Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Solegelwa Molemo ke go Ikanyega ga ba Lelapa la Me

Go Solegelwa Molemo ke go Ikanyega ga ba Lelapa la Me

 Kgang ya Botshelo

Go Solegelwa Molemo ke go Ikanyega ga ba Lelapa la Me

JAAKA GO BOLETSE KATHLEEN COOKE

FA MMEMOGOLO e bong Mary Ellen Thompson a ne a etetse ba masika a gagwe kwa Glasgow, kwa Scotland ka 1911, o ne a ya go reetsa puo e e neng e neelwa ke Charles Taze Russell, yo e neng e le leloko le le itsegeng la Baithuti ba Baebele ba moragonyana ba neng ba bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Mmemogolo o ne a kgatlhiwa thata ke se a neng a se utlwa. Fa a boela kwa Afrika Borwa, o ne a ikgolaganya le Baithuti ba Baebele ba mo lefelong leo. Ka April 1914, o ne a nna mongwe wa batho ba le 16 ba ba neng ba kolobediwa mo kopanong ya ntlha e kgolo ya Baithuti ba Baebele e e neng e tshwaretswe mo Afrika Borwa. Morwadia mmemogolo e bong Edith, yo morago e neng ya nna ene Mmè, o ne a na le dingwaga di le thataro ka nako eo.

Go ne ga nna le dikgotlhang mo Baithuting ba Baebele lefatshe ka bophara morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell ka 1916. Palo ya bakaulengwe ba ba ikanyegang kwa Durban e ne ya fokotsega go tswa go 60 go ya go 12. Mmemogolo mmaago rre, Ingeborg Myrdal le morwawe e bong Henry, yo o neng a sa ntse a le mosha mme a sa tswa go kolobediwa, ba ne ba ema le ba ba ikanyegang. Ka 1924, Henry o ne a nna morekisi wa dibuka, e leng tsela e badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka yone. O ne a rera mo dinageng di le dintsi tse di kafa borwa jwa Afrika mo dingwageng di le tlhano tse di neng tsa latela. Ka 1930, Henry le Edith ba ne ba nyalana mme dingwaga di le tharo morago ga moo, ke ne ka tsholwa.

Re Nna le Borremogolo

Re ne ra nna kwa Mozambique nakwana, mme ka 1939 ra fudugela kwa legaeng la ga mmemogolo  le rremogolo Thompson kwa Johannesburg. Rremogolo o ne a sa kgatlhegele boammaaruri jwa Baebele mme ka dinako tse dingwe o ne a ganetsa mmemogolo, mme gone o ne a re amogela ka diatla tse di bothitho. Nnake e bong Thelma o ne a tsholwa ka 1940, mme nna le ene re ne ra ithuta go tlhokomela batho ba ba godileng. Gantsi re ne re itisa nako e telele re ntse re ja dijo tsa maitseboa gonne ke nako e lelapa la rona le neng le tlotla ka dilo tse di diragetseng mo letsatsing leo kana tse di diragetseng bogologolo.

Lelapa la rona le ne le itumelela go etelwa ke Basupi, segolobogolo ba ba leng mo bodireding jwa nako e e tletseng. Le bone ba ne ba itumelela go tlotla le rona ka nako ya dijo tsa maitseboa mme metlotlo ya bone e ne ya dira gore re anaanele thata boswa jwa semoya jo re nang le jone. Seno se ne sa nonotsha keletso e nna le Thelma re neng re na le yone ya go nna babulatsela jaaka bone.

Go tloga re sa ntse re le bannye re ne ra rutwa gore re rate go bala. Mmè, Rre le Mmemogolo ba ne ba re balela dibuka tse di monate tsa dipolelo kana ba bala ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng. Dipokano tsa Bokeresete le bodiredi e ne e le dilo tsa botlhokwa tota mo matshelong a rona. Rre e ne e le motlhanka wa mophato (yo jaanong a bidiwang molebedi yo o okamelang) mo Phuthegong ya Johannesburg, ka jalo rotlhe re ne re tshwanetse go fitlha ka nako kwa dipokanong. Fa re na le kopano e kgolo, Rre o ne a tshwarega thata a thusa ka go tsamaisiwa ga yone fa Mmè ene a ne a thusa batlakopanong ka marobalo.

Re Nna le Kopano e Kgolo e e Kgethegileng

Kopano e kgolo e re neng ra nna le yone ka 1948 mo Johannesburg e ne e kgethegile tota. E ne e le la ntlha maloko a ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Brooklyn, New York, a nna teng mo kopanong ya rona. Rre o ne a abelwa gore a kgweetse Nathan Knorr le Milton Henschel ka koloi ya gagwe mo nakong eno ya loeto lwa bone. Ke ne ka kolobediwa kwa kopanong eo.

Moragonyana fela ga foo, Rre o ne a gakgamala thata fa a utlwa rraagwe a mmolelela gore o ikwatlhaela thata go bo a ne a itetla go tlhotlhelediwa ke ba ba neng ba tlogela Baithuti ba Baebele morago ya loso lwa ga Mokaulengwe Russell. O ne a tlhokafala dikgwedi di le mmalwa morago ga foo. Mme Mmemogolo Myrdal ene o ne a nna a ikanyega go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 1955.

Ditiragalo Tse di Neng Tsa Ama Botshelo Jwa Me

Ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha ka February 1, 1949. Go ise go ye kae re ne ra itumela tota fa go dirwa kitsiso ya gore go ne go tlile go tshwarwa kopano ya ditšhabatšhaba kwa New York City mo ngwageng o o latelang. Re ne re batla go ya mme re ne re se na madi. Mme ka February 1950, Rremogolo Thompson o ne a tlhokafala mme Mmemogolo o ne a dirisa madi a a a tlogeletsweng jaaka boswa go re duelela sepalangwa re le batlhano.

Dibeke di le mmalwa pele re tsamaya, ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. E ne e le taletso ya gore ke nne gone mo tlelaseng ya bo16 ya sekolo sa barongwa sa Gileade. Ke ne ke itumetse  tota gonne ke ne ke ise ke nne le dingwaga di le 17. Fa tlelase eo e simolola, ke ne ke le mongwe wa baithuti ba ba lesome go tswa kwa Afrika Borwa ba ba neng ba itumelela tshiamelo eo.

Fa re sena go aloga ka February 1951, ba le robedi ba rona re ne ra boela kwa Afrika Borwa go ya go nna barongwa teng. Mo dingwageng di le mmalwa tse di neng tsa latela, nna le kgaitsadi yo ke neng ke rera le ene re ne re rera thata mo ditoropong tse dinnye tse go buiwang Seburu mo go tsone. Kwa tshimologong ke ne ke sa tlwaelana le puo eo, e bile ke gakologelwa letsatsi lengwe ke boela gae ka baesekele ke lela ka gore bodiredi jwa me ga bo na matswela. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka tokafala mme Jehofa a segofatsa maiteko a me.

Lenyalo le Tiro ya go Eta

Ka 1955 ke ne ka simolola go itsane le John Cooke. O ne a thusitse go simolola tiro ya go rera kwa France, Portugal le kwa Spain pele ga Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone mme o ne a nna morongwa mo Afrika mo ngwageng o ke kopaneng le ene ka one. Moragonyana o ne a nkwalela a re: “Ke diragaletswe ke dilo di le tharo tse ke neng ke sa di lebelela mo bekeng e le nngwe fela . . . Mokaulengwe mongwe yo o pelotshweu o mphile mpho ya kolotsana; ke tlhomilwe go nna motlhanka wa kgaolo; mme ke a ratana.” * Re ne ra nyalana ka December 1957.

Fa re sa ntse re ratana, John o ne a ntlhomamisetsa gore fa ke setse ke nna le ene, botshelo jwa rona e tlile go nna jo bo kgatlhang tota, mme o ne a nepile. Re ne re etela diphuthego tse di mo Afrika Borwa, tse di neng di le mo mafelong a go neng go nna thata batho ba bantsho mo go one. Beke le beke re ne re lebana le bothata jwa go bona tetla ya go tsena mo mafelong ao, re sa bue ka go robala teng. Ka dinako tse dingwe re ne re robala mo boalong jwa lebenkele le le se nang sepe le le neng le le gaufi le lefelo le go neng go nna basweu mo go lone kwa re neng re leka go iphitlha gore batho ba ba fetang ka tsela ba se ka ba re bona. Gantsi re ne re tshwanelwa ke go nna le Basupi ba basweu ba ba neng ba nna dikilometara di le dintsi go tswa fa re neng re le gone.

 Gape re ne re lebana le bothata jwa mafelo a maemo a a kwa tlase a dikopano di neng di tshwarelwa mo go one a a neng a agiwa mo gare ga sekgwa. Re ne re bontsha batho difilimi tse di dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa tse di neng di ba thusa go anaanela bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Re ne re dirisa jenereitara ya rona gonne gantsi go ne go se na motlakase mo mafelong ao. Gape re ne re tshwanelwa ke go lebana le mathata fa re le mo mafelong a a kafa tlase ga taolo ya Boritane a mo go one dibuka tsa rona di neng di thibetswe ka nako eo, mmogo le bothata jwa go ithuta puo ya Sezulu. Le fa go ntse jalo, re ne re itumela tota fa re kgona go direla bakaulengwe ba rona.

Ka August 1961, John o ne a nna motlhatlheledi wa ntlha wa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi se se neng se tla tshwarwa dibeke di le nnè mo Afrika Borwa, se se neng se diretswe go thusa balebedi ba diphuthego. O ne a na le bokgoni jwa go ruta mme a kgona go fitlhelela dipelo tsa baithuti ba gagwe ka dipapiso tse di utlwalang tse a neng a di dira. Mo e ka nnang ngwaga le halofo, re ne re eta go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe a ntse a tshwara dikolo tsa Seesemane tse di neng di latelana. Fa John a ntse a ruta, ke ne ke ya bodireding jwa tshimo le Basupi ba lefelo leo. Mme re ne ra gakgamala tota fa re amogela lekwalo le le re laletsang go tla go direla kwa ofising ya lekala ya Afrika Borwa gaufi le Johannesburg go simolola ka July 1, 1964.

Le fa go ntse jalo, ka nako eo John o ne a simolola go nna le mathata a botsogo a re neng re sa a tlhaloganye. Ka 1948, o ne a tlhaselwa ke thiibi, mme morago ga moo o ne a nna le bothata jwa go felelwa ke maatla. O ne a nna le matshwao a foluu, a bo a tshwanelwa ke go robala malatsi—o ne a sa kgone go dira sepe kana go bona ope. Ngaka e re neng ra ya go e bona nakwana pele re bidiwa kwa lekaleng e ne ya re John o na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.

Re ne re se kitla re kgona go dira go le gonnye mo bodireding jaaka ngaka eno e ne e akantsha. Fa re fitlha kwa lekaleng, John o ne a abelwa go bereka kwa Lephateng la Tirelo mme nna ke ne ke bala thanolo go bona gore a ga e na diphoso. Mme re ne re ikutlwa re segofetse thata gonne jaanong re ne re nna mo phaposing e e leng ya rona! E re ka John a ne a kile a direla mo tshimong ya Sepotokisi pele re nyalana, ka 1967 re ne ra kopiwa go thusa lelapa le e neng e le lone fela la Basupi ba ba buang Sepotokisi ba ba neng ba nna mo lefelong la rona go rerela batho ba bantsi ba ba buang Sepotokisi mo Johannesburg le mo mafelong a a gaufi le yone. Seno se ne se raya gore ke ne ke tshwanetse go ithuta puo e nngwe gape.

E re ka batho ba ba buang Sepotokisi ba ne ba gasame mo lefelong le legolo, re ne re tsamaya thata—ka dinako tse dingwe re ne re tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di le 300 go ya go rerela ba ba tshwanelegang. Ka nako eo Basupi ba ba tswang kwa Mozambique ba ba buang Sepotokisi ba ne ba simolola go re etela ka dinako tsa dikopano, mme seno se ne se thusa thata batho ba basha mo boammaaruring. Mo dingwageng di le 11 tse re di berekileng mo tshimong ya Sepotokisi, re ne ra bona setlhopha sa rona se sennye sa batho ba ka nna 30 se gola go nna diphuthego di le nnè.

Go Nna le Diphetogo Kwa Lapeng

Kgabagare, go ne ga nna le diphetogo kwa lelapeng la gaetsho. Ka 1960, nnake e bong Thelma o ne a nyalana le John Urban, yo e neng e le mmulatsela yo o tswang kwa United States. Ka 1965, ba ne ba nna gone kwa tlelaseng ya bo40 ya Gileade mme ba direla ka boikanyegi e le barongwa kwa Brazil ka dingwaga di le 25. Ka 1990, ba ne ba boela kwa Ohio go ya go tlhokomela batsadi ba ga John ba ba neng ba lwala. Go sa kgathalesege mathata a ba neng ba lebana le one fa ba ntse ba tlhokometse batsadi ba ba lwalang, ba ne ba nna mo bodireding jwa nako e e tletseng go fitlha le gompieno.

Mmemogolo Thompson o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 1965, a na le dingwaga di le 98 mme a ntse a ikanyega mo Modimong. Rre o ne a rola tiro mo go one ngwaga oo. Ka jalo fa nna le John re ne re kopiwa go ya go thusa phuthego ya Sepotokisi e e neng e le mo lefelong la rona, Rre le Mmè ba ne ba tla go bereka le rona. Ba ne ba na le tlhotlheletso e e molemo tota mo setlhopheng seo, mme morago ga dikgwedi di le mmalwa fela, go ne ga tlhomiwa phuthego ya ntlha ya Sepotokisi. Moragonyana fela ga foo, Mmè o ne a tlhaselwa ke kankere, mme a tlhokafala ka 1971. Rre ene o ne a tlhokafala dingwaga di le supa morago ga foo.

Go Lebana le Bolwetse Jwa ga John

Mo dingwageng tsa bo1970, go ne go bonala sentle gore botsogo jwa ga John bo ne bo sa tokafale.  O ne a tshwanelwa ke go tlogela ka bonya ka bonya dingwe tsa ditshiamelo tsa tirelo tse a neng a di rata thata, tse di akaretsang go tshwara Thuto ya beke le beke ya lelapa la Bethele ya Tora ya Tebelo le metlotlo ya Baebele ya mo mosong. Tiro ya gagwe e ne ya fetolwa mme a tswa kwa Lephateng la Tirelo a ya go dira kwa Lephateng la Poso mme morago ga moo a ya go bereka kwa tshingwaneng.

Tsela e John a neng a tlhagafetse ka yone e ne e dira gore go nne thata gore a dire diphetogo mo botshelong jwa gagwe. Fa ke ntse ke leka go mo rotloetsa gore a fokotse tsela e a dirang dilo ka yone o ne a dira motlae a re ke a mo kgoreletsa—morago ga moo a bo a ntlamparela ka lorato. Kgabagare re ne ra bona go le botoka gore re tlogele tshimo ya Sepotokisi mme re ye go kopanela mo phuthegong e e neng e kopana mo Holong ya Bogosi e e mo lekaleng.

Fa botsogo jwa ga John bo ntse bo koafalela pele, go ne go ama pelo tota go bona kamano e e gaufi e a neng a na le yone le Jehofa. Fa John a ne a ka thanya mo gare ga bosigo a ikutlwa a tshwenyegile thata mo maikutlong, re ne re tlotla mmogo go fitlha a ritibala a bo a kgona go rapela Jehofa gore a mo thuse. Kgabagare o ne a kgona go lebana le maemo ao a le esi ka go ipateletsa go boeletsa ka bonya Bafilipi 4:6, 7: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe . . . ” Mme morago ga moo o ne a tla bo a ritibetse a bo a kgona go rapela. Gantsi go ne go direga ke thantse mme ke ne ke leba ka tidimalo fa dipounama tsa gagwe di ntse di tshikinyega fa a ntse a rapela Jehofa ka tlhoafalo.

E re ka dikago tsa rona tsa lekala di ne di setse di le dinnye, go ne go simolotse go agiwa lekala le lesha le legolwane kwa ntle ga Johannesburg. Gangwe le gape nna le John re ne re etela lefelo leno le le neng le rena kagiso, le le kgakala le medumo le kgotlelo ya toropo. John o ne a thusega thata fa re ne re letlelelwa go fudugela koo mo bonnong jwa nakwana go fitlhela lekala le lesha le fela.

Dikgwetlho Tse Disha

John o ne a simolola go thatafalelwa ke go diragatsa dikabelo tsa gagwe tsa kwa tirong fa bokgoni jwa gagwe jwa go akanya bo ntse bo koafala. Ke ne ka amiwa thata ke tsela e bakaulengwe ba neng ba thusa John ka yone mo maitekong a gagwe. Ka sekai, fa mokaulengwe a ya kwa laeboraring ya setšhaba go ya go dira dipatlisiso, o ne a tsamaya le John. John o ne a tlatsa dipata tsa gagwe ka dipampitshana le dimakasine tse a neng a tla tlhola a di dirisa mo letsatsing leo. Seno se ne sa thusa John thata gore a ikutlwe a le mosola e bile a fitlheletse sengwe.

Kgabagare bolwetse jwa Alzheimer bo ne jwa dira gore John a se ka a tlhola a kgona go bala. Re ne ra leboga tota go bo re na le ditheipi tse di gatisitsweng tsa dibuka tsa Baebele le dipina tsa Bogosi. Re ne re di reetsa gantsintsi. Gantsi John o ne a tshwenyega thata fa ke sa di reetse le ene, ka jalo ke ne ke dirisa diura tseo tse dintsi ke roka e bile ke loga. Seo se ne se dira gore re nne re na le dijeresi le dikobo!

Fa nako e ntse e tsamaya, boemo jwa ga John bo ne bo tlhoka gore ke nne ke mo tlhokometse. Le fa gone ke ne ke nna ke lapile thata gore nka kgona go bala kana go ithuta, e ne e le tshiamelo tota gore ke kgone go mo tlhokomela go ya kwa bokhutlong. Bokhutlo joo e ne ya nna ka 1998, fa John a ne a tlhokafala ka tidimalo a le mo diatleng tsa me fa a sena go nna le dingwaga di le 85—a ikanyegile ka nitamo go ya kwa bokhutlong. Ruri ke lebile pele go mmona ka nako ya tsogo ya baswi, a na le botsogo jo bo itekanetseng jwa mmele le jwa mogopolo!

Go Nonotshiwa

Morago ga loso lwa ga John, go ne go se motlhofo gore ke ithute go tshela ke le esi. Ka jalo, ka May 1999, ke ne ka etela nnake e bong Thelma le monna wa gagwe kwa United States. Go ne go itumedisa e bile go lapolosa tota go kopana le ditsala di le dintsi tse di ikanyegang bogolosegolo fa re ne re etetse kwa ntlokgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York! Ruri seno e ne e le yone kgothatso ya semoya e ke neng ke e tlhoka.

Fa ke akanya ka botshelo jwa batho ba ke ba ratang ba ba ikanyegang, ke gakologelwa dilo di le dintsi tse di ntsholegetseng molemo. Ka kaelo ya bone, sekao sa bone le thuso ya bone ke ne ka ithuta go pitlologa mo tseleng e ke ratang batho ba ditšhaba tse dingwe le ba ditso tse dingwe ka yone. Ke ne ka ithuta go nna pelotelele, go itshoka le go fetofetoga le maemo. Mo godimo ga tsotlhe, ke ne ka bona bopelonomi jwa ga Jehofa, Moutlwi wa dithapelo. Ke na le maikutlo a a tshwanang le a mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Go itumela yo o mo tlhophang o bo o mo dira gore a atamele, gore a tle a nne mo malwapeng a gago. Ruri re tla kgotsofadiwa ke molemo wa ntlo ya gago.”—Pesalema 65:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Bona Tora ya Tebelo ya August 1, 1959, ditsebe 468-72 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mmemogolo le bomorwadie

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ke na le batsadi ba me fa ke ne ke kolobediwa ka 1948

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke na le Albert Schroeder, mokwadisi wa Sekolo sa Gileade mmogo le baithuti ba bangwe ba le robongwe ba ba tswang Afrika Borwa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke na le John ka 1984