Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A motho a ka kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete fa a dirile boitshekologo fela jaaka a ka kgaolelwa kgokafalo kana boitshwaro jo bo repileng?

Ee, motho a ka lelekwa mo phuthegong fa a itlwaeditse kgokafalo, ditiro dingwe tsa boitshekologo kana boitshwaro jo bo repileng, mme a sa ikwatlhae. Moaposetoloi Paulo o umaka maleo ano a mararo mmogo le maleo a mangwe a motho a a kgaolelwang fa a kwala jaana: “Ditiro tsa nama di a bonala, mme tsone ke kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng . . . Ke lo tlhagisa go sa le pele . . . gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21.

Kgokafalo (ka Segerika, por·neiʹa) e kaya tlhakanelodikobo e e seng kafa molaong mo gare ga batho ba ba sa nyalanang kafa Dikwalong. E akaretsa boaka, go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang mmogo le tlhakanelodikobo ka molomo le ka marago le go phoraphora dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo o sa nyalanang le ene. Motho yo o dirang kgokafalo a sa ikwatlhaye ga a tshwanela go nna mo phuthegong ya Bokeresete.

Boitshwaro jo bo repileng (ka Segerika, a·selʹgei·a) bo kaya, “tlhakanelodikobo e e maswe ka tsela e e feteletseng; boitshwaro jo bo makgapha; boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” The New Thayer’s Greek-English Lexicon e tlhalosa lefoko leno la Segerika e le “keletso e e sa laolegeng ya tlhakanelodikobo, . . .  boitshwaro jo bo feteletseng, jo bo tlhabisang ditlhong, jo bo bontshang lenyatso.” Go ya ka buka e nngwe e e tlhalosang mafoko, boitshwaro jo bo repileng ke go itshwara ka tsela e e “feteletseng e e sa tsamaisaneng gotlhelele le se se amogelwang ke batho.”

Jaaka fa ditlhaloso tse di fa godimo di bontsha, “boitshwaro jo bo repileng” bo akaretsa dilo tse pedi: (1) Boitshwaro jono ka bojone ke go tlola melao ya Modimo ka tsela e e feteletseng, le gore (2) boikutlo jwa motho yo o dirileng phoso ke jwa lenyatso, jwa go tlhoka maitseo.

Ka jalo, “boitshwaro jo bo repileng” ga bo reye boitshwaronyana fela jo e seng jwa sepe jo bo sa siamang. Bo kaya ditiro tsa go tlola molao wa Modimo ka tsela e e feteletseng e bile di supa boikutlo jwa lonyatso kana jwa go tlhoka tlotlo—e leng boikutlo jo bo supang go tlhoka maitseo kana go se tlotle taolo, melao, le ditekanyetso. Paulo o amanya boitshwaro jo bo repileng le tlhakanelodikobo e e seng kafa molaong. (Baroma 13:13, 14) E re ka Bagalatia 5:19-21, e tsenya boitshwaro jo bo repileng mo palong ya maleo a a ka dirang gore motho a se ka a tshwanelega go bona Bogosi jwa Modimo, motho yo o dirileng boitshwaro jo bo repileng a ka kgalemiwa kana a kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete.

Mo mafokong ano a mararo, “kgokafalo,” “boitshekologo,” le “boitshwaro jo bo repileng,” boitshekologo (ka Segerika, a·ka·thar·siʹa) ke lefoko le le akaretsang dilo di le dintsi thata. Le akaretsa bomaswe jwa mofuta le fa e ka nna ofe—mo dikgannyeng tse di amanang le tlhakanelodikobo, mo puong, mo ditirong le mo dilong tse di amanang le dilo tsa semoya. “Boitshekologo” bo akaretsa dilo di le dintsi tse e leng maleo a a masisi.

Jaaka go begilwe mo go 2 Bakorintha 12:21, Paulo o bua ka batho “bao pele ba neng ba leofa mme ba sa ikwatlhaela boitshekologo jwa bone le kgokafalo le boitshwaro jo bo repileng tse ba ileng ba di dira.” E re ka “boitshekologo” bo balwa mmogo le “kgokafalo le boitshwaro jo bo repileng,” mefuta mengwe ya boitshekologo e tshwanelwa ke go tseelwa dikgato tsa boatlhodi. Mme gone boitshekologo ke lefoko le le akaretsang dilo tse dintsi, tse dingwe tsa tsone e seng tse di ka tseelwang dikgato tsa boatlhodi. Fela jaaka ntlo e ka nna leswenyana kana ya nna leswe thata, boitshekologo le jone bo a farologana go ya ka selekanyo sa jone.

Mo go Baefeso 4:19, Paulo o ne a re batho bangwe ba ne “ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro” e bile “ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng gore ba dire boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.” Ka jalo Paulo o umaka “boitshekologo . . . ka bogagaru” mo setlhopheng se le sengwe le boitshwaro jo bo repileng. Fa motho yo o kolobeditsweng a dira “boitshekologo . . . ka bogagaru,” a sa ikwatlhaye, a ka lelekwa mo phuthegong ka gonne a kopanetse mo boitshekologong jo bo feteletseng.

A re re gongwe batho ba babedi ba ba ratanang e bile ba beeletsane ba phoraphorana ka tsela e e tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo, mme seno ba se dirile ka makgetlo a le mmalwa. Bagolwane ba ka nna ba swetsa ka gore le fa gone batho bano ba sa bontsha boikutlo jwa lenyatso jwa go se kgathale, jo bo ka dirang gore go twe ba kopanetse mo boitshwarong jo bo repileng, mme gone tsela e ba dirileng ka yone e ne e na le bogagarunyana mo go yone. Ka jalo bagolwane ba ka tsaya kgato ya boatlhodi ka gonne se ba se dirileng se ne se kopanyeletsa le boitshekologo jo bo feteletseng. Go ka tsewa gape gore motho o kopanetse mo boitshekologong jo bo feteletseng ga ba ga bulwa kgetsi ya boatlhodi fa motho a ile a nna a founela motho yo mongwe makgetlhonyana go bua le ene ka tlhakanelodikobo, bogolosegolo fa go kile ga buiwa le ene ka kgang eno mo nakong e e fetileng.

Bagolwane ba tshwanetse go nna le temogo fa ba dira ditshwetso mo dikgannyeng tseno. Go bona gore a go tlhokega kgato ya boatlhodi, bagolwane ba tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko se se diregileng le selekanyo se tiragalo eo e diregileng ka sone. Ga se kgang fela ya gore mongwe le mongwe yo o sa amogeleng kgakololo ya Dikwalo o tla latofadiwa ka gore o nnile le boitshwaro jo bo repileng; e bile ga se kgang fela ya gore ba tla bala gore motho o dirile boleo makgetlo a le kae pele ba ka tsaya kgato ya boatlhodi. Bagolwane ba tshwanetse go sekaseka boemo bongwe le bongwe ka kelotlhoko le ka thapelo mme ba batlisise gore go diragetseng le gone go diregile gantsi go le kana kang, ba batlisise gore e ne e le boitshwaro jwa mofuta ofe, le gore motho yono o dirile seno ka boikutlo bofe le ka boikaelelo bofe.

Boitshekologo jo bo feteletseng ga se maleo a tlhakanelodikobo fela. Ka sekai, mosimanyana yo o kolobeditsweng a ka nna a bo a ile a goga disekerete di le mmalwa mo lobakeng lo lokhutshwanyane a bo a ipobola mo batsading ba gagwe. O ikemiseditse gore ga a kitla a tlhola a goga gape. Seno ke boitshekologo, mme ga bo ise bo fitlhe mo seemong sa go nna boitshekologo jo bo feteletseng kana “boitshekologo . . . ka bogagaru.” Kgakololo ya Dikwalo e e  tswang mo mogolwaneng a le mongwe kana ba le babedi mmogo le kemo nokeng ya batsadi di lekane go thusa mosimanyana yono. Mme fa e le gore mosimanyana yono o goga motsoko ka metlha, seno e ne e tla bo e le go iteswafatsa ka boomo, mme go tla tlhongwa komiti ya boatlhodi go sekaseka kgetsi eno ya boitshekologo jo bo feteletseng. (2 Bakorintha 7:1) Fa mosimanyana yono a sa ikwatlhae, o tla kgaolwa.

Bakeresete bangwe ba na le go nna ba leba ditshwantsho tse di hepisang. Seno se kgopisa Modimo, mme bagolwane ba ka gakgamadiwa ke go utlwa gore modumedi mmogo le bone o dira jalo. Mme gone ga se gore ka metlha fela fa motho a ka leba ditshwantsho tse di hepisang go tshwanetse ga tlhongwa komiti ya boatlhodi. Ka sekai, a re re ka makgetlo a le mmalwa mokaulengwe mongwe o ile a leba ditshwantsho tse di hepisang tse go tweng ga di maswemaswe jalo. O itlhabelwa ke ditlhong, a bo a ipobola mo mogolwaneng mongwe, mme o ikemiseditse gore ga a kitla a boeletsa boleo jono gape. Mogolwane a ka nna a swetsa ka gore se mokaulengwe yono a se dirileng ga se ise se fitlhe mo seemong sa gore se ka bidiwa “boitshekologo . . . ka bogagaru”; le gore ga a supe boikutlo jwa go se kgathale, jo bo tla dirang seno boitshwaro jo bo repileng. Le fa gone go ka se ka ga tsewa kgato ya boatlhodi, mofuta ono wa boitshekologo o tla tlhoka gore motho yoo a newe kgakololo e e nonofileng ya Dikwalo mme gongwe bagolwane ba nne ba leke go mo thusa go ya pele morago ga moo.

Le fa go ntse jalo, a re re gongwe Mokeresete mongwe o nnile a leba mo sephiring ditshwantsho tse di hepisang tsa tlhakanelodikobo e e ferosang sebete, seno se ntse se direga ka dingwagangwaga, mme o lekile ka bojotlhe go fitlha boleo jono. Ditshwantsho tseo tse di hepisang e ka nna ya bo e le tse di bontshang basadi ba betelelwa ke segopa, batho ba robalana le bone ba ba bofile, ba ba tlhokofatsa ka bosetlhogo jo bo feteletseng, kgotsa e bile ba robalana le bana. Fa ba bangwe ba lemoga gore o tle a nne a lebelele ditshwantsho tseno, o tlhabiwa ke ditlhong fela thata. O ne a sa dire seno ka boikutlo jwa lenyatso jwa go se kgathale, mme bagolwane ba ka nna ba swetsa ka gore o ‘ineetse’ mo mokgweng ono o o maswe mme o dirile ‘boitshekologo ka bogagaru,’ e leng boitshekologo jo bo feteletseng. Komiti ya boatlhodi e tla tlhomiwa ka gonne e le kgang ya boitshekologo jo bo feteletseng. Motho yono yo o dirileng phoso o tla kgaolwa fa a sa bontshe boikwatlhao jwa bomodimo e bile a sa bontshe gore o ikemiseditse go kgaotsa go lebelela ditshwantsho tse di hepisang gape. Fa e le gore o kile a laletsa ba bangwe kwa lelapeng la gagwe go tla go leba ditshwantsho tse di hepisang—mo go rayang gore o a di kgothaletsa—o tla bo a bontsha gore o na le boikutlo jwa lenyatso, jwa go se kgathale, seo se dirang gore e nne boitshwaro jo bo repileng.

Lefoko la Dikwalo e leng “boitshwaro jo bo repileng” ka metlha le raya boleo jo bo masisi, gantsi jo bo amanang le tlhakanelodikobo. Fa bagolwane ba batla go bona gore a se se dirilweng se ka tsewa e le boitshwaro jo bo repileng ba tshwanetse go leka go bona gore a motho o dirile boleo joo ka lenyatso, ka go se kgathale, ka tsela e e leswe thata, e e tlhabisang ditlhong e bile e le e e tshosang batho. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ka direga gore motho a tlole molao wa ga Jehofa ka tsela e e masisi mme a sa bontshe boikutlo jwa lenyatso, jwa go se kgathale, mme gone a na le “bogagaru.” Dikgetsi tseno di tshwanetse go sekasekwa go lebilwe boitshekologo jo bo feteletseng jo bo amegang.

Go sekaseka gore a motho o na le molato wa boitshekologo jo bo feteletseng kgotsa boitshwaro jo bo repileng ke boikarabelo jo bo masisi ka gonne matshelo a batho a amega. Bagolwane ba ba atlholang dikgetsi tse di ntseng jalo ba tshwanetse go rapela, ba kope Modimo gore a ba neye moya wa gagwe o o boitshepo, temogo le tlhaloganyo. Bagolwane ba tshwanetse go boloka phuthego e le phepa mme katlholo ya bone e tshwanetse ya bo e theilwe mo Lefokong la Modimo mmogo le mo kaelong ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 18:18; 24:45) Mme mo malatsing ano a a bosula go feta le fa e ka nna leng pele, bagolwane ba tshwanetse go nna ba gakologetswe mafoko ano: “Lo bone se lo se dirang, ka gonne ga lo atlholele motho mme lo atlholela Jehofa.”—2 Ditiragalo 19:6.