Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jobe—monna Yo o Nang le Boitshoko le Bothokgami

Jobe—monna Yo o Nang le Boitshoko le Bothokgami

 Jobe—monna Yo o Nang le Boitshoko le Bothokgami

“A o tlhomile pelo ya gago mo motlhankeng wa me Jobe, ka go se na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng, monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula?”—JOBE 1:8.

1, 2. (a) Jobe o ne a welwa ke masetlapelo afe a sa lebelela? (b) Tlhalosa botshelo jwa ga Jobe pele a welwa ke masetlapelo ano.

GO NE go na le monna yo o neng a lebega a na le letlepu—khumo, maemo, botsogo jo bontle le lelapa le le itumetseng. Mme o ne a welwa ke masetlapelo, makgetlho a le mararo a tlhomagane. Ka bonako fela o ne a felelwa ke khumo, mme bana ba gagwe botlhe ba ne ba bolawa ke diphefo tsa matsubutsubu tse di neng di sa lebelelwa. Moragonyana fela ga foo, o ne a tsenwa ke bolwetse jo bo koafatsang jo bo neng jwa apesa mmele wa gagwe otlhe ka dintho tse di botlhoko. Gongwe o setse o lemoga gore monna yo go buiwang ka ene fano ke Jobe, ene yo go buiwang thata ka ene mo bukeng ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe.—Jobe, kgaolo 1 le 2.

2 O ne a bolela jaana ka khutsafalo: “E kete nkabo ke ntse jaaka ka nako ya dikgwedi tsa modikologo wa ngwedi tsa bogologolo.” (Jobe 3:3; 29:2) Fa go nna le masetlapelo, motho o gopola metlha e e fetileng. Jobe ene o ne a tshedile botshelo jo bo siameng, a lebega e kete o sireletsegile mo masetlapelong. Batho ba maemo ba ne ba mo tlotla e bile ba kopa kgakololo mo go ene. (Jobe 29:5-11) Le fa a ne a humile, o ne a leba madi ka tsela e e tshwanetseng. (Jobe 31:24, 25, 28) Fa a ne a kopana le batlholagadi kgotsa masiela a tlhoka thuso, o ne a ba thusa. (Jobe 29:12-16) Mme o ne a nna a ikanyega mo mosading wa gagwe.—Jobe 31:1, 9, 11.

3. Jehofa o ne a leba Jobe jang?

3 Jobe o ne a tshela botshelo jwa go tlhoka molato ka gonne o ne a obamela Modimo. Jehofa o ne a re, ga go “ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng, monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula.” (Jobe 1:1, 8) Mme le fa Jobe a ne a tshela ka boikanyegi, masetlapelo a ne a tlhatlhamolola botshelo jwa gagwe jo bo ritibetseng. Dilo tsotlhe tse a neng a di bereketse di ne tsa fela, mme botho jwa gagwe jwa mmatota bo ne jwa lekwa ka gore a utlwisiwe botlhoko, a tlisediwe tlalelo le matshwenyego.

4. Ke ka ntlha yang fa go tla nna mosola go sekaseka teko ya ga Jobe?

4 Gone ke boammaaruri gore Jobe ga se ene fela motlhanka wa Modimo yo o kileng a welwa ke masetlapelo a a mo amang ka namana. Bakeresete ba le bantsi gompieno ba diragaletswe ke dilo tse di tshwanang ka tsela nngwe le tse di diragaletseng  Jobe. Ka jalo, go molemo go akanyetsa dipotso tseno tse pedi: Go gopola teko ya ga Jobe go ka re thusa jang fa re welwa ke masetlapelo? Mme teko eno e ka re ruta jang go nna pelotlhomogi mo go ba ba bogang?

Kgang ya Boikanyegi le Teko ya Bothokgami

5. Go ya ka Satane, ke ka ntlha yang fa Jobe a ne a direla Modimo?

5 Kgang ya ga Jobe e ne e sa tlwaelega. Diabolo o ne a tsositse dipelaelo malebana le gore tota ke ka ntlha yang fa Jobe a direla Modimo, mme Jobe o ne a sa itse sepe ka seo. Nako nngwe mo kokoanong ya dibopiwa tsa legodimo, Jehofa o ne a bua ka dinonofo tse di molemo tsa ga Jobe mme Satane ene o ne a re: “A wena ka bowena ga wa tlhoma legora go mo dikologa le go dikologa ntlo ya gagwe le go dikologa sengwe le sengwe se a nang le sone gotlhe fela?” Ka jalo Satane o ne a bontsha gore Jobe o ne a tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha, mme ka go rialo a akaretsa batlhanka ba bangwe botlhe ba Modimo. Satane o ne a raya Jehofa a re: “Ntsha seatla sa gago, tsweetswee, o ame sengwe le sengwe se a nang le sone mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.”—Jobe 1:8-11.

