Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri re Tshela mo “Metlheng ya Bofelo”?

A Ruri re Tshela mo “Metlheng ya Bofelo”?

 A Ruri re Tshela mo “Metlheng ya Bofelo”?

DITIRAGALO dingwe tse pedi di re thusa go lemoga se Baebele e se bitsang metlha ya bofelo. Dikwalo di bolelela pele ditiragalo tse di tla diregang ka nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 24:3) Gape Baebele e bua ka diphetogo tse di tla nnang teng mo tseleng e batho ba ba tshelang “mo metlheng ya bofelo” ba ikutlwang ka yone le e ba dirang dilo ka yone.—2 Timotheo 3:1.

Ditiragalo tsa lefatshe mmogo le mekgwa le boitshwaro jwa batho di bontsha gore re tshela mo metlheng ya bofelo le gore go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla tlisetsa batho ba ba ratang Modimo masego a a nnelang ruri. Re simolola ka go tlhatlhoba dilo tse tharo tse Jesu a rileng di tla tshwaya metlha ya bofelo.

“Tshimologo ya Ditlhabi Tsa Tlalelo”

Jesu o ne a re: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi, mme go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” O ne a boa a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” (Mathaio 24:7, 8) A re tlhatlhobeng “dilo tseno” ka bongwe ka bongwe.

Go bolailwe matshutitshuti a batho mo dintweng le fa go na le dikgotlhang tsa merafe mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Pego ya bakanoki e e tswang kwa Worldwatch Institute ya re: “Go sule batho ba palo ya bone e menaganeng gararo mo dintweng mo lekgolong la [bo20] la dingwaga fela jaaka mo dintweng tse dingwe go simolola ka lekgolo la ntlha la dingwaga AD go tla go fitlha ka 1899.” Jonathan Glover, mo bukeng ya gagwe ya Humanity—A Moral History of the Twentieth Century, a re: “Phopholetso nngwe ya dingwaga tse di fa gare ga 1900 le 1989 ke gore go sule batho ba le dimilione di le 86 mo ntweng. . . . Go sule batho ba le bantsi ka tsela e e feteletseng mo dintweng mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Batho bano ga ba swa ka selekanyo se se lekanang mo lobakeng loo lotlhe lwa nako ka gonne peditharong ya bone (dimilione di le 58) ba sule mo dintweng tse pedi tsa lefatshe. Mme fa e le gore batho bano ba sule ka tsela e e lekanang go ralala lekgolo lotlhe la bo20 la dingwaga, go tla bo go raya gore go sule batho ba ka nna 2 500 letsatsi le letsatsi mo ntweng, mme palo eo e raya gore go sule batho ba feta 100 ka ura nngwe le nngwe, ka dingwaga di le 90 go sa kgaotse.” Akanya fela gore dintsho tseno di utlwisitse ba losika le ditsala di le dintsintsi tsa ba ba suleng botlhoko thata jang.

Kwa ntle ga gore lefatshe le ntsha dijo tse dintsi, lengwe la matshwao a a bontshang gore re mo metlheng ya bofelo ke tlhaelo ya dijo. Babatlisisi ba re mo dingwageng di feta 30 tse di fetileng, go ile ga tlhagiswa dijo tse dintsi go feta palo ya batho ba ba leng teng mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, go na le tlhaelo ya dijo mo mafelong a magolo mo lefatsheng ka gonne batho ba le bantsi ga ba na lefelo le le lekaneng mo ba ka jalang dijo teng kana ga ba na madi a a lekaneng gore ba ka reka dijo. Mo dinageng tse di tlhabologang, batho ba ka nna dimilione di le 1,2 ba tshela fela ka madi a a kana ka dolara (tsa United States) e le nngwe kgotsa a a kafa tlase ka letsatsi. Mo bathong bano, ba le dimilione di ka nna 780 ba tshelela mo tlaleng. Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, ngwaga le ngwaga go sa fepege sentle ke gone go bakang thata dintsho tsa bana ba ba fetang dimilione di le tlhano ka letsatsi.

