Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Madi le Boitsholo jo Bontle—Se re Se Ithutang mo Hisitoring

Madi le Boitsholo jo Bontle—Se re Se Ithutang mo Hisitoring

 Madi le Boitsholo jo Bontle—Se re Se Ithutang mo Hisitoring

KA April 7, 1630, batho ba ka nna makgolo a le manè ba ne ba tsamaya ka sekepe ba tswa kwa Engelane ba ya Amerika. Bontsi jwa bone ba ne ba rutegile thata. Ba bangwe e ne e le borakgwebo ba ba humileng. Bangwe ba bone e ne e le maloko a palamente. Seemo sa itsholelo kwa gae se ne se le kwa tlase mme sa dirwa maswe le go feta ke Ntwa ya Dingwaga Tse di Masome a Mararo kwa Yuropa (1618-48). Ba ne ba lekeletsa dilo mme ba tlogela magae a bone, dikgwebo tsa bone le ba masika a bone ba ya go batla mafulo a matalana.

Le fa go ntse jalo, batho bao ba ba nang le tsholofelo e ne e se setlhopha fela sa bagwebi ba ba gagamaletseng madi. E ne e le Ba-Puritan ba ba matlhagatlhaga ba ba neng ba tshaba pogiso ya bodumedi. * Mokgele wa bone wa mmatota e ne e le go itshimololela setšhaba se se tshelang go ya ka melao ya Modimo se mo go sone bone le ditlogolwana tsa bone ba neng ba ka atlega mo dikhumong mme ba sa tlole melao ya Baebele. Fela fa ba sena go goroga kwa Salem, kwa Massachusetts, ba ne ba ikabela setsha se sennye sa naga fa lotshitshing. Ba ne ba bitsa legae leo la bone le lesha ba re ke Boston.

Go Lekalekanya Dilo Go ne Go le Thata

John Winthrop, moeteledipele wa bone le molaodi, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go rotloeletsa batho ba kolone eno e ntšha go itirela dikhumo le go direla setšhaba molemo. O ne a batla gore batho ba nne le madi mmogo le mekgwa e mentle ya boitsholo. Mme go ne go bonala seo se le thata go se fitlhelela. Ka gonne a ne a lemoga gore go tla nna thata, o ne a bua le ditsala tsa gagwe ka lobaka lo loleele ka se khumo e ka se direlang setšhaba se go tweng ke sa batho ba ba boifang Modimo.

Jaaka baeteledipele ba bangwe ba Ba-Puritan, Winthrop o ne a dumela gore go lelekisa khumo ga go phoso ka bogone. O ne a re maikaelelo a magolo a go nna le dikhumo ke go thusa ba bangwe. Ka jalo fa motho a humile thata o kgona go dira dilo tse dintsi tse di molemo. Mokwalahisitori Patricia O’Toole a re: “Kgang ya khumo e ne e tshwenya Ba-Puritan fela thata. E ne e supa gore motho o segofadiwa ke Modimo mme gape e ne e le thaelo e e maatla e e gogelang motho mo boleong jwa go ikgantsha . . . le mo maleong a senama.”

 Gore batho ba tile go dira maleo a a bakwang ke khumo le botshelo jwa manobonobo, Winthrop o ne a ba kopa gore ba lekanyetse dilo mme ba nne le boikgapo. Go ise go ye kae moya wa go rata kgwebo o ne wa thulana le maiteko a gagwe a go tsenya moya wa bomodimo le wa go ratana mo bathong ba ba neng ba nna mo koloneng eo. Batho ba ba neng ba le kgatlhanong le ene ba ne ba simolola go ganetsana le se ba neng ba se tsaya e le go itshunya nko ga ga Winthrop mo dikgannyeng tsa bone tsa botho. Ba bangwe ba ne ba simolola go tsosa kgang ya gore go tlhongwe setlhopha sa batho ba ba neng ba tla dira ditshwetso. Ba bangwe ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba fudugele kwa Connecticut e e gaufi, ba ye go dira dilo tse ba batlang go di dira.

O’Toole a re: “Botshelo jwa Ba-Puritan ba kwa Massachusetts bo ne bo tlhotlhelediwa thata ke ditsela tsa go dira madi, khumo le puso ya batho ka batho mme dilo tseno di ne di tlhotlheletsa motho go ikhumisa mo boemong jwa go latela thuto ya ga Winthrop ya go direla setšhaba molemo. Ka 1649, Winthrop o ne a swa a se na le sente, a na le dingwaga di le 61. Le fa gone kolone eno e e neng e batla e phutlhama e ne ya kgona go emelana le mathata a le mantsi, Winthrop o ne a swa a ise a bone lefatshe le le botoka le a neng a le solofetse.

Batho ba Santse ba Batla

Le fa Winthrop a sena go swa go ne ga tswelela go na le batho ba ba eletsang lefatshe le le botoka. Ngwaga le ngwaga batho ba le dikete di le makgolokgolo ba tswa mo Afrika ba fudugela kwa borwabotlhaba jwa Asia, Yuropa Botlhaba le Latin America, ba na le tsholofelo ya gore ba tla bona botshelo jo bo botoka. Ngwaga le ngwaga bangwe ba bone ba kgothadiwa ke dibuka tse dintsintsi tse disha, diseminara le dithulaganyo dingwe tsa Internet tse di ba solofetsang gore di tla ba bontsha tsela ya go huma. Ee, batho ba bantsi ba santse ba lelekisa madi, mme ka tsholofelo ya gore ba tla dira jalo ba sa tlole melao e e siameng ya boitsholo.

Boammaaruri ke gore ditlamorago tsa seo di a swabisa. Gantsi batho ba ba batlang khumo ba feleletsa ba latlhile melaometheo e ba tshelang ka yone mme ka dinako tse dingwe le tumelo ya bone mo Modimong ka ntlha ya dikhumo. Ka jalo, go a tshwanela gore o ipotse jaana: “A motho a ka nna Mokeresete wa boammaaruri mme gape a humile? A go tla tsamaya go nna le setšhaba sa batho ba ba boifang Modimo ba ba atlegileng mo dikhumong le ka tsela ya semoya?” Baebele e araba dipotso tseo, jaaka setlhogo se se latelang se bontsha.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Leina la Ba-Puritan [Baitsheki] le ne la newa Baporotesetanta ba lekgolo la bo16 la dingwaga ba e neng e le maloko a Kereke ya Engelane ba ba neng ba batla go itshekisa kereke ya bone ka go tlosa tlhotlheletso yotlhe ya kereke ya Katoliki ya Roma.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Boats: The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck; Winthrop: Brown Brothers