Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke na Le Lona”

“Ke na Le Lona”

 “Ke na Le Lona”

“Morongwa wa ga Jehofa a tswelela go raya batho . . . a re: ‘“Ke na le lona,” go bua Jehofa.’”—HAGAI 1:13.

1. Ke ditiragalo dife tse Jesu a neng a di tshwantsha le tsa motlha wa rona ka tsela ya boporofeti?

RE TSHELA mo nakong e e botlhokwatlhokwa mo hisitoring. Jaaka fa go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go bontsha, fa e sa le ka 1914 re ntse re le mo “letsatsing la Morena.” (Tshenolo 1:10) O ka tswa o ithutile kgang eno, ka jalo o ka tswa o itse gore Jesu o ne a tshwantsha ‘metlha ya Morwa motho’ fa a le mo taolong ya Bogosi le ‘metlha ya ga Noa’ le ‘metlha ya ga Lote.’ (Luke 17:26, 28) Ka gone, Baebele e bontsha gore ditiragalo tseno di tshwana le tsa motlha wa rona ka tsela ya boporofeti. Mme go na le tiragalo e nngwe gape ya boporofeti e e tshwanang le tseno e le yone e tlhokang gore re e sekaseke ka kelotlhoko.

2. Ke eng se Jehofa a neng a se laela Hagai le Sekarea?

2 Mma re sekasekeng maemo a a neng a direga bogologolo mo motlheng wa baporofeti ba Bahebera e bong Hagai le Sekarea. Ke molaetsa ofe o o botlhokwa o baporofeti bano ba babedi ba ba ikanyegang ba neng ba o bolela o o ka thusang batho ba ga Jehofa mo motlheng wa rona? Hagai le Sekarea e ne e le ‘barongwa ba ga Jehofa’ mo Bajudeng morago ga gore setšhaba seo se boe kwa botshwarong kwa Babelona. Ba ne ba laetswe go tlhomamisetsa Baiseraele gore Modimo o ne a tla ba thusa go aga tempele sesha. (Hagai 1:13; Sekarea 4:8, 9) Le fa dibuka tseno tse di kwadilweng ke Hagai le Sekarea e le dibuka tse dikhutshwane, ke bontlhanngwe jwa ‘lokwalo lotlhe lo lo tlhotlheleditsweng ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo le mo go otlhayeng ka tshiamo.’—2 Timotheo 3:16.

Melaetsa ya Bone e Tshwanetse go re Ama

3, 4. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela melaetsa ya ga Hagai le Sekarea?

3 Ga go pelaelo gore, melaetsa ya ga Hagai le Sekarea e ne ya solegela Bajuda ba motlha wa bone molemo, le gore dipolelelopele tseo tsa bone di ile tsa diragadiwa mo motlheng oo. Mme gone, ke eng fa re ka tlhomamisega gore melaetsa ya dibuka tseno tse pedi e a re ama gompieno? Re bona karabo mo go Bahebera 12:26-29. Mo temaneng eno, moaposetoloi Paulo o nopola mafoko a Hagai 2:6, e e buang ka Jehofa a ‘reketlisa magodimo le lefatshe.’ Go reketlisiwa goo go tla felela ka go ‘ribegediwa ga setulo sa bogosi sa magosi le go nyeletsa nonofo ya magosi a ditšhaba.’—Hagai 2:22.

4 Fa Paulo a nopola Hagai, o tlhalosa se se neng se tla diragalela “magosi a ditšhaba” e bile o bua le ka bogolo jwa Bogosi jo bo ka se kang jwa reketla jo Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlileng go bo newa. (Bahebera 12:28) O kgona go bona ka mafoko ano gore boporofeti jwa ga Hagai le jwa ga Sekarea bo bua ka nako e e neng e sa ntse e tla, nako ya fa buka ya Bahebera e ne e kwalwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona. Mo lefatsheng gompieno go sa ntse go na le masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng, ba e leng baruaboswa le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa Bomesia. Ka gone, boporofeti jwa ga Hagai le Sekarea bo tshwanetse jwa bo bo le botlhokwa mo motlheng wa rona.

5, 6. Ke ditiragalo dife tse di neng tsa dira gore Hagai le Sekarea ba tlhongwe go nna baporofeti?

 5 Buka ya Esera e re bolelela ditiragalo dingwe tse di neng tsa direga pele ga go kwalwa boporofeti jwa dibuka tseno. Fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarong kwa Babelona ka 537 B.C.E., Molaodi Serubabele le Moperesiti yo Mogolo Joshua (kana Jeshua) ba ne ba okamela tiro ya go thaya motheo wa tempele e ntšha ka 536 B.C.E. (Esera 3:8-13; 5:1) Le fa tiragalo eno e ne e le tiragalo e e itumedisang thata, go ise go ye kae ke fa Bajuda ba simolola go tsenwa ke letshogo. Esera 4:4 ya re baba ba bone, “batho ba lefatshe leo,” ba ne ba “koafatsa diatla tsa batho ba Juda ba sa kgaotse e bile ba ba nyemisa moko gore ba se ka ba aga.” Baganetsi bao, segolobogolo Basamarea, ba ne ba latofatsa Bajuda ka ditatofatso tsa maaka. Ba ne ba kgona go dira gore kgosi ya Peresia e tlhome molao o o thibelang tiro ya go aga tempele.—Esera 4:10-21.

6 Tlhagafalo e Bajuda ba neng ba na le yone kwa tshimologong ka tiro ya go aga tempele e ne ya fokotsega. Ba ne ba simolola go amega fela ka ditiro tsa bone ka namana. Le fa go ntse jalo, ka 520 B.C.E., dingwaga di le 16 morago ga gore motheo wa tempele o agiwe, Jehofa o ne a tlhoma Hagai le Sekarea go rotloetsa batho go tsosolosa tiro ya go aga tempele sesha. (Hagai 1:1; Sekarea 1:1) Ka ntlha ya go rotloediwa ke barongwa bano ba Modimo le bosupi jo bo neng bo bonala sentle jwa gore Jehofa o ba ema nokeng, Bajuda ba ne ba boa gape ba semelela mo tirong ya go aga tempele mme ba fetsa go e aga ka 515 B.C.E.—Esera 6:14, 15.

7. Maemo a a neng a le gone mo motlheng wa baporofeti bano a tshwana jang le a motlha wa rona?

7 A o itse gore seno sotlhe se re ama jang? Le rona re na le tiro e re e abetsweng ya go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Mathaio 24:14) Go ile ga gatelelwa thata botlhokwa jwa tiro eno morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Fela jaaka Bajuda ba bogologolo ba ile ba gololwa mo bokgobeng jwa mmatota kwa Babelona, batho ba ga Jehofa ba segompieno le bone ba ile ba gololwa mo bokgobeng jwa Babelona o Mogolo, bodumedi jotlhe jwa maaka. Batlodiwa ba Modimo ba ne ba dira ka natla mo tirong ya go rera, go ruta le go kaela batho mo kobamelong ya boammaaruri. Tiro eo e sa ntse e dirwa le gompieno ka selekanyo se segolo le e leng go feta, mme o ka tswa o nna le seabe mo go yone. Jaanong ke nako ya gore e dirwe ka gonne bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi! Tiro eno e Modimo a re neileng yone e tshwanetse go nna e dirwa go fitlha Jehofa a tsaya kgato ka nako ya “pitlagano e kgolo.” (Mathaio 24:21) Ka nako eo o tla fedisa boikepo le go dira gore kobamelo ya boammaaruri e tlhongwe mo lefatsheng lotlhe.

8. Ke eng fa re ka ikanya Modimo gore o tla ema tiro ya rona nokeng?

8 Jaaka fa boporofeti jwa ga Hagai le Sekarea bo bontsha, re ka tlhomamisega gore Jehofa o re ema nokeng le go re segofatsa fa re ntse re nna le seabe ka pelo yotlhe mo tirong eno. Le fa dipuso dingwe di leka go gatelela batlhanka ba Modimo kana di leka go thibela tiro ya bone, ga go na puso epe e e ileng ya kgona go dira gore tiro eno ya go rera e se ka ya tswelela pele. Akanya fela kafa Jehofa a ileng a segofatsa tiro ya Bogosi ka teng gore e oketsege mo masomeng a dingwaga a a ileng a latela morago ga Ntwa ya Lefatshe I le go fitlha mo motlheng wa rona. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le tiro e ntsi go dirwa.

9. Ke maemo afe a bogologolo a re tshwanetseng go a sekaseka, mme ka ntlha yang?

9 Se re ithutang sone mo boporofeting jwa ga Hagai le Sekarea se ka re tlhotlheletsa jang le e leng go feta gore re ikobele taelo ya Modimo ya gore re rere le go ruta? A re sekaseke dithuto dingwe tse re ka ithutang tsone mo dibukeng tseno tse pedi tsa Baebele. Ka sekai, akanya ka dintlha di sekae tse di amanang le tiro ya go aga tempele e Bajuda ba ba golotsweng ba neng ba tshwanelwa ke go e dira. Jaaka fa go boletswe, Bajuda ba ba neng ba boetse Jerusalema go tswa kwa Babelona ba ne ba se ka ba tswelela ba tlhagafetse mo tirong ya bone ya go aga tempele. Morago ga go thaya motheo wa yone, ba ne ba simolola go dira tiro ka go itsemeletsa. Ke maikutlo afe a a phoso a ba neng ba simolola go nna le one? Mme re ka ithuta eng mo go seo?

Go Nna le Maikutlo a a Siameng

10. Bajuda ba ne ba simolola go nna le maikutlo afe a a sa siamang, mme seo se ne sa felela ka eng?

10 Bajuda bao ba ba golotsweng ba ne ba re: “Nako ga e ise e tle.” (Hagai 1:2) Fa ba ne ba simolola  tiro eno ya go aga tempele, ba thaya motheo wa yone ka 536 B.C.E., ba ne ba sa re, “nako ga e ise e tle.” Mme go ise go ye kae, ke fa ba letla go ganediwa ke baagelani le go thibelwa ke puso go ba ama. Bajuda ba ne ba simolola go tlhoma mogopolo thata mo go ageng matlo a bone le go tshela botshelo jwa manobonobo. Jehofa o ile a ba botsa jaana fa a bapisa maemo a matlo a bone a a manegilweng dikgong le ntlo ya gagwe e e neng e tlogetswe fela e sa fediwa: “A ke nako ya gore lona lo nne mo matlong a lona a a manegilweng dikgong, fa ntlo eno yone e kgakgabetse?”—Hagai 1:4.

11. Ke eng fa Jehofa a ile a tshwanelwa ka go kgalema Bajuda ba motlha wa ga Hagai?

11 Ee, Bajuda ba ne ba fetotse dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa. Go na le gore batho ba Modimo ba tseye tiro ya go agela Jehofa tempele e le yone e tlang pele, ba ne ba simolola go itsaya e le bone le matlo a bone ba tlang pele. Ba ne ba tlhokomologa tiro ya go aga ntlo ya Modimo ya kobamelo. Mafoko a ga Jehofa a a mo go Hagai 1:5 a ne a kgothaletsa Bajuda gore ba ‘tlhome pelo ya bone mo ditseleng tsa bone.’ Jehofa o ne a ba gakolola gore ba eme go sekae mme ba akanye kafa ba neng ba amiwa ka teng ke kgang ya go bo ba ne ba sa tlhole ba dira gore tiro ya go aga tempele e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa bone.

12, 13. Hagai 1:6 e tlhalosa jang maemo a Bajuda ba neng ba le mo go one, mme mafoko ao a kaya eng?

12 Jaaka fa o ka akanya, go fetola ga Bajuda dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa go ile ga ba ama ka namana. Ela tlhoko kafa Modimo a ileng a ikutlwa ka teng jaaka fa go tlhalosiwa mo go Hagai 1:6: “Lo jadile peo e ntsi thata, mme go tlisiwa go le gonnye. Go a jewa, mme ga go kgorwe. Go a nowa, mme e seng gore go bo go tlhapelwe. Go aparwa diaparo, mme ga go na ope yo o thuthafalang; mme yo o ineelang go thapiwa o ineela go thapelwa kgetsi e e nang le maroba.”

13 Le fa Bajuda ba ne ba le mo nageng e Modimo a neng a ba abetse yone, e ne e sa ungwe ka tsela e ba neng ba ka rata ka yone. Jehofa o ne a sa ba segofatse fela jaaka a ile a ba tlhagisa pelenyana. (Duteronome 28:38-48) E re ka Jehofa a ne a sa ba eme nokeng, ba ne ba jala peo mme ba roba go sekae fela—ba sa bone dijo tse di lekaneng go ba kgorisa. E re ka a ne a sa tlhole a ba segofatsa, ba ne ba sa kgone go ikapesa diaparo tse di ba thuthafatsang. Tota e bile, go ne go ntse jaaka e kete madi a ba neng ba a amogedisiwa mo ditirong tsa bone, a ne a tsena mo dikgetsing tse di dutlang, a sa ba solegele molemo le e seng. Mme go tweng ka mafoko a a reng: “Go a nowa, mme e seng gore go bo go tlhapelwe”? A ka se ka a bo a kaya gore go tlhapelwa e ne e tla nna sesupo sa gore Modimo o a ba segofatsa; Modimo o ila botagwa. (1 Samuele 25:36; Diane 23:29-35) Go na le moo, mafoko ao a gatelela bosupi jo bongwe gape jwa go bo Modimo a se kitla a segofatsa Bajuda. Beine epe fela e ba neng ba ka e dira e ne e tla tlhaela, e ne e se kitla e lekana gore e ba tagise. Revised Standard Version e ranola Hagai 1:6 jaana: “Lo a nwa mme ga lo kgore.”

14, 15. Ke thuto efe e re ithutang yone mo go Hagai 1:6?

14 Thuto e re ithutang yone mo go seno sotlhe ga e amane ka gope le go ithuta go kgabisa matlo. Dingwagangwaga pele Baiseraele ba isiwa botshwarwa, moporofeti Amose o ne a ile a ba kgalela ‘matlo a bone a dinaka tsa ditlou’ le go ‘rapama mo dikanamelong tsa lonaka lwa tlou.’ (Amose 3:15; 6:4) Matlo ao a bone a mantlentle le difanitšhara tse dintle di ne tsa se ka tsa nnela ruri. Di ne tsa senngwa ke ditšhaba tse di neng tsa ba gapa. Le fa go ntse jalo, dingwaga morago ga moo, morago ga go ya botshwarong ka dingwaga di le 70, bontsi jwa batho ba Modimo ba ne ba sa ithuta sepe go tswa mo ditiragalong tseo. A rona re tla ithuta sengwe mo go tsone? Go ka nna molemo fa mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana: ‘Ke baya pelo ya me yotlhe go le kana kang mo go kgabiseng ntlo ya me? Go tweng ka kgang ya go rulaganyetsa go nna le thuto e e oketsegileng go tokafatsa maemo a me a kwa tirong mme e le thulaganyo e e tla njelang nako e ntsi ka dingwaga di le dintsi, nako e nkabong ke e dirisetsa dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong, dilo tsa semoya?’—Luke 12:20, 21; 1 Timotheo 6:17-19.

15 Se re se balang mo go Hagai 1:6 se tshwanetse go re dira gore re akanye ka kgang ya gore re tlhoka masego a Modimo mo botshelong jwa rona. Bajuda bao ba bogologolo ba ne ba se na one, mme seo sa dira gore ba lebane le matswela a a sa itumediseng. Fa re sa amogele masego a ga Jehofa, seo se tla ama kamano ya rona le ene fela thata, go  sa kgathalasege gore a re humile kana re humanegile. (Mathaio 25:34-40; 2 Bakorintha 9:8-12) Le fa go ntse jalo, re ka bona jang masego ao?

Jehofa o re Thusa ka Moya wa Gagwe

16-18. Sekarea 4:6 e ne e kaya eng mo motlheng wa ga Sekarea?

16 Sekarea yo e neng e le moporofeti mmogo le Hagai, o ne a tlhotlheletsega go gatelela selo se Jehofa a neng a se dirisa go tlhotlheletsa le go segofatsa batho ba motlha oo ba ba neng ba ikanyega mo go ene. Mme seo se bontsha kafa le wena a ka go segofatsang ka teng. Re bala jaana: “‘E seng ka mophato wa sesole, le fa e le ka maatla, mme ka moya wa me,’ go buile Jehofa wa masomosomo.” (Sekarea 4:6) O ka tswa o ile wa utlwa temana eno e nopolwa gangwe le gape, le fa go ntse jalo, tota e ne e kaya eng mo Bajudeng ba motlha wa ga Hagai le Sekarea, mme gone wena e go ama jang?

17 Se lebale gore mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Hagai le Sekarea a ile a nna le matswela a a molemo. Se baporofeti bao ba ileng ba se bua se ile sa thusa Bajuda ba ba ikanyegang go boa ba tlhagafala. Hagai o ile a simolola go porofeta mo kgweding ya borataro ya ngwaga wa 520 B.C.E. Sekarea o ile a simolola go porofeta mo kgweding ya borobedi ya ngwaga oo. (Sekarea 1:1) Jaaka fa o ka bona go tswa mo go Hagai 2:18, ba ne ba simolola go boa ba tlhoafalela tiro ya go aga mo kgweding ya borobongwe. Ka jalo Bajuda ba ne ba tlhotlheletsega go tsaya kgato, mme ba ile ba ikobela Jehofa ba tlhatswegile pelo gore o tla ba ema nokeng. Mafoko a Sekarea 4:6 a amana le tsela e Modimo a neng a ba ema nokeng ka yone.

18 Fa Bajuda ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E., ba ne ba se na sesole. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba sireletsa le go ba goga mo mosepeleng wa bone go tswa kwa Babelona. Mme gape moya wa gagwe o ne wa etelela dilo pele fa ba ne ba simolola tiro mo tempeleng ka bonako fela morago ga foo. Fa ba ne ba simolola go boa gape ba dira ka pelo yotlhe, o ne a ba ema nokeng ka moya wa gagwe o o boitshepo.

19. Moya wa Modimo o ne wa fenya tlhotlheletso efe e e maatla?

19 Sekarea o ne a tlhomamisediwa ka motseletsele wa diponatshegelo tse robedi tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo gore Jehofa o ne a tla thusa batho ba gagwe ba ba neng ba tla wetsa tiro ya go aga tempele ka boikanyegi. Ponatshegelo ya bonè e e mo Sek kgaolong ya 3, e bontsha gore Satane o ne a dira ka natla go thibela Bajuda go wetsa tiro ya go aga tempele. (Sekarea 3:1) Ga go pelaelo gore Satane o ne a ka se itumelele go bona Joshua Moperesiti yo Mogolo a direla batho kwa tempeleng e ntšha. Le fa Diabolo a ne a dira ka natla go kgoreletsa Bajuda go aga tempele, moya wa ga Jehofa o ne o tla nna le seabe se segolo mo go tloseng dikgoreletsi tseo le go nonotsha Bajuda gore ba tswelele pele ka tiro go fitlha tempele e wediwa.

20. Moya o o boitshepo o ne wa thusa Bajuda jang go diragatsa taelo ya Modimo?

20 Go bonala go ile ga nna le kganetso e kgolo, e  e neng e tswa mo balaoding ba puso ba ba ileng ba kgona go dira gore go tlhongwe molao o o neng o thibela tiro. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofetsa gore, selo seo se se bonalang e kete ke “thaba” se ne se tla tlosiwa mme se nne “naga e e sebatla.” (Sekarea 4:7) Mme go ne ga direga fela jalo! Kgosi Dario I o ne a dira dipatlisiso, a ribolola setlankana sa molao o o neng o tlhomilwe ke Kurose o o neng o letla Bajuda go aga tempele sesha. Ka jalo Dario o ne a tlosa thibelo eo mme a laela gore go ntshiwe madi go tswa mo letloleng la segosi mme a newe Bajuda gore ba kgone go duelela ditshenyegelo tsa tiro. A bo dilo di ile tsa fetoga thata jang ne! A moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ile wa nna le seabe mo go seno? Ee, go ntse jalo. Tempele e ne ya wediwa ka 515 B.C.E., mo ngwageng wa borataro wa puso ya ga Dario I.—Esera 6:15.

21. (a) Mo metlheng ya bogologolo Modimo o ne a “reketlisa ditšhaba tsotlhe” jang, mme go ne ga tla jang gore “dilo tse di eletsegang” di tsene? (b) Mafoko ano a ile a diragadiwa jang mo motlheng wa gompieno?

21 Mo go Hagai 2:5, moporofeti o ne a gopotsa Bajuda ka kgolagano e Modimo a neng a e dira le bone kwa Thabeng ya Sinai ka nako ya fa “thaba yotlhe e ne e roroma fela thata.” (Ekesodo 19:18) Mo motlheng wa ga Hagai le Sekarea, Jehofa o ne a tlile go dira gore go nne le go roroma go gongwe go gogolo ga tshwantshetso go go umakwang mo Hag 2 temaneng ya 6 le ya 7. Maemo mo Pusong ya Peresia a ne a tla tlhakatlhakana, mme tiro ya tempele yone e ne e tla gatela pele go fitlha e wediwa. Batho bangwe ba e seng Bajuda, “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe,” ba ne ba tla ikopanya le Bajuda go galaletsa Modimo mo lefelong leo la kobamelo. Ka tsela e kgolwane mo motlheng wa rona, Modimo o ile a ‘reketlisa ditšhaba’ ka tiro ya rona ya go rera, mme seo se dirile gore “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe” di tle go mo obamela le masalela a a tloditsweng. Ee ruri, batlodiwa le dinku tse dingwe jaanong ba tlatsa ntlo ya ga Jehofa ka kgalalelo. Baobamedi bao ba boammaaruri ba letetse ka tumelo e kgolo go bona Jehofa a ‘reketlisa magodimo le lefatshe’ ka tsela e nngwe gape. O tla bo a dira jalo e le gore a ribegetse le go nyeletsa nonofo ya magosi a ditšhaba.—Hagai 2:22.

22. Ditšhaba di ‘reketlisiwa’ jang mme seo se felela ka eng, mme go sa ntse go tla direga eng?

22 Re gakololwa ka tlhakatlhakano e e ileng ya direga mo dikarolong tse di farologaneng tsa se se tshwantshetsang “magodimo le lefatshe le lewatle le lefatshe le le omeletseng.” Ka sekai, Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba ile ba latlhelwa mo lefatsheng. (Tshenolo 12:7-12) Mo godimo ga moo, tiro ya go rera e e eteletsweng pele ke batlodiwa ba Modimo e ile ya reketlisa dikarolo tse di farologaneng tsa tsamaiso eno ya dilo. (Tshenolo 11:18) Kwantle ga moo “boidiidi jo bogolo” jwa dilo tsotlhe tse di eletsegang bo dira mmogo le Iseraele wa semoya mo tirong ya go direla Jehofa. (Tshenolo 7:9, 10) Boidiidi jo bogolo bo dira mmogo le Bakeresete ba ba tloditsweng mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa gore Modimo o tla tloga a reketlisa ditšhaba ka nako ya Haramagedona. Tiragalo eo e tla dira gore kobamelo ya boammaaruri e boele mo maemong a yone a a tshwanetseng mo lefatsheng lotlhe.

A o A Gakologelwa?

• Hagai le Sekarea ba ile ba nna baporofeti leng mme mo maemong afe?

• O ka dirisa jang molaetsa wa ga Hagai le Sekarea?

• Ke eng fa Sekarea 4:6 e kgothatsa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Buka ya ga Hagai le ya ga Sekarea di re tlhomamisetsa gore Modimo o tla re ema nokeng

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“A ke nako ya gore lona lo nne mo matlong a lona a a manegilweng dikgong, fa ntlo eno yone e kgakgabetse?”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Batho ba ga Jehofa ba nna le seabe mo tirong ya go fitlhelela ‘dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba’