Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A re Bapiseng Ditemana”

“A re Bapiseng Ditemana”

 “A re Bapiseng Ditemana”

MONNA mongwe o ne a sela pampitshana mo letorokong la terena e e yang kwa New York City. Pampitshana eo e ne e re, ‘Moya wa motho o a swa.’ Monna yono yo e neng e le moruti o ne a kgatlhiwa ke setlhogo seno mme a simolola go bala. O ne a gakgametse ka gonne o ne a ise a tsamaye a belaele thuto ya gore moya ga o swe. Ka nako eo o ne a sa kgone go bona gore pampitshana eno e ne e kwadilwe ke mang. Le fa go ntse jalo, o ne a fitlhela mabaka a a ntshitsweng mo go yone a utlwala, a dumalana le Dikwalo e bile tshedimosetso ya teng e tshwanelwa ke go ithutiwa ka tlhoafalo.

Moruti yono e ne e le George Storrs. Seno se diragetse ka 1837, e leng one ngwaga o ka one Charles Darwin a neng a simolola go kwala mo bukaneng ya gagwe dintlha tse moragonyana di neng tsa bopa thuto ya gagwe ya gore dilo di itlhagetse fela. Bontsi jwa batho mo lefatsheng ba ne ba sa ntse ba tlhoafetse mo bodumeding, ba dumela mo Modimong. Ba le bantsi ba ne ba bala Baebele e bile ba e tlotla thata.

Moragonyana Storrs o ne a utlwa gore pampitshana eno e ne e kwadilwe ke Henry Grew wa kwa Philadelphia, Pennsylvania. Grew o ne a dumela thata gore “dikwalo . . . di a itlhalosa ka botsone.” Grew le batho ba a neng a dirisana le bone ba ne ba ntse ba ithuta Baebele gore ba tle ba tshele ba bo ba dire dilo ka tsela e e dumalanang le kgakololo ya yone. Fa ba ntse ba ithuta ba ne ba lemoga dithuto dingwe tse di tlhomologileng tsa boammaaruri mo Dikwalong.

Storrs o ne a tlhotlhelediwa ke tshedimosetso e e kwadilweng ke Grew gore a sekaseke Dikwalo ka kelotlhoko gore tsa reng ka moya a bo a buisane ka kgang eno le bangwe ba baruti ka ene. Morago ga go ithuta ka tlhoafalo dingwaga di le tlhano, kgabagare Storrs o ne a dira tshwetso ya gore a itsise phatlalatsa thuto e ntšha ya botlhokwa e a neng a sa tswa go e bona mo Dikwalong. Kwa tshimologong, o ne a baakanya thero e le nngwe e a neng a tla e naya go le Sontaga ka 1842. Le fa go ntse jalo, o ne a bona go tlhokega gore a neye dithero tse dingwe di le mmalwa gore a kgone go tlhalosa kgang eno ka botlalo. Kgabagare, o ne a nna le dithero di le thataro tse di buang ka kgang ya gore moya wa motho o a swa, mme a di tsenya mo kgatisong ya gagwe ya Six Sermons [Dithero Tse Thataro]. Storrs o ne a bapisa ditemana gore a senole dithuto tse di molemo tsa boammaaruri tse di bipilweng ke dithuto tse di sa tlotleng Modimo tsa Ditumelo tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete.

A Baebele e Ruta Gore Moya ga o Swe?

Baebele ya re balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba newa bosasweng e le tuelo ya go ikanyega ga bone. (1 Bakorintha 15:50-56) Storrs o ne a ntsha lebaka la gore fa e le gore bosasweng ke tuelo ya batho ba ba ikanyegang, moya wa baikepi o ka se nne le bosasweng. Mo boemong jwa go fopholetsa, o ne a sekaseka Dikwalo. O ne a bala Mathaio 10:28, King James Version, e e reng:  “Boifa ene yo o kgonang go senya moya le mmele mo diheleng.” Go raya gore moya o kgona go senngwa. Gape o ne a ya kwa go Esekiele 18:4, e e reng: “Moya o o leofang, o tla swa.” (KJ) Fa Baebele e sekasekwa yotlhe, boammaaruri jo bo tlhwatlhwakgolo bo ne bo bonala sentle. Storrs o ne a kwala jaana: “Fa e le gore tsela e ke lebang kgang eno ka yone e nepile, ditemana tse dintsi tsa Dikwalo tse di neng di ntse di sa utlwale sentle mo thutong e e tlwaelegileng, jaanong di utlwala sentle, di a itumedisa e bile di na le bokao jo bogolo le maatla.”

Mme go tweng ka ditemana tse di jaaka Jude 7? Yone ya re: “Fela jaaka Sodoma le Gomora, le metse e e mo tikologong fela jalo, e ile ya ineela mo kgokafalong, ya latela mokgwa wa nama e sele, e dirilwe sekai, ka go bediwa ka molelo o o sa khutleng.” (KJ) Fa bangwe ba bala temana eno, ba ka tsaya gore meya ya batho ba ba neng ba bolawa kwa Sodoma le Gomora e tlhokofadiwa ka molelo ka bosakhutleng. Storrs o ne a kwala a re: “A re bapiseng ditemana.” Go tswa foo o ne a nopola 2 Petere 2:5, 6, e e reng: “Mme a se ka a tlogela lefatshe la bogologolo, mme a boloka Noa . . . , a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi; mme ka go fetola metse ya Sodoma le Gomora melora o ne a e bona molato ka go e senya, a e dira sekao mo bathong ba ba ka nnang baikepi morago ga moo.” (KJ) Ee, Sodoma le Gomora di ne tsa fetolwa melora, tsa fedisediwa ruri le banni ba tsone.

Storrs o ne a tlhalosa a re, “Petere o fa lesedi ka Jude. Dibuka tseno ka bobedi di bontsha sentle kafa Modimo a bontshitseng go se itumelele baleofi ka teng. . . . Dikatlholo tse di diragaditsweng mo lefatsheng la bogologolo, Sodoma le Gomora, ke tsiboso, tlhagiso kgotsa ‘sekai’ se se nnelang ruri kgotsa ‘ka bosakhutleng’ mo bathong botlhe go ya go fitlha kwa bofelong jwa lefatshe.” Ka jalo Jude o ne a bua ka ditlamorago tsa molelo o o neng wa senya Sodoma le Gomora e le tsone tsa bosakhutleng. Seo ga se fetole ka tsela epe ntlha ya gore moya wa motho o a swa.

Storrs o ne a sa kopanye ditemana tse di dumalanang le ene a bo a tlhokomologa tse dingwe. O ne a sekaseka ditemana tse di dikologileng temana nngwe le nngwe mmogo le bokao jwa Baebele ka kakaretso. Fa go lebega temana nngwe e ganetsa tse dingwe, Storrs o ne a tlhatlhoba Baebele yotlhe go bona tlhaloso e e utlwalang.

Russell o Sekaseka Dikwalo

Mongwe wa batho ba ba ileng ba dirisana le George Storrs e ne e le lekawana le le neng le rulaganya setlhopha sa thuto ya Baebele kwa Pittsburgh, Pennsylvania. Leina la gagwe e ne e le Charles Taze Russell. Sengwe sa ditlhogo tsa ntlha tse a ileng a di gatisa tse di buang ka dikgang tse di mo Dikwalong se ne sa gatisiwa ka 1876 mo makasineng wa Bible Examiner, o o neng o rulaganngwa ke Storrs. Russell o ile a dumela gore baithuti ba pele ga gagwe ba Baebele ba ne ba mo tlhotlheleditse. E re ka e ne e le morulaganyi wa Zion’s Watch Tower, moragonyana o ne a anaanela thuso e a neng a e newa ke Storrs, e ka tswa e le ka go mmolelela kgotsa ka go mo kwalela.

Fa C. T. Russell a le dingwaga di le 18, o ne a rulaganya setlhopha sa go ithuta Baebele mme a tlhoma mokgwa o o ka latelwang fa go ithutiwa Baebele. A. H. Macmillan, moithuti wa Baebele yo o neng a dirisana le Russell, o ne a tlhalosa mokgwa ono jaana: “Mongwe o ne a botsa potso. Ba ne ba tlotla ka yone, ba leba ditemana tsotlhe tse di buang ka kgang eno, mme fa ba kgotsofetse gore ditemana tseno di a dumalana, ba ne ba bua gore tshwetso ya bone ke efe, ba bo ba e kwala.”

Russell o ne a tlhatswegile pelo gore fa Baebele e sekasekwa yotlhe, e tshwanetse ya bontsha molaetsa o o dumalanang ka boone e bile o tsamaisana le se Mokwadi wa one e bong Modimo a leng sone. Nako le nako fa go na le karolo nngwe ya Baebele e go lebegang go le thata go e tlhaloganya, Russell o ne a dumela gore e tshwanetse ya tlhalosiwa go dirisiwa dikarolo tse dingwe tsa Baebele.

Tlwaelo E e Mo Dikwalong

Le fa go ntse jalo, Russell, Storrs, le fa e le ene Grew, e ne e se bone batho ba ntlha go letla Dikwalo di itlhalosa. Tlwaelo eno e sa le e simologa bogologolo ka ene Mothei wa Bokeresete e  bong Jesu Keresete. O ne a dirisa ditemana di le mmalwa go tlhalosa bokao jwa boammaaruri jwa temana e nngwe. Ka sekai, fa Bafarasai ba ne ba tshwaya barutwa ba gagwe phoso ka gonne ba kgetlile diako tsa dijo tsa ditlhaka go le Sabata, Jesu o ne a bontsha mo pegong e e mo go 1 Samuele 21:6 kafa molao wa Sabata o tshwanetseng go dirisiwa ka teng. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba itse pego eo, ya fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba ja senkgwe sa neo. Go tswa foo, Jesu o ne a umaka karolo ya Molao e e neng e re ke baperesiti ba lelapa la ga Arone fela ba ba neng ba ka ja senkgwe sa tshupo. (Ekesodo 29:32, 33; Lefitiko 24:9) Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a tewa gatwe a je senkgwe seo. Jesu o ne a konela tlhaloso ya gagwe ka go nopola jaana mo bukeng ya Hosea: “Fa lo ne lo tlhalogantse gore seno se rayang, ‘Ke batla kutlwelobotlhoko, mme e seng setlhabelo,’ lo ka bo lo sa bona molato ba ba se nang molato.” (Mathaio 12:1-8) A bo seo e le sekao se se molemo jang sa go bapisa temana le ditemana tse dingwe gore o kgone go e tlhaloganya ka botlalo!

Balatedi ba ga Jesu ba ne ba latela one mokgwa oo wa go dirisa ditemana go tlhalosa temana e nngwe. Fa moaposetoloi Paulo a ne a ruta batho kwa Thesalonika, o ne “a ba bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong, a tlhalosa e bile a ntsha bosupi ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing.” (Ditiro 17:2, 3) Le mo makwalong a gagwe a a tlhotlheleditsweng ke Modimo, Paulo o ne a letla gore Baebele e itlhalose. Ka sekai, fa a kwalela Bahebera o ne a nopola ditemana tse dintsi go bontsha gore Molao e ne e le moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang.—Bahebera 10:1-18.

Ee, baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele ba lekgolo la bo19 le la bo20 la dingwaga ba ne ba tsweletsa one mokgwa o wa Bokeresete pele. Mokgwa wa go bapisa ditemana o dirisiwa le mo makasineng wa Tora ya Tebelo. (2 Bathesalonika 2:15) Basupi ba ga Jehofa ba dirisa molaomotheo ono fa ba sekaseka temana.

Sekaseka Ditemana Tse di Dikologileng

Fa re bala Baebele, re ka etsa jang sekao se se molemo sa ga Jesu le sa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang? Sa ntlha, re ka sekaseka ditemana tse di dikologileng e go tlotlwang ka yone. Di ka re thusa jang go tlhaloganya bokao? Ka sekai, a re tseye mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 16:28: “Ammaaruri ke a lo raya ka re go na le bangwe ba bao ba emeng fano ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope go fitlha ba bona Morwa motho pele a tla a le mo bogosing jwa gagwe.” Bangwe ba ka akanya gore mafoko ano ga a ka a diragadiwa ka gonne barutwa botlhe ba ga Jesu ba ba neng ba le teng fa a bua mafoko ano ba ne ba swa pele Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa kwa magodimong. E bile The Interpreter’s Bible e bolela jaana ka temana eno: “Polelelopele eo ga e a ka ya diragadiwa, mme moragonyana Bakeresete ba ne ba fitlhela go tlhokega go tlhalosa gore e ne e le tshwantshiso fela.”

Le fa go ntse jalo, ditemana tse di dikologileng temana eno, mmogo le tse di dikologileng dipego tsa kgang yone eo tse di kwadilweng ke Mareko le Luke, di re thusa go tlhaloganya bokao jwa mmatota jwa temana eno. Mathaio o ne a anela eng, morago fela ga mafoko a a nopotsweng fa godimo? O ne a kwala jaana: “Malatsi a le marataro moragonyana Jesu a tsaya Petere le Jakobe le Johane morwarraagwe mme a tlhatlogela le bone kwa thabeng e e kwa godimo ba le bosi. Mme a fetolwa ponalo fa pele ga bone.” (Mathaio 17:1, 2) Mareko mmogo le Luke ba ne ba amanya mafoko a ga Jesu ka ga Bogosi le pego ya go fetolwa ponalo. (Mareko 9:1-8; Luke 9:27-36) Go tla ga ga Jesu a le mo maatleng a Bogosi go ne ga tshwantshediwa ke go fetolwa ponalo ga gagwe, ke gore fa a ne a bonala ka kgalalelo fa pele ga baaposetoloi ba bararo. Petere o tlhomamisa tlhaloso eno ka go bua ka “maatla le go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete” a go amanya le nako ya fa a ne a bona Jesu a fetolwa ponalo.—2 Petere 1:16-18.

A o Letla Baebele e Itlhalosa?

Go tweng fa o sa tlhaloganye temana tota le fa o setse o badile ditemana tse di e dikologileng? O ka solegelwa molemo ke go e bapisa le ditemana tse dingwe, o gopotse molaetsa wa Baebele yotlhe. Sedirisiwa sengwe se se molemo sa go  dira jalo se ka fitlhelwa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e jaanong e leng teng e feletse kgotsa e le karolo ya yone ka dipuo di le 57. Sedirisiwa seno ke lenaane la ditshupiso le le mo karolong e e fa gare ya tsebe nngwe le nngwe mo dikgatisong tse dintsi tsa Baebele eno. O ka fitlhela ditshupiso di feta 125 000 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. “Ketapele” ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References e tlhalosa jaana: “Fa o sekaseka ka kelotlhoko ditshupiso le dintlha tse di kwa tlase o tla bona kafa dibuka tsa Baebele tse 66 di nyalanang sentle ka teng, go supa gore di bopa buka e le nngwe fela, e e tlhotlheleditsweng ke Modimo.”

A re boneng gore go dirisa ditshupiso go ka re thusa jang go tlhaloganya temana. Ka sekai, akanya ka hisitori ya ga Aberame, kgotsa Aborahame. Akanyetsa potso eno: Ke mang yo o neng a eteletse mosepele pele fa Aberame le lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo Ure? Genesise 11:31 ya re: “Tera a tsaya Aberame morwawe le Lote, . . . le Sarai ngwetsi ya gagwe, . . . mme ba tswa le ene mo Ure wa Bakaladia gore ba ye kwa lefatsheng la Kanana. Fa nako e ntse e tsamaya ba goroga mo Harana mme ba nna gone.” Fa o bala temana eno fela, o ka konela gore rraagwe Aberame e bong Tera, o ne a eteletse pele. Le fa go ntse jalo, mo kgatisong ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, re fitlhela ditshupiso di le 11 mo temaneng eno. Ya bofelo e re isa kwa go Ditiro 7:2, e e nang le kgakololo e Setefane a neng a e naya Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga: “Modimo wa kgalalelo o ne a bonala kwa go rraaronamogologolwane Aborahame fa a ne a ntse a le kwa Mesopotamia, pele ga a aga kwa Harana, mme a mo raya a re, ‘Tswa mo lefatsheng la gaeno le mo go ba losika lwa gago mme o tle mo lefatsheng le ke tla le go bontshang.’” (Ditiro 7:2, 3) A Setefane o ne a tlhakanya kgang eno le ya fa Aberame a ne a tswa mo Harana? Go ka se nne jalo, ka gonne eno ke karolo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.—Genesise 12:1-3.

Mme ke ka ntlha yang he fa Genesise 11:31 e re, “Tera a tsaya Aberame morwawe” le ba bangwe ba lelapa la gagwe mme ba tswa mo Ure? Tera o ne a sa ntse a le tlhogo ya lotso. O ne a dumela go tsamaya le Aberame mme ka jalo a tlhalosiwa e le ene a fudusetsang lelapa kwa Harana. Fa re bapisa ditemana tseno tse pedi le go leba kafa di dumalanang ka gone, re kgona go bona gore tota go diragetseng. Aberame ka tlotlo o ne a beela rraagwe mabaka gore ba tswe mo Ure jaaka Modimo a ne a laetse.

Fa re bala Dikwalo, re tshwanetse go akanyetsa ditemana tse di dikologileng le molaetsa wa Baebele yotlhe. Bakeresete ba gakololwa jaana: “Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong, gore re itse dilo tse Modimo a di re neileng ka bopelonomi. Dilo tseno le tsone re a di bua, e seng ka mafoko a a neng a rutwa ka botlhale jwa batho, fa e se ka a a neng a rutwa ka moya, jaaka re kopanya dikgang tsa semoya le mafoko a semoya.” (1 Bakorintha 2:11-13) Ee ruri, re tshwanetse ra rapela Jehofa gore a re thuse go tlhaloganya Lefoko la gagwe re bo re leke go “kopanya dikgang tsa semoya le mafoko a semoya” ka go tlhola ditemana tse di dikologileng temana e re e tshwereng re bo re batle mme re sekaseke ditemana tse dingwe tse di amanang le yone. A re tsweleleng pele re ithuta Lefoko la Modimo gore re bone dintlha tsa botlhokwa tsa boammaaruri.

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Baithuti ba Baebele ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba ba neng ba tlhaloganya Dikwalo ka go bapisa ditemana: George Storrs, Henry Grew, Charles Taze Russell, A. H. Macmillan

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Top: SIX SERMONS, by George Storrs (1855); second from top: Collection of The New-York Historical Society/69 288

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ntlha ya gagwe ka go nopola ditemana