Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Ikemiseditse go Direla Jehofa

Re Ikemiseditse go Direla Jehofa

 Kgang ya Botshelo

Re Ikemiseditse go Direla Jehofa

JAAKA GO BOLETSE RAIMO KUOKKANEN

Ka 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya runya kwa Yuropa, mme Soviet Union e ne ya tlhasela naga ya gaetsho ya Finland. Rre o ne a nna lesole la Finland mme a ya ntweng. Go ise go ye kae, ke fa difofane tsa ntwa tsa Russia di latlhela dibomo mo toropong e re neng re nna mo go yone, mme Mmè o ne a nthomela kwa go Mmemogolo yo o neng a nna mo lefelong le le babalesegileng.

KA 1971, ke ne ke le morongwa kwa Uganda, kwa Botlhaba jwa Afrika. Letsatsi lengwe fa ke ntse ke rera ka ntlo le ntlo, batho ba le bantsi ba ba tshogileng ba ne ba feta fa go nna ba taboga. Ke ne ka utlwa medumo ya ditlhobolo, mme le nna ka tabogela ntlheng ya kwa lapeng. Fa medumo eo ya ditlhobolo e ntse e atamela, ke ne ka tlolela mo moseleng o o neng o le fa thoko ga tsela. Ke ne ka gagaba ka mangole go ya gae fa marumo a tlhobolo a ntse a feta mo godimo ga me.

Go ne go se sepe se nka se dirang go tila diphelelo tsa Ntwa ya Lefatshe II, mme gone ke ka ntlha yang fa nna le mosadi wa me re ne ra tsenya matshelo a rona mo kotsing ka go ya kwa Afrika Botlhaba? Lebaka ke gore re ne re ikemiseditse go direla Jehofa.

Se se Ntlhotlheleditseng go Ikemisetsa go Direla Modimo

Ke belegwe ka 1934 kwa Helsinki kwa Finland. Rre o ne a dira tiro ya go penta, mme letsatsi lengwe o ne a tshwanelwa ke go ya go penta kago e e neng e le ofisi ya lekala ya kwa Finland ya Basupi ba ga Jehofa. Basupi ba ne ba mmolelela ka dipokano tsa bone tsa phuthego. Fa a fitlha kwa gae o ne a bolelela Mmè ka dipokano tseo. Mmè ga a ka a simolola  go ya dipokanong ka yone nako eo, mme moragonyana o ne a simolola go tlotla ka Baebele le modirimmogo le ene yo e neng e le Mosupi. Go ise go ye kae, Mmè o ne a setse a dirisa se a se ithutileng, mme o ne a kolobediwa ka 1940 go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Pelenyana ga foo, ke ne ka ya go nna le Mmemogolo kwa legaeng la gagwe le le kwa motseng wa selegae fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e tsweletse. Mmè yo o neng a le kwa Helsinki o ne a simolola go kwalela mmaagwe le mmangwane ka dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang. Ba ne ba kgatlhegela dikgang tseo thata mme ba tlotla le nna ka se ba neng ba ithuta sone. Baemedi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela kwa legaeng la ga Mmemogolo mme ba re kgothatsa, mme gone ke ne ke ise ke ikemisetse go direla Modimo ka nako eo.

Thapiso e e Neng ya Nthusa go Direla Modimo

Fa ntwa e fela ka 1945, ke ne ka boela kwa Helsinki, mme Mmè o ne a simolola go ya le nna kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ya baesekopong go na le go ya dipokanong. Le fa go ntse jalo, Mmè o ne a tle a ntlotlele ka puo e a e utlwileng kwa dipokanong, mme gangwe le gape o ne a gatelela ntlha e le nngwe mo go nna: gore Haramagedona e gaufi thata. Ke ne ka tlhatswega pelo ka seo mme ka simolola go nna teng ka metlha kwa dipokanong. Fa tsela e ke tlhaloganyang boammaaruri jwa Baebele ka yone e ntse e gola, keletso ya me ya go nna le seabe mo ditirong tsotlhe tsa phuthego le yone e ne e gola.

Ke ne ke itumelela thata go ya kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Ka 1948, ke ne ka nna gone mo kopanong ya kgaolo e e neng e tshwaretswe gaufi le legae la ga Mmemogolo kwa ke neng ke ile malatsing a boikhutso a selemo gone. Tsala nngwe ya me e ne e tlile go kolobediwa mo kopanong eo mme e ne ya nkopa gore le nna ke kolobediwe. Ke ne ka mmolelela gore ke ne ke sa tla ka diaparo tsa me tsa go thuma, mme o ne a re nka nna ka dirisa tsa gagwe fa ene a sena go kolobediwa. Ke ne ka dumela, mme ka kolobediwa ka June 27, 1948 ke na le dingwaga di le 13.

Morago ga kopano, ditsala dingwe tsa ga Mmè di ne tsa mmolelela gore ke kolobeditswe. Fa ke kopana le Mmè ka lekgetlo le le latelang, o ne a mpotsa gore ke ka ntlha yang fa ke tsere kgato e e botlhokwa jaana kwantle ga go buisana le ene pele. Ke ne ka mmolelela gore ke tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele le gore ke ne ke itse gore ke ikarabelela mo go Jehofa ka tsela e ke itshwarang ka yone.

Boikemisetso Jwa Me bo A Gola

Bakaulengwe mo phuthegong ba ne ba nthusa go nonotsha boikaelelo jwa me jwa go direla Jehofa. Ba ne ba tsamaya le nna kwa bodireding jwa ntlo le ntlo mme ba nnaya dikabelo kwa dipokanong mo e ka nnang beke nngwe le nngwe. (Ditiro 20:20) Fa ke le dingwaga di le 16 ke ne ka neela puo ya me ya ntlha ya phatlalatsa. Moragonyana fela ga foo, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa thuto ya Baebele mo phuthegong ya rona. Ditiro tseno tsotlhe tsa semoya di ne tsa nthusa gore ke gole semoyeng, mme gone ke ne ke sa ntse ke tshwanelwa ke go lwa le bothata jwa go boifa batho.

Mo metlheng eo, re ne re dirisa matshwao a magolo go itsise ka puo ya phatlalatsa e e tlileng go neelwa mo kopanong ya kgaolo. Lengwe le lengwe la matshwao ano le ne le na le dipolakate tse pedi tse di golagantsweng ka megala tse di neng di lepelediwa mo magetleng a motho mme polakate e nngwe e ne e lepelela kafa pele fa e nngwe e lepelela kafa morago.

Nako nngwe ke ne ke eme mo mmileng o o didimetseng fa ke bona setlhopha sa bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba tla ntlheng ya fa ke neng ke eme teng. Fa ba ntse ba feta, tsela e ba neng ba ntebile ka yone e ne ya ntshosa tota. Ke ne ka rapela Jehofa gore a mphe bopelokgale mme ka tswelela ke eme fela ka polakate ya me. Go fenya ga me bothata jono jwa go boifa batho ka nako eo go ne ga mpaakanyetsa teko e kgolo e e neng e sa ntse e tla ya go nna ke itlhaotse jaaka Mokeresete.

Moragonyana puso e ne ya laela nna le basha ba le mmalwa ba Basupi go ya kwa kampeng ya masole go ya go ikwadisetsa bosole. Re ne ra ya kwa kampeng ya masole jaaka re ne re laetswe, mme fa re fitlha koo re ne ra gana ka tsela e e supang tlotlo go apara diaparo tsa sesole. Balaodi ba ne ba re tswalela kwa kampeng ya masole, mme nakwana fela morago ga moo, kgotlatshekelo e ne ya re atlholela dikgwedi di le thataro mo kgolegelong. Re ne ra bewa mo kgolegelong dikgwedi tse dingwe gape tse robedi e le dikgwedi tse re ka bong re di feditse re le masole. Fa di kopane go raya gore re ne ra fetsa dikgwedi di le 14 re le mo kgolegelong ka gonne re ne re sa batle go nna masole.

Fa re le mo teng ga disele tsa kgolegelo, re ne ra kopana mmogo letsatsi le letsatsi go sekaseka  Baebele. Mo dikgweding tseo, ba le bantsi ba rona ba ne ba bala Baebele yotlhe gabedi. Fa re sena go fetsa katlholo ya rona, bontsi jwa rona re ne ra tswa mo kgolegelong re ikemiseditse le go feta gore re tla direla Jehofa. Gompieno bontsi jwa setlhopha sa basha bao ba Basupi ba direla Jehofa ka boikanyegi.

Fa ke sena go tswa mo kgolegelong, ke ne ka boa ka ya go nna le batsadi ba me. Nakwana fela morago ga moo, ke ne ka tlwaelana le Veera, Mosupi yo o tlhoafetseng yo o neng a sa tswa go kolobediwa. Re ne ra nyalana ka 1957.

Ditiragalo Tsa Thapama Nngwe Tse di Neng Tsa Fetola Botshelo Jwa Rona

Thapama nngwe fa re ne re etetse bakaulengwe bangwe ba balebedi ba ba tswang kwa ofising ya lekala, mongwe wa bone o ne a re botsa gore a re ka rata go dira tiro ya go potologa. Fa re sena go rapela bosigo jotlhe, ke ne ka founela lekala mme ka amogela kabelo eno. Go amogela bodiredi jwa nako e e tletseng go ne go tlhoka gore ke tlogele tiro ya me e e duelang madi a le mantsi, mme gone re ne re ikemiseditse go baya Bogosi kwa pele mo botshelong jwa rona. Ke ne ke na le dingwaga di le 23 mme Veera o ne a na le di le 19 fa re ne re tsenela tirelo ya go potologa ka December 1957. Re ne ra itumelela go etela le go kgothatsa diphuthego tsa batho ba ga Jehofa kwa Finland ka dingwaga di le tharo.

Go ela kwa bofelong jwa ngwaga wa 1960, ke ne ka kopiwa go tla Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade kwa Brooklyn, New York. Re ne re le bararo go tswa kwa Finland ba re neng re tlile go nna gone mo khosong e e kgethegileng ya dikgwedi di le lesome ya go re thapisetsa tsamaiso ya lekala. Basadi ba rona ba ne ba sala kwa morago mme ba bereka kwa ofising ya lekala ya Finland.

Pele fela ga re fetsa khoso eno, ke ne ka kopiwa go ya kwa ofising ya ga Nathan H. Knorr, yo ka nako eo a neng a okametse tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Mokaulengwe Knorr o ne a abela nna le mosadi wa me tiro ya borongwa kwa Malagasy Republic, e gone jaanong e itsegeng e le Madagascar. Ke ne ka kwalela Veera, ke mmotsa gore o ikutlwa jang ka kabelo eno, mme o ne a nkaraba ka bonako a mpolelela gore o a e amogela. Fa ke sena go boela kwa Finland, re ne ra itlhaganelela go ya go ipaakanyetsa botshelo jwa kwa Madagascar.

Re ne Ra Nna le Dinako Tsa Boitumelo le Matshwenyego

Ka January 1962 re ne ra palama sefofane go ya kwa Antananarivo, motsemoshate wa naga eno, re rwele dihutshe tsa boboa e bile re apere le dijase tse di bothitho, ka gonne re dule kwa Finland go le mariga. E re ka naga eno ya boboatsatsi ya Madagascar e le mogote, re ne ra apola diaparo tseno mme ra apara tse dingwe ka bonako. Legae la rona la ntlha la barongwa e ne e le ntlo e nnye e e nang le kamore e le nngwe fela ya borobalo. Go ne go setse go na le banyalani ba barongwa teng, ka gone nna le Veera re ne re robala mo mathuding a ntlo.

Re ne ra simolola go ithuta Sefora, e leng puo ya semolao ya kwa Madagascar. Go ne go le thata go ithuta puo eno ka gonne ka bobedi jwa rona re ne re sa bue puo e e tshwanang le ya morutisi wa rona e bong Kgaitsadi Carbonneau. O ne a dirisa Seesemane go re ruta Sefora, mme Veera o ne a sa itse Seesemane. Ka gone ke ne ka ranolela se Kgaitsadi Carbonneau a neng a se ruta mo puong ya Se-Finland gore Veera a utlwe. Morago ga moo re ne ra lemoga gore Veera o kgona go tlhaloganya mareo mangwe a a thata botoka ka Se-Sweden, ka gone ke ne ka mo tlhalosetsa thutapuo ya Sefora ka Se-Sweden. Ka bonako fela re ne ra gatela pele mo go ithuteng Sefora mme ra simolola go ithuta Se-Madagascar, e leng puo e e buiwang mo lefelong leno.

Thuto ya me ya ntlha ya Baebele kwa Madagascar e ne e le fa ke ithuta le monna mongwe yo o neng a bua Se-Madagascar fela. Ke ne ke lebelela ditemana  mo Baebeleng ya me ya Sefora, mme morago ga moo re bo re batla ditemana tseo mo Baebeleng ya gagwe ya Se-Madagascar. Ke ne ke sa kgone go le kalo go mo tlhalosetsa ditemana, mme ka bonako fela monna yono o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele mo pelong ya gagwe mme a gatela pele go fitlha a kolobediwa.

Ka 1963, Milton Henschel go tswa kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn o ne a etela Madagascar. Nakwana fela morago ga moo, ofisi e ntšha ya lekala e ne ya tlhomiwa kwa Madagascar, mme ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa lekala mo godimo ga tiro ya me ya go nna molebedi wa potologo le wa kgaolo. Mo nakong eno yotlhe, Jehofa o ne a re segofatsa fela thata. Go tloga ka 1962 go ya go 1970, palo ya baboledi ba Bogosi kwa Madagascar e ne ya gola go tswa go 85 go ya go 469.

Letsatsi lengwe fa re tswa kwa bodireding jwa phatlalatsa ka 1970, re ne ra fitlhela lekwalo mo kgorong ya rona le le laelang barongwa botlhe ba Basupi ba ga Jehofa gore ba ye kwa ofising ya modiredipuso wa merero ya tsa selegae. Fa re le koo, modiredipuso mongwe o ne a re bolelela gore puso e ntshitse taelo ya gore re tswe mo nageng eno ka bonako. Fa ke botsa gore ke dirile eng se se bosula se se dirang gore ke lelekiwe mo nageng, modiredipuso yono o ne a re: “Rre Kuokkanen, ga wa dira sepe se se phoso.”

Ke ne ka re: “Re na le dingwaga di le robedi re nna fano. E setse e le legae la rona. Re ka se tsamaisiwe fela jalo kwa ntle ga lebaka.” Go sa kgathalesege maiteko a rona, barongwa botlhe ba ne ba tshwanetse go tswa mo nageng eno mo lobakeng lwa beke fela. Lekala le ne la tswalwa, mme Mosupi mongwe wa mo nageng eno e ne ya nna ene a okamelang tiro. Pele ga re kgaogana le bakaulengwe ba rona ba ba rategang kwa Madagascar, re ne ra amogela kabelo e ntšha, ya go ya kwa Uganda.

Go Simolola Sesha

Malatsi a le mmalwa fela fa re sena go tswa kwa Madagascar, re ne ra goroga kwa Kampala, motsemoshate wa Uganda. Re sa ntse re goroga fela re ne ra simolola go ithuta Se-Luganda, puo e e molotsana e e keteng motho wa opela fa a e bua mme gone e le thata go e ithuta. Barongwa ba bangwe ba ne ba thusa Veera go ithuta Seesemane pele, mme re ne ra kgona go nna le matswela a a molemo fa re rera ka puo eno.

Tlelaemete ya Kampala e e mogote le phefo ya teng e e bongola di ne tsa lwatsa Veera. Ka gone re ne ra abelwa go ya kwa Mbarara, toropo nngwe e e kwa Uganda e e nang le tlelaemete e e botokanyana. E ne e le rona Basupi ba ntlha mo lefelong leno, mme mo letsatsing la rona la ntlha re le mo bodireding, re ne ra nna le maitemogelo a a molemo. Ke ne ke  ntse ke bua le monna mongwe mo ntlong ya gagwe fa mosadi wa gagwe a tlhaga go tswa kwa ntlwaneng ya boapelo. Leina la mosadi yono e ne e le Margaret, mme o ne a ntse a reeditse fa ke buisana le monna wa gagwe. Veera o ne a simolola thuto ya Baebele le Margaret, yo o neng a gatela pele sentle semoyeng. O ne a kolobediwa a bo a nna mmoledi yo o tlhagafetseng wa Bogosi.

Ntwa ya mo Mebileng

Ka 1971 ntwa ya selegae e ne ya fedisa kagiso ya kwa Uganda. Ka letsatsi lengwe go ne ga lowa gaufi le legae la rona la barongwa kwa Mbarara. Ke ka nako eo ke neng ka diragalelwa ke se se tlhalositsweng kwa tshimologong ya pego eno.

Veera o ne a setse a le kwa legaeng la barongwa fa ke ne ke goroga morago ga go gagaba lobaka lo loleele mo teng ga mosele, ke iphitlhetse masole. Mo sekhutlwaneng sa ntlo, re ne re itiretse lefelonyana la phemelo ka bomaterase le fanitšhara. Re ne ra fetsa beke re le mo ntlong re sa tswele kwa ntle, re reetsa dikgang mo radiong. Ka dinako tse dingwe marumo a tlhobolo a ne a itaya mo dipoteng fa re ntse re bataletse mo lefelong la rona la phemelo. Re ne re sa tshube dipone bosigo, re sa batle gore go lemogiwe gore re teng mo ntlong. Ka nako nngwe, masole a ne a tla fa kgorong e e ka kwa pele mme a goeletsa. Re ne ra se ka ra suta le go suta, re rapela Jehofa ka tidimalo. Fa ntwa e sena go khutla, baagelani ba rona ba ne ba tla kwa go rona mme ba re lebogela go bo ba sireletsegile. Ba ne ba dumela gore Jehofa o ne a re sireleditse rotlhe, mme re ne ra dumalana le bone.

Maemo a ne a ya meriting go fitlha mo mosong mongwe fa re ne re utlwa mo radiong gore puso ya Uganda e ne e thibetse tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Mogasi o ne a bolela gore Basupi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go boela kwa dikerekeng tse ba neng ba di tsena pele. Ke ne ka ya go buisana le badiredipuso ka kgang eno mme ka se ka ka atlega. Morago ga moo ke ne ka ya kwa ofising ya ga Poresidente Idi Amin mme ka kopa go mmona. Motho yo o amogelang baeng o ne a mpolelela gore poresidente o tshwaregile. Ke ne ka ya teng ka makgetlo a le mantsi, mme ke ne ka se ka ka kgona go mmona. La bofelo ka July 1973 re ne ra tshwanelwa ke go fuduga mo Uganda.

Ngwaga e le Nngwe e Fetoga di le Lesome

Botlhoko jo re neng ra bo utlwa fa re kobiwa kwa Madagascar bo ne jwa boa gape fa re ne re tlogela bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba Uganda. Pele ga re ya kwa kabelong ya rona e ntšha kwa Senegal, re ne ra ya kwa Finland. Fa re le koo, kabelo ya rona kwa Afrika e ne ya phimolwa, mme re ne ra bolelelwa gore re nne mo Finland. Go ne go bonala tiro ya rona ya borongwa e fedile. Kwa Finland, re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng mme ra boela gape mo tirong ya go potologa.

Ka 1990, go ganediwa ga tiro kwa Madagascar go ne go fokotsegile, mme ba ntlokgolo kwa Brooklyn ba ne ba re gakgamatsa ka go re botsa gore a re ka rata go ya go direla koo ka sebaka sa ngwaga. Re ne re batla go ya teng mme re ne re lebane le dikgwetlho tse pedi tse dikgolo. Rre, yo o neng a setse a tsofetse o ne a tlhoka go tlhokomelwa, mme Veera o ne a tswelela pele a lwala. Ke ne ka utlwisiwa botlhoko ke loso lwa ga Rre ka November 1990, mme botsogo jo bo neng bo ntse bo tokafala jwa ga Veera bo ne jwa dira gore re nne le tsholofelo ya go nna barongwa gape. Re ne ra boela kwa Madagascar ka September 1991.

Kabelo ya rona kwa Madagascar e ne e tshwanetse go tsaya ngwaga fela, mme e ne ya tsaya dingwaga di le lesome. Mo nakong eno, palo ya baboledi e ne ya oketsega go tswa go 4 000 go ya go 11 600. Ke ne ka itumelela thata go dira tiro ya borongwa. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke kgobegile marapo, ke ipotsa gore a e seng ke itlhokomolosa dilo tse mosadi wa me yo o rategang a di tlhokang mo mmeleng le mo maikutlong. Jehofa o ne a re naya maatla a gore re tswelele pele. La bofelo ka 2001 re ne ra boela kwa Finland koo re ntseng re bereka kwa ofising ya lekala gone. Re sa ntse re tlhagafaletse tiro ya Bogosi, mme re sa ntse re gakologelwa Afrika. Re ikemiseditse go dira thato ya ga Jehofa gongwe le gongwe kwa a ka re abelang go direla gone.—Isaia 6:8.

[Mmapa mo go tsebe 12]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

FINLAND

YUROPA

[Mmapa mo go tsebe 14]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

AFRIKA

MADAGASCAR

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

AFRIKA

UGANDA

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Letsatsi la lenyalo la rona

[Ditshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Go tswa mo tirong ya potologo kwa Finland, 1960 . . . 

. . . go ya kwa tirong ya borongwa kwa Madagascar, 1962

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Nna le Veera gompieno