Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Tlhokomologilwe, ga ba Tshwarwe Sentle, e Bile ba Tsofetse

Ba Tlhokomologilwe, ga ba Tshwarwe Sentle, e Bile ba Tsofetse

 Ba Tlhokomologilwe, ga ba Tshwarwe Sentle, e Bile ba Tsofetse

FA MOLEBELEDI a ne a ntse a dikologa mo lefelong le a le disang, o ne a gamarega tota fa a ne a bona sengwe se se tshosang se a neng a sa letela go se bona. Kafa ntle ga kago ya manobonobo ya difolete, o ne a bona ditopo tse pedi—banyalani ba batsofe ba ba neng ba itigile go tswa kwa foleteng ya bone e e mo boalong jwa borobedi jwa kago eo ya matlhatlaganyane. Le fa go ne go tshosa gore ba ipolaile, lebaka la go bo ba ipolaile le ne le tshosa le go feta. Go ne ga fitlhelwa lekwalo mo kgwatlheng ya monnamogolo, le re: “Re a ipolaya ka gonne ngwana wa rona wa mosimane le mosadi wa gagwe ba re sotla ka metlha e bile ga ba re tshwara sentle.”

Go ka tswa go sa tlwaelega gore dilo di direge ka tsela eo mme ka maswabi lebaka la go bo ba ipolaile lone le tlwaelegile thata. Batsofe ba a sotlwa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Sekaseka dintlha tse di latelang:

• Mo patlisisong nngwe, go ne ga begwa gore batsofe ba kwa Canada ba le diperesente di le 4 ba a sotlwa kana ba jewa ntsoma—mme gantsi seo se dirwa ke mongwe mo lapeng. Le fa go ntse jalo, batsofe ba le bantsi ba tlhabiwa ke ditlhong e bile ba tshaba go bua ka dilo tse di botlhoko tse di ba diragalelang. Baitse ba re gongwe palo ya mmatota e ka tshwara diperesente di le 10.

• Makasine wa India Today wa re: “Setšhaba sa kwa India, se se lebegang se na le dibofo tse di nonofileng tsa malapa, jaanong se a koafala ka ntlha ya palo e e oketsegang ya batsofe ba ba sa batliweng ke bana ba bone.”

• National Center on Elder Abuse (Setheo sa Naga se se Itebagantseng le Batsofe ba ba Sotlwang) ya re go ya ka diphopholetso tse di leng teng, “palo e e fa gare ga Baamerika ba le milione le dimilione tse pedi ba ba nang le dingwaga tse 65 le go feta ba ile ba gobadiwa, ba jewa ntsoma kana ba tshwara makgwakgwa ka tsela nngwe ke mongwe yo ba neng ba lebeletse gore a ba tlhokomele a bo a ba sireletse.” Motlatsa agente wa kgaolo ya San Diego kwa California o bitsa go sotla batsofe a re ke “nngwe ya dikgang tse di masisi tota tse batho ba ba diragatsang molao ba lebaneng le tsone gompieno.” Gape a re: “Ke bona gore bothata jono bo tlile go oketsega mo dingwageng di sekae tse di tlang.”

• Kwa Canterbury kwa New Zealand, go na le bothata jo bo ntseng bo oketsega jwa gore batsofe ba jewa ntsoma ke maloko a malapa a bone, mme seo se dirwa thata ke maloko a lelapa a a nang le bothata jwa go dirisa diokobatsi, jwa go nwa bojalwa thata kana jwa go betšha. Palo ya dikgetsi tse di begilweng tsa go sotlwa ga batsofe kwa Canterbury e ne ya oketsega thata go tloga go 65 ka 2002 go ya go 107 ka 2003. Mookamedi wa mokgatlho mongwe o  o tlhometsweng go thibela go sotlwa ga batsofe a re palo eno e ka tswa e le “maoko” fela.

The Japan Times e bega gore Japan Federation of Bar Associations ya re, “batsofe ba ba sotlwang ba tshwanetse go tlhokomelwa go feta bana ba ba sotlwang kana batho ba bangwe ba ba sotlwang ka tirisodikgoka mo malapeng.” Ka ntlha yang? Times ya re lengwe la mabaka ke gore, “fa go sotlwa ga batsofe go bapisiwa le go sotlwa ga bana kana le go sotlwa ga molekane wa lenyalo, go ne go tsaya nako e telele go bonala, gongwe e le ka gonne batsofe ba tsaya gore ke bone ba dirang gore bana ba bone ba ba sotle, gape le ka gonne badiredi ba puso le baeteledipele mo setšhabeng ba paletswe ke go rarabolola bothata jono.”

Dikai tseno tse di mmalwa tsa se se diragalang mo lefatsheng di dira gore re ipotse jaana: Ke ka ntlha yang fa batsofe ba bantsi jaana ba tlhokomologiwa e bile ba sotliwa? A go na le tsholofelo ya gore maemo a tla tokafala? Batsofe ba ka gomodiwa jang?