6. Satane o ne a tsosa kgang efe ya botlhokwa?

6 Kgang eo e ne e le botlhokwa. Satane o ne a tsosa dipotso ka tsela e Jehofa a dirisang bolaodi jwa gagwe ka yone. A tota go ka kgonega gore Modimo a laole lobopo ka lorato? Kgotsa, jaaka Satane a ne a kaya, a bopelotshetlha ke jone bo tla nnang bo fenya kwa bofelong? Jehofa o ne a letla Diabolo gore a leke Jobe mo kgannyeng eno, a tlhomamisegile gore motlhanka wa Gagwe o tla boloka bothokgami a bo a ikanyege. Ka jalo, Satane ke ene a neng a tlisetsa Jobe masetlapelo a a neng a mo wela a tlhomagane. Fa Satane a sena go palelwa mo ditekong tsa gagwe tsa ntlha, o ne a tlhasela Jobe ka bolwetse jo bo botlhoko. Diabolo o ne a re: “Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.”—Jobe 2:4.

7. Batlhanka ba Modimo gompieno ba lebana jang le diteko tse di tshwanang le tsa ga Jobe?

7 Le fa bontsi jwa Bakeresete gompieno ba sa boge ka selekanyo se Jobe a neng a boga ka sone, mme gone ba welwa ke dipitlagano tsa mefuta e e farologaneng. Ba le bantsi ba a bogisiwa kgotsa ba na le mathata a lelapa. Mathata a itsholelo kgotsa a botsogo a ka nna a dira gore motho a ikutlwe a tlaletswe. Ba bangwe ba swetse tumelo ya bone. Gone ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go tsaya fela gore Satane ke ene a re bakelang masetlapelo mangwe le mangwe a re nang le one ka tlhamalalo. E bile tota, mathata mangwe a ka tswa a bakwa ke diphoso tsa rona kgotsa ke seemo sengwe se re se gotsitseng mo batsading ba rona. (Bagalatia 6:7) Mme rotlhe re amiwa ke ditlamorago tse di botlhoko tsa botsofe le masetlapelo a tlholego. Baebele e bontsha sentle gore mo metlheng eno, Jehofa ga a sireletse batlhanka ba gagwe ka kgakgamatso mo matshwenyegong ano.—Moreri 9:11.

8. Satane a ka leka jang go dirisa dipitlagano tse re lebaneng le tsone?

8 Le fa go ntse jalo, Satane a ka nna a dirisa dipitlagano tse re nang le tsone go koafatsa tumelo ya rona. Moaposetoloi Paulo o ne a umaka gore o ne a tshwenngwa ke “mutlwa mo nameng, moengele wa ga Satane,” yo o neng a nna a mo ‘phanya.’ (2 Bakorintha 12:7) Le fa seno e ka tswa e ne e le sengwe se se mo tshwenyang mo mmeleng, jaaka go se bone sentle, kgotsa sengwe se sele, Paulo o ne a tlhaloganya gore Satane a ka dirisa bothata jono le go tshwenyega ka jone go dira gore Paulo a felelwe ke boipelo le bothokgami. (Diane 24:10) Gompieno, Satane a ka nna a tlhotlheletsa maloko a lelapa, bankane ba sekolo kgotsa le e leng dipuso tse di gatelelang go bogisa batlhanka ba Modimo ka tsela nngwe.

