Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Supa Tumelo ya Gago ka Tsela e o Tshelang ka Yone

Supa Tumelo ya Gago ka Tsela e o Tshelang ka Yone

 Supa Tumelo ya Gago ka Tsela e o Tshelang ka Yone

“Tumelo ka boyone, fa e se na ditiro, e sule.”—JAKOBE 2:17.

1. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba etse tlhoko tumelo ya bone mmogo le ditiro tsa bone?

KA KAKARETSO, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba supa tumelo ya bone ka tsela e ba neng ba tshela ka yone. Morutwa Jakobe o ne a rotloetsa Bakeresete botlhe a re: “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela.” O ne a oketsa jaana: “Jaaka mmele kwantle ga moya o sule, jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jakobe 1:22; 2:26) Dingwaga di ka nna 35 a sena go kwala mafoko ao, Bakeresete ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba supa tumelo ya bone ka ditiro tse di tshwanetseng. Mme ka maswabi, ba bangwe ba ne ba sa dire jalo. Jesu o ne a akgola phuthego ya kwa Semerena; mme ba le bantsi ba phuthego ya kwa Saredisa o ne a ba raya a re: “Ke itse ditiro tsa gago, gore o na le leina la gore o a tshela, mme o sule.”—Tshenolo 2:8-11; 3:1.

2. Bakeresete ba tshwanetse ba ipotsa eng ka tumelo ya bone?

2 Ka jalo, Jesu o ne a kgothaletsa batho ba kwa Saredisa—mmogo le botlhe ba ba neng ba tla bala mafoko a gagwe—gore ba tswelele ba supa gore ba rata boammaaruri jwa Bokeresete jaaka kwa tshimologong le gore ba nne ba tsogile semoyeng. (Tshenolo 3:2, 3) Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana: ‘Go tweng ka ditiro tsa me? A di bontsha sentle gore ke dira bojotlhe go supa tumelo ya me ka sotlhe se ke se dirang, tota le mo dilong tse di amanang ka tlhamalalo le tiro ya go rera kgotsa dipokano tsa phuthego?’ (Luke 16:10) Go na le dilo tse dintsi tse re ka buang ka tsone tsa botshelo, mme re tla bua ka se le sengwe fela: dikokoano, go akaretsa tse gantsi di nnang teng mo manyalong a Bakeresete.

Mekete e Mennye

3. Baebele ya reng ka go nna le dikokoano?

3 Bontsi jwa rona re a itumela fa re laleditswe kwa kokoanong ya Bakeresete ba ba itumetseng. Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng,” yo o batlang batlhanka ba gagwe ba itumela. (1 Timotheo 1:11) O ne a dira gore Solomone a akaretse ntlha eno ya boammaaruri mo Baebeleng: “Nna ke ne ka akgola boipelo, ka gonne batho ga ba na sepe se se botoka kafa tlase ga letsatsi fa e se go ja le go nwa le go ipela, le gore go tshwanetse ga  tsamaya le bone mo tirong ya bone ya bonatla malatsi otlhe a botshelo jwa bone.” (Moreri 3:1, 4, 13; 8:15) Go ka ipelwa jalo go jewa dijo jaaka lelapa kgotsa mo kokoanong nngwe fela e nnye ya baobamedi ba boammaaruri.—Jobe 1:4, 5, 18; Luke 10:38-42; 14:12-14.

4. Motho yo o rulaganyetsang kokoano o tshwanetse a akanyetsa dilo dife?

4 Fa o rulaganyetsa kokoano e e ntseng jalo e bile e le wena yo o ikarabelelang ka yone, o tshwanetse wa akanya ka kelotlhoko ka se se rulaganngwang, tota le fa o laletsa badumedi ka wena ba se kae fela go tla go ja mmogo le go tlotla ka botsalano. (Baroma 12:13) O ka rata go tlhomamisa gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle,” di kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” (1 Bakorintha 14:40; Jakobe 3:17) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo. Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang.” (1 Bakorintha 10:31, 32) Dingwe tsa dilo tse di tlhokang go elwa tlhoko thata ke dife? Go ela dilo tseno tlhoko pele ga kokoano go ka thusa go tlhomamisa gore wena le baeng ba gago lo tla bontsha gore lo diragatsa se lo se dumelang.—Baroma 12:2.

E Tla Nna Kokoano e e Ntseng Jang?

5. Ke ka ntlha yang fa mong wa mokete a tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko gore a go tla nna le bojalwa le mmino?

5 Batho ba le bantsi fa ba rulaganya kokoano ba ile ba lebana le kgang ya gore a bojalwa bo nne teng. Ga go tlhokege bojalwa gore kokoano e nne e e itumedisang. Gopola gore Jesu o ne a direla setlhopha sa batho ba ba neng ba tlile kwa go ene dijo—o ne a atisa senkgwe le tlhapi. Pego ga e bolele gore o ne a dira gore go nne le beine ka kgakgamatso, le fa re itse gore o ne a ka kgona go dira jalo. (Mathaio 14:14-21) Fa o swetsa ka gore go nne le bojalwa mo kokoanong, dira gore e nne jo bo lekanetseng, mme o tlhomamise gore ba ba sa bo nweng ba nne le dino tse di monate tse ba ka di nwang. (1 Timotheo 3:2, 3, 8; 5:23; 1 Petere 4:3) Le ka motlha o se ka wa dira gore batho ba ikutlwe ba patelesega go nwa sengwe se se ka ‘lomang fela jaaka noga.’ (Diane 23:29-32) Go tweng ka mmino kgotsa go opela? Fa e le gore kokoano ya lona e tla nna le mmino, kwa ntle ga pelaelo o tla tlhopha dipina ka kelotlhoko, o akanyetsa moribo le mafoko a tsone. (Bakolosa 3:8; Jakobe 1:21) Bakeresete ba le bantsi ba fitlhetse gore go letsa mmino wa Kingdom Melodies kgotsa le e leng go opela dipina tse di ntseng jalo mmogo go a natetsha. (Baefeso 5:19, 20) Mo godimo ga moo, tlhola modumo wa mmino gangwe le gape gore mmino o se ka wa kgoreletsa motlotlo o o monate le fa e le go itaya baagelani bape tsebe.—Mathaio 7:12.

6. Morulaganyi wa kokoano a ka bontsha jang gore o na le tumelo e e tshelang malebana le dilo tse di jaaka motlotlo kgotsa ditiro tse dingwe?

6 Fa go na le kokoano ya botsalano, Bakeresete ba ka tlotla ka dikgang tse di farologaneng, ba balela sengwe kwa godimo, kgotsa ba bolela maitemogelo a a itumedisang. Fa motlotlo o tswa mo  tseleng, mong wa mokete a ka dirisa botlhale go o tlhamalatsa. Gape o tshwanetse a tlhokomela gore ga go bue motho a le esi fela. Fa a bona seo se direga, a ka nna a bua ka tsela e e botlhale a dira gore ba bangwe le bone ba tsenelele mo motlotlong, gongwe ka go tlotlisa bana kgotsa go tsosa kgang e ba bangwe le bone ba ka akgelang mo go yone. Basha mmogo le bagolo ba tla ipelela seno mo kokoanong. Fa wena morulaganyi o kaela dilo ka botlhale, ‘go nna tekatekano ga gago go tla itsiwe’ ke botlhe ba ba leng teng. (Bafilipi 4:5) Ba tla bona gore o na le tumelo e e tshelang, e e amang dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa gago.

Manyalo le Mekete ya Manyalo

7. Ke ka ntlha yang fa go rulaganyetsa manyalo le dikokoano tsa manyalo go tlhoka go akanyediwa?

7 Nako nngwe e e kgethegileng ya go ipela ke kwa lenyalong la Bokeresete. Batlhanka ba Modimo ba bogologolo, go akaretsa Jesu le barutwa ba gagwe, ba ne ba itumelela go nna le seabe mo ditiragalong tseno tse di itumedisang, le mo meketeng ya tsone. (Genesise 29:21, 22; Johane 2:1, 2) Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, ditiragalo di ile tsa bontsha sentle gore go rulaganya mekete ya manyalo go tlhoka boiteko jo bogolo gore mekete eno e tle e bontshe go nna tekatekano ga Bokeresete. Mme mekete eno ke dikarolo tse di tlwaelegileng tsa botshelo tse di nayang Mokeresete sebaka sa go supa tumelo ya gagwe.

8, 9. Mekgwa e e bonwang kwa manyalong a le mantsi e supa jang se re se balang mo go 1 Johane 2:16, 17?

8 Batho ba le bantsi ba ba sa itseng ka melao ya Modimo kgotsa ba ba se nang sepe le yone ba tsaya lenyalo e le nako ya go dira dilo tse di feteletseng, kgotsa nako e go feteletsa dilo go amogelwang ka yone. Mo makasineng mongwe kwa Yuropa, mosadi yo o neng a sa tswa go nyalwa o ne a bolela jaana ka lenyalo la gagwe le go ka tweng e ne e le la segosi: ‘Re ne re tsamaya ka koloi e ntle e gogwa ke dipitse tse nnè e setswe morago ke dikolotsana tse 12 tse di gogwang ke dipitse le karaki e e neng e pegile setlhopha se se tshamekang mmino ka diletswa. Go tswa foo re ne ra nna le dijo tse di rokotsang mathe le mmino o o itumedisang; go ne go le monate tota. Ke ne ke le kgosigadi ya letsatsi le le lengwe, fela jaaka ke ne ke batlile.’

9 Le fa gone ditlwaelo di farologana go ya ka dinaga, mafoko ao a tlhomamisa sentle se moaposetoloi Johane a neng a se kwala fa a re: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.” A o ka akanya fela batho ba babedi ba ba godileng semoyeng ba Bakeresete ba re ba batla go nna le lenyalo “la segosi” le moletlo wa magasigasi a a iseng a ke a bonwe? Mo boemong jwa moo, ba tshwanetse ba nna le pono e e bontshang gore ba etse tlhoko kgakololo ya gore “yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:16, 17.

10. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go rulaganya dilo gore lenyalo le tsamaye sentle? (b) Ditshwetso di tshwanetse tsa dirwa jang malebana le batho ba ba lalediwang?

10 Banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go nna tekatekano, mme Baebele e ka ba thusa. Le fa letsatsi la lenyalo le ka tswa le le botlhokwa go le kana kang, ba itse gore ke tshimologo fela ya botshelo jwa lenyalo jwa Bakeresete ba babedi ba ba lebeletseng go tshelela ruri mo nakong e e tlang. Ga ba patelesege go nna le mokete o mogolo wa lenyalo. Fa ba ka tlhopha go nna le mokete, ba tla sekaseka gore mokete ono o tla tlhoka ditshenyegelo tse di kana kang le gore e tla nna wa mofuta ofe. (Luke 14:28) Fa Bakeresete bano ba setse ba nna mmogo, monna e tla bo e le ene tlhogo go ya ka Dikwalo. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:22, 23) Ka jalo tota monna ke ene a ikarabelelang ka mokete wa lenyalo. Gone o tla buisana ka lorato le mosadi yo a mo nyalang malebana le gore ba batla go laletsa bomang kgotsa ba ka kgona go laletsa batho ba le kae kwa moletlong wa lenyalo. Go ka nna ga se ka ga kgonega gore ba laletse ditsala tsa bone tsotlhe le ba losika; ka jalo, ba ka nna ba tshwanela go dira ditshwetso dingwe ka tekatekano. Banyalani bano ba tshwanetse go tshepa gore fa ba sa kgone go laletsa bangwe ba Bakeresete ka bone, Bakeresete bano ba tla tlhaloganya mme ba ka se kgopisege.—Moreri 7:9.

 “Mokaedi wa Mokete”

11. “Mokaedi wa mokete” a ka nna le seabe sefe kwa lenyalong?

11 Fa banyalani ba tlhopha go nna le mokete wa lenyalo, ba ka tlhomamisa jang gore tiragalo eno e nna e na le seriti? Ka dingwaga di le dintsi jaanong, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lemoga botlhale jwa go dirisa thulaganyo nngwe e e umakilweng kwa kokoanong e Jesu a neng a e ya kwa Kana. Go ne go na le “mokaedi wa mokete,” yo e tshwanetseng ya bo e ne e le modumedi mmogo yo o nang le maikarabelo. (Johane 2:9, 10) Ka tsela e e tshwanang, monyadi yo o botlhale o tla tlhopha mokaulengwe yo o godileng semoyeng wa Mokeresete gore a diragatse seabe seno sa botlhokwa. Fa mokaedi wa mokete a setse a itse gore monyadi o eletsa eng e bile o rata eng, o tla tlhomamisa gore tseo di diragala ka botlalo kwa moketeng le pele ga one.

12. Monyadi o tshwanetse a akanyetsa eng fa go tliwa mo kgannyeng ya go dirisa bojalwa?

12 Tumalanong le se se tlhalositsweng mo serapeng sa 5, banyalani bangwe ba tlhopha gore go se ka ga nna le bojalwa mo moketeng wa lenyalo gore go se ka ga felela go sa itumelwa le mokete o sa tsamaya sentle ka gonne bo sa dirisiwa sentle. (Baroma 13:13; 1 Bakorintha 5:11) Le fa go ntse jalo, fa ba dira gore bojalwa bo nne teng, monyadi o tshwanetse a tlhomamisa gore bo fiwa batho ka tekanyetso. Go ne go na le beine kwa lenyalong le Jesu a neng a le ya kwa Kana, mme o ne a dira gore go nne le beine ya maemo a a kwa godimo. E bile mokaedi wa mokete o ne a akgela jaana: “Batho ba bangwe botlhe ba ntsha beine e e monate pele, mme fa batho ba tlhapetswe, ba ntshe ya maemo a a kwa tlase. Wena o beile beine e e monate go fitlha jaanong.” (Johane 2:10) Ruri Jesu o ne a sa kgothaletse botagwa, ka gonne o ne a bo tsaya bo sa siama. (Luke 12:45, 46) Fa mokaedi wa lenyalo a bontsha go gakgamalela boleng jwa beine, o ne a bontsha gore o ne a kile a bona baeng bangwe ba tlhapelwa mo manyalong a mangwe. (Ditiro 2:15; 1 Bathesalonika 5:7) Ka jalo, monyadi mmogo le Mokeresete yo o ikanyegang yo a mo tlhomileng go nna mokaedi wa lenyalo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore botlhe ba ba leng teng ba latela kaelo eno e e utlwalang sentle: “Lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa.”—Baefeso 5:18; Diane 20:1; Hosea 4:11.

13. Banyalani ba tshwanetse ba akanyetsa eng fa ba batla gore go nne le mmino kwa moketeng wa lenyalo, mme ka ntlha yang?

13 Fela jaaka mo dikokoanong tse dingwe, fa e le gore go tla nna le mmino, go tshwanetse ga elwa tlhoko gore modumo wa one ke o o letlang batho go tlotla sentle. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o kile a re: “Fa nako e ntse e ya, motlotlo o ya magoletsa kgotsa go simolola go binwa, ka dinako tse dingwe mmino o simolola go lelela kwa godimo. Mmino o o simolotseng o le kwa tlase o ka nna kwa godimo mo batho ba sa kgoneng go tlotla sentle. Mokete wa lenyalo o dira gore go nne le sebaka sa metlotlo e e monate. A bo go ka nna bosula jang fa mmino o o kwa godimo o ka amoga batho tshono eno!” Fano le gone, monyadi le mokaedi wa mokete ba tshwanetse go dira ka boikarabelo, ba sa tlogele batho ba ba letsang mmino, le fa e ka tswa e le ba ba thapilweng, gore e nne bone ba laolang gore go tshamekiwa mmino ofe le gore ka modumo o o kana kang. Paulo o ne a kwala jaana: “Le fa e le eng se lo se dirang ka lefoko kgotsa ka tiro, dirang sengwe le sengwe ka leina la Morena Jesu.” (Bakolosa 3:17) Fa baeng ba ya gae morago ga mokete wa lenyalo, a ba tla gopola mmino wa koo e le o o bontshang gore banyalani ba ne ba dira sengwe le sengwe ka leina la ga Jesu? Go tshwanetse ga nna jalo.

14. Bakeresete ba tshwanetse ba itumelela go gopola eng ka lenyalo?

14 Ee, lenyalo le le rulagantsweng sentle le gopolwa ka dilo tse di itumedisang. Adam le Edyta, ba ba nang le dingwaga di le 30 ba nyalane, ba ne ba akgela jaana ka lenyalo lengwe: “Ruri o ne o kgona go utlwa gore ke kokoano ya Bakeresete. Go ne go na le dipina tse di bakang Jehofa mme gape go na le boitlosobodutu jo bongwe jo bo  siameng. Go bina le mmino e ne e se tsone dilo tsa botlhokwatlhokwa. Go ne go le monate e bile go lapolosa, mme sengwe le sengwe se tsamaisana le melaometheo ya Baebele.” Go bonala sentle gore monyadi le monyadiwa ba ka dira go le gontsi go bontsha gore ba supa tumelo ya bone ka ditiro.

Dimpho Tsa Lenyalo

15. Go ka dirisiwa kgakololo efe ya Baebele malebana le dimpho tsa manyalo?

15 Mo mafelong a le mantsi go tlwaelegile gore ditsala le ba losika ba fe banyalani mpho. Fa o tlhopha go dira jalo, o ka gopola eng? Gopola mafoko a ga moaposetoloi Johane kaga “go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” O ne a sa amanye mabela ano le Bakeresete ba ba bontshang tumelo ya bone ka ditiro, mme o ne a a amanya le ‘lefatshe le le fetang.’ (1 Johane 2:16, 17) Fa o akanya ka mafoko a ga Johane a a tlhotlheleditsweng, a batho ba ba sa tswang go nyalana ba tshwanetse ba itsise botlhe ba ba leng teng gore mpho nngwe le nngwe e tswa kwa go mang? Bakeresete ba kwa Makedonia le Akaia ba ne ba fa bakaulengwe ba kwa Jerusalema meneelo, mme ga go sepe se se bontshang gore maina a bone a ne a itsisiwe phatlalatsa. (Baroma 15:26) Bakeresete ba le bantsi fa ba ntsha mpho ya lenyalo ba ka se rate gore go itsiwe gore ke bone ba ntshitseng mpho eo. Mo ntlheng eno, sekaseka kgakololo ya ga Jesu e e fitlhelwang mo go Mathaio 6:1-4.

16. Batho ba ba sa tswang go nyalana ba ka tila jang go utlwisa ba bangwe botlhoko ka kgang ya dimpho tsa lenyalo?

16 Go itsise maina a ba ba ntshitseng dimpho go ka felela ka go “gaisana” ka gore ke mpho efe e e botoka kgotsa e e turileng thata. Ka jalo, Bakeresete ba ba sa tswang go nyalana ga ba ne ba itsise phatlalatsa maina a ba ba tlisitseng dimpho. Go itsise maina a ba ba ntshitseng dimpho go ka nna ga tlhabisa ditlhong ba ba ka tswang ba sa kgona go tlisa mpho. (Bagalatia 5:26; 6:10) Ee, gone ga go phoso gore monyadi le monyadiwa ba ka itse gore ba filwe mpho ke mang. Leina la motho yoo le ka kwalwa mo karateng e e tshwanelang e e tlang le mpho mme e bo e sa balwe phatlalatsa. Fa re reka, re aba, le fa re amogela dimpho tsa lenyalo, rotlhe re na le sebaka sa go supa gore le mo kgannyeng eno ya botho, tumelo ya rona e ama se re se dirang. *

17. Bakeresete ba tshwanetse ba nna le mokgele ofe malebana le tumelo ya bone le ditiro tsa bone?

17 Ruri go supa tumelo ya rona ga go akaretse fela go nna le boitsholo jo bo siameng, go ya dipokanong tsa Bokeresete, le go dira tiro ya go rera. E kete mongwe le mongwe wa rona a ka nna le tumelo e e tshelang e e amang sotlhe se re se dirang. Ee, re ka supa tumelo ya rona ka ditiro ‘tse di dirwang ka botlalo,’ go akaretsa tsa dikarolo tsa botshelo tse go tlotlilweng ka tsone fa godimo.—Tshenolo 3:2.

18. Mafoko a a mo go Johane 13:17 a ka diragadiwa jang malebana le mekete le dikokoano tsa Bokeresete?

18 Fa Jesu a sena go tlhomela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang sekao ka go dira tiro ya maemo a a kwa tlase ya go ba tlhapisa dinao, o ne a re: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.” (Johane 13:4-17) Mo lefelong le re nnang mo go lone gompieno, go ka tswa go sa tlhokege kgotsa e bile go sa tlwaelega go tlhapisa dinao tsa motho yo mongwe, jaaka tsa moeng fa a re etetse mo lapeng. Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mo setlhogong seno, go na le dikarolo tse dingwe tsa botshelo tse re ka supang tumelo ya rona mo go tsone ka go dira ditiro tse di supang lorato le go akanyetsa, go akaretsa tse di amanang le dikokoano tsa botsalano le manyalo a Bokeresete. Go ntse jalo le fa re ka tswa re nyala kgotsa re le baeng mo lenyalong kgotsa mo moketeng o o monate wa lenyalo la Bakeresete ba ba batlang go bontsha tumelo ya bone ka ditiro.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Dikgang tse dingwe tse di amanang le manyalo le mekete ya manyalo di tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang, “Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la Lenyalo.”

O ne O ka Araba Jang?

O ka supa tumelo ya gago jang:

• fa o rulaganya kokoano ya botsalano?

• fa o rulaganya lenyalo kgotsa mokete wa lenyalo?

• fa o aba kgotsa o amogela dimpho tsa lenyalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Tota le fa o laletsa batho ba se kae, kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo”