Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Amogela Kotlhao ya ga Jehofa ka Metlha

Amogela Kotlhao ya ga Jehofa ka Metlha

 Amogela Kotlhao ya ga Jehofa ka Metlha

“O se ka wa gana kotlhao ya ga Jehofa.”—DIANE 3:11.

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go amogela kotlhao ya Modimo?

KGOSI SOLOMONE wa Iseraele wa bogologolo o naya mongwe le mongwe wa rona lebaka le le utlwalang la go amogela kotlhao e e tswang kwa Modimong. Solomone a re: “O se ka wa gana kotlhao ya ga Jehofa, morwaaka; mme o se ka wa ila kgalemelo ya gagwe, ka gonne Jehofa o kgalemela yo a mo ratang, fela jaaka rre a kgalemela morwawe yo a mo ipelelang.” (Diane 3:11, 12) Ee, Rrago yo o kwa legodimong o go otlhaya ka gonne a go rata.

2. “Kotlhao” e tlhalosiwa jang, mme motho a ka otlhaiwa jang?

2 “Kotlhao” ke go kgalemela, go laya le go ruta. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa; le fa go ntse jalo morago ga moo, ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.” (Bahebera 12:11) Go amogela le go dirisa kotlhao ya Modimo go ka go thusa go dira tshiamo mme ka jalo wa atamalana thata le Modimo yo o boitshepo, Jehofa. (Pesalema 99:5) Kgalemelo e ka tla ka badumedi ka wena, ka se o se ithutang kwa dipokanong tsa Bokeresete, le mo go se o se ithutang mo Lefokong la Modimo le mo dikgatisong tsa “molebedi yo o boikanyego.” (Luke 12:42-44) A bo o ka itumela jang ne fa o bontshiwa sengwe se o tlhokang go se baakanya! Mme ke kotlhao efe e e ka tlhokegang fa go dirilwe boleo jo bo masisi?

Lebaka La go Bo Bangwe ba Kgaolwa

3. Motho o kgaolwa fa go rileng?

3 Batlhanka ba Modimo ba ithuta Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete. Melao ya ga Jehofa e tlhalosiwa kwa dipokanong tsa bone, kwa dikopanong tse dinnye le kwa go tse dikgolo. Ka jalo Bakeresete ba ka kgona go itse gore Jehofa o  batla ba dira eng. Leloko la phuthego le kgaolwa fela fa le dira boleo jo bo masisi le sa ikwatlhaye.

4, 5. Ke sekai sefe sa Dikwalo se se bolelwang fano sa go kgaolwa, mme ke ka ntlha yang fa phuthego e ne ya rotloediwa go busetsa motho yoo?

4 Ela tlhoko sekai se se mo Baebeleng sa mongwe yo o neng a kgaolwa. Phuthego ya kwa Korintha e ne e letlelela “kgokafalo e tota e [neng e seyo] le mo gare ga ditšhaba, gore monna mongwe [a bo a] tsere mosadi wa ga rraagwe.” Paulo o ne a rotloetsa Bakorintha gore ba “neele monna yo o ntseng jalo Satane gore nama e senngwe, gore moya o tle o bolokwe.” (1 Bakorintha 5:1-5) Fa moleofi a kgaotswe mme ka jalo a neetswe Satane, o ne a fetogile karolo ya lefatshe la ga Diabolo gape. (1 Johane 5:19) Go kobiwa ga gagwe go ne go dira gore go se ka ga tlhola go nna le tlhotlheletso e e bosula ya senama mo phuthegong mme go sale “moya” wa Modimo kgotsa dinonofo tsa one tse di siameng.—2 Timotheo 4:22; 1 Bakorintha 5:11-13.

5 Fa go ise go fete nako e telele thata, Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Korintha gore ba busetse modiraphoso mo phuthegong. Ka ntlha yang? Moaposetoloi o ne a re e ne e le gore ba se ka ba “tsiediwa ke Satane.” Go bonala sentle gore moleofi yono o ne a ikwatlhaile a ba a tlhamalatsa botshelo jwa gagwe. (2 Bakorintha 2:8-11) Fa Bakorintha ba ne ba ka se ka ba busetsa motho yo o ikwatlhayang, Satane o ne a tla ba tsietsa ka gonne ba ne ba tla kgwaralala dipelo ba bo ba sa itshwarele, e leng sone se Diabolo a neng a se batla. Mme ba tshwanetse ba bo ba ile ba “itshwarela” motho yono yo o ikwatlhayang ba bo ba ‘mo gomotsa’ moragonyana fela ga foo.—2 Bakorintha 2:5-7.