9. Ke ka ntlha yang fa mathata kgotsa pogiso di sa tshwanela go re gakgamatsa thata?

9 Re ka atlega jang fa re lebane le mathata a a ntseng jalo? Ka go a tsaya e le sebaka sa go bontsha gore lorato lo re ratang Jehofa ka lone le tsela e re ineelang ka yone mo bolaoding jwa gagwe e tlhomame. (Jakobe 1:2-4) Le fa matshwenyego a rona a ka tswa a bakwa ke eng, go tlhaloganya botlhokwa jwa go ikanyega mo Modimong go tla re thusa gore re nne re tsepame mo kobamelong ya Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a kwalela Bakeresete jaana: “Baratwa, lo se ka lwa akabadiwa ke go sha mo go mo gare ga lona, mo  go lo diragalelang e le teko, jaaka e kete lo diragalelwa ke selo se se sa tlwaelegang.” (1 Petere 4:12) Mme Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Satane o sa ntse a tsosa dipelaelo ka boikanyegi jwa Basupi ba ga Jehofa, fela jaaka a ne a dira ka Jobe. Tota e bile, Baebele e bontsha gore Satane o okeditse tsela e a tlhaselang batho ba Modimo ka yone mo metlheng eno ya bofelo.—Tshenolo 12:9, 17.

Ga a Tlhaloganye Dilo Sentle Mme o Newa Kgakololo e e Seng Yone

10. Jobe o ne a na le sekgoreletsi sefe?

10 Jobe o ne a na le sekgoreletsi sengwe se rona re se nang sone. O ne a sa itse gore ke ka ntlha yang fa a wetswe ke masetlapelo ano. Jobe o ne a na le maikutlo a a phoso a gore ka tsela nngwe “Jehofa ka boene o [ne a] neile, mme Jehofa ka boene o [ne a] tsere.” (Jobe 1:21) Gongwe Satane o ne a leka ka boomo go dira gore Jobe a akanye gore Modimo ke ene a mo tliseditseng matshwenyego.

11. Tlhalosa kafa Jobe a ileng a tsiboga ka teng fa a welwa ke masetlapelo.

11 Jobe o ne a kgobega marapo fela thata, le fa a ile a gana go tlhapatsa Modimo, jaaka mosadi wa gagwe a ne a mo rotloetsa gore a dire. (Jobe 2:9, 10) O ne a re, ‘Baikepi ba lebega ba atlega thata go mpheta.’ (Jobe 21:7-9) O ka tswa a ne a ipotsa a re, ‘Modimo o nkotlhaelang?’ Go na le dinako tse ka tsone a neng a eletsa go swa. “E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole, wa mpaya mo sephiring go fitlha bogale jwa gago bo boela morago!”—Jobe 14:13.

12, 13. Mafoko a balekane ba ga Jobe ba bararo a ne a mo ama jang?

12 Jobe o ne a na le balekane ba bararo ba ba neng ba mo etela, jaaka e kete ba tlile “go mo utlwela botlhoko le go mo gomotsa.” (Jobe 2:11) Le fa go ntse jalo, ba ne ba itshupa e le “bagomotsi ba ba letshwenyo.” (Jobe 16:2) Jobe o ka bo a ile a solegelwa molemo fa nkabo a nnile le balekane ba a ka ba bulelang mafatlha a ba anegela mathata a gagwe, mme balekane bano ba bararo bone ba ne ba okeletsa Jobe go tlhakana tlhogo le go utlwa botlhoko.—Jobe 19:2; 26:2.

13 Go a utlwala go bo Jobe a ne a ka ipotsa a re: ‘Ke dirileng? Ke eng fa ke welwa ke masetlapelo a a kana kana?’ Balekane ba gagwe ba ne ba mo naya dikarabo tse di latlhang tota. Ba ne ba tsaya gore Jobe o ne a ipaketse mathata ka go dira boleo bongwe jo bo masisi. Elifase o ne a botsa a re, “Ke mang yo o se nang molato yo o kileng a nyelela? . . . Go ya ka se ke se boneng, ba ba logang maano a se se utlwisang botlhoko le ba ba jalang matshwenyego ba tla a roba.”—Jobe 4:7, 8.

14. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tsaya fela gore go boga go bakwa ke boitshwaro jo bo sa tshwanelang?

