Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Kolobetso e Tswa mo Moetlong wa Bajuda wa go Tlhapa?

A Kolobetso e Tswa mo Moetlong wa Bajuda wa go Tlhapa?

 A Kolobetso e Tswa mo Moetlong wa Bajuda wa go Tlhapa?

JOHANE MOKOLOBETSI o ne a rera “kolobetso e le tshwantshetso ya boikwatlhao.” Jesu le ene o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire barutwa mme ba ba kolobetse.—Mareko 1:4; Mathaio 28:19.

Baebele e bontsha gore kolobetso ya Bokeresete e tlhoka gore motho a nwediwe mo metsing gotlhelele. Buka e e reng Jesus and His World ya re: “Meetlo e e tshwanang le eno e ne e bolokwa mo madumeding a le mantsi a mo nakong e e fetileng le a jaanong mo dinageng le mo ditsong tse dintsi tse di farologaneng.” Buka eno e gatelela gore “kolobetso ya Bakeresete . . . e simologile mo Bojudeng.” Kgang eo e boammaaruri go le kae?

Matamo a Moetlo wa Bajuda wa go Tlhapa

Baithutamarope ba ba neng ba epa gaufi le Thaba ya Tempele e e mo Jerusalema ba ne ba fitlhela dibata di ka nna 100 tsa moetlo kana matamo a go tlhapa a a saleng a nna teng go simologa ka lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. le lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Mokwalo o o gabilweng mo sinagogeng go tloga ka lekgolo la bobedi kana la boraro la dingwaga C.E. o tlhalosa gore dibata tse di ntseng jalo di ne di diretswe “baeng ba ba neng ba di tlhoka.” Matamo a mangwe a fitlhetswe mo karolong ya tempele ya Jerusalema e go neng go nna malapa a bahumi le a baperesiti mo go yone; mo e ka nnang ntlo nngwe le nngwe e ne e na le bata ya yone ya moetlo.

Dibata tseno e ne e le ditanka tse di khutlonnè tsepa tse di neng di gabilwe go tswa mo lefikeng kana di epilwe mme mo teng go manegilwe setena kana leje. Di ne di poleiseterwa gore di se ka tsa dutla. Bontsi jwa tsone di ne di ka nna bophara jwa dimetara di le 1,8 le boleele jwa dimetara di le 2,7. Go ne go na le mesele e e tsenyang metsi a pula mo ditankeng tseno. Metsi ano a ne a le boteng jwa dimetara di ka nna 1,2, gore motho a kgone go nwela gotlhelele fa a ikhunne. Ka dinako dingwe, ditepisi tse di neng di fologela mo metsing di ne di kgaoganngwa ke lomota lo lokhutshwane. Go akanngwa gore karolo e nngwe ya ditepisi tseno e ne e dirisediwa go tsena mo bateng e e itshekisang, fa motho yo o tlhapang a ne a sa ntse a le leswe, mme karolo e nngwe e ne e le ya go tswa gore a se ka a leswafala fa a se na go tlhapa.

 Dibata tseno di ne di dirisediwa moetlo wa Bajuda wa go iitshekisa. Moetlo ono o ne o akaretsang?

Molao le Ngwao ya go Tlhapa

Molao wa ga Moshe o ne o gatelela gore batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go nna phepa mo semoyeng le mo mmeleng. Baiseraele ba ne ba dira ditiro di le dintsi tse di neng di dira gore ba itshekologe mme ba ne ba tshwanelwa ke go iitshekisa ka go tlhapa mebele ya bone le go tlhatswa diaparo tsa bone.—Lefitiko 11:28; 14:1-9; 15:1-31; Duteronome 23:10, 11.

Jehofa Modimo o itshekile e bile o boitshepo gotlhegotlhe. Ka jalo go ne go tlhokega gore baperesiti le Balefi ba tlhape diatla le dinao pele ba atamela aletara, mme ba ne ba atlholelwa loso fa ba sa dire jalo.—Ekesodo 30:17-21.

Bakanoki ba dumela gore mo e ka nnang ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., bodumedi jwa Sejuda bo ne bo setse bo fetiseditse dilo tseno tse di neng di tlhokega gore baperesiti ba iitshekise le mo bathong ba e neng e se Balefi. Ba-Essene mmogo le Bafarasai ba ne ba tlhapa gangwe le gape. Motswedi mongwe wa tshedimosetso o bega jaana ka se se neng se direga mo motlheng wa ga Jesu: “Go ne go tlhokega gore Mojuda a dire moetlo ono wa go iitshekisa pele a tsena mo Thabeng ya Tempele, pele a dira setlhabelo, pele a amogela melemo ya tshupelo e e dirilweng ke moperesiti le mo mabakeng a mangwe a a tshwanang le ao.” Mekwalo ya Talmud e tlhalosa gore batho ba ba neng ba tlhapa ba ne ba tshwanetse go nwelela mo metsing gotlhelele.

Jesu o ne a kgalela Bafarasai go bo ba ne ba pateletsa batho go dira moetlo ono wa go iitshekisa. Go lebega ba ne ba na le “dikolobetso tse di farologaneng,” go akaretsa tse di neng di dirwa ka “dinwelo le dinkgo le dijana tsa kopore.” Jesu o ne a re Bafarasai ba ne ba tlola ditaelo tsa Modimo gore ba pateletse batho go dira dingwao tsa bone. (Bahebera 9:10; Mareko 7:1-9; Lefitiko 11:32, 33; Luke 11:38-42) Ga go karolo ya Molao wa ga Moshe e e neng e tlhoka gore mmele wa motho o inwe gotlhelele.

A kolobetso ya Bakeresete e simologile mo moetlong wa Bajuda wa go tlhapa? Nnyaa le eseng!

Moetlo wa go Tlhapa le Kolobetso ya Bakeresete

Bajuda ba ne ba dira moetlo wa go iitshekisa. Le fa go ntse jalo, kolobetso e e neng e dirwa ke Johane yone e ne e sa tshwane le moetlo wa go tlhapa o o neng o dirwa ke Bajuda. Lebaka la go bo Johane a ne a itsege e le Johane Mokolobetsi le bontsha sentle gore tsela e a neng a kolobetsa ka yone e ne e farologane. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba bo ba romela moemedi mongwe gore a ye go mmotsa jaana: “Ke ka ntlha yang, . . . o kolobetsa?”—Johane 1:25.

Go itsheka mo go neng go tlhokwa ke Molao wa ga Moshe go ne go tshwanetse go nna go boaboelediwa gangwe le gape fa moobamedi a ne a itshekologa. Go ne go sa nna jalo ka kolobetso e e neng e dirwa ke Johane le e e neng ya dirwa ke Bakeresete moragonyana. Kolobetso ya ga Johane e ne e bontsha gore motho o a ikwatlhaya mme o tlogela tsela e a neng a tshela ka yone pele. Kolobetso ya Bakeresete e ne e bontsha gore motho o ineetse mo Modimong. Mokeresete o ne a dira jalo gangwe fela e seng gantsintsi.

Moetlo wa go tlhapa o o neng o direlwa mo magaeng a baperesiti ba Bajuda le mo dibateng tsa batho botlhe gaufi le Thaba ya Tempele o ne o tshwana go sekae fela le kolobetso ya Bakeresete. Bokao jwa dikolobetso tseno bo ne bo farologane gotlhelele. The Anchor Bible Dictionary ya re: “Bakanoki ba le bantsi ba a dumalana gore Johane [Mokolobetsi] ga a ka a diragatsa mokgwa wa go kolobetsa o o neng o dirwa ke batho ba ba mo dikologileng,” e leng Bajuda. Re ka bua jalo le ka kolobetso e e dirwang mo phuthegong ya Bokeresete.

Kolobetso ya Bokeresete e raya “go lopa segakolodi se se molemo mo Modimong.” (1 Petere 3:21) E raya gore motho o ineetse ka botlalo mo go Jehofa gore a mo direle e le morutwa wa Morwa wa Gagwe. Go inwa gotlhelele mo metsing ke letshwao le le tshwanetseng le le supang seo. Fa motho a tsena kafa tlase ga metsi, go bontsha gore o swa mo tseleng ya gagwe ya botshelo ya mo nakong e e fetileng. Mme fa a tswa mo metsing go bontsha gore o tshedisiwa gore a dire thato ya Modimo.

Jehofa Modimo o naya batho ba ba ineelang ba bo ba kolobediwa segakolodi se se molemo. Ke gone ka moo moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng e bong Petere a neng a ka bolelela badumedimmogo le ene a re: ‘Kolobetso le yone jaanong e a lo boloka.’ Seno ke sengwe se go seng moetlo ope wa Sejuda wa go tlhapa o o ka tsamayang o se fitlhelela.