 Re ka reng ka dithoromo tsa lefatshe tse di boleletsweng pele? Go ya ka Geological Survey ya kwa United States, go nnile le palogare ya dithoromo tsa lefatshe tse di maatla gore di ka senya dikago, di le 17 ka ngwaga fa e sa le go tloga ka 1990. Go nnile le palogare ya thoromo ya lefatshe e e maatla mo e ka ripitlang dikago gangwe ngwaga le ngwaga. Motswedi o mongwe wa dikgang wa re: “Dithoromo tsa lefatshe di bolaile batho ba le dikete di le makgolokgolo mo dingwageng di le 100 tse di fetileng.” Lebaka le lengwe ke gore fa e sa le go simolola ka 1914 dinaga tse dintsi tse di nang le batho ba le bantsi di mo mafelong a a tlhaselwang ke dithoromo tsa lefatshe.

Ditiragalo Tse Dingwe Tse di Tlhomologileng

Jesu o ne a re: “Go tla nna le . . . mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo.” (Luke 21:11) Boranyane jwa kalafi gompieno bo gatetse pele go feta le fa e le leng pele. Mme le fa go ntse jalo, malwetse a a saleng a le teng bogologolo le a masha a tsweletse a sotla batho. Lekwalo lengwe la National Intelligence Council ya kwa United States la re: “Malwetse a le masome a mabedi a a itsegeng, go akaretsa thiibi (TB), malaria le kholera—a boile gape kana a aname thata fa e sa le go simolola ka 1973, mme gantsi a bogale thata e bile a thata go alafiwa. Go na le malwetse a ka nna 30 a pele a neng a sa itsiwe a jaanong a setseng a itsiwe fa e sa le go tloga ka 1973, go akaretsa HIV, Ebola, hepatitis C, le baerase ya Nipah [bolwetse jwa go ruruga boboko le jwa mathata a go hema] a a se nang kalafi.” Go ya ka pego ya mokgatlho wa Red Cross ya June 28, 2000, mo ngwageng o o fetileng palo ya batho ba ba bolailweng ke malwetse a a tshelanwang e ne e menagane makgetlho a feta 160 go feta ya batho ba ba bolailweng ke masetlapelo a tlholego.

“Go oketsega ga go tlhoka molao” ke letshwao le lengwe le le tlhomologileng le le bontshang gore re mo metlheng ya bofelo. (Mathaio 24:12) Mo mafelong a le mantsi mo lefatsheng gompieno, batho ba lotlela matlo a bone mme ga ba ikutlwe ba sireletsegile fa ba tsamaya mo mebileng bosigo. Mme kgang e nngwe ke go kgotlelwa ga moya, metsi le naga, mme gantsi di bakwa ke mekgwa mengwe e e seng kafa molaong. Seno le sone se diragatsa se Baebele e sa leng e se boletse go sa le pele. Buka ya Baebele ya Tshenolo e bua ka nako e Modimo a e tlhomileng go “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

Mekgwa ya Batho ba Metlha ya Bofelo

Tsweetswee bula Baebele ya gago mo go 2 Timotheo 3:1-5 mme o e bale. Moaposetoloi Paulo o rile: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Go tswa foo o ne a kwala lenaane la mekgwa e le 20 e batho ba ba bosula ba neng ba tla nna le yone. A o lemogile mengwe ya mekgwa eno mo bathong ba ba nnang mo lefelong la gaeno? Sekaseka se se builweng mo metlheng ya bosheng ka batho ba motlha wa gompieno.

“Baithati.” (2 Timotheo 3:2) “[Batho ba] ikemiseditse go dira maratwaepelo go feta le fa e le leng pele. [Ba] itira medimo, mme ba batla go tshwarwa jaaka yone.”—Financial Times, lokwalodikgang lwa kwa Engelane.

“Barati ba madi.” (2 Timotheo 3:2) “Mo metlheng ya gone jaanong go rata dikhumo go fekeeditse moya wa go sa di rate thata. Fa o sa tsewe o humile botshelo jwa gago ga bo na mosola.”—Jakarta Post, lokwalodikgang lwa kwa Indonesia.

“Ba ba sa utlweng batsadi.” (2 Timotheo 3:2) “Batsadi ba jesiwa kgakge ke go bona ngwana wa bone wa dingwaga tse nnè a ba laola e kete ke kgosi kana ngwana wa bone yo o nang le dingwaga di le 8 a ba raya a re, ‘Ke lo tlhoile!’”—American Educator, makasine wa kwa United States.

“Ba ba sa ikanyegeng.” (2 Timotheo 3:2) “Tsela e banna ba tlogelang balekane ba bone ba lenyalo le bana ka teng ke phetogo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo mekgweng ya batho ya go nna le boitshwaro jo bo siameng mo dingwageng tse [40 tse di fetileng].”—Wilson Quarterly, makasine wa kwa United States.

“Ba ba se nang lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:3) “Mo mafelong a mantsi mo lefatsheng, tirisodikgoka mo lapeng ke selo sa letsatsi le letsatsi.”—Journal of the American Medical Association, makasine wa kwa United States.

“Ba ba se nang boikgapo.” (2 Timotheo 3:3) “Ditlhogo tse dintsi tsa dikgang letsatsi le letsatsi di bontsha kafa batho ba se nang boikgapo, ba se nang mekgwa e mentle e bile ba se nang  kutlwelobotlhoko ka teng mo bathong ba bangwe le kafa le bone ka bobone ba sa ikutlweleng botlhoko ka teng. . . . Fa setšhaba se tswelela se dumelela tirisodikgoka e e leng teng gone jaanong, setšhaba sa rona se tloga se nna mo boemong jwa go tlhoka mekgwa e e siameng gotlhelele.”—Bangkok Post, lokwalodikgang lwa kwa Thailand.

“Ba ba bogale jo bo tshabegang.” (2 Timotheo 3:3) “Bakgweetsi ba bogale ka tsela e e se nang tlhaloganyo e bile ba na le kgalefo e e sa laolesegeng, mme mekgwa eo gape e fitlhelwa le mo tseleng e batho ba sotlwang ka yone mo malapeng, . . . le mo thubakanyong e e sa tlhokegeng e gantsi e dirwang mo ditirong tsa bokebekwa. Thubakanyo e diragalela le fa e le mang fela e bile e tla e sa lebelelwa mme batho ba e ba welang ba iphitlhela go se na yo o ba kgathalelang e bile ba ikutlwa ba sa sireletsega.”—Business Day, lokwalodikgang lwa Afrika Borwa.

“Barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:4) “Kgololesego ya batho ya tlhakanelodikobo e buelelwa fela thata, mme boitshwaro jwa Bokeresete jone ga bo batliwe.”—Boundless, makasine wa Internet.

“Ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” (2 Timotheo 3:5) [Motho yo pele e neng e le seaka se se rekisang mmele kwa Netherlands] o ne a re ditlhopha tsa bodumedi ke tsone tse di ganang thata gore [go rekisa mmele] go dumelelwe kafa molaong. O ne a kgwa mowa, mme go tswa foo a nyenya go se nene a bo a re fa a ne a sa ntse a rekisa mmele, baruti ba le mmalwa [ba bodumedi] ba ne ba tla kwa go ene ka metlha. O ne a tshega, a re: ‘Batho ba e leng diaka ba ba rekisang mmele gantsi ba re batho ba ba robalang thata le bone ke badumedi.’”—National Catholic Reporter, lokwalodikgang lwa kwa United States.

Bokamoso bo Tla Nna Jang?

Lefatshe gompieno le tletse mathata, fela jaaka Baebele e sa le e boletse go sa le pele. Le fa go ntse jalo, boporofeti jo bo malebana le ‘sesupo sa go nna gone ga ga Keresete le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo’ bo na le sengwe se se molemo. Jesu o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:3, 14) Dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di rerwa mo dinageng tse di fetang 230. Batho ba le dimilione di feta thataro ba ba tswang mo “merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme” ba tshwaregile thata mo tirong ya go rera ka Bogosi. (Tshenolo 7:9) Ke eng se tiro ya bone e ba e dirang ka matlhagatlhaga e se fitlheletseng? Ke seno: Molaetsa wa se Bogosi jono e leng sone, se bo tla se dirang, le gore motho mongwe le mongwe mo lefatsheng a ka bona masego a jone. Eleruri ‘kitso ya boammaaruri e ntsi mo motlheng wa bofelo.’—Daniele 12:4.

O tshwanetse go dira gore o bone kitso eno. Sekaseka se se tla diregang fa dikgang tse di molemo di sena go rerwa ka selekanyo se Jehofa a se batlang. Jesu o rile: “Go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) E tla bo e le nako ya Modimo ya gore a fedise bosula jotlhe mo lefatsheng. Diane 2:22 ya re: “Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.” Go tla diragalang ka Satane le madimona a gagwe? Ba tla latlhelwa mo moleteng mme ba ka se tlhole ba kgona go faposa ditšhaba. (Tshenolo 20:1-3) Go tswa foo ‘bathokgami le ba ba se nang molato ke bone ba tla salang’ mo lefatsheng. Mme ba tla itumelela masego a a molemo a a tlisiwang ke Bogosi.—Diane 2:21; Tshenolo 21:3-5.

Ke Eng Se o Ka se Dirang?

Re tlhomamisegile ka seno. Bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane bo gaufi thata. Batho ba ba tlhokomologang bosupi jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo ba tla thanya lo le tsebeng fa bokhutlo bo goroga. (Mathaio 24:37-39; 1 Bathesalonika 5:2) Ka jalo, Jesu o ne a raya bareetsi ba gagwe a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru. Gonne le tla tlela botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe. Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.”—Luke 21:34-36.

Ke fela ba ba tla amogelwang ke Morwa motho, e bong Jesu ba ba tla nnang le tsholofelo ya go falola  bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Go botlhokwa thata gore re dirise nako eno e e setseng re dira gore re tle re amogelwe ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete! Fa Jesu a ne a rapela Modimo o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ka jalo o tla bo o dira ka botlhale fa o ithuta dilo tse di oketsegileng ka Jehofa Modimo le ka se a se batlang. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa go tlhaloganya se Baebele e se rutang. Re go laletsa ka lorato gore o ikgolaganye le bone kana o kwalele bagatisi ba makasine ono.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

DITIRAGALO TSA METLHA YA BOFELO

DITIRAGALO TSE DIKGOLO:

▪ Dintwa.—Mathaio 24:6, 7.

▪ Ditlhaelo tsa dijo.—Mathaio 24:7.

▪ Dithoromo tsa lefatshe.—Mathaio 24:7.

▪ Malwetse a leroborobo.—Luke 21:11.

▪ Go oketsega ga go tlhoka molao.—Mathaio 24:12.

▪ Go senya lefatshe.—Tshenolo 11:18.

BATHO:

▪ Baithati.—2 Timotheo 3:2.

▪ Barati ba madi.—2 Timotheo 3:2.

▪ Ba ba mabela.—2 Timotheo 3:2.

▪ Ba ba sa utlweng batsadi.—2 Timotheo 3:2.

▪ Ba ba sa lebogeng.—2 Timotheo 3:2.

▪ Ba ba sa ikanyegeng.—2 Timotheo 3:2.

▪ Ba ba se nang lorato lwa tlholego.—2 Timotheo 3:3

▪ Ba ba se nang boikgapo.—2 Timotheo 3:3.

▪ Ba ba bogale jo bo tshabegang.—2 Timotheo 3:3.

▪ Barati ba menate.—2 Timotheo 3:4.

▪ Badumedi ba baitimokanyi.—2 Timotheo 3:5.

BAOBAMEDI BA BOAMMAARURI:

▪ Ba na le kitso e ntsi.—Daniele 12:4.

▪ Ba rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

[Motswedi wa Setshwantsho]

UNITED NATIONS/Photo by F. GRIFFING