14 Gone ke boammaaruri gore go ka tsoga mathata fa re jalela nama go na le go jalela moya. (Bagalatia 6:7, 8) Le fa go ntse jalo, mo tsamaisong eno ya gompieno, re ka nna le mathata go sa kgathalesege gore re itshwara jang. Mo godimo ga moo, ga se gore batho ba ba se nang molato bone ga ba welwe ke masetlapelo ape. Jesu Keresete, yo o neng “a sa leswafala, a lomologane le baleofi,” o ne a swa botlhoko mo thupeng ya tlhokofatso, mme moaposetoloi Jakobe o ne a swela tumelo. (Bahebera 7:26; Ditiro 12:1, 2) Dikakanyo tse di phoso tsa ga Elifase le ditsala tsa gagwe tse pedi di ne tsa tlhotlheletsa Jobe gore a buelele leina la gagwe le lentle mme a eme ka la gore ga a na molato. Le fa go ntse jalo, tsela e ba neng ba tatalalela ka yone gore Jobe o ne a tshwanelwa ke go boga e ka tswa e tlhotlheleditse tsela e a neng a leba tshiamiso ya Modimo ka yone.—Jobe 34:5; 35:2.

Go Bona Thuso fa o Lebane le Pitlagano

15. Re tla thusiwa ke go akanya ka tsela efe fa re boga?

15 A go na le sengwe se re ka se ithutang fano? Masetlapelo, bolwetse kgotsa pogiso di ka lebega di lebagane fela le rona. Batho ba bangwe ba ka lebega ba sa welwe ke mathata a a ntseng jalo. (Pesalema 73:3-12) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go ipotsa dipotso tseno tsa botlhokwa: ‘A tsela e ke ratang Modimo ka yone e ntlhotlheletsa go mo direla le fa go ka nna jang? A ke eletsa go dira gore Jehofa a kgone “go fetola ene yo o mo kgobang?”’ (Diane 27:11; Mathaio 22:37) Le ka motlha ga re a tshwanela go letla batho ba ba buang ba sa akanya ba re dira gore re belaele gore Rraarona yo o kwa legodimong o tla  re thusa. Mokeresete mongwe yo o ikanyegang yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng ka dingwagangwaga o kile a re: “Ke itse gore sengwe le sengwe se Jehofa a se letlang, ke tla kgona go se itshokela. Ke a itse gore o tla mpha maatla a ke a tlhokang. O tlhola a a mpha.”

16. Lefoko la Modimo le thusa jang batho ba ba lebaneng le mathata?

16 Fa go tliwa mo maanong a ga Satane, re tlhaloganya sengwe se Jobe a neng a sa se tlhaloganye. “Ga re ba ba se nang kitso ka maano a gagwe.” (2 Bakorintha 2:11) Mo godimo ga moo, re na le letlotlo la botlhale jo re ka bo dirisang. Baebele e na le dipego tsa banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba ileng ba itshokela mefuta yotlhe ya mathata. Moaposetoloi Paulo, yo o neng a boga go feta ba bantsi o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Mosupi mongwe kwa Yuropa yo o neng a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya gagwe ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, o ne a ananya dijo tse a neng a di fiwa tsa malatsi a mararo ka Baebele. A re: “Kananyo eo e ne ya ntsholegela molemo fela thata! Le fa ke ne ke tshwerwe ke tlala, ke ne ka bona dijo tsa semoya tse di ileng tsa nthusa nna le ba bangwe gore re itshokele diteko mo dinakong tseo tsa mathata. Ke sa ntse ke na le Baebele eo le gompieno.”

17. Ke dithuso dife tsa Modimo tse di ka re thusang go itshoka?

17 Kwantle ga kgomotso e re e bonang mo Dikwalong, re na le dithuso tse dintsi tsa Baebele tse di re nayang kaelo e e mosola ya go lebana le mathata. Fa o dirisa Watch Tower Publications Index, go ka direga thata gore o bone boitemogelo jwa Mokeresete ka wena yo o nnileng le teko e e tshwanang le ya gago. (1 Petere 5:9) Gape go ka  nna molemo gore o tlotle ka maemo a gago le bagolwane ba ba pelotlhomogi kgotsa Bakeresete ba bangwe ba ba godileng. Mo godimo ga tsotlhe, fa o rapela, o ka thusiwa ke Jehofa le moya wa gagwe o o boitshepo. Paulo o ne a emelana jang le Satane fa a mo ‘phanya’? Ka go ithuta go ikaega ka maatla a Modimo. (2 Bakorintha 12:9, 10) O ne a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.

18. Bakeresete ka rona ba ka re naya jang kgothatso e re e tlhokang?

18 Ka jalo, thuso e teng, mme le ka motlha ga o a tshwanela go okaoka go e batla. Seane sengwe sa re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Fela jaaka motlhwa o ka ja ntlo e e agilweng ka logong gore e bo e we, go kgobega marapo go ka koafatsa bothokgami jwa Mokeresete. E le gore re fenye kotsi eno, Jehofa o re thusa ka go dirisa ba bangwe ba le bone e leng batlhanka ba Modimo. Moengele mongwe o ne a bonala mo go Jesu mme a mo nonotsha mo bosigong jo a neng a tshwarwa ka jone. (Luke 22:43) Fa Paulo a ne a le mo mosepeleng wa go ya Roma e le legolegwa, o ne a “leboga Modimo mme a kgothala” fa a kopana le bakaulengwe kwa Marekisetsong a Apio le Matlomararo a Boitapolosetso. (Ditiro 28:15) Mosupi mongwe wa kwa Jeremane o sa ntse a gopola thuso e a neng a e newa fa a goroga kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Ravensbrück e le mosetsana yo o boi wa dingwaga tsa bolesome. O gakologelwa jaana: “Mokeresete ka nna o ne a mpona fela fa ke goroga mme a nkamogela ka lorato. Kgaitsadi yo mongwe yo o ikanyegang o ne a ntlhokomela, mme a nna jaaka mmè fa go tliwa mo dilong tsa semoya.”

“Itshupe o Ikanyega”

19. Ke eng se se neng sa thusa Jobe go emelana le maiteko a ga Satane?

19 Jehofa o ne a tlhalosa Jobe e le monna yo o neng a “ngangatletse bothokgami jwa gagwe.” (Jobe 2:3) Le fa Jobe a ne a kgobega marapo e bile a sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa a boga, ga a ise a ke a okaoke mo kgannyeng ya botlhokwa ya boikanyegi. Jobe ga a ka a itatola sotlhe se a neng a ntse a se tshelela. O ne a ema ka la gore: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!”—Jobe 27:5.

20. Ke ka ntlha yang fa go itshoka go le mosola?

20 Fa re ititeile sehuba fela jalo, seo se tla re thusa gore re nne re bolokile bothokgami mo maemong otlhe—fa re raelwa, re ganediwa, kgotsa re na le mathata. Jesu o ne a raya phuthego ya kwa Semerena a re: “O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o di boga. Bona! Diabolo o tla nna a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe ka botlalo, le gore lo nne le pitlagano [matshwenyego, tlalelo kgotsa kgatelelo] malatsi a le lesome. Itshupe o ikanyega go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.”—Tshenolo 2:10.

21, 22. Fa re le mo pitlaganong, re ka gomodiwa ke go itse eng?

21 Mo tsamaisong eno e e laolwang ke Satane, boitshoko jwa rona le bothokgami jwa rona bo tla lekwa. Le fa go ntse jalo, Jesu o re tlhomamisetsa gore fa re ntse re lebile kwa isagweng, ga re tlhoke go boifa sepe. Selo sa botlhokwa ke gore re ikanyege. Paulo o ne a re, ‘Pitlagano ke ya nakwana,’ mme “kgalalelo,” kgotsa tuelo e Jehofa a re e solofetsang, ke ‘ya bokete jo bogolo thata e bile ke e e sa khutleng.’ (2 Bakorintha 4:17, 18) Tota le pitlagano ya ga Jobe e ne e le ya nakwana fa e bapisiwa le dingwaga tse dintsi tsa boitumelo tse a nnileng le tsone pele le morago ga a lekwa.—Jobe 42:16.

22 Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe re ka nna le diteko tse di lebegang di tsaya lobaka lo loleele thata kgotsa re nna le matshwenyego a go lebegang e kete re ka se kgone go a itshokela. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka kafa se se diragaletseng Jobe se ka re fang dithuto tse dingwe gape tsa boitshoko ka teng. Re tla batla le ditsela tse re ka nonotshang ba bangwe ka tsone ba ba nang le matshwenyego.

O ka Araba Jang?

• Satane o ne a tsosa kgang efe ya botlhokwa malebana le bothokgami jwa ga Jobe?

• Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gakgamala thata fa re lebana le pitlagano?

• Jehofa o re thusa jang go itshoka?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go dira dipatlisiso, go bua le Bakeresete ba ba godileng, le go bulela Jehofa mafatlha a rona ka thapelo go ka re thusa go itshoka