ba tseela le megala ya bone ya ditlhako. Ba ne ba tshwanetse go nna ba eme ka dinao fa ba ntse ba thamathamisiwa ka dipotso. Le bone ba ne ba atlholelwa dingwaga di le thataro mongwe le mongwe.

Ka 1953, nna le Basupi bangwe ba bagolegwa re ne ra laelwa gore re age boemafofane jwa sesole, mme re ne ra gana. Balaodi ba ne ba re otlhaya ka go re tsenya mo phaposing re le nosi malatsi a le 21, se se neng se bolela gore ga re bereke, ga re amogele makwalo mme re newa dijo di le dinnye fela. Bokgaitsadi bangwe ba Bakeresete ba ne ba re bolokela senkgwe sa bone se sennye mme ba re tlisetsa sone ka bokhukhuntshwane. Seno se ne sa felela ka gore ke itse Anni, mongwe wa bokgaitsadi bao, mme re nyalane fa re sena go gololwa mo kgolegelong ka dingwaga tse di farologaneng tsa 1956 le 1957. Ngwaga morago ga gore re nyalane, morwadiarona e bong Ruth o ne a tsholwa. Peter, Jochen le Hannelore ba ne ba nyala mo e ka nnang ka nako e le nngwe.

Mo e ka nnang dingwaga di le tharo ke sena go gololwa, ke ne ka tshwarwa gape. Modiredimogolo wa Ba-Stasi o ne a leka go ntlhotlheletsa gore ke ba lome tsebe. O ne a re: “Tsweetswee Rre Brüggemeier, a ko o akanye sentle. O a itse gore go ntse jang go nna mo kgolegelong, mme ga re batle gore o boele teng gape. O ka nna wa tswelela o le Mosupi, wa tswelela ka dithuto tsa gago wa bo wa bua ka Baebele jaaka o rata. Re batla fela gore o re lome tsebe ka sengwe le sengwe se se diragalang. Akanya ka mosadi wa gago le morwadinyana wa gago.” Mafoko ao a bofelo a ne a nkutlwisa botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore fa ke ntse ke le mo  kgolegelong Jehofa o tla tlhokomela lelapa la me botoka go feta kafa nna ke neng nka le tlhokomela ka gone, mme o ne a dira fela jalo!

Balaodi ba ne ba leka go pateletsa Anni gore a bereke tiro ya nako e e tletseng mme ba dira gore batho bangwe ba tlhokomele Ruth fa gare ga beke. Anni o ne a gana mme a bereka bosigo gore a kgone go tlhokomela Ruth motshegare. Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba tlhokometse mosadi wa me fela thata mme ba ne ba mo naya dilo di le dintsi mo a neng a kgona go abela ba bangwe dingwe tsa tsone. Mme nna, ke ne ka fetsa dingwaga tse dingwe gape di ka nna thataro ke ntse ke le mo kgolegelong.

Kafa re Neng ra Kgona go Nna Re na Le Tumelo fa re Ntse Re le Mo Kgolegelong

Fa ke sena go boela kwa kgolegelong, Basupi ba ke neng ke na le bone mo seleng ba ne ba tlhoafaletse go itse gore ke dilo dife tse disha tse di gatisitsweng bosheng? Ruri ke ne ke itumetse tota go bo ke ne ke ithutile makasine wa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko mme ke nnile gone mo dipokanong ka metlha, gore ke kgone go ba kgothatsa semoyeng!

Fa re kopa balebedi gore ba re neye Baebele ba ne ba re: “Go naya Basupi ba ga Jehofa Baebele go tshwana le go naya legolegwa le le tshwaretsweng go thuba matlo didirisiwa tse di tla le thusang go tshaba mo kgolegelong.” Letsatsi le letsatsi bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba ne ba tlhopha temana ya Baebele e re tla e sekasekang. Mo metsotsong e le masome a mararo e re neng re e newa gore re ikotlolole dinao mo jarateng, re ne re sa kgatlhegele go itshikinya mmele le pheswana e e monate mme re ne re batla go solegelwa molemo ke temana ya letsatsi ya Baebele. Le fa go ne go tshwanetse ga nna le sekgala sa dimetara di le tlhano fa gare ga rona, e bile re sa letlelelwa go bua, re ne re bona ditsela tsa go fetisetsana ditemana tseo. Fa re boela kwa diseleng tsa rona, re ne re kopanya se mongwe le mongwe wa rona a kgonneng go se utlwa re bo re tshwara motlotlo wa rona wa Baebele wa letsatsi le letsatsi.

Kgabagare mongwe o ne a loma balaodi tsebe ka se re neng re se dira mme ba ntsenya mo seleng ke le nosi. Ke ne ka itumela tota gonne ka nako eo, ke ne ke setse ke ithutile ditemana di le makgolo a sekae ka tlhogo! Ke ne ka kgona go fetsa malatsi ao a ke neng ke sa dire sepe ka one ke ntse ke tlhatlhanya ka ditlhogo tse di farologaneng tsa Baebele. Mme morago ga moo, ke ne ka isiwa kwa kgolegelong e nngwe kwa molebedi wa teng a neng a ntsenya mo seleng e le nngwe le Basupi ba bangwe ba babedi—mme se se itumedisang le go feta—a re naya Baebele. Morago ga dikgwedi di le thataro ke tsentswe mo seleng ke le esi, ke ne ka leboga tota go bo jaanong ke kgona go tlotla ka Baebele le badumedimmogo le nna gape.

Nnake e bong Peter o tlhalosa se se neng sa mo thusa gore a kgone go itshoka mo kgolegelong e nngwe: “Ke ne ke akanya ka botshelo mo lefatsheng le lesha le ka ditemana tsa Baebele. Rona Basupi re ne re nonotshana ka go botsana dipotso tsa Baebele kana ka go itlhatlhoba ka Dikwalo. Botshelo bo ne bo le thata. Ka dinako dingwe re ne re tsenngwa re le 11 mo phaposing ya disekweremetara di ka nna 12. Re ne re tshwanelwa ke go dira sengwe le sengwe foo—re jela teng, re robala teng, re tlhapela teng le go ithusetsa teng. Re ne re lekega tota.”

Nnake yo mongwe e bong Jochen ene o ne a bua jaana ka maitemogelo a gagwe a kwa kgolegelong: “Ke ne ke opela dipina tse ke neng ke kgona go di gakologelwa go tswa mo bukeng ya rona ya dipina. Letsatsi le letsatsi ke ne ke tlhatlhanya ka temana e ke e tshwereng ka tlhogo. Fa ke sena go gololwa ke ne ka tswelela ka thulaganyo ya me e e molemo ya go ithuta dilo tsa semoya. Letsatsi le letsatsi ke ne ke bala temana ya letsatsi ya Baebele le ba lelapa la me. Gape re ne re baakanyetsa dipokano tsotlhe.”

Mmè o Gololwa mo Kgolegelong

Morago ga dingwaga tse di kwa godimonyana ga tse pedi, Mmè o ne a gololwa. O ne a dirisa kgololesego ya gagwe go ithuta Baebele le Hannelore le Sabine, a ba thusa go nna le motheo o o siameng wa tumelo ya bone. Gape o ne a ba thusa gore ba ka lebana jang le dikgang tse di amang tumelo ya bone mo Modimong tse ba neng ba kopana le tsone kwa sekolong. Hannelore a re: “Re ne re sa amega ka diphelelo tsa seo gonne re ne re kgothatsana thata kwa lapeng. E re ka re ne re le lelapa le le kopaneng, re ne re kgona go emelana le mathata le fa e ka nna afe a re lebanang le one.”

Hannelore o tswelela jaana: “Gape re ne re isetsa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ba neng ba le kwa kgolegelong dijo tsa semoya. Re ne re kwalololela makasine otlhe wa Tora ya Tebelo ka seatla mo pampiring e e phatsimang re dirisa ditlhaka tse ditshesane. Mme morago ga moo re bo re di phuthela ka pampiri e e sa tseneng metsi re bo re di fitlha fa gare ga maungo a diporeime a re neng re a romela kgwedi le kgwedi. Re ne re itumela thata fa re amogela molaetsa wa gore maungo ao a diporeime a ne a le monate  tota! Re ne re tshwaregile thata jaana ka tiro ya rona mo tota re neng re itumelela nako eo.”

Go Tshela ka Nako ya Thibelo

Peter o tlhalosa kafa go neng go le ka teng go tshela dingwagangwaga ka nako ya fa tiro e thibetswe mo Jeremane Botlhaba: “Re ne re kopana mo magaeng a bakaulengwe re le ditlhopha tse dinnye, re goroga le go tsamaya ka dinako tse di farologaneng. Mo pokanong nngwe le nngwe re ne re dira dithulaganyo tsa nako e e tlang. Re ne re dira seno ka go kwala fa fatshe kana re dirisa matshwao gonne re boifa gore Ba-Stasi ba ka tswa ba re reeditse mo sephiring.”

Hannelore o tlhalosa jaana: “Ka dinako dingwe re ne re amogela ditheipi tse di rekotilweng tsa dithulaganyo tsa kopano. Seno se ne se dira gore re nne le pokano e e itumedisang ka dinako tsotlhe. Setlhopha sa rona se sennye se ne se kopana diura di le mmalwa go reetsa dipuo tsa Baebele. Le fa re ne re sa kgone go bona dibui, re ne re latela thulaganyo ka kelotlhoko mme re kwala dintlha.”

Peter ene a re: “Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete kwa dinageng tse dingwe ba ne ba leka ka natla gore ba re romelele dibuka tsa Baebele. Mo e ka nnang dingwaga di le lesome pele Lebota la Berlin le wa ka 1989, ba ne ba re direla dikgatiso tse di nnye tse di kgethegileng. Bangwe ba bone ba ne ba tsenya dikoloi tsa bone mo kotsing, madi a bone tota le kgololesego ya bone gore ba re tlisetse dijo tsa semoya kwa Jeremane Botlhaba. Letsatsi lengwe banyalani bangwe ba re neng re ba letile ga ba a ka ba goroga. Mapodise a ne a fitlhetse dibuka mo koloing ya bone a bo a tsaya koloi eno. Le fa go ne go le kotsi, ga re ise re ko re akanye go emisa tiro eno gore re nne le botshelo jo bo ritibetseng.”

Nnake e bong Manfred yo o neng a re oka ka 1950, o tlhalosa se se mo thusitseng gore a kgone go boloka tumelo gape: “Fa ke sena go nna mo kgolegelong dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka fudugela kwa Jeremane Bophirima mme ka tlogela tsela ya boammaaruri. Ke ne ka boela kwa Jeremane Botlhaba ka 1954 mme ka nyala mo ngwageng o o latelang. Go ise go ye kae mosadi wa me o ne a amogela boammaaruri mme a kolobediwa ka 1957. Fa nako e ntse e tsamaya segakolodi sa me se ne sa simolola go ntshwenya mme mosadi wa me o ne a nthusa gore ke boele mo phuthegong.

“Bakaulengwe ba Bakeresete ba ba neng ba nkitse pele ke tlogela boammaaruri ba ne ba nkamogela gape ka tsela e e lorato jaaka e kete go ne go sa direga sepe. Go monate tota go tlamparelwa le go dumedisiwa ka monyenyo o o botsalano. Ke itumetse tota go bo ke letlane le Jehofa mmogo le bakaulengwe ba me.”

Ntwa ya Semoya e a Tswelela

Mongwe le mongwe mo lelapeng la rona o kile a tshwanelwa ke go lwa ka thata a lwela tumelo. Morwarre e bong Peter a re: “Gompieno, go feta le fa e ka nna leng pele re dikologilwe ke dilo di le dintsi tse di re itayang tsebe mmogo le serai sa dikhumo. Ka nako ya fa tiro ya rona e ne e thibetswe re ne re kgotsofaletse se re nang le sone. Ka sekai, ga go ope wa rona yo o neng a batla go nna mo setlhopheng sengwe sa thuto ka ntlha fela ya mabaka a botho kana yo o neng a ngongorega ka gore dipokano di ne di tshwarelwa kgakala thata kana di tshwarwa thari. Rotlhe re ne re itumelela fela go kopana mmogo le fa bangwe ba rona ba ne ba tshwanelwa ke go leta go fitlha ka 11:00 p.m. gore ba kgone bo tloga mo lefelong le re kopaneng mo go lone.”

 Ka 1959, Mmè o ne a dira tshwetso ya go fudugela kwa Jeremane Bophirima mmogo le Sabine yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le 16. E re ka ba ne ba batla go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi, ofisi ya lekala e ne ya ba romela kwa Ellwangen, Baden-Württemberg. Tlhagafalo e Mmè a neng a na le yone go sa kgathalesege mathata a botsogo, e ne ya tlhotlheletsa Sabine gore a simolole go bula tsela a na le dingwaga di le 18. Fa Sabine a nyalwa, Mmè—yo o neng a na le dingwaga di le 58—o ne a ithuta go kgweetsa gore a oketse seabe sa gagwe mo tirong ya go rera. O ne a rata tiro eno thata go fitlha a tlhokafala ka 1974.

Mme nna, fa ke sena go nna dingwaga di ka nna thataro tsa nako e ke neng ke e atlholetswe mo kgolegelong fa ke ne ke tshwerwe lekgetlo la bobedi, ke ne ka fudusediwa kwa Jeremane Bophirima ka 1965, lelapa la me le sa itse sepe. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya mosadi wa me Anni le morwadiarona Ruth ba ne ba tla go nna le nna. Ke ne ka botsa ofisi ya lekala gore a re ne re ka direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi, mme ba ne ba re kopa go ya kwa Nördlingen, Bavaria. Ke teng kwa Ruth mmogo le monnawe Johannes ba neng ba golela teng. Anni o ne a tsenela tirelo ya bobulatsela. Sekao sa gagwe se se molemo se ne sa tlhotlheletsa Ruth gore a simolole go bula tsela fela fa a fetsa sekolo. Bana ba rona ka bobedi ba nyalane le babulatsela. Gone jaanong ba na le malapa a bone mme rona re segofaditswe ka ditlogolo tse dintle di le thataro.

Ka 1987, ke ne ka tlogela tiro ke ise ke fitlhe mo dingwageng tsa teng mme ka dira le Anni mo bodireding jwa bobulatsela. Dingwaga di le tharo morago ga moo ke ne ka kopiwa go tla kwa ofising ya lekala e e kwa Selters go tla go thusa go godisa dikago tsa teng. Morago ga moo, re ne ra thusa go aga Holo ya ntlha ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa go se e kileng ya bo e le Jeremane Botlhaba kwa Glauchau, mme moragonyana re ne ra nna batlhokomedi ba holo eo. Ka ntlha ya mabaka a botsogo, re ne ra boela gape kwa Phuthegong ya Nördlingen, gore re nne gaufi le morwadiarona mme re direla koo jaaka babulatsela.

Se se intumedisang le go feta ke gore bonnake botlhe ba basimane le ba basetsana mmogo le maloko a le mantsi a lelapa la rona a tsweletse go direla Modimo wa rona yo o molemo Jehofa. Mo dingwageng tse di fetileng re ithutile gore fa fela re nna re nonofile semoyeng re ka kgona go bona boammaaruri jwa mafoko a Pesalema 126:3: “Jehofa o dirile selo se segolo ka se a se re diretseng. Re a ipela.”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Letsatsi la rona le lenyalo, 1957

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke na le ba lelapa la gaetsho ka 1948: (fa pele, go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng) Manfred, Berta, Sabine, Hannelore, Peter; (kwa morago, go tswa kafa kafa molemeng go ya kafa mojeng) nna le Jochen

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Buka e nnye e e neng e dirisiwa fa tiro e ne e thibetswe le didirisiwa tsa “Ba-Stasi” tsa go re reetsa mo sephiring

[Motswedi wa Setshwantsho]

Forschungs- und Gedenkstätte NORMANNENSTRASSE

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ke na le bonnake: (fa pele, go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng) Hannelore le Sabine; (kwa morago, go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng) nna, Jochen, Peter, le Manfred