Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re Bone Mesia”

“Re Bone Mesia”

 “Re Bone Mesia”

“RE BONE Mesia.” “Re bone yo Moshe, le Baporofeti ba neng ba kwala ka ene mo Molaong.” Bajuda ba babedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba ikanyegang ba ne ba dira dikitsiso tseo tse di gakgamatsang. Kgabagare, Mesia yo o neng a solofetswe o ne a gorogile. Ba ne ba tlhatswegile pelo!—Johane 1:35-45.

Fa o akanya ka boemo jwa ditiragalo le jwa bodumedi jwa motlha oo, go tlhatswega pelo ga bone go gakgamatsa le go feta. Batho ba le mmalwa ba ba neng ba re ba tla golola batho ba ne ba tlile ka modumo e bile ba solofetsa dilo tse dintsi, mme ditsholofelo tsa batho di ne tsa phutlhama fa batho bao ba ne ba palelwa ke go golola Bajuda mo kgatelelong ya Baroma.—Ditiro 5:34-37.

Le fa go ntse jalo, Bajuda ba babedi bao e bong Anderea le Filipo ga ba ka ba belaela le e seng gore ba ne ba bone Mesia wa mmatota. Go na le gore ba belaele, mo dingwageng tse di neng tsa latela ba ne ba tlhatswega pelo le go feta fa ba ne ba iponela ditiro tse dikgolo tse monna yono a neng a di dira e le fa a dira dilo tse go neng go boleletswe pele gore Mesia o tla di dira.

Ke ka ntlha yang fa banna ba babedi bano le batho ba bangwe ba bantsi ba ne ba dumela mo go ene, ba tlhatswegile pelo gore e ne e se Mesia wa maaka kana mongwe fela yo o tlileng go ba tsietsa? Ke matshwao afe a a neng a dira gore batho ba tlhatswege pelo ka botlalo gore ke Mesia wa mmatota?

Go ya ka pego ya hisitori, Anderea le Filipo ba  ne ba bolela gore Jesu wa Nasaretha, yo pele e neng e le mmetli, e ne e le ene Mesia yo o neng a solofeditswe e bile a sa bolo go emelwa. (Johane 1:45) Rahisitori yo o kelotlhoko wa motlha oo, e bong Luke, a re Mesia o tlile “mo ngwageng wa bolesome le botlhano wa puso ya ga Tiberio Kaesara.” (Luke 3:1-3) Ngwaga oo wa bo15 wa puso ya ga Tiberio o simolotse ka September 28 C.E., mme wa khutla ka September 29 C.E. Gape Luke o bolela gore Bajuda ba motlha wa gagwe “ba ne ba letile” go tla ga ga Mesia. (Luke 3:15) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba lebeletse gore a tle ka nako e e rileng? Re tla bona.

Bosupi Jwa Gore E ne E le Mesia

E re ka Mesia a na le seabe sa botlhokwa thata, o ka tlhaloganya gore go a utlwala gore Mmopi, Jehofa, a re neye bosupi jo bo nepileng go thusa batho ba ba nnang ba ntshitse matlho dinameng le ba ba ikanyegang go itse gore Mesia yo o solofeditsweng ke mang. Ka ntlha yang? Ka gonne ka tsela eo, batho ba ba kelotlhoko ba ne ba ka se tsiediwe ke batho ba ba ipitsang bomesia, jaaka batho ba bantsi ba ile ba tsiediwa.

Fa moemedi wa puso nngwe a goroga kwa nageng e sele, go lebeletswe gore a ntshe dipampiri tse di bontshang gore o a tshwanelega. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a kwadile go sa le gale dilo tse di neng di tla tlhaola Mesia. Ka jalo, fa ‘Moemedi yo Mogolo’ a tla, go ne go tla nna jaaka e kete o tla ka dipampiri tse di bontshang gore o a tshwanelega tse di neng di tla tlhomamisa gore ke mang.—Bahebera 12:2.

Dilo tse di neng di tlhokega tse di neng di tshwanetse go dumalana le go tshwanelega ga gagwe di ne di kwadilwe mo boporofeting bo le bontsi jwa Baebele dingwaga di le makgolokgolo pele ga foo. Boporofeti joo bo ne bo tlhalosa dintlha tsotlhe malebana le kafa Mesia a tla tlang ka teng, gore bodiredi jwa gagwe e ne e tla nna jwa mofuta ofe, gore o ne a tla bogisiwa ke batho, le gore o ne a tla swa loso lwa mofuta mang. O ka nna wa kgatlhegela go itse gore boporofeti joo jo bo boammaaruri gape bo ile jwa bolelela pele ka tsogo ya gagwe, go tlotlomadiwa ga gagwe a bewa kafa letsogong le legolo la Modimo, le masego a a tla tlisiwang ke Bogosi jwa gagwe jo bo tlang. Ka go dira jalo, boporofeti jwa Baebele bo ne bo naya matshwao a a ka tlhaolang motho a le esi fela, fela jaaka methalo ya monwana wa seatla sa motho e ka tlhaola motho yoo a le esi fela.

Fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng ka 29 C.E., ga go a ka ga diragadiwa boporofeti jotlhe jo bo amanang le Mesia ka nako eo. Ka sekai, o ne a ise a swe le go tsosiwa. Le fa go ntse jalo, Anderea, Filipo le batho ba bangwe ba bantsi ba ne ba dumela mo go Jesu ka ntlha ya se a neng a se ruta le se a neng a se dira. Ba ne ba bona bosupi jo bontsi jwa gore eleruri e ne e le Mesia. Fa o ne o tshela ka nako eo, le wena o ne o ka bo o tlhatlhobile bosupi jono ka botlalo, e bile gongwe o ka bo o ile wa tlhatswega pelo gore Jesu ke Mesia.

Bosupi jo bo Dikarolo Dintsi

Ke eng se se ka bong se ne sa go thusa go swetsa jalo? Fa go ntse go feta makgolokgolo a dingwaga baporofeti ba Baebele ba ne ba tlhalosa matshwao a a rileng a a neng a tla tlhaola Mesia, a bontsha ka phepafalo gore ke ene. Fa baporofeti ba ntse ba tlhalosa dintlha tseo mo makgolokgolong a dingwaga a a neng a feta, ka iketlo go ne ga bonala gore Mesia ke mang. Henry H. Halley o ne a re: “A re re gongwe setlhopha sa banna bangwe ba dinaga tse di farologaneng ba ba iseng ba kopane le fa e le go buisana ba tsena mo phaposing mme mongwe le mongwe wa bone o tlhoma letlapana le le gabilweng la mmabole mme fa matlapana ano a ntse a kopanngwa mmogo a bopa sefikantswe se se feletseng sentle—o ne o ka re go tlile jang gore seno se direge fa e se gore go na le motho a le esi fela yo o tshwantshitseng gore sefikantswe se tshwanetse go nna jang a bo a romelela mongwe le mongwe wa banna bano karolo ya gagwe?” Go tswa foo o botsa jaana: “Tota polelo eno e e gakgamatsang e e dikarolo dintsi ya botshelo le ditiro tsa ga Jesu e e kopantsweng ke bakwadi ba ba farologaneng ba ba tshedileng mo metlheng e e farologaneng dingwaga tse dintsintsi pele Jesu a tla, e ka tlhalosiwa jang fa e se ka gore go kwalwa ga yone go tlhotlheleditswe ke mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho?” Halley o ne a konela ka gore ke “kgakgamatso e e tlhomologileng tota!”

“Kgakgamatso” eno e simologile mo lekwalong la ntlha la Baebele. Mokwadi wa Genesise  fa a sena go bolela boporofeti jwa ntlha jwa Baebele jo bo neng bo bontsha se Mesia a neng a tlile go se dira o ne a bega gore Mesia o ne a tla tswa mo losikeng lwa ga Aborahame. (Genesise 3:15; 22:15-18) Bosupi jo bongwe bo ne bo bontsha gore Mesia o ne a tla tswa mo lotsong lwa Juda. (Genesise 49:10) Modimo o ne a bolelela Baiseraele a dirisa Moshe gore Mesia o ne a tla nna mmueledi yo mogolo le mogolodi yo mogolo go feta le ene Moshe tota.—Duteronome 18:18.

Mo motlheng wa ga Kgosi Dafide, boporofeti bo ne bo senola gore Mesia o ne a tla nna mojaboswa wa setulo sa bogosi sa ga Dafide le gore bogosi jwa Gagwe bo ne bo tla ‘tlhomamisiwa ka thata ka bosakhutleng.’ (2 Samuele 7:13-16) Lekwalo la ga Mika le ne la bolela gore Mesia o ne a tla tsholelwa mo motseng wa ga Dafide, Bethelehema. (Mika 5:2) Isaia o ne a bolelela pele gore O ne a tla tsholwa ke lekgarebane. (Isaia 7:14) Moporofeti Malaki o ne a bolelela pele gore go tla ga ga Mesia go ne go tla itsisiwe ke mongwe yo o tshwanang le Elija.—Malaki 4:5, 6.

Ntlha e nngwe gape e e tlhalosang Mesia ka botlalo e ne e kwadilwe mo bukeng ya Daniele. Boporofeti joo bo bolela jaana fa bo bontsha one ngwaga o Mesia a neng a tla tla ka one: “O itse o bo o nne le temogo gore go simolola ka nako e lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha go fitlha Mesia, Moeteledipele a goroga, e tla nna dibeke di supa, le dibeke di le masome a marataro le bobedi. O tla boa mme a agiwe sesha, a na le patlelo le mosele, mme e le mo metlheng e e thata.”—Daniele 9:25.

Kgosi ya Peresia Aretaserese o ne a ntsha “lefoko” la gore Jerusalema e agiwe sesha mo ngwageng wa bo20 wa puso ya gagwe. O ne a simolola go busa ka 474 B.C.E., ka jalo ngwaga wa gagwe wa bo20 e ne e tla nna 455 B.C.E. (Nehemia 2:1-8) Ka jalo, morago ga lobaka lwa dibeke di le 69 tsa boporofeti (7 a tlhakanngwa le 62) Mesia o ne a tla tla morago ga fa go sena go ntshiwa taolo ya go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha. Dibeke tse 69 tsa mmatota, di lekana le malatsi a le 483 fela, kana lobaka lo lo kafa tlase ga dingwaga tse pedi. Mme fa go dirisiwa molao o o kwadilweng wa boporofeti wa gore “letsatsi le emela ngwaga,” o senola gore Mesia o ne a tla tla morago ga dingwaga di le 483, ka 29 C.E.—Esekiele 4:6. *

Le fa batho ba le mmalwa ba ba neng ba ipitsa bomesia ba ile ba tlhagelela ka dinako tse di farologaneng, ke Jesu wa Nasaretha fela yo o tlileng mo lefatsheng ka 29 C.E. (Luke 3:1, 2) Ka one ngwaga oo, Jesu o ne a tla kwa go Johane Mokolobetsi mme a kolobediwa mo metsing. Go tswa foo Jesu o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo go nna Mesia. Moragonyana Johane, yo go neng go boleletswe pele gore e tla nna moetapele yo o tshwanang le Elija, o ne a itsise Jesu Anderea le morutwa yo mongwe, a mmitsa “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.”—Johane 1:29; Luke 1:13-17; 3:21-23.

Tatelano ya Losika le go Senolwa ga ga Mesia

Boporofeti jo bo tlhotlheleditsweng bo ne bo amanya Mesia le malapa a a rileng a Bajuda. Ka jalo go a utlwala gore Mmopi yo o itseng dilo tsotlhe a bo a ile a rulaganyetsa gore Mesia a tle ka nako e ka yone direkoto tsa tatelano ya masika di neng di le teng go tlhomamisa lotso lwa gagwe.

Cyclopedia ya ga McClintock le Strong ya re: “Ga go na pelaelo gore direkoto tsa masika tsa ditso le malapa a Bajuda di nyeletse ka nako ya fa Jerusalema e senngwa [ka 70 C.E.], mme e  seng pele ga foo.” Go bonala sentle gore Mathaio le Luke ba kwadile Diefangele tsa bone pele ga 70 C.E. Ka jalo, ba ka bo ba ile ba bala direkoto tseno fa ba kwala dipego tsa lotso lwa ga Jesu. (Mathaio 1:1-16; Luke 3:23-38) Mme ga go pelaelo gore fa go tliwa mo kgannyeng eno e e botlhokwatlhokwa batho ba le bantsi ba motlha wa bone ba ne ba tla batla go tlhomamisa lotso lwa ga Jesu ka bobone.

A go Itiragaletse Fela Gore Jesu a Diragatse Boporofeti?

Le fa go ntse jalo, a go a kgonega gore go itiragaletse fela gore Jesu a diragatse boporofeti jo bo amanang le Mesia? Mokanoki mongwe o ne a araba jaana fa a ne a botsolodiwa: “Go ka se direge.” Tsela e bo diragetseng ka yone e dira gore go se ka ga kgonega gore go bo go itiragaletse fela. Go bontsha gore go ne go ka se kgonege gore seo se itiragalele fela, o ne a re: “Fa o ka tsaya didolara tsa selefera di le dibilione di le dimilione di le lekgolo, di ka kgona go bipa naga yotlhe ya Texas [e e leng bogolo jwa disekwere kilometara di le 690 000] ka boteng jwa dimetara di le 0,6. Fa o ka tsaya dolara e le nngwe fela ya selefera mo go tsone o bo o e tshwaya mme morago ga moo o bo o bipa mongwe sefatlhego o bo o mo tlogela gore a tsamayetsamaye mo nageng eno yotlhe mme a iname a sele dolara eno e le nngwe go ka kgonega go le kana kang gore a sele yone dolara ele e o e tshwaileng?” Go tswa foo o ne a re, “go ntse fela jalo le ka kgang ya gore motho ope fela mo hisitoring a ka kgona go diragatsa dipolelelopele di le robedi fela tsa boporofeti jo bo amanang le [Mesia.]”

Mme Jesu mo dingwageng di le tharo le sephatlo tsa bodiredi jwa gagwe ga a ka a diragatsa dipolelelopele di le robedi fela tsa boporofeti jwa Baebele, o diragaditse di le dintsi. Ka ntlha ya bosupi jono jo bontsintsi, mokanoki yoo o ne a konela ka gore: “Ke Jesu fela a le nosi mo hisitoring yotlhe—a kgonneng go dira jalo.”

Go ‘Tla’ ga ga Mesia

Go phepafetse gore Mesia o tlile ka 29 C.E. e le Jesu wa Nasaretha. O tlile jalo e le Morekolodi yo o ikokobeditseng yo o bogisiwang. Ga a ka a tla e le Kgosi ya mofenyi a tla go fedisa melao e e gatelelang ya Baroma, jaaka Bajuda ba bantsi le balatedi ba gagwe ba ne ba lebeletse. (Isaia kgaolo 53; Sekarea 9:9; Ditiro 1:6-8) Le fa go ntse jalo, go ne ga bolelelwa pele gore fa a tla mo isagweng o ne a tla tla ka maatla le taolo e kgolo.—Daniele 2:44; 7:13, 14.

Go ithuta boporofeti jwa Baebele ka kelotlhoko go dirile gore batho ba ba akanyetsang kwa teng mo lefatsheng lotlhe ba tlhatswege pelo gore Mesia o tlile mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme o ne a tla tla gape. Bosupi bo bontsha gore go boa ga gagwe mo go boleletsweng pele, tshimologo ya ‘go nna gone ga gagwe’ go diragetse ka 1914. * (Mathaio 24:3-14) Mo ngwageng oo, Jesu o ne a tlhongwa mo setulong sa bogosi kwa legodimong e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Go ise go ye kae o tla tsaya kgato go fedisa matswela a botsuolodi jwa kwa Edene mo lefatsheng. Puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete e e tla latelang e tla segofatsa botlhe ba ba bontshang tumelo mo go ene jaaka e le Losika lo lo solofeditsweng, Mesia, yo o “tlosang boleo jwa lefatshe.”—Johane 1:29; Tshenolo 21:3, 4.

Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go tlotla le wena ka bosupi joo le go go bontsha go tswa mo Baebeleng se puso ya ga Mesia e ka se kayang mo go wena le mo baratiweng ba gago.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 17 Fa o batla go bona dintlha tse dingwe tse di amanang le Daniele 9:25, bona buka ya Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 899-904, le Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele tsebe 186-192, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 27 Gore o bone dintlha tse dingwe, bala kgaolo 10 le 11 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 6, 7]

455 B.C.E., 29 C.E., 1914, Go ise go ye

‘lefoko le a Mesia o a Mesia o tlhongwa kae Mesia o

tswa la go goroga mo setulong sa tla fedisa

tsosolosa bogosi kwa boikepo a bo

Jerusalema’ legodimong a dira lefatshe

paradaise

dingwaga di le 483

(dibeke di le 69 tsa

boporofeti)—Daniele 9:25