Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Aga Mmogo ka Kutlwano Gore ba Bake Modimo

Ba Aga Mmogo ka Kutlwano Gore ba Bake Modimo

 Ba Aga Mmogo ka Kutlwano Gore ba Bake Modimo

BATHO ba ba nnang mo go sengwe sa ditlhaketlhake tsa Solomon Islands ba ne ba bona Holo e ntšha ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Mosadi mongwe o ne a re: “Mo kerekeng ya rona re dira mekete e le mentsi ya go kokoanya madi. Re kopa maloko a kereke gore a ntshe madi, mme ga re nne le madi a a lekaneng a go aga kereke e ntšha. Lona Basupi lo dira jang gore lo kgone go nna le madi?” Mosupi yo a neng a bua le ene o ne a araba ka gore: “Re obamela Jehofa re le lelapa la lefatshe lotlhe. Phuthego ya rona le bakaulengwe ba rona lefatshe ka bophara ba ne ba re abela dilo tse di neng di tlhokega go aga Holo e ntšha ya Bogosi. Jehofa o re rutile gore re dire sengwe le sengwe ka kutlwano.”

O kgona go bona kutlwano mo Basuping ba ga Jehofa mo dilong tsotlhe tse ba di dirang, go akaretsa go agiwa ga diketekete tsa Diholo tsa Bogosi. Kutlwano eno e ba nang le yone fa ba dira ditiro tseno ga e ntšha. E sa le e ntse e le teng mo bathong ba Modimo le mo diketeketeng tsa dingwaga tse di fetileng. Ke ka ntlha yang fa re bua jalo?

Ba Aga Motlaagana le Tempele

Jehofa o ne a akantse ka setšhaba sa Iseraele dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng fa a ne a raya Moshe a re: “Ba ntirele lefelo le le boitshepo.” (Ekesodo 25:8) Fa Jehofa a ne a bua ka tsela e kago eno e neng e tshwanetse go agiwa ka yone o ne a re: “Go ya ka sotlhe se ke se go bontshang [a bua le Moshe a le esi] e le sebopego sa motlaagana le sebopego sa dithoto tsotlhe tsa one, ke tsela e o [a raya setšhaba sotlhe] tla o dirang ka yone.” (Ekesodo 25:9) Morago ga moo Jehofa o ne a ba tlhalosetsa ka botlalo dithulaganyo tsa kafa kago eno ya lefelo le le boitshepo, mekgabisa ya teng le dilwana tse di mo go yone di neng di tshwanetse go nna ka gone. (Ekesodo 25:10–27:19) “Motlaagana” ono kana mogope e ne e tshwanetse go nna lefelo la kobamelo ya boammaaruri mo Baiseraeleng botlhe.

Ga re itse gore ke batho ba le kae ba ba neng ba nna le seabe mo tirong eno ya go aga, mme gone Baiseraele botlhe ba ne ba laleditswe go tla go thusa mo tirong eno. Moshe o ne a ba raya a re: “Tseelang Jehofa moneelo o o tswang mo go lona. A mongwe le mongwe wa pelo e e ratang a o tlise jaaka moneelo wa ga Jehofa.” (Ekesodo 35:4-9) Baiseraele ba ne ba tsibogela seno jang? Ekesodo 36:3 ya re: “Ba tsaya moneelo otlhe fa pele ga ga Moshe o bomorwa Iseraele ba neng ba o tliseditse tiro ya tirelo e e boitshepo gore ba e dire, mme fa e le bano ba morago, ba ne ba nna ba tlisa moneelo ka go rata kwa go ene moso le moso.”

Go ise go ye kae, go ne go na le mekoa ya dilo tse di abilweng mme batho ba ne ba ntse ba tlisa tse dingwe gape. Kgabagare badiri ba ne ba raya Moshe ba re: “Batho ba tlisetsa tiro e  Jehofa a laotseng gore e dirwe mo go ntsi go feta kafa tirelo e tlhokang ka gone.” Ka jalo Moshe a laela jaana: “Banna le basadi, lo se ka lwa ntshetsa moneelo o o boitshepo dilwana tse di oketsegileng.” Matswela e ne ya nna afe? “Dilwana di ne tsa itshupa di lekane tiro yotlhe e e neng e tshwanetse go dirwa, e bile di feta tekanyo.”—Ekesodo 36:4-7.

Ka ntlha ya bopelotshweu jwa Baiseraele, tiro ya go aga motlaagana e ne ya wediwa mo lobakeng lwa ngwaga fela. (Ekesodo 19:1; 40:1, 2) Batho ba Modimo ba ne ba tlotla Jehofa ka go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. (Diane 3:9) Fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba tla tshwaragana le tiro e nngwe ya go aga e kgolo go feta eo. Mme fela jaaka pele botlhe ba ba ratang ba ne ba tla thusa go sa kgathalesege gore ba na le bokgoni jwa go aga kana ga ba na jone.

Mo e ka nnang makgolo a le matlhano a dingwaga fa Baiseraele ba sena go aga motlaagana, ba ne ba simolola go aga tempele kwa Jerusalema. (1 Dikgosi 6:1) Kago eno e ne e tla nna ya magasigasi le e e tla nnelang ruri e e dirilweng ka maje le dikota. (1 Dikgosi 5:17, 18) Jehofa o ne a naya Dafide dipolane tsa go aga tempele “ka tlhotlheletso.” (1 Ditiragalo 28:11-19) Mme gone o ne a tlhopha morwa Dafide e bong Solomone gore e nne ene a etelelang pele tiro eno ya go aga. (1 Ditiragalo 22:6-10) Dafide o ne a tshegetsa tiro eno ka pelo ya gagwe yotlhe. O ne a kgobokanya maje, ditlhomeso le didirisiwa tse dingwe mme a aba gauta le selefera tse dintsi tse e neng e le tsa gagwe. Gape o ne a rotloetsa Baiseraele mmogo le ene gore ba nne pelotshweu, ka go ba botsa jaana: “Ke mang yo o ithaopelang go tlatsa seatla sa gagwe ka mpho ya ga Jehofa gompieno?” Ba ne ba arabela jang?—1 Ditiragalo 29:1-5.

Ka nako ya fa Solomone a simolola go aga tempele, o ne a setse a na le ditone di le diketekete tsa gauta le selefera. Go ne go na le kgotlho le tshipi e ntsi mo go neng go se na tsela ya go di lekanya bokete. (1 Ditiragalo 22:14-16) Tiro eno e ne ya wediwa mo dingwageng di le supa le halofo fela gonne Jehofa o ne a e tshegetsa mme Baiseraele le bone ba ne ba e eme nokeng.—1 Dikgosi 6:1, 37, 38.

“Ntlo ya Modimo wa Boammaaruri”

Motlaagana mmogo le tempele di ne di bidiwa “ntlo ya Modimo wa boammaaruri.” (Baatlhodi 18:31; 2 Ditiragalo 24:7) Jehofa ga a ise a ko a tlhoke ntlo e a ka itshireletsang mo go yone.  (Isaia 66:1) O ne a dira gore dikago tseo di nne teng gore di solegele batho molemo. Ke gone ka moo fa Solomone a ne a neela tempele a neng a botsa jaana: “A mme ruri Modimo o tla nna mo lefatsheng? Bona! Magodimo, ee, legodimo la magodimo, one a ka se go tshole; mme a bo ntlo eno e ke e agileng e le nnye jang ne!”—1 Dikgosi 8:27.

Jehofa o ne a bua jaana ka moporofeti wa gagwe Isaia: “Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe.” (Isaia 56:7) Ditlhabelo le dithapelo tse di neng di dirwa mo tempeleng mmogo le mediro e e neng e tshwarelwa koo e ne e thusa batho ba ba ratang Modimo—Bajuda le ba e neng e se Bajuda—gore ba atamalane le Modimo wa boammaaruri. Ba ne ba nna le kamano le Jehofa e bile a ba sireletsa fa ba mo obamela mo ntlong ya gagwe. Thapelo e Solomone a neng a e rapela fa a ne a neela tempele e tlhomamisa boammaaruri jono. O ka bala mafoko ano a gagwe a a amang pelo a a neng a a bua le Modimo mo go 1 Dikgosi 8:22-53 le 2 Ditiragalo 6:12-42.

Ntlo eo ya bogologolo ya Modimo wa boammaaruri e ne ya senngwa, mme gone Lefoko la Modimo le ne la bolela ka nako e ka yone batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla phuthiwang go tla go obamela Jehofa mo tempeleng ya semoya e kgolo go di feta tsotlhe. (Isaia 2:2) Setlhabelo se le sengwe fela se se itekanetseng sa Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo se se neng se tshwantshediwa ke ditlhabelo tsa diphologolo tse di neng di ntshiwa kwa tempeleng e ne e tla nna yone tsela ya go atamela Jehofa. (Johane 14:6; Bahebera 7:27; 9:12) Basupi ba ga Jehofa jaanong ba obamela Modimo ka tsela eo e kgolo, mme ba thusa le batho ba bangwe ba bantsi gore ba dire jalo.

Ditiro Tsa go Aga Gompieno

Basupi ba ga Jehofa ba direla Modimo wa boammaaruri lefatshe ka bophara. Ke “setšhaba se se thata” se palo ya sone e ntseng e gola. (Isaia 60:22) Lefelo la konokono le Basupi ba ga Jehofa ba kopanelang mo go lone ke Holo ya Bogosi. * Go dirisiwa dikago tseno di le diketekete mme go sa ntse go tlhokega tse dingwe gape di le diketekete.

Basupi ba ga Jehofa ba ‘ithaopa ka go rata’ go aga Diholo tsa Bogosi tse di tlhokegang. (Pesalema 110:3) Le fa go ntse jalo, gantsi Basupi ba lefelo le go agiwang mo go lone ga ba na bokgoni jo bo tlhokegang jwa go aga, mme mafelo a mangwe a a nang le koketsego e kgolo a aparetswe ke khumanego. Ka 1999, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa tlhoma thulaganyo ya go aga Diholo tsa Bogosi go thusa go fenya dikgoreletsi tseno. Ka thulaganyo eno, Basupi ba ba nang le bokgoni jwa go aga ba ya kwa mafelong a a kgakala go ya go thapisa bakaulengwe ba bone le bokgaitsadi go aga Diholo tsa Bogosi. Badiri bao ba ba thapisitsweng ba tswelela ka tiro ya go aga mo kgaolong eo. Maiteko ano a a kgethegileng a ba a dirang a ne a nna le matswela afe?

Ka February 2006, go ne ga agiwa Diholo tsa Bogosi tse di fetang 13 000 mo dinageng tse di humanegileng tse go nnang Basupi ba ga Jehofa mo go tsone. Bala mafoko a bangwe ba bone ba ba dirisang Diholo tseno tse disha tsa Bogosi.

“Phuthego e ne e na le palogare ya batho ba le 160 ba ba tlang dipokanong. Mo pokanong ya ntlha go se na go agiwa Holo e ntšha ya Bogosi, palo ya batho ba ba neng ba tla e ne ya tlhatloga go nna 200. Gone jaanong, dikgwedi di le thataro morago ga moo go tla batho ba ka nna 230. Ga go pelaelo gore Jehofa o segofatsa tiro ya go aga dikago tseno tse e seng tsa maemo a kwa godimo mme di siametse go dirisiwa.”—Molebedi wa Potologo kwa Ecuador.

“Go fetile dingwagangwaga batho ba ntse ba re botsa jaana: ‘Lo tla nna leng le Holo ya Bogosi e e  tshwanang le tse re tlholang re di bona mo dikgatisong tsa lona?’ Jehofa o re thusitse gore re nne le lefelo la kobamelo le le tlotlegang. Re ne re tshwarela dipokano tsa rona mo lebenkeleng la mokaulengwe, mme go ne go tla batho ba le 30 mo go tsone. Mo pokanong ya ntlha e re neng ra e tshwarela mo Holong e ntšha ya Bogosi go ne ga tla batho ba le 110.”—Phuthego ya kwa Uganda.

“Bokgaitsadi ba babedi ba e leng babulatsela ba ka metlha ba bega gore ba itumelela go bereka tshimo ya bone fa e sa le go agiwa Holo ya Bogosi. Batho ba a ba reetsa fa ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo le fa ba ba rerela mo mafelong a mangwe. Gone jaanong bokgaitsadi bano ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 17, mme bontsi jwa batho bano ba ba ithutang le bone ba nna gone mo dipokanong.”—Ofisi ya lekala ya Solomon Islands.

“Moruti mongwe yo o nnang gaufi a re Holo e ntšha ya Bogosi e dira gore tikologo yotlhe ya bone e tlotlege mme batho ba mo lefelong leo ba ipela ka yone. Ba le bantsi ba ba fetang foo, ba akgela ka bontle jwa holo eno. Seno se dira gore bakaulengwe ba nne le ditshono tse di molemo tsa go neela bosupi. Batho ba ba oketsegileng ba batla go itse ka bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Ba le bantsi ba ba nang le dingwaga ba sa tle dipokanong ba ne ba tlhotlheletsega go boa ba nna gone mo dipokanong ka metlha.”—Ofisi ya lekala ya Myanmar.

“Kgaitsadi o ne a laletsa monna mongwe mo lefelong la kago mo tikologong ya bone. Moragonyana monna yono o ne a re: ‘Ke ne ke akanya gore badiri bao ga ba na ba ntetla ke tsena. Ke ne ka gakgamala tota go bona Basupi ba ntumedisa ba le botsalano. Banna le basadi ba ne ba dira ka natla ba sa senye nako. Ba ne ba utlwana e bile go rena moya wa boitumelo.’ Monna yono o ne a dumela go ithuta Baebele mme a simolola go nna gone mo dipokanong. Moragonyana o ne a re:  ‘Ke fetotse tsela e ke neng ke akanya ka yone. E re ka ke bone Modimo, ga ke na go mo tlogela.’”—Ofisi ya lekala ya Colombia.

Go Botlhokwa Gore re Tshegetse

Go aga Diholo tsa Bogosi ke karolo e e botlhokwa ya tirelo ya rona e e boitshepo. Basupi ba ga Jehofa ba akgolwa tota ka tsela e lefatshe ka bophara ba ntseng ba tshegetsa ka yone tiro eno ka madi le ka ditsela tse dingwe. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore dikarolo tse dingwe tsa tirelo e e boitshepo le tsone di botlhokwa. Gangwe le gape Bakeresete ba welwa ke dikotsi tsa tlholego tsa masetlapelo mme ba tlhoka thuso ya rona. Go gatisiwa ga dibuka tsa Baebele go thusa thata mo go tshegetseng tirelo ya rona e e boitshepo. Ba le bantsi ba rona re kile ra bona kafa makasine kana buka e e theilweng mo Baebeleng e nang le maatla ka gone fa e neilwe motho yo o nang le tshekamelo e e siameng. Mo godimo ga moo, go botlhokwa thata gore re tshegetse barongwa le ba bangwe ba ba leng mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Bakeresete bao ba ba intshitseng setlhabelo ba thusa thata go atolosa tiro ya go rera mo malatsing ano a bofelo.

Batho ba ba neng ba thusa go aga tempele ba ne ba nna le boipelo jo bogolo. (1 Ditiragalo 29:9) Le gompieno go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri ka meneelo go a re itumedisa. (Ditiro 20:35) Re bona boitumelo joo fa re tsenya meneelo ya rona mo lebokosong le le diretsweng Letlole la Diholo tsa Bogosi le fa re ntsha moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe, e le go tshegetsa ditiro tse dingwe tse di amanang le go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba utlwana mo kobamelong ya boammaaruri ka tsela e e molemo. E kete rotlhe re ka nna le boitumelo jo re bo bonang fa re tshegetsa kobamelo eo!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Go utlwa gore lefoko “Holo ya Bogosi” le simologile kae, bona Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 319, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 20, 21]

DITSELA TSE BANGWE BA TLHOPHANG GO ABA KA TSONE

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi kwa thoko gore ba tle ba a tsenye mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14.”

Kgwedi le kgwedi, diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Meneelo e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa, Attention: Accounting Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya naga ya gaeno. Ditšheke tse di romelwang mo atereseng e e fa godimo di tshwanetse go kwalwa ka leina la “Watch Tower.” Dibenyane le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le le khutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

GO RULAGANYETSA GO ABA

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense morago ga loso lwa gago kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Ditoko le Dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho.

Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tsa tsone tse di ka rekisiwang di ka abiwa e le mpho, kana fa e le ntlo, go kwalwe gore ke ya mong wa yone fa a sa ntse a tshela go fitlha a swa. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago tsa tsone.

Diwili: Dithoto kana madi a ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng semmuso.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng o ka ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo atereseng e e kwadilweng fa tlase fano kana o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya gaeno.

Accounting Office:

Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa

Private Bag X2067,

Krugersdorp, 1740,

South Africa

Nomoro ya Mogala: (011) 761-1000

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Maiteko a re a dirang ka kutlwano a re thusa go aga Diholo tse dintle tsa Bogosi lefatshe ka bophara

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Holo e ntšha ya Bogosi kwa Ghana