Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lehuma—Kafa Boemo bo Ntseng ka Teng Gompieno

Lehuma—Kafa Boemo bo Ntseng ka Teng Gompieno

 Lehuma—Kafa Boemo bo Ntseng ka Teng Gompieno

VICENTE * gantsi o bonwa a goga karaki e e tletseng thata a raletse mebila ya São Paulo, kwa Brazil. O sela dikhatebokoso, ditshipi le dipolasetiki. Fa go fifala, o ala khatebokoso mo karaking ya gagwe a bo a rapama go robala. Go lebega e kete ga a utlwe medumo ya dikoloi le dibese tse di fetang mo mmileng o o tlhanaselang o a robalang fa go one. O kile a bo a bereka, a na le legae le lelapa—mme dilo tseo tsotlhe di mo latlhegetse. Jaanong o iphataphatela jalo mo mebileng.

Ka maswabi, batho ba le bantsi thata mo lefatsheng ba tshelela mo lehumeng la nta ya tlhogo fela jaaka Vicente. Mo dinageng tse di tlhabologang batho ba le bantsi ba tshwanelwa ke go nna kwa ntle mo mebileng kana mo mekhukhung. Go tlwaelegile go bona bakopi ba e leng digole le difofu le basadi ba ba amusang bana. Bana ba tsamaya fa gare ga dikoloi tse di emeng kwa dirobotong ba leka go rekisa dimonamone gore ba tle ba bone madinyana.

Go thata go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go na le lehuma le le kanakana. Makasine wa kwa Boritane wa The Economist o ne wa re: “Gone jaanong batho ba na le kitso e ntsi thata ya tsa kalafi, ya botegeniki le botlhale jo bo boitshegang e e neng e ka thibela lehuma.” Go na le batho ba bantsi ba ba solegetsweng molemo ke kitso eo. Mebila ya ditoropo tse dikgolo mo dinageng tse di tlhabologang e tletse ka dikoloi tse disha tse di phatsimang. Marekisetso a tletse ka didirisiwa tsa segompieno tsa moragorago mme go nna go na le batho ba bantsi ba ba di rekang. Mafelo a mabedi a marekisetso kwa Brazil a kile a dira papatso e e kgethegileng ya dithoto dingwe. A ne a nna a butswe bosigo le motshegare ka December 23 le 24, 2004. Lengwe la mafelo ao a marekisetso le ne la hira dibini tsa mmino wa Se-Brazil wa samba, e le gore ba tlose bareki bodutu. Tiragalo eo e ne ya tlisa bareki ba ka nna 500 000!

Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ga ba solegelwe molemo ke khumo ya bahumi. Pharologanyo e kgolo e e leng teng fa gare ga bahumi le bahumanegi e dirile gore batho ba bantsi ba bone go tlhokega gore lehuma le fedisiwe ka potlako. Makasine wa kwa Brazil wa Veja o ne wa re:  “Monongwaga [2005] maiteko a go lwantsha lehuma e tshwanetse go nna kgangkgolo e baeteledipele ba lefatshe ba buang thata ka yone.” Veja gape e ne ya bega ka kakantsho nngwe ya leano la ga Marshall le boikaelelo jwa lone e neng e le go thusa dinaga tse di humanegileng thata, segolobogolo mo Afrika. * Le fa go ntse jalo, le fa dikakantsho tse di ntseng jalo di dira gore go lebege e kete go na le kgatelopele, makasine oo o ne wa oketsa ka gore: “Go na le mabaka a a utlwalang a go belaela gore dikakantsho tseno di nnile le matswela a a molemo. Fa e le gore dinaga tse dintsi di goga dinao mo kgannyeng ya go ntsha meneelo ya madi, lebaka ke gonne ga se gantsi madi a a ntshitsweng a felelang a neetswe batho ba ba neng ba tshwanetse go a neelwa.” Ka maswabi ka ntlha ya boferefere le tsamaiso e e raraaneng ya puso e e eteletsweng pele ke setlhopha sa batho, bontsi jwa madi a a ntshiwang ke dipuso, mekgatlho ya dinaga di sele le batho ka bongwe, ga nke a neelwa batho ba tota ba a tlhokang.

Jesu o ne a itse gore lehuma e tla nna bothata jo bo nnang bo le teng. O ne a re: “Lo na le bahumanegi ka metlha.” (Mathaio 26:11) A seno se raya gore lehuma le tla nna le le teng ka metlha mo lefatsheng? A ga go na sepe se se ka dirwang go tokafatsa boemo? Ke eng se Bakeresete ba ka se dirang go thusa bahumanegi?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Leina le fetotswe.

^ ser. 5 Leano leno la ga Marshall ke thulaganyo e e neng e tshegeditswe ke United States e e neng e diretswe go thusa dinaga tsa Yuropa gore di boe di itshetlele gape mo go tsa itsholelo morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe.