Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ba Phutha Sanehederine”

“Ba Phutha Sanehederine”

 “Ba Phutha Sanehederine”

MOPERESITI yo mogolo le babusi ba Bajuda ba ne ba sa itse gore ba direng. Ba ne ba ka dirang go kokobetsa modumo o o neng o tsogile kaga Jesu Keresete? Ba ne ba kgonne go dira gore a bolawe, mme jaanong barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlatsa Jerusalema ka dikgang tsa gore o tsositswe mo baswing. Ba ne ba ka didimadiwa jang? Go dira tshwetso ya kafa ba ka dirang seno ka gone, moperesiti yo mogolo le bathusi ba gagwe “ba phutha Sanehederine” e leng kgotlatshekelokgolo ya Bajuda.—Ditiro 5:21.

Mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato e ne e le ene a leng mo maemong a a kwa godimo kwa Iseraele ka nako eo. Jaanong maloko a Sanehederine a ne a kgona jang go buisana le Pilato ka kgang eno? Mongwe le mongwe wa bone o ne a laola ka selekanyo se se kana kang? Sanehederine e ne e dirilwe ka maloko a a ntseng jang? Le gone e ne e dira jang?

Tshimologo ya Sanehederine

Lefoko la Segerika le le ranolwang ka gore “Sanehederine” totatota le kaya “go nna fa fatshe le.” E ne e le lefoko le le neng le dirisediwa dikokoano kana dipokano ka kakaretso. Go ya ka ngwao ya Bajuda, gantsi le ne le dirisediwa setlhopha sa bodumedi sa boatlhodi kana kgotlatshekelo.

Bakwadi ba Talmud e e neng ya kwalwa mo dingwageng tsa morago ga go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E., ba ne ba tlhalosa Sanehederine e le setlhopha sengwe sa bogologolo. Ba ne ba akanya gore e ne e le setlhopha sa bakanoki ba ba neng ba kopana go ganetsana ka dintlha tse di amanang le molao wa Bajuda, mme ba ne ba dumela gore se simolotse ka nako ya fa Moshe a ne a kopanya banna ba le 70 ba ba godileng gore ba tle go mo thusa go etelela Iseraele pele. (Dipalo 11:16, 17) Borahisitori ga ba dumalane le kakanyo eo. Ba bolela gore go ne  go sena sengwe se se tshwanang le lekgotla la Sanehederine ya lekgolo la ntlha la dingwaga go fitlha ka nako ya fa Baperesia ba gapa Iseraele. Gape borahisitori ba tlhalosa gore go bonala lekoko la barutegi la Ba-Talmud le tshwana thata le dikokoano tsa borabi tsa lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga e seng le lekgotla la Sanehederine. Ka jalo, Sanehederine e nnile gone leng?

Baebele e senola gore batshwarwa ba ba neng ba boela kwa Juda go tswa kwa Babelona ka 537 B.C.E. ba ne ba busiwa ke tsamaiso ya go laola setšhaba. Nehemia le Esera ba umaka dikgosana, banna ba bagolwane, batlotlegi le bathusi ba mmusi—gongwe e le yone tshimologo ya Sanehederine ya mo isagweng.—Esera 10:8; Nehemia 5:7.

Go tloga ka nako ya fa go wediwa Dikwalo tsa Sehebera go ya go nako ya fa go kwalwa Efangele ya ga Mathaio e ne e le ya dikhuduego mo Bajudeng. Ka 332 B.C.E., Alexander yo Mogolo o ne a gapa Judea. Morago ga loso lwa ga Alexander, Judea e ne ya nna kafa tlase ga dipuso tse pedi tsa Bagerika—ya ntlha e ne e le ya Ba-Ptolemy mme morago ga moo ya nna ya Ba-Seleucus. Mo dipegong tse di buang ka puso ya Ba-Seleucus e e simolotseng ka 198 B.C.E., re fitlhela tshupiso ya ntlha e e umakang senate ya Bajuda. Go lebega setlhopha seno se ne se na le dithata tse di lekanyeditsweng fela, mme se ne se dira gore Bajuda ba ikutlwe e kete ba a ipusa.

Ka 167  B.C.E., Kgosi Antiochus IV (Epiphanes Antiochus) wa Ba-Seleucus o ne a leka go pateletsa setso sa Bagerika mo Bajudeng. O ne a itshekolola tempele ya Jerusalema ka go dirisa aletara ya teng go ntshetsa Seuse setlhabelo sa kolobe. Seno se ne sa dira gore go nne le botsuolodi jo mo go jone Bamakabise ba neng ba tlosa puso ya Ba-Seleucus mme ba tlhoma ya losika lwa Baheshemone. * Ka yone nako eo, bakwadi le Bafarasai—baeteledipele ba boidiidi jo bo neng bo tshegetsa botsuolodi jono—ba ne ba nna le maatla a go tsamaisa naga mme setlhopha seo sa baperesiti sone sa latlhegelwa ke taolo.

Mo Dikwalong tsa Segerika, Sanehederine e tlhalosiwa e sa ntse e simologa. E ne e tla nna lekgotla la setšhaba la botsamaisi le setlhopha se se kwa godimo sa baatlhodi ba ba tlhalosang molao wa Sejuda.

Go Lekalekanya Maatla

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Roma e ne e setse e busa Judea. Le fa go ntse jalo, Bajuda ba ne ba na le kgololesegonyana e e rileng. Molao wa Roma o ne o letla gore batho ba Roma e ba busang ba newe tetla ya go itlhophela puso e ba e batlang ba sa kgorelediwe ke ope. Ke gone ka moo badiredi ba bagolo ba Roma ba neng ba sa tsenelele mo ditirong tse di dirwang mo kgotlatshekelo ya lefelo la bone, mme ba ne ba kgona go tila mathata a a neng a ka nna gone ka ntlha ya go sa tshwane ga ditso. Maitlhomo a seo e ne e le go rotloetsa kagiso mo bathong ba ba nnang mo lefelong leo le gore ba ikanyege ka go ba letla gore ba latele ditlwaelo tsa bone mo go rayang gore ba ne ba tla bo ba ipusa. Baroma ba ne ba tsenelela mo ditirong tsa Bajuda fa tota go ne go tlhokega kwantle fela ga fa ba ne ba tshwanelwa ke go tlhoma moperesiti yo mogolo kana go mo tlosa—yo e neng e le tlhogo ya Sanehederine—le go duedisa makgetho. Jaaka go bonala mo tshekong ya ga Jesu, go lebega Baroma ba ne ba tswelela ba na le maatla a go diragatsa katlholelo loso.—Johane 18:31.

 Ka jalo Sanehederine ke yone e neng e laola bontsi jwa dikgang tsa Bajuda. Ba ne ba na le badiredi ba ba neng ba kgona go golega batho. (Johane 7:32) Mo dikgotlatshekelong tse dinnye go ne go sekiwa ditlolomolao tse dinnye mme Baroma ba ne ba sa tsenelele mo dikgetsing tsa selegae. Fa dikgotlatshekelo tse dinnye di sa kgone go fitlhelela tshwetso ka kgetsi, e ne e isiwa kwa Sanehederine, ba katlholo ya bone e neng e le ya makgaolakgang.

Gore ba kgone go tswelela ba dira ditiro tseo, Sanehederine e ne e tshwanetse go boloka kagiso mme e nne e eme nokeng puso ya Baroma. Mme fa Baroma ba ne ba belaela melato mengwe ya sepolotiki, ba ne ba tsenelela mme ba tsaya kgato e ba bonang e tshwanela. Nngwe ya dikgetsi tse di ntseng jalo e ne e le ya go golegwa ga moaposetoloi Paulo.—Ditiro 21:31-40.

Maloko a Lekgotla

Sanehederine e ne e na le maloko a le 71—moperesiti yo mogolo le banna ba le 70 ba ba tlhageletseng thata mo setšhabeng. Mo motlheng wa Baroma, Sanehederine e ne e na le batlotlegi ba e neng e le baperesiti (bontsi jwa bone e le Basadukai), batlotlegi ba ba senang maemo a bodumedi, le bakwadi ba dirutegi ba e neng e le ba lekoko la Bafarasai. Batlotlegi ba e leng baperesiti ba tshegediwa ke banna ba ba senang maemo a bodumedi e ne e nna bone ba bantsi mo kgotlatshekelo. * Le fa gone Basadukae ba ne ba sa rate go amogela megopolo e mesha, Bafarasai bone e ne e le batho ba ba amogelang megopolo e mesha mme gape go ne go na le batho fela ba ba neng ba kgona go tlhotlheletsa batho thata. Go ya ka rahisitori Josephus, Basadukae e ne e le bone ba ba diragatsang ditaelo tsa Bafarasai mme ba dira jalo ka go okaoka. Paulo o ne a dirisa go sa utlwane ga ditlhopha tseno tse pedi le go farologana ga ditumelo tsa bone fa a ne a iphemela mo lekgotleng la Sanehederine.—Ditiro 23:6-9.

E re ka maloko a le mantsi a Sanehederine e ne e le batho ba maemo a a kwa godimo, go ka direga gore maloko a teng a ne a nnela ruri mo maemong a one mme go ne go tsenngwa motho yo mongwe fa mongwe a tlhokafala kana a sa tlhole a tshwanelega le gone a emisediwa ka batho ba e setseng e le maloko. Go ya ka Mishnah, maloko a masha e ne e tshwanetse go nna “baperesiti, Balefi le Baiseraele ba barwadi ba bone ba neng ba letlelelwa go nyalana le baperesiti,” e leng Bajuda ba ba neng ba kgona go ntsha dipego tsa bone tsa losika tse di supang gore tota ba tswa mo losikeng lwa seperesiti. E re ka kgotlatshekelokgolo e ne e okamela dikgang tsa boatlhodi mo nageng yotlhe, go ne go utlwala gore banna ba ba neng ba itiretse leina le lentle mo dikgotlatshekelong tse dinnye ba tlhatlosiwe maemo mme ba neelwe maemo mo Sanehederine.

Taolo

Bajuda ba ne ba tlotla Sanehederine thata, mme baatlhodi ba dikgotlatshekelo tse dinnye ba ne ba patelesega go amogela katlholo ya Sanehederine, go sa nneng jalo ba ne ba atlholelwa loso. Go lebega kgotlatshekelo e ne e amegile ka dikgang tse di amanang le ditshwanelego tsa baperesiti le tse di amanang le Jerusalema, tempele ya teng, le kobamelo e e neng e dirwa mo tempeleng. Totatota taolo ya Sanehederine e ne e ama Judea fela. Mme gone e re ka Sanehederine e ne e tsewa e laola go tlhalosiwa ga Molao, e ne e na le taolo mo boitsholong jwa Bajuda naga ka bophara. Ka sekai, moperesiti yo mogolo le lekgotla la gagwe ba ne ba laela baeteledipele ba disinagoge tsa kwa Damaseko gore ba dirisane le bone go golega balatedi ba ga Keresete. (Ditiro 9:1, 2; 22:4, 5; 26:12) Ka tsela e e tshwanang, go lebega Bajuda ba ba neng ba etela Jerusalema fa go na le meletlo, ba ne ba isetsa ba ba setseng kwa gae melaetsa e e tswang mo lekgotleng la Sanehederine.

Go ya ka Mishnah, Sanehederine e ne e le yone fela e laolang dikgang tse di botlhokwa mo setšhabeng, e atlhola baatlhodi ba ba neng ba nyatsa ditshwetso tsa yone e bile e atlhola baporofeti ba maaka. Jesu le Setefane ba ne ba tlhagelela fa pele ga kgotlatshekelo ba latofadiwa ka gore ke batlhapatsi, Petere le Johane bone ba latofadiwa ka gore ba senya setšhaba, fa Paulo ene a ne a latofatswa ka gore o itshepolola tempele.—Mareko 14:64; Ditiro 4:15-17; 6:11; 23:1; 24:6.

Go Atlholwa ga ga Jesu le Barutwa ba Gagwe

Kwantle fela ga malatsi a Sabata le malatsi a a boitshepo, Sanehederine e ne e nna mo phaposing ya yone ya go atlhola letsatsi le letsatsi go tloga  ka nako ya setlhabelo sa mo mosong go ya go sa maitseboa. Ditsheko di ne di tshwarwa motshegare fela. E re ka dikgetsi tse katlholo ya tsone e neng e le loso di ne di sa itsisiwe go fitlha mo letsatsing le le latelang la tsheko, di ne di sa tshwarwe letsatsi pele ga la Sabata kana la moletlo mongwe. Batho ba e neng e le basupi mo dikgetsing tseo ba ne ba gakololwa tota malebana le bomasisi jwa go tsholola madi a a senang molato. Ka jalo, tsheko ya ga Jesu e e neng e tshwaretswe kwa lelapeng la ga Kaiafase letsatsi pele ga moletlo e ne e se kafa molaong. Se se maswe le go feta seo ke gore baatlhodi ka bobone ba ne ba ipatletse basupi ba maaka mme ba tlhotlheletsa Pilato gore a laele gore Jesu a bolawe.—Mathaio 26:57-59; Johane 11:47-53; 19:31.

Talmud e bolela gore baatlhodi ba dikgetsi tse di atlholelwang loso ba ne ba leka ka natla go sireletsa motho yo o latofadiwang ka go ipha nako ba sekaseka bosupi ka kelotlhoko. Le fa go ntse jalo, Setefane, fela jaaka Jesu yo o neng a sekisiwa pele ga gagwe, ga a a ka a sekisiwa jalo. Tsela e a neng a leka go iphemela ka yone fa pele ga Sanehederine e ne ya felela ka gore segopa se mo kgobotletse ka maje. Fa puso ya Roma e ka bo e sa tsenelela, moaposetoloi Paulo le ene o ka bo a bolailwe ka tsela e e tshwanang. Totatota baatlhodi ba Sanehederine ba ne ba rera go mmolaya.—Ditiro 6:12; 7:58; 23:6-15.

Mme gone go ne go na le maloko a le mmalwa a kgotla a a neng a thokgame. Mmusi yo mmotlana wa Mojuda yo o neng a bua le Jesu a ka tswa e ne e le leloko la Sanehederine. Le fa gone a ne a kgorelediwa ke dikhumo tsa gagwe, o tshwanetse a bo a ne a na le dinonofo tse di molemo gonne Jesu o ne a mo kopa gore a nne molatedi wa gagwe.—Mathaio 19:16-22; Luke 18:18, 22.

Go boifa baatlhodi ba bangwe go ka tswa go ne ga dira gore Nikodemo, “mmusi wa Bajuda” a etele Jesu bosigo. Le fa go ntse jalo, Nikodemo o ne a femela Jesu fa pele ga Sanehederine ka go botsa jaana: “Molao wa rona ga o atlhole motho fa o ise o utlwe mo go ene pele le go itse se a se dirang, a ga go jalo?” Moragonyana Nikodemo o ne a tlisa “potokwe ya mera le mekgwapha” go baakanyetsa mmele wa ga Jesu phitlho.—Johane 3:1, 2; 7:51, 52; 19:39.

Josefa wa Arimathea, yo e neng e le leloko le lengwe la Sanehederine, o ne a kopa Pilato ka bopelokgale gore a mo neye setopo sa ga Jesu mme a se fitlha mo phupung ya gagwe e ntšha. Josefa o ne a “letetse bogosi jwa Modimo” mme go boifa Bajuda go ne ga dira gore a se ka a ikitsise gore ene ke morutwa wa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, Josefa o akgolelwa gore ga a ka a tlhopha go dumalana le Sanehederine fa ba loga leano la go bolaya Jesu.—Mareko 15:43-46; Mathaio 27:57-60; Luke 23:50-53; Johane 19:38.

Leloko le lengwe la Sanehederine e bong Gamaliele, le ne la gakolola baatlhodi ka botlhale gore ba tlogele barutwa ba ga Jesu. O ne a re: “Go seng jalo, gongwe lo tla fitlhelwa lo le ba ba tlhabantshanang le Modimo.” (Ditiro 5:34-39) Ke eng se se neng se dira gore baatlhodi ba kgotlatshekelokgolo ba se ka ba lemoga gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshegediwa ke Modimo? Go na le gore ba dumele mo dikgakgamatsong tsa ga Jesu, maloko a Sanehederine a ne a re: “Re tla dirang, ka gonne monna yono o dira ditshupo di le dintsi? Fa re mo lesa ka tsela eno, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla mme ba tseye lefelo la rona mmogo le setšhaba sa rona.” (Johane 11:47, 48) Go gagamalela maemo go ne ga dira gore go se ka ga nna le tshiamiso mo kgotlatshekelokgolo ya Bajuda. Ka tsela e e tshwanang, go na le gore baeteledipele ba bodumedi ba itumele fa barutwa ba ga Jesu ba fodisa batho, ba ne “ba tlala lefufa.” (Ditiro 5:17) Baatlhodi bano ba ne ba tshwanetse go ka bo ba boifa Modimo e bile ba dira ka tshiamiso, mme go na le moo bontsi jwa bone ba ne ba le bosula e bile ba sa ikanyege.—Ekesodo 18:21; Duteronome 16:18-20.

Katlholo ya Modimo

E re ka Baiseraele ba sa ikobela Molao wa Modimo e bile ba ganne Mesia, kgabagare Jehofa o ne a latlha setšhaba seno mme ba se tlhole ba nna batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng. Ka 70 C.E., Baroma ba ne ba senya motse wa Jerusalema le tempele ya teng, ba fedisa tsamaiso yotlhe ya Sejuda mme kgabagare ba fedisa le Sanehederine ka boyone.

Moatlhodi yo Jehofa a mo tlhomileng e bong Jesu Keresete, o tla bona fa e le gore go na le maloko mangwe a lekgolo la ntlha la dingwaga a Sanehederine a a tshwanelwang ke go tsosiwa, a mangwe a one a neng a leofela moya o o boitshepo. (Mareko 3:29; Johane 5:22) Re ka tlhomamisega gore Jesu o tla dirisa tshiamiso e e itekanetseng fa a dira ditshwetso tseo.—Isaia 11:3-5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Go bala ka Bamakabise le Baheshemone, bona Tora ya Tebelo, ya November 15, 1998, tsebe 21-4, le ya June 15, 2001, tsebe 27-30.

^ ser. 16 Fa Baebele e bua ka “baperesiti ba ba kwa godimo” e bua ka ba e leng baperesiti ba bagolo kana ba e kileng ya nna bone mmogo le maloko a malapa a ba ba tshwanelegang go nna mo maemong a a kwa godimo a boperesiti mo nakong e e tlang.—Mathaio 21:23.