6. Go kgaola go ka thusa ka eng?

6 Go kgaola go thusa ka eng? Go dira gore leina la ga Jehofa le le boitshepo le se ka la kgobiwa e bile go sireletsa leina le le molemo la batho ba gagwe. (1 Petere 1:14-16) Go tlosa modiraphoso yo o sa ikwatlhayeng mo phuthegong go tlotlomatsa melao ya Modimo e bile go dira gore phuthego e nne e le phepa semoyeng. Go ka nna ga ba ga dira gore motho yo o sa ikwatlhayeng a itharabologelwe.

Go Ikwatlhaya go Botlhokwa

7. Fa Dafide a ne a sa ipolele ditlolo tsa gagwe, diphelelo e ne ya nna dife?

7 Bontsi jwa batho ba ba dirang maleo a a masisi ba a ikwatlhaya tota mme ga ba kgaolwe mo phuthegong. Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha boikwatlhao jwa mmatota bo itlelang motlhofo fela. Akanya ka Kgosi Dafide wa kwa Iseraele yo o neng a tlhama Pesalema 32. Pina eo e senola gore ka lobaka lo lo rileng, Dafide ga a ka a ipolela maleo a gagwe a a masisi, gongwe e le a a neng a ama Bathesheba. Go ne ga felela ka gore a nne bokoa ka ntlha ya go utlwisiwa botlhoko ke maleo a gagwe, fela jaaka mogote wa selemo o omisa bongola jwa setlhare. Dafide o ne a boga mo mmeleng le mo tlhaloganyong, mme fa a ‘ipolela ditlolo tsa gagwe, Jehofa o ne a mo itshwarela.’ (Pesalema 32:3-5) Go tswa foo Dafide o ne a opela jaana: “Go itumela motho yo Jehofa a sa mmaleleng tlolo e le molato.” (Pesalema 32:1, 2) A bo go ne go le molemo jang ne go utlwelwa botlhoko ke Modimo!

8, 9. Boikwatlhao bo bonala jang, mme bo botlhokwa go le kana kang gore motho yo o kgaotsweng a busediwe?

8 Ka jalo, go bonala sentle gore moleofi o tshwanetse a ikwatlhaya e le gore a utlwelwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, go tlhabiwa ke ditlhong le go tshaba go senoga ga se go ikwatlhaya. Go ikwatlhaya go akaretsa go fetola mogopolo malebana le boitsholo jo bo sa siamang, ka ntlha ya go hutsafalela phoso e e dirilweng. Motho yo o ikwatlhayang o “pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng” mme o batla ‘go baakanya phoso’ fa go kgonega.—Pesalema 51:17; 2 Bakorintha 7:11.

9 Boikwatlhao ke jone bo laolang gore motho o boela leng mo phuthegong ya Bokeresete. Motho yo o kgaotsweng ga a boele fela mo phuthegong ka gonne go setse go fetile lobaka lo lo rileng. Pele a ka busediwa, seemo sa pelo ya gagwe se tshwanetse sa fetoga thata. O tshwanetse a lemoga kafa boleo jwa gagwe bo leng masisi ka teng le kgobo e a e tliseditseng Jehofa le phuthego. Moleofi o tshwanetse a ikwatlhaya, a rapela ka tlhoafalo gore a itshwarelwe mme a latele melao ya Modimo ya tshiamo. Fa a kopa go  busediwa, o tshwanetse a kgona go fa bosupi jwa gore o ikwatlhaile mme o dira “ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao.”—Ditiro 26:20.

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ipolela Phoso?

10, 11. Ke eng fa re sa tshwanela go leka go fitlha boleo?

10 Bangwe ba ba leofileng ba ka nna ba akanya jaana: ‘Fa ke bolelela mongwe ka boleo jo ke bo dirileng, nka nna ka tshwanelwa ke go araba dipotso tse di tlhabisang ditlhong gongwe ke bo ke kgaolwa. Mme fa nka didimala fela, ke tla falola ditlhong tseo mme ga go na ope mo phuthegong yo o tla itseng gore ke dirileng.’ Motho yo o akanyang jalo o lebala dintlha dingwe tsa botlhokwa. Ke dife tseo?

11 Jehofa ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo.” Le fa go ntse jalo, o siamisa batho ba gagwe “ka selekanyo se se tshwanetseng.” (Ekesodo 34:6, 7; Jeremia 30:11) Fa o ne o ka dira boleo jo bo masisi, tota Modimo a ka go bontsha kutlwelobotlhoko jang fa o leka go bo fitlha? Jehofa o a bo bona, mme ga a tlhokomologe diphoso fela.—Diane 15:3; Habakuke 1:13.

12, 13. Go leka go fitlha phoso go ka felela ka eng?

12 Fa o dirile boleo jo bo masisi, go ipolela boleo go ka go thusa gore o boe o nne le segakolodi se se molemo. (1 Timotheo 1:18-20) Mme go se ipolele go ka felela ka gore o nne le segakolodi se se kgotletsweng se se ka go gogelang mo boleong jo bongwe gape. Gopola gore ga o a leofela motho yo mongwe kgotsa phuthego fela. O leofetse Modimo. Mopesalema o ne a opela a re: “Jehofa—setulo sa gagwe sa bogosi se kwa magodimong. Matlho a gagwe a a bona, matlho a gagwe a a phatsimang a tlhatlhoba bomorwa batho. Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi.”—Pesalema 11:4, 5.

13 Jehofa ga a kitla a segofatsa ope yo o fitlhang boleo jo bo masisi a bo a leka go nna a le mo phuthegong e e phepa ya Bokeresete. (Jakobe 4:6) Ka jalo fa o wetse mo boleong mme o batla go dira se se siameng, o se ka wa okaoka, ipolele ka boikanyegi. E seng jalo o tla tshwenngwa ke segakolodi, bogolo jang fa o bala kgotsa o utlwa kgakololo e e malebana le boleo jo bo masisi jo o bo dirileng. Go tweng fa Jehofa a ne a ka go amoga moya wa gagwe, jaaka a ile a dira ka Kgosi Saulo? (1 Samuele 16:14) Fa moya wa Modimo o seyo, o ka wela mo boleong jo bo masisi le go feta.

Tshepa Bakaulengwe ba Gago ba ba Ikanyegang

14. Ke ka ntlha yang fa modiraphoso a tshwanetse go latela kgakololo e e mo go Jakobe 5:14, 15?

14 Ka jalo, modiraphoso yo o ikwatlhayang o tshwanetse a dira eng? “A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola.” (Jakobe 5:14, 15) Go ya kwa bagolwaneng ke tsela nngwe e ka yone motho a ka “ungwang maungo a a tshwanelang boikwatlhao.” (Mathaio 3:8) Banna bano ba ba ikanyegang le ba ba pelontle ba tla ‘mo rapelela le go mo tlotsa ka leokwane ka leina la ga Jehofa.’ Fela jaaka leokwane le le okobatsang, kgakololo ya bone e e tswang mo Baebeleng e tla gomotsa ope fela yo o ikwatlhayang tota.—Jeremia 8:22.

15, 16. Bagolwane ba Bakeresete ba latela jang sekao se se tlhomilweng ke Modimo se se kwadilweng mo go Esekiele 34:15, 16?

15 A bo Modisa wa rona, Jehofa, a tlhomile sekao se se lorato jang ne fa a ne a golola Bajuda mo botshwarong jwa Babelona ka 537 B.C.E. le fa a ne a golola Iseraele wa semoya mo “Babelona o Mogolo” ka 1919 C.E.! (Tshenolo 17:3-5; Bagalatia 6:16) Ka jalo o ne a diragatsa tsholofetso eno ya gagwe: “Nna ka bonna ke tla fepa dinku tsa me, e bile nna ka bonna ke tla di bothisa . . . Ke tla batla e e latlhegileng, le e e faletseng ke tla e busa, e bile ke tla hapa e e robegileng le e e bobolang ke tla e nonotsha.”—Esekiele 34:15, 16.

16 Jehofa o ne a fepa dinku tsa gagwe tsa tshwantshetso, a di bothisa ka pabalesego, e bile a batla tse di latlhegileng. Ka tsela e e tshwanang,  badisa ba Bakeresete ba tlhomamisa gore letsomane la Modimo le fepiwa sentle semoyeng e bile le sireletsegile. Bagolwane ba senka dinku tse di latlhegang di bo di tlogela phuthego. Fela jaaka Modimo a ne a ‘hapa e e robegileng,’ balebedi ba “hapa” dinku tse di gobaditsweng ke mafoko a mongwe kgotsa di ikgobaditse ka ditiro tsa tsone. Mme fela jaaka Modimo a ne a ‘nonotsha e e bobolang,’ bagolwane ba thusa batho ba ba setseng ba lwala semoyeng, gongwe ba lwala ka ntlha ya phoso nngwe e ba e dirileng.

Kafa Badisa ba Thusang ka Teng

17. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go okaoka go kopa thuso ya semoya mo bagolwaneng?

17 Bagolwane ba itumelela go diragatsa kgakololo eno: “Tswelelang pele lo bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko . . . , lo dire jalo ka poifo.” (Jude 23) Bakeresete bangwe ba ile ba dira boleo jo bo masisi ka go wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mme fa ruri ba ikwatlhaya, ba ka solofela gore bagolwane ba ba bontshe kutlwelobotlhoko le lorato e re ka ba tlhoafaletse go ba thusa semoyeng. Paulo o ne a bolela jaana ka banna bano, le ene a ikakaretsa: “E seng gore re beng ba tumelo ya lona, fa e se gore re badirimmogo gore lo ipele.” (2 Bakorintha 1:24) Ka jalo, se okaoke, kopa thuso ya bone ya semoya.

18. Bagolwane ba dirisana jang le badumedi ka bone fa ba dirile phoso?

18 Fa o dirile boleo jo bo masisi, ke ka ntlha yang fa o ka ikanya bagolwane? Ka gonne tota ke badisa ba letsomane la Modimo. (1 Petere 5:1-4) Ga go modisa ope yo o lorato yo o itayang kwanyana e e bokgwabo e e lelang ka gonne e ikgobaditse. Ka jalo, fa bagolwane ba dirisana le badumedi ka bone ba ba dirileng phoso, boikaelelo ga se gore ba batle molato o o dirilweng mme ba ba otlhaele one, mme ke kgang ya go sekaseka boleo le go tsosolosa motho yoo semoyeng fa go kgonega. (Jakobe 5:13-20) Bagolwane ba tshwanetse ba atlhola ka tshiamo le go “tshwara letsomane ka bonolo.” (Ditiro 20:29, 30; Isaia 32:1, 2) Fela jaaka Bakeresete ba bangwe botlhe, bagolwane ba tshwanetse go ‘dirisa tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa ba tsamaya le Modimo.’ (Mika 6:8) Dinonofo tse di ntseng jalo di botlhokwa fa ba dira ditshwetso malebana le botshelo le tirelo e e boitshepo ya “dinku tsa mafulo” a ga Jehofa.—Pesalema 100:3.

19. Bagolwane ba Bakeresete ba leka go siamisa motho ba na le boikutlo bofe?

19 Badisa ba Bakeresete ba tlhomiwa ke moya o o boitshepo mme ba leka go o latela. “Fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele  ga a e lemoga”—jaaka e kete go diragetse a sa lebelela—banna ba ba tshwanelegang semoyeng ba leka go “lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo.” (Bagalatia 6:1; Ditiro 20:28) Fela jaaka ngaka e e akanyetsang e busetsa lerapo le le robegileng ka kelotlhoko, gore e se ka ya utlwisa molwetse botlhoko go sa tlhokege mme gone e mo thusa, bagolwane ba leka go baakanya tsela e moleofi a akanyang ka yone, ba le bonolo mme ba ngaparetse melao ya Modimo. (Bakolosa 3:12) E re ka bagolwane ba dirisa thapelo le Dikwalo go bona mo ba ka dirisang kutlwelobotlhoko teng, tshwetso ya bone e tla bo e bontsha tsela e Modimo a lebang dilo ka yone.— Mathaio 18:18.

20. Ke leng go ka tlhokegang go itsise phuthego gore mongwe o kgalemetswe?

20 Fa batho ba setse ba itse ka boleo jo bo dirilweng, kgotsa go bonala sentle gore bo tla felela bo itsege, go ka nna ga tshwanela go itsise phuthego go sireletsa leina la yone le le molemo. Gape go ka dirwa kitsiso fa go tlhokega gore phuthego e itsisiwe. Fa motho yo o kgalemetsweng a ntse a fola semoyeng, a ka nna a tshwantshiwa le motho yo o neng a gobetse jaanong a fola, mme ka jalo a bo a nna nakonyana a sa kgone go dira jaaka pele. Go ka nna ga nna molemo gore motho yono a se ka a araba kwa dipokanong ka lobakanyana, a reetse fela. Bagolwane ba ka nna ba rulaganyetsa gore mongwe a ithute Baebele le ene go mo nonotsha mo a leng bokoa gone gore a boe a “itekanele mo tumelong.” (Tito 2:2) Seno sotlhe se dirwa ka lorato e seng ka boikaelelo jwa go otlhaya modiraphoso.

21. Ka dinako tse dingwe go ka dirwa jang fa motho a dirile phoso?

21 Bagolwane ba ka thusa phuthego semoyeng ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, a re re mokaulengwe yo o kileng a bo a na le bothata jwa go nwa o ile a nwa mo go feteletseng gangwe kgotsa gabedi a le esi kwa ga gagwe. Kgotsa mongwe yo o saleng a tlogetse go goga motsoko bogologolo o ne a raelesega go goga gangwe kgotsa gabedi mo sephiring. Le fa a ile a rapela mme a dumela gore Modimo o mo itshwaretse, o tshwanetse a kopa thuso ya mogolwane gore boleo jono bo se ka jwa fetoga mokgwa. Mogolwane a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ka sekaseka kgang eno. Le fa go ntse jalo, bagolwane bano ba tla itsise molebedi yo o okamelang, ka gonne go ka tswa go amega le dilo tse dingwe gape.

Nna o Amogele Kotlhao ya Modimo

22, 23. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tswelela pele o amogela kotlhao ya Modimo?

22 Gore Mokeresete mongwe le mongwe a amogelwe ke Modimo, o tshwanetse a ela tlhoko kotlhao ya ga Jehofa. (1 Timotheo 5:20) Ka jalo reetsa kgakololo epe e o e amogelang fa o ithuta Dikwalo le dikgatiso tsa Bokeresete kgotsa fa o utlwa kgakololo e o e newang kwa dipokanong le kwa dikopanong tsa batho ba ga Jehofa. Nna o tlhagafetse mo go direng thato ya ga Jehofa. Fa o dira jalo, kotlhao ya Modimo e tla go thusa gore o nne le diiphemelo tsa semoya tse di nonofileng jaaka lobota go go sireletsa mo boleong.

23 Go amogela kotlhao ya Modimo go tla dira gore o kgone go nna o le mo loratong lwa Modimo. Ke boammaaruri gore bangwe ba ile ba ntshiwa mo phuthegong ya Bokeresete, mme seo se ka se go diragalele fa o “dibela pelo ya gago” e bile o ‘tsamaya jaaka motho yo o botlhale.’ (Diane 4:23; Baefeso 5:15) Le fa go ntse jalo, fa e le gore gone jaanong o kgaotswe, ke ka ntlha yang fa o sa tseye dikgato tsa gore o busediwe? Modimo o batla gore botlhe ba ba ineetseng mo go ene ba mo obamele ka boikanyegi le ka “go ipela ga pelo.” (Duteronome 28:47) O ka dira jalo ka bosakhutleng fa o nna o amogela kotlhao ya ga Jehofa.—Pesalema 100:2.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ntshiwa mo phuthegong ya Bokeresete?

• Go ikotlhaya ga boammaaruri go akaretsa eng?

• Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go ipolela fa a dirile boleo jo bo masisi?

• Bagolwane ba Bakeresete ba thusa jang badiraphoso ba ba ikwatlhayang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi Paulo a ile a romelela Bakorintha ditaelo kaga go kgaola?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Fela jaaka badisa ba bogologolo, bagolwane ba Bakeresete ba “hapa” dinku tsa Modimo tse di gobetseng