Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tiragalo ya Tshwantshetso” e e Leng Botlhokwa mo go Rona

“Tiragalo ya Tshwantshetso” e e Leng Botlhokwa mo go Rona

 “Tiragalo ya Tshwantshetso” e e Leng Botlhokwa mo go Rona

RURI go ne go tla nna thata go lemoga ka botlalo se ditemana dingwe tsa Dikwalo di se bolelang fa dikarolo tse dingwe tsa Baebele di ne di sa re sedimosetse ka tsone! Dipego tsa hisitori tse di leng mo Lefokong la Modimo di ka tsewa fela jaaka di ntse. Mme gone dingwe tsa dipolelo tseno di na le dithuto tsa boammaaruri tse di boteng tse di sa lemotshegeng motlhofo. Sekai sengwe ke sa pego ya basadi ba babedi ba lelapa la tlhogo ya lotso e bong Aborahame. Moaposetoloi Paulo o ne a bitsa pego eo, “tiragalo ya tshwantshetso.”—Bagalatia 4:24.

Re tshwanetse go ela tlhoko tiragalo eno gonne dilo tse e di tshwantshetsang di botlhokwa thata mo bathong botlhe ba ba eletsang go itumelela masego a a tswang kwa go Jehofa Modimo. Pele re sekaseka gore ke ka ntlha yang e le botlhokwa, mma re boneng maemo a a neng a tlhotlheletsa Paulo gore a senole se tiragalo eno e neng e se kaya.

Go ne go na le bothata mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Galatia. Bangwe ba bone ba ne ba “boloka malatsi le dikgwedi le dipaka le dingwaga ka kelotlhoko e kgolo”—e leng dilo tse di neng di laetswe ke Molao wa ga Moshe. Batho bano ba ne ba re go ne go le botlhokwa gore badumedi ba ikobele Molao gore Modimo a tle a ba amogele. (Bagalatia 4:10; 5:2, 3) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a itse gore go ne go sa tlhokege gore Bakeresete ba keteke meletlo eo. Go ba bontsha seno, Paulo o ne a bua ka pego e motho mongwe le mongwe yo e leng Mojuda a neng a e itse.

Paulo o ne a gakolola Bagalatia gore Aborahame, yo e leng rre wa setšhaba sa Bajuda, o ne a tsala Ishemaele le Isake. Ishemaele o ne a tsholwa ke morweetsana wa motlhanka e bong Hagare, fa Isake ene a ne a tsholwa ke mosadi yo o gololesegileng e bong Sara. Ga go pelaelo gore Bagalatia ba ba neng ba rotloetsa go utlwa Molao wa ga Moshe ba ne ba itse ka pego ya fa Sara e ne e le moopa le gore o ne a naya Aborahame lelata la gagwe e bong Hagare gore a mo tsholele ngwana. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba itse gore fa Hagare a sena go ima Ishemaele, o ne a simolola go nyatsa mosadi wa mong wa gagwe e bong Sara. Le  fa go ntse jalo, fela jaaka Modimo a ne a solofeditse, kgabagare Sara o ne a tshola Isake mo dingwageng tsa gagwe tsa botsofe. Moragonyana, Aborahame o ne a tsamaisa Hagare le Ishemaele gonne Ishemaele o ne a sotla Isake.—Genesise 16:1-4; 17:15-17; 21:1-14; Bagalatia 4:22, 23.

Basadi ba Babedi, Dikgolagano Tse Pedi

Paulo o ne a tlhalosa dikarolo tsa “tiragalo [eno] ya tshwantshetso.” O ne a kwala jaana: “Basadi bano ba kaya dikgolagano tse pedi, e nngwe go tswa Thabeng ya Sinai, e e tsalelang bana botlhanka, e e leng Hagare. . . . O tshwana le Jerusalema gompieno, gonne o mo botlhankeng le bana ba gagwe.” (Bagalatia 4:24, 25) Hagare o tshwantshetsa Iseraele wa mmatota, o motsemogolo wa one e leng Jerusalema. Kgolagano ya Molao e e neng ya tlhomiwa kwa Thabeng ya Sinai, e ne e golaganya setšhaba sa Bajuda le Jehofa. Mo kgolaganong eno ya Molao, Baiseraele ba ne ba gakololwa gangwe le gape gore e ne e le batlhanka ba boleo ba ba neng ba tlhoka thekololo.—Jeremia 31:31, 32; Baroma 7:14-24.

Ka jalo he, “mosadi yo o gololesegileng” e bong Sara le Isake morwawe ba ne ba emela mang? Paulo o ne a bontsha gore Sara e leng “mosadi yo o moopa” o ne a emela mosadi wa Modimo, karolo ya selegodimo ya phuthego ya gagwe. Mosadi yono wa selegodimo o ne a le moopa ka gonne pele Jesu a tla o ne a se na “bana” ba ba tloditsweng ka moya mo lefatsheng. (Bagalatia 4:27; Isaia 54:1-6) Le fa go ntse jalo, ka Pentekosete ya 33 C.E., setlhopha sa banna le basadi se ne sa tshololelwa moya o o boitshepo mme ba tsalwa sesha e le bana ba mosadi yono wa selegodimo. Ka jalo bana ba ba tshotsweng ke phuthego eno ba ne ba amogelwa e le barwa ba Modimo mme ba nna baruaboswa mmogo le Jesu Keresete mo kgolaganong e ntšha. (Baroma 8:15-17) Ke ka foo mongwe wa bana bano e bong moaposetoloi Paulo a neng a kwala jaana: “Jerusalema o o kwa godimo o gololesegile, mme ke mmaarona.”—Bagalatia 4:26.

Bana ba Basadi Bao

Go ya ka pego e e mo Baebeleng, Ishemaele o ne a bogisa Isake. Ka tsela e e tshwanang, mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., bana ba Jerusalema yo o mo bokgobeng ba ne ba sotla le go bogisa bana ba Jerusalema yo o kwa godimo. Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Fela jaaka ka nako eo yo o tsetsweng kafa mokgweng wa nama [Ishemaele] a ne a simolola go bogisa yo o tsetsweng kafa mokgweng wa moya [Isake], go ntse jalo le jaanong.” (Bagalatia 4:29) Fa Jesu Keresete a ne a tla mo lefatsheng mme a simolola go itsise ka Bogosi, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba itshwara fela jaaka morwa wa ga Hagare e bong Ishemaele a ne a itshwara mo go Isake yo e neng e le mojaboswa wa mmatota wa ga Aborahame. Go lebega  ba ne ba itsaya e le bone bajaboswa ba ba kafa molaong ba ga Aborahame, mme Jesu Keresete ene e le letsenelela fela, ke gone ka moo ba neng ba mo sotla ba bo ba mmogisa.

Pelenyana fela ga gore babusi ba Iseraele wa tlholego ba dire gore a bolawe, Jesu o ne a re: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, mmolai wa baporofeti le mokgobotletsi wa ba ba rometsweng kwa go ene,—a bo ke ne ka batla gantsi jang ne go phutha bana ba gago mmogo, ka tsela e koko e namagadi e phuthelang dikokwana tsa yone mmogo ka fa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa se ka lwa go batla. Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.”—Mathaio 23:37, 38.

Pego e e tlhotlheleditsweng ya ditiragalo tsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga e bontsha gore setšhaba sa tlholego se se emelwang ke Hagare ga se a ka sa tshola barwa ba e neng e tla nna bajaboswa mmogo le Jesu fela ka ntlha ya lotso lwa bone. Bajuda ba ka boikgodiso ba neng ba dumela gore ba na le tshwanelo ya go nna bajaboswa ka ntlha ya gore ba tshotswe e le ba lotso loo, ba ne ba lelekwa, mme Jehofa a ba latlha. Gone ke boammaaruri gore batho bangwe ba e neng e le Baiseraele ba tlholego ba ne ba nna baruaboswa mmogo le Keresete. Le fa go ntse jalo, ba ne ba newa tshiamelo eo fela ka gonne ba ne ba dumela mo go Jesu e seng ka ntlha ya losika lo ba tswang mo go lone.

Bangwe ba batho bano ba e neng e tla nna baruaboswammogo le Keresete ba ne ba bonala ka Pentekosete ya 33 C.E. Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a tlotsa ba bangwe gore e nne barwa ba Jerusalema yo o kwa godimo.

Boikaelelo jwa ga Paulo fa a ne a tlhalosa ‘tiragalo eno ya tshwantshetso’ e ne e le go bontsha kafa kgolagano e ntšha e leng botlhokwa ka gone go feta kgolagano ya Molao e Moshe e neng e le motsereganyi mo go yone. Ga go motho ope yo o neng a ka kgona go amogelwa ke Modimo ka ntlha ya ditiro tsa Molao wa ga Moshe ka gonne batho botlhe ga ba a itekanela mme Molao o ne o ba bontsha kafa e neng e le makgoba a boleo ka gone. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a tlhalosa gore Jesu o ne a tla “gore a golole ka theko ba ba leng tlase ga molao.” (Bagalatia 4:4, 5) Ka jalo go bontsha tumelo mo setlhabelong se se botlhokwa sa ga Keresete go ne ga dira gore ba gololesege mo go atlholweng ke Molao.—Bagalatia 5:1-6.

Kafa Tiragalo Eno e Leng Botlhokwa ka Gone mo go Rona

Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela tsela e Paulo a neng a tlhalosa tiragalo eno ya tshwantshetso ka yone? Lengwe la mabaka ke gore e re naya kitso ka se Dikwalo di se kayang, e leng se gongwe re neng re tla nna re sa se tlhaloganye. Tlhaloso eno e re e boneng e nonotsha tsela e re tshepang Baebele ka yone e bile e re bontsha gore dilo tse di mo Baebeleng di a dumalana.—1 Bathesalonika 2:13.

Mo godimo ga moo, ditiragalo tsa mmatota tse di tshwantshediwang ke tiragalo eno ya tshwantshetso di botlhokwa gore re itumele mo isagweng. Fa e ne e se ka barwa ba Jerusalema yo o kwa godimo, se se neng se tla re diragalela fela e ne e tla nna gore re nne makgoba a boleo le loso. Le fa go ntse jalo, ka kaelo e e lorato ya ga Keresete le baruaboswammogo le ene ba tsholofetso e Modimo a e solofeditseng Aborahame “malapa otlhe a lefatshe ruri a tla itshegofatsa.” (Genesise 22:18) Seno se tla direga fa ba tla bo ba gololetswe ruri mo ditlamoragong tsa boleo, bosaitekanelang, kutlobotlhoko le loso. (Isaia 25:8, 9) Ruri eo e tla nna nako e e itumedisang tota!

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Kgolagano ya Molao e ne ya tlhomiwa kwa Thabeng ya Sinai

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

“Tiragalo ya tshwantshetso” e moaposetoloi Paulo a neng a e umaka e bolelang?