Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsela Tsa go Buisana le Molekane wa Gago

Ditsela Tsa go Buisana le Molekane wa Gago

 Ditsela Tsa go Buisana le Molekane wa Gago

‘KE NE ke sa tshwanela go bua jalo.’ ‘Tota ga ke a itlhalosa sentle.’ A o kile wa ikutlwa jalo fa o sena go leka go bua le molekane wa gago? Go kgona go nna le puisano e e molemo ke bokgoni jo bo tshwanetseng go tokafadiwa. Fela jaaka go ntse ka bokgoni bongwe le bongwe jo motho a nnang le jone, go lebega batho bangwe ba kgona go nna le puisano e e molemo fa ba bangwe bone ba palelwa. Mme fa e le gore o mongwe wa ba ba palelwang ke go nna le puisano e e molemo, o ka kgona go ithuta go bua ka tsela e e siameng, e e nang le matswela.

Ka dinako tse dingwe dingwao tse di farologaneng di dira gore batho ba dire dilo ka tsela e e rileng fa ba dirisana le balekane ba bone ba lenyalo. Banna ba ka tswa ba teilwe ga twe, ‘Fa o batla  go nna monna wa mmatota, o se ka wa bua thata.’ Banna ba ba buang thata ba a nyadiwa mme ba tsewa e le batho ba ba sa tseyeng dilo masisi. Ke boammaaruri gore Baebele ya re: “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Le fa go ntse jalo, kgakololo eo e lebane banna le basadi mme e bontsha gore puisano ga se kgang ya go bua fela. Go ka direga gore batho ba babedi ba bo ba na le nako e telele ba tlotla, mme go tla diragalang fa ba sa reetsane? Go ka se nne le puisano e e molemo. Selo se se thusang thata gore puisano e nne le mosola, jaaka temana e e fa godimo e bontsha, ke go nna le bokgoni jwa go reetsa.

Go Buisana Mme lo sa Dirise Mafoko

Mo mafelong mangwe go lebeletswe gore basadi ba se ka ba ntsha maikutlo a bone. Go lebeletswe gore banna ba se ka ba amana ka gope le dikgang tsa lelapa. Mo boemong joo, monna le mosadi ga ba na go itse se molekane wa bone a se batlang mo maemong ape fela. Basadi bangwe ba feleletsa ba na le bokgoni jwa go lemoga dilo tse banna ba bone ba di tlhokang,ba bo ba di dira ka yone nako eo. Mo maemong a a tshwanang le ano go a bo go na le mofuta mongwe wa puisano fa gare ga monna le mosadi. Le fa go ntse jalo, gantsi puisano ya mofuta ono e a bo e dirwa ke motho a le esi fela. Mosadi a ka nna a ithuta go lemoga se monna wa gagwe a se akanyang le gore o ikutlwa jang, mme ga se gantsi go lebelelwang gore monna ene a nne le bokgoni jo bo tshwanang jwa go lemoga maikutlo a mosadi wa gagwe.

Ee, gone mo dingwaong dingwe banna ba ela tlhoko dilo tse basadi ba di tlhokang mo maikutlong ba bo ba di ba direla. Mme gone le mo dingwaong tse di ntseng jalo, manyalo a mantsi a ka thusega fa puisano e ne e ka tokafadiwa.

Puisano e Botlhokwa Thata

Go ntsha maikutlo ka kgololesego go ka thusa gore go se ka ga nna le dikgotlhang le go sa tlhaloganyane sentle. Bogologolo kwa Iseraele, ditso tsa Rubene, Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase tse di neng di nna kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane di ne tsa aga “sebeso se se tlhomologileng thata” fa thoko ga Joredane. Ditso tse dingwe tse di kwa bophirima di ne di sa tlhaloganye mabaka a go bo ba ne ba aga sebeso seno. Di ne di akanya gore bomorwarraabone ba ba neng ba le kwa moseja ga Joredane ba ne ba dirile tiro nngwe ya botlhanogi. Mme ka gone di ne tsa ikemisetsa go lwa le bone ka gonne di ne di tsaya gore ke batsuolodi. Le fa go ntse jalo, e ne ya re pele ga ba tswa ba ya go tlhabana, ba ne ba romela setlhopha sa batho gore ba ye go bua le ditso tsa kwa botlhaba. Ba ne ba dirile ka botlhale tota! Ba ne ba lemoga gore sebeso seo se ne se sa direlwa go fisa ditshupelo le ditlhabelo tse di seng kafa molaong. Mme ditso tse di kwa botlhaba di ne di tshaba gore mo isagweng ditso tse dingwe di ne di tla ba raya di re: “Ga lo na kabelo epe mo go Jehofa.” Sebeso seo e ne e tla nna bosupi jwa gore le bone ke baobamedi ba ga Jehofa. (Joshua 22:10-29) Ba ne ba raya sebeso seo leina ba re ke Bosupi, gongwe e le ka gonne e ne e le bosupi mo go bone jwa gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.—Joshua 22:34.

Go tlhalosediwa dilo jalo go ne ga tlhatswa ditso tse di kafa bophirima pelo, tse di neng tsa tlogela kgang ya go tlhabana le ditso tse di kafa botlhaba. Ee, go buisana ka phuthologo le ka kgololesego go ne ga thibela ntwa. Moragonyana fa setšhaba sa Iseraele se ne se tsuologela Jehofa Modimo, yo e leng monna wa sone wa tshwantshetso, o ne a ba raya a re o ne a tla ‘bua le pelo ya bone’ ka bopelotlhomogi. (Hosea 2:14) Seno ke sekao se se molemo tota mo bathong ba ba nyalaneng! Leka go buisana o phuthologile le molekane wa gago gore a tle a tlhaloganye kafa o ikutlwang ka teng. Seno se botlhokwa thata segolobogolo fa kgang e lo buang ka yone e le masisi. Pattie Mihalik a re: “Batho bangwe ba re go bua go motlhofo, mme gape se motho a se buang se botlhokwa thata. Le fa batho bangwe ba thatafalelwa ke go ntsha maikutlo a bone, fa ba ka itlhalosa seno se ka nna le diphelelo tse di molemo go gaisa go nna le madi kwa bankeng.”

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa go Buisana

Bangwe ba ka nna ba re, ‘Lenyalo la rona ga le bolo go nna le mathata.’ Ba bangwe ba ka nna ba  swetsa jaana, ‘Ga go na sepe se se ka dirwang go le thibela gore le se ka la thubega.’ Banyalani bangwe ba na le maikutlo a gore go ka se kgonege gore ba tokafatse tsela e ba buisanang ka yone morago ga letsatsi la lenyalo. Mme akanya fela ka batho ba ba nnang mo mafelong a mo go one go nang le tlwaelo ya go rulaganyediwa manyalo ke ba losika. Batho ba bantsi ba ba nnang mo mafelong a a ntseng jalo kgabagare ba nna le puisano e e molemo mo manyalong a bone.

Banyalani bangwe ba kwa nageng nngwe ya Botlhaba ba ne ba kopanngwa ka lenyalo le ba neng ba le rulaganyeditswe. Go ne go kopilwe motho mongwe gore a tsamaye sekgala se seleele a ye go batlela monna wa teng mosadi. Mme banyalani bao ba ba tshedileng dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng, ba ne ba na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go buisana. Monna wa teng e bong Isake, o ne a kopana le motho yo a neng a ile go mmatlela mosadi, mmogo le mosadi yoo, kwa nageng. Monna yo o neng a ile go batla mosadi o ne “a bolelela Isake dilo tsotlhe tse a neng a di dirile.” Pego ya Baebele ka lenyalo leno e tswelela jaana: “Morago ga moo Isake a . . . tlisa [Rebeka] mo teng ga mogope wa ga Sara mmaagwe [e leng se se bontshang gore o a mo nyala]. A tsaya Rebeka jalo mme a nna mosadi wa gagwe; mme a mo rata.”—Genesise 24:62-67.

Ela tlhoko gore Isake o ne a utlwa pego pele mme “morago ga moo” a tsaya Rebeka a nna mosadi wa gagwe. Motho yo o neng a ile go batla mosadi e ne e le motlhanka yo o ineetseng mo go Jehofa Modimo, e leng Modimo yo Isake a neng a mo obamela. Go ne go utlwala gore Isake a bo a mo ikanya. Morago ga moo, Isake o ne a “rata” Rebeka, yo a neng a mo nyetse.

A Isake le Rebeka ba ne ba tokafatsa tsela ya bone ya go buisana? Fa Esau morwaabone a ne a nyala bomorwadie Hethe ba babedi, go ne ga nna le bothata jo bo masisi mo lapeng. Rebeka o ne a “nna a raya” Isake a re: “Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa go ka diragala gore Jakobe [morwaabone yo mmotlana] a tseye mosadi mo go bomorwadia Hethe . . . , botshelo bo na le molemo wa eng mo go nna?” (Genesise 26:34; 27:46) Go a bonala gore o ne a tlhalosa dilo tse di mo tshwenyang ka tsela e e utlwalang sentle.

Isake o ne a bolelela lefatlha la ga Esau, e bong Jakobe gore a se ka a nyala mosadi mo go bomorwadia Kanana. (Genesise 28:1, 2) Rebeka o ne a ntshitse maikutlo a gagwe. Banyalani bano ba ne ba buile ka kgang e e masisi thata ya lelapa ka katlego, mme ba re tlhomela sekao se se molemo gompieno. Go tweng fa banyalani ba sa dumalane ka sengwe? Ke eng se se ka dirwang?

Fa lo Sa Dumalane ka Sengwe

Fa wena le molekane wa gago lo na le kgang e e masisi e lo sa dumalaneng ka yone, o se ka wa nna fela o sa mmuise. Fa o dira jalo go tla bo go raya gore wa re: Ga o a itumela, mme o batla gore le molekane wa gago a se ka a itumela. Le fa go ntse jalo, molekane wa gago a ka tswa a sa tlhaloganye se o se batlang le kafa o ikutlwang ka teng.

Wena le molekane wa gago le tshwanetse go buisana ka kgang eo. Fa e le gore e masisi, go ka nna boima go diga makgwafo. Batsadi ba ga Isake, e bong Aborahame le Sara, ba kile ba lebana le boemo jo bo thata. Ka gonne Sara a ne a le moopa, o ne a latela tlwaelo ya metlha eo mme a naya Aborahame mosetsana wa lelata, e bong Hagare, gore e nne mogadikane a tle a tshole bana. Hagare o ne a tsholela Aborahame ngwana wa mosimane, Ishemaele. Le fa go ntse jalo, moragonyana Sara o ne a ima, mme a tsholela Aborahame ngwana wa mosimane, e bong Isake. Fa Isake a ne a kgwisiwa, Sara o ne a bona Ishemaele a sotla morwawe. Ka jalo, Sara o ne a bona morwawe a le mo kotsing, mme a kopa Aborahame gore a leleke mosetsana wa lelata mmogo le Ishemaele. Sara o ne a ntsha maikutlo a gagwe a phuthologile. Mme se a neng a se kopa se ne se sa itumedisa Aborahame le e seng.

Ba ne ba rarabolola jang kgang eo? Pego ya Baebele ya re: “Foo Modimo a raya Aborahame a re: ‘O se ka wa letla sepe se Sara a nnang a se go raya gore se se ka sa go itumedisa kaga mosimane le kaga lelata la gago. Reetsa lentswe la gagwe, ka gonne se se tla bidiwang losika lwa gago se tla nna gone ka Isake.’” Aborahame o ne a ikobela kaelo ya ga Jehofa Modimo mme a dira fela jalo.—Genesise 16:1-4; 21:1-14.

 O ka nna wa re, ‘Fa Modimo a ka bo a bua le rona a le kwa legodimong, re ne re tla dumalana motlhofo fela!’ Seno se re tlisa mo ntlheng e nngwe ya go rarabolola mathata mo lenyalong. Banyalani ba ka reetsa Modimo. Jang? Ka go bala Lefoko la Modimo mmogo le ka go tsaya se le se buang e le kaelo ya Modimo.—1 Bathesalonika 2:13.

Mosadi mongwe yo o godileng wa Mokeresete o ne a re: “Gantsi fa mosadi yo mmotlana a batla gore ke mo neye kgakololo ka lenyalo la gagwe, ke mmotsa gore a ene le monna wa gagwe ba ntse ba bala Baebele mmogo. Bontsi jwa batho ba ba nang le mathata mo manyalong a bone ke ba ba sa baleng Baebele mmogo.” (Tito 2:3-5) Rotlhe re ka solegelwa molemo ke ntlha eno. Bala Lefoko la Modimo ka metlha le molekane wa gago. Fa o dira jalo, o tla “utlwa” mafoko a Modimo malebana le gore o itshware jang letsatsi le letsatsi. (Isaia 30:21) Mme o ele seno tlhoko: O se ka wa dirisa Baebele e le thupa go itaya molekane wa gago ka go nnela go mo nopolela ditemana tse o bonang a palelwa ke go di dirisa. Go botoka go sekaseka kafa loobabedi lo ka dirisang ka teng se lo se balang.

Fa e le gore lo leka go rarabolola bothata jo bo masisi, go ka nna molemo go sekaseka Watch Tower Publications Index * go bona gore ya reng ka bothata jwa lona. Gongwe o tlhokomela batsadi ba ba godileng mme seo se baka mathata mo lenyalong la lona. Go na le gore lo ngangisane ka gore ke eng se molekane wa gago a tshwanetseng kana a sa tshwanelang go se dira, go ka nna botoka gore lo sekaseke Index mmogo. Sa ntlha, batlang setlhogo se segolo se se reng “Parents.” Lo ka nna lwa sekaseka ditshupiso tse di kafa tlase ga ditlhogwana tse di jaaka “caring for aged parents.” Balang ditlhogo tse di amanang le setlhogo seo mmogo mo dikgatisong tsa Basupi ba ga Jehofa. O ka nna wa gakgamadiwa ke go bona kafa molekane wa gago a tla solegelwang molemo ka teng ke tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng e e thusitseng Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang.

Go leba ditshupiso tseo le go bala tshedimosetso ya teng mmogo go tla lo thusa go leba bothata jwa lona ka tsela e e tshwanetseng. O tla fitlhela ditemana tse di nopotsweng le tse di umakilweng fela tse di tla lo bontshang kafa Modimo a lebang dilo ka teng. Balang ditemana tseo mmogo mo Baebeleng. O tla utlwa se Modimo a se buang ka bothata jo o nang le jone!

Nnang lo Buisana ka Metlha

A o kile wa leka go bula setswalo se se nang le nako e telele se sa dirisiwe? Dikaniri tse di rusitseng di bulega ka thata mme di tsosa modumo. Mme go ne go tla nna jang fa setswalo seo se ne se dirisiwa ka metlha mme dikaniri tsa sone di logeditswe sentle? Go ne go tla nna motlhofo go bula setswalo seo. Go ntse fela jalo le ka puisano. Fa o itlwaetsa go buisana le molekane wa gago ka tsela e e lorato ya Bokeresete, go tla nna motlhofo gore o ntshe maikutlo a gago le fa lo sa dumalane ka kgang nngwe e e masisi.

Ga go na go nna motlhofo fa lo simolola. Le fa kwa tshimologong go buisana sentle le molekane wa gago go tla tlhoka gore o dire boiteko jo bogolo, nna o ntse o leka. Go tswa foo o tla itumelela go nna le kamano e e siameng le molekane wa gago, e e tla dirang gore lo nne lo tlhaloganyana.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 22 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Fa lo sa dumalane ka sengwe, a o tla batla kaelo ya Modimo?