Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Bogologolo e e Tlhomamisang Gore Lenaane la Dibuka Tsa Baebele le Boammaaruri

Buka ya Bogologolo e e Tlhomamisang Gore Lenaane la Dibuka Tsa Baebele le Boammaaruri

 Buka ya Bogologolo e e Tlhomamisang Gore Lenaane la Dibuka Tsa Baebele le Boammaaruri

“GO LEBEGA mola mongwe le mongwe o kwadilwe ka tsela e e kgethegileng gore o tsose kgatlhego ya batho ba ba ratang hisitori ya Bakeresete ba bogologolo.” Eno ke tsela e lekwalo lengwe la bogologolo le neng la tlhalosiwa ka yone. O akanya gore ke lekwalo lefe leo?

Ke lekwalo le gongwe o kileng wa utlwa ka lone kana o ise o ke o utlwe sepe ka lone—Kapetla ya lekwalo la ga Muratori. Go sa kgathalesege gore o itse sengwe kana ga o itse sepe ka lekwalo leno, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke eng se se dirang gore Kapetla ya lekwalo la ga Muratori e nne e e kgethegileng jaana?’ Ke gore ke lenaane la bogologolo le le sa ntseng le le gone la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang jaaka Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.

Gongwe o ka tswa o tsaya motlhofo fela kgang ya gore dibuka dingwe ke tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, o tla gakgamala go utlwa gore go na le nako e ka yone go neng go na le dibuka dingwe tse bangwe ba neng ba belaela gore a di tshwanetse go tsenngwa mo Baebeleng. Mo lekwalong la ga Muratori, go na le lenaane la makwalo a a tsewang e le a a tlhotlheleditsweng. Jaaka fa o ka bona, se Baebele e se tshwereng se tsewa e le sa botlhokwatlhokwa. Ka jalo, lekwalo leno le ne le senola eng malebana le dibuka tse jaanong e leng Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika? Sa ntlha, a re sekasekeng gore lekwalo leno le ne le tswa kae.

Kafa le Bonweng ka Gone

Kapetla ya lekwalo la ga Muratori ke karolo ya mokwalo wa seatla wa codex ya ditsebe di le 76 tse di dirilweng ka matlalo, tse boleele jwa nngwe le nngwe ya tsone e leng disentimetara di le 27 mme bophara jwa tsone e le disentimetara di le 17. Rahisitori yo o itsegeng wa Montadiana e bong Ludovico Antonio Muratori (1672-1750), ke ene a neng a bona lekwalo leno kwa Laeboraring ya Ambrosia kwa Milan mo Italy. Muratori o ne a gatisa lekwalo leno ka 1740, ke lone lebaka le lekwalo leno le bidiwang ka leina la gagwe—Kapetla ya lekwalo la ga Muratori. Go lebega codex eno e ne ya gatisiwa mo lekgolong la borobedi la dingwaga kwa ntlong ya bogologolo ya baitlami e e leng kwa Bobbio gaufi le Piacenza kafa bokone jwa Italy. E ne ya isiwa kwa Laeboraring ya Ambrosia mo tshimologong ya lekgolo la bo17 la dingwaga.

Lekwalo la ga Muratori le na le mela e le 85 ya ditemana tse di fitlhelwang mo tsebeng 10 le 11 ya codex. Ditemana tseno di kwadilwe ka Selatine, mme  go bonala sentle gore di ne tsa kwalololwa ke mokwadi mongwe yo o neng a se kelotlhoko thata. Mme dingwe tsa diphoso tsa gagwe di ne tsa lemogiwa ka go bapisa ditemana tseo le tse dingwe tse di tshwanang le tsone tse di leng mo mekwalong e le menè ya seatla e e kwadilweng mo lekgolong la bo11 le la bo12 la dingwaga.

E Kwadilwe Leng?

Mme gone, o ka nna wa ipotsa gore tshedimosetso e e leng mo lekwalong la ga Muratori e kwadilwe leng la ntlhantlha. Go lebega lekwalo la ntlhantlha le ne la kwalwa ka Segerika makgolokgolo a dingwaga pele ga Kapetla ya lekwalo la ga Muratori e e ranoletsweng mo Selatineng go tswa mo Segerikeng e kwalwa. A re boneng ntlha e e tla re thusang go bona gore tshedimosetso e e mo go yone e kwadilwe leng la ntlhantlha. Lekwalo leno la ga Muratori le umaka buka nngwe e e seng ya Baebele e leng Shepherd, mme e tlhalosa gore monna mongwe yo o bidiwang Hermas ke ene a e kwadileng “bosheng jaana, mo motlheng wa rona, kwa toropong ya Roma.” Bakanoki ba bolela gore Hermas o feditse go kwala Shepherd mo bogareng jwa 140 le 155 C.E. Ka jalo, o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa go twe lekwalo la ntlhantlha la Segerika le Lekwalo la ga Muratori le ranoletsweng mo puong ya Selatine go tswa mo go lone le nnile gone mo bogareng jwa 170 le 200 C.E.

Go umaka ga yone Roma ka tlhamalalo le ka tsela e e sa tlhamalalang go le kalo go akantsha gore e ka tswa e kwaletswe kwa motseng oo. Mme gone, go sa ntse go na le kganetsano ya gore mokwadi wa yone ke mang. Go akanngwa gore gongwe e kwadilwe ke Clement wa Alexandria, Melito wa Saredisa, le Polycrates wa kwa Efeso. Le fa go ntse jalo, bakanoki ba le bantsi ba re e kwadilwe ke Hippolytus, e leng mokwadi yo o kwadileng dibuka di le dintsi ka Segerika mme a nna kwa Roma mo lobakeng lo go ka diregang gore diteng tsa lekwalo la ga Muratori di ne tsa kwalwa ka lone. Le fa o ka tswa o sa kgatlhegele kgang eno thata, gongwe o batla go itse ka mo go oketsegileng ka diteng tsa yone tse di dirang gore e nne lekwalo la botlhokwa jaana.

Tshedimosetso e e Leng mo go Lone

Lekwalo leno ga se lenaane fela la dibuka tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Le na le tshedimosetso ka dibuka tseno le ka bakwadi ba tsone. Fa o bala lekwalo leno, o tla lemoga gore go na le mela ya ntlha ya lone e e seyong, e bile le felela fela mo phefong. Le simolola ka go umaka Efangele ya ga Luke, mme le umaka gore mokwadi wa buka eno ya Baebele e ne e le ngaka. (Bakolosa 4:14) Lekwalo leno le tlhalosa gore Efangele ya ga Luke ke ya boraro, ka jalo o ka bona gore gongwe mela ya ntlha e e seyong mo go lone e ne e bua ka Efangele ya ga Mathaio le ya ga Mareko. Fa e le gore le wena o fitlheletse tshwetso eo, lekwalo la ga Muratori le le reng  Efangele ya bonè ke ya ga Johane le dumalana le wena.

Kapetla eno e tlhomamisa gore buka ya Ditiro tsa Baaposetoloi e kwadilwe ke Luke a e kwalela “motlotlegimogolo Theofilo.” (Luke 1:3; Ditiro 1:1) Mme go tswa foo, e ntsha lenaane la makwalo a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Bakorintha (a mabedi), a a a kwaletseng Baefeso, Bafilipi, Bakolosa, Bathesalonika (a mabedi), Baroma, Filemone, Tito le a a kwaletsweng Timotheo (a mabedi). Lekwalo la Juda le makwalo a mabedi a ga Johane le one a umakiwa mo dibukeng tse di tlhotlheleditsweng. Lekwalo la ntlha la ga moaposetoloi Johane le ne le setse le umakilwe mmogo le Efangele ya gagwe. Apokalipisi kana Tshenolo ke yone e konelang lenaane la dibuka tse go tsewang gore di tlhotlheleditswe.

Go a kgatlha go bona gore Kapetla eno e umaka Apokalipisi ya ga Petere mme e bolela gore bangwe ba ne ba na le maikutlo a gore ga e a tshwanela go balwa ke Bakeresete. Mokwadi wa Kapetla eno o tlhagisa malebana le makwalo a e seng a boammaaruri a a neng a setse a anamisiwa mo motlheng wa ga Petere. Lekwalo la ga Muratori le tlhalosa gore makwalo ano ga a tshwanelwa go amogelwa, “gonne ga go a tshwanela gore santlhokwe e tswakanngwe le tswina.” Lekwalo leno gape le umaka ditemana tse dingwe tse di neng di sa tshwanela go tsenngwa mo dikwalong tse di boitshepo. Gongwe seno e ne e le ka gonne di ne di kwadilwe morago ga motlha wa baaposetoloi, fela jaaka Shepherd ya ga Hermas, kana di ne di kwadilwe go ema nokeng bakgelogi.

O ka tswa o lemogile go tswa mo go se se umakilweng fa godimo gore lekwalo le le yang go Bahebera, makwalo a mabedi a Petere le la ga Jakobe, ga a umakiwa mo lenaaneng leno la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang. Le fa go ntse jalo, fa Dr. Geoffrey Mark Hahneman a sena go lemoga boleng jwa tiro ya mokwadi yo o neng a kwalolola makwalo ano o ne a re: “Go a utlwala go akantsha gore lekwalo la ga Muratori le ka tswa le ne le na le ditshupiso tse dingwe tse di latlhegileng, le gore lekwalo la ga Jakobe le la Bahebera (le 1 Petere) a ka tswa a ne a le mo ditshupisong tseo.”—The Muratorian Fragment and the Development of the Canon.

Ka jalo, Kapetla ya lekwalo la ga Muratori e tlhomamisa gore bontsi jwa dibuka tse jaanong di fitlhelwang mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika di ne di setse di tsewa e le tse di boitshepo mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. Ke boammaaruri gore go bo dibuka tsa Baebele di le boitshepo—e leng go tshwanelega ga tsone gore di tsenngwe mo Baebeleng—ga go a ikaega ka gore di bo di umakilwe mo lenaaneng lengwe la bogologolo. Se di buang ka sone ke sone se se re nayang bosupi jwa gore dibuka tsa Baebele di tlhotlheleditswe ke moya o o boitshepo. Tsotlhe di ema nokeng kgang ya gore di kwadilwe ke Jehofa Modimo mme di dumalana ka botlalo. Go utlwana le go tshegetsana ga dibuka tseno tse 66 tse di boitshepo tsa Baebele, ke bosupi jwa gore di a dumalana e bile di feletse. Ka jalo, o tla solegelwa molemo fa o di amogela e le se tota di leng sone, Lefoko la ga Jehofa la boammaaruri le le tlhotlheleditsweng le le neng la bolokwa go fitlha mo motlheng wa rona.—1 Bathesalonika 2:13; 2 Timotheo 3:16, 17.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ludovico Antonio Muratori

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Laeborari ya Ambrosia

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kapetla ya Lekwalo la ga Muratori

[Motswedi wa Setshwantsho]

Diritti Biblioteca Ambrosiana. Vietata la riproduzione. Aut. No. F 157 / 05

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Fragments: Diritti Biblioteca Ambrosiana. Vietata la riproduzione. Aut. No. F 157 / 05; Muratori, based on line art: © 2005 Brown